Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya Laboraro, 13 Lwetse 2023

A.  Merero ya ga Jaanong
1.  Samiti ya Mokgatlho wa Dinaga di le Someamabedi (G20) 

1.1.  Kabinete e akgotse Tonakgolo ya naga ya India rre Modi morago ga gore naga ya gagwe e tsamaise ka katlego tirelo ya go amogela baeng ba Samiti ya G20 mmogo le go dira gore Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) o amogelwe mo go G20 go nna tokololo ya go ya go ile.
1.2.  Naga ya Aforika Borwa, ka boeteledipele jwa ga Motlotlegi Moporesitente Cyril Ramaphosa e ne e eme ka la gore AU e akarediwe mo go G20 gore e nne tokololo ya go ya go ile mme seno o se dirile gape le mo ngwageng wa 2022 kwa Samiting ya G20 kwa Bali, Indonesia. 
1.3.  Go nneng le seabe ga AU mo go nneng tokololo ya go ya go ile go tla oketsa lentswe la dinaga tsa Borwa jwa lefatshe ka bontsi mmogo le dinaga tsa Aforika, bogolosegolo fa go tla mo go buseng ikonomi ya lefatshe ka bophara.
1.4.  Naga ya Aforika Borwa e sotse mosola samiti eno ka go ema ka lefoko le le reng go tokafatsa le go godisa Tirisanommogo ya Dinaga tsa Lefatshe ka Bophara gore re kgone go nna le Tlhabololo e e Tsepameng e e tla re kgontshang go fitlhelela maikemisetso a go fetola maemo a phetogo ya loapi.
1.5.  Gareng ga tse dingwe tse dintsi, baeteledipele ba G20 ba ikantse gore:
(a)   Ba tla potlakisa kgolo e e gagametseng, e e sa sekamelang ka fa letlhakoreng la ope, e e tla nnelang ruri e bile e tswela botlhe mosola.
(b)   Go tsenya tirisong ka potlako le ka botlalo ga Mogopolo wa 2030 o o ka ga Tlhabololo e e Tsepameng
(c)    Go tshwaraganela kgetse ya tsie mabapi le go dira gore re nne le mesi e e kgotlhelang tikologo e e seng bogale, ditsela tsa go lwantshana le phetogo ya maemo a loapi le tsa go tlhokomela tikologo ka go ipopa seopo sengwe le go dira gore seno e nne maikarabelo a batho botlhe. 
(d)   Go tokafatsa maemo a go fitlhelela melemo, go dira gore go nne le tlamelo le tlhagiso e e oketsegileng mo dinageng tse di santseng di iketetsa gore di kgone go ithulaganya sentle mo malwetseng a a ka nnang teng mo nakong e e tlang.
(e)   Go oketsa tlamelo ya matlo mo metsweding yotlhe ya ona gore re kgone go potlakisa kgatelopele e e nnang teng mo Maikaelelong a Tlhabololo e e Tsepameng (di-SDG).
(f)    Go potlakisa maiteko le go oketsa didirisiwa tse di tlhokagalang gore re kgone go diragatsa se se leng mo Tumelano e e Utlwanetsweng ke Dinaga kwa Teropong ya Paris, mmogo le maikano a a dirilweng a go fokotsa mogote.
(g)   Go dira bonnete jwa gore go nna le dithulaganyo tsa tsamaiso tse di tokafetseng, tse dikgolo le tse di mosola tse di ka ga Dibanka tsa go Thusa Dinaga tsa Boditšhabatšhaba (di-MDB) gore di kgone go samagana le dikgwetlho tse di tobaneng le lefatse ka bophara gore re kgone go oketsa tlhabololo.
(h)  Go fedisa sekgala se se leng teng magareng ga batho ba bong jo bo farologaneng ka go dira gore basadi ba nne le seabe se se feleletseng, se se lekanang le sa banna, se se mosola le se se nang le boleng mo ikonoming ka go sekegela lefoko la basadi mosako fa ba tsaya ditshweetso. 
(i)   Go golaganya ka tshwanelo dikakanyo tsa Dinaga tse di santseng di iketetsa, go tsenyeletsa le tsa Dinaga tse Tlhabololo ya Tsona e Santseng e Saletse kwa Morago (di-LDC), tsa Dinaga tse di Dikaganyeditsweng ke Dinaga tse Dingwe (di-LLDC) mmogo le tsa Mebuso ya Dinaga tsa Ditlhaketlhake tse Dinnye (SIDS) go di tsenyeletsa mo mogopolong wa mo isagong wa G20 mmogo le go oketsa maatla a dinaga tse di santseng di iketetsa di nang le ona mo go tseyeng ditshweetso mo mererong e e amang lefatshe ka bophara.
1.6  Pele ga Samiti ya G20 e ka simolola, naga ya Aforika Borwa e nnile le seabe mo Kopanong ya Baeteledipele ba Dinaga tsa Yuropa le tsa Aforika mme mo kopanong eno go tšhotlhilwe kgang ya go nna le dijo tse di sa tlhaeleng baagi, go tlamelwa ka mabele le manyora mmogo le go rulaganya sešwa dithulaganyo tsa taolo ya ditheo tsa matlole tsa lefatshe.

2.  Samiti ya Dinaga tsa Aforika mo Mererong ya Phetogo ya Maemo a Loapi 
2.1.  Kabinete e akgotse Moporesitente wa naga ya Kenya rre William Ruto go latela gore naga ya gagwe e tshware ka katlego samiti ya ntlha go tshwarwa mo kontinenteng ya Aforia e e ka ga maemo a phetogo ya loapi. Mo samiting eno Aforika e bontshitse didirisiwa tsa yona tse di botlhpkwa tsa motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa mmogo le ditšhono tse kontinente e bontshitsweng tsona tse di ka ga go itsotsoropa le go itirela.
2.2.  Mo Samiting eno Maikano a a dirilweng a ka ga metswedi e mentšhwa ya matlole, e e tla nnelang ruri, e e seng ya dikoloto e e tla samaganang le Phetoso ya Motlakase go Nna o o Direlang Batho mmogo le go tla ka dithulaganyo tse di lwantshanang le phetogo ya maemo a loapi ka ditsela tseo di tla tlholang ditiro le go flwantshana le khumanego.
2.3.  Pele ga Samiti eno e simolola, naga ya Aforika Borwa e nnile le seabe mo foramong ya Tirisanommogo ya Aforika mo Mererong ya Leokwane la Gase le le sa Kgotlheleng Tikologo (AGHA) mmogo le go abelwa maemo a go nna monnasetulo wa foramo eno. 

3.  Motlakase 
3.1  Kabinete e tsibositswe ka letsholo le le tsweletseng ga jaana la tlhokomelo le tsosoloso ya meago le dithoto le Eskom e samaganeng le lona go thusa gore mafelo a bodutelo jwa motlakase a Eskom a kgone go nna a ntse a dira sebaka se se telele. Tiragalo eno ya go tsenya tirisong letsholo la tlhokomelo le tsosoloso ya meago le dithoto e dirile gore re nne le palo e e kwa godimo ya motlakase o o tshabetseng ruri mo matsatsing a a fetileng. 
3.2  Go tsena ga naga mo maemong a bo 6 a motlakase o o tshabetseng ruri mo bekeng e e fetileng e nnile selo se se re busetsang kwa morago thata fa re nagana ka maemo a re neng re le mo go ona a a kwa tlase pele ga maemo ano.
3.3  Kabinete e totobaleditswe gore go okediwa ga maemo a motlakase o o tshabetseng ruri ke selo sa nakwananyana fela gonne Eskom e ipaakanyetsa go se nne le ditiragalo tse dintsi tsa motlakase o o tshabetseng ruri mo nakong e e sa fediseng pelo. 
3.4  Tona mo Kantorong ya Moporesitente Ngaka Kgosientsho Ramokgopa o tla tswelela go nna a ntse a ema setšhaba ka lefoko ka ga seo ba se filhelelang mo go rarabololeng dkgwetlho tse di leng teng ka fa nageng tsa motlakase mmogo le dikgato tse ba di tsayang go fedisa ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri. 

4.  Ikonomi, Dipaalatso le Kgwebisano
4.1.  Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) 

4.1.1.  Kabinete e itumedisitswe ke ka fao ikonomi ya naga ya Aforika Borwa e kakatletseng ka gone jaaka re bone seno mo go GDP ya yona mo tshedimosetsong ya pegelo ya kotara ya bobedi Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA). Seno se kgonagetse le fa maemo a ikonomi lefatshe ka bophara a le bodipa mmogo le ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri ka fa nageng. StatsSA e begile gape le gore GDP e godile mme e mo go 0, 6% mo kotareng ya bobedi ya ngwaga wa 2023. Intaseteri ya tlhagiso ya dithoto e godile ka 2, 2% mo kotareng ya bobedi, mme yona e okeditse kgolo ya diphesente tsa GDP ka 0,3. Maemo a a tswelelang go tokafala mo tshedimosetsong e e ka ga tlhagisodikuno e re bontsha gore maemo a tokafala mo tlhagisong, mme seno se thusa gore maphata otlhe a tlhagiso a oketse dipalo tsa batho bao di ba thapang. 
4.1.2.  Lekala la ditlhagisiwa tsa dipeterole, dikhemikhale, raba le polasetiki le nnile le seabe se segolo mo go oketseng dipalo tseno mo kotareng ya bobedi. Lekala la tshipi e tala le e e apeilweng, ditshipi tse di sa ruseng, masenke le metšhini le lona le nnile le seabe se segolo mo go godiseng intaseteri eno. Lephata la intaseteri ya matlole, thekiso ya dintlo le meago ya kgwebo le godile ka 0, 7% mo kotareng ya bobedi, mme le kgonne go godisa GDP ka diphesente di le 0, 2. Lekala la intaseteri ya temothuo, dikgwa le botshwaratlhapi le tlhatlogile ka 4, 2% mo kotareng ya bobedi, mme le kgonne go godisa GDP ka diphesente di le 0, 1. Intaseteri ya ditirelo tseo batho ba itirelang tsona ka bobona e tlhatlogile ka 0, 7% mo kotareng ya bobedi, mme le kgonne go godisa GDP ka diphesente di le 0, 1. 

4.2  Go tsenya Tirisong Leanokonokono la Kgwebo ya Dikgogo
Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tlhola ditiro di le 750 tse di tlhodilweng ke setlamo sa Rainbow Chickens kwa Hammarsdale, mme seno se bontsha ka fao Leanokonokono la Dikgogo le tsenngwang tirisong ka katlego. Mo ngwageng wa 2017, setlamo sa Rainbow Chickens se ne se fokoditse badiri ba le 1 000 mmogo le go tswalela kgwebo ya yona. Morago ga go tsennya tirisong leanokonokono leno, puso e ne ya tsaya dikgato di se kae tse di farologaneng go disa intaseteri ya dikgogo ya ka fa nageng mmogo le go rwesa dinaga di le tlhano maikarabelo a go rekisa dinama tsa kgogo tse di tswang kwa dinageng tseno ka fa nageng eno. Kgato eno, mmogo le dipeeletso tse di okeditsweng mmogo le dikgato tsa go fetola intaseteri eno ka go dira gore palo ya beng ba dikgwebo mo intasetering eno ba e leng bana ba mmala wa sebilo le bona palo ya bona e okediwe, mme seno se dirile gore go nne le katlego e e bonagalang. Rainbow chickens e e neng e phutlhame jaanong e tsogile e bile e kgonne go beeletsa bokanaka dimilione di le R220 mo go thapeng badiredi botlhe mo lephateng la intaseteri ya dikgogo mme palo ya badiri e tlhatlogile ka ditiro di le 2 780; mme madi a feta dibilione di le R2 a dipeeletso tse dintšhwa a setse a tsentshitswe tirisong. 

4.3 Maikano a Ditlamo tsa Diphatse tsa Dijanaga a Dipeeletso tsa Bokanaka R5 bilione 
Kabinete e neseditse pula maikano a ditlamo tsa diphatse tsa dijanaga a dipeeletso tse di ka jang bokanaka R5 bilione mme maikano ano a dirilwe mo malobanyaneng kwa kopanong ya NAACAM. Maikano ano, a a dirilweng ke dinaga tse di dirang ka fa nageng ya Aforika Borwa, di bontsha ka fao intaseteri eno e nang le tshepo e e tletseng ka fa nageng ya rona mmogo le go tlholela naga ditšhono tsa go tlhagisa diphatse ka fa nageng, go tlamela baagi ba dijanaga ka ditirelo tse di botlhokwa tse di tlhokagalang. Moragonyana fela ga gore intaseteri eno e maikano ano, ke fa Tona ya Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo a bula semmuso Lefelo le le Atolositsweng la go Betla Diphatse la Benteler kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba, e leng lefelo le le tla tlhagisetsang ditlamo tsa dijanaga ka fa nageng diphatse. Go atolosiwa ga lefelo leno go solofelwa gore go tla fokotsa ditiragalo tsa go reka diphatse kwa dinageng tsa kwa ntle ka matlole a ka nna [R1 bilione] le go oketsa palo ya badiri go dira gore e fitlhe mo go ba le 743.

5.  Go Beeletsa ga Setlamo sa Stellantis ka fa Nageng ya Aforika Borwa
5.1.  Kabinete e itumedisitswe ke go totobadiwa ga maikemisetso a setlamo sa Stellantis a gore se batla go aga lefelo la go aga dijanaga tse di sa kgotlheleng tikologo kwa Coega, kwa Aforika Borwa. Go lebeletswe gore moago ono o tla konosediwa go agiwa ka ngwaga wa 2025. Go ikemiseditswe gore e tla re kwa tshimologong ya ngwaga wa 2026 ga kgakolwa sejanaga sa ntlha sa go rwala dithoto sa 1 T mme go tla agiwa bontsi jwa dijanaga tseno di le 50 000 ngwaga yo mongwe le yo mongwe, go tsenyeletsa le tse di romelwang kwa dinageng tsa kwa ntle, go tsamaisana le leanokonokono la intaseteri eno, leo le bidiwang Letsholo la go Tlhabolola Tlhagiso ya Dijanaga (APDP). 
5.2.  Ditiro tse di tobaneng le intaseteri eno tse di solofetsweng go tlhodiwa ke di le 1 000. Stellantis e tla beeletsa ka makatlanamane diura di feta di le 500 000 tsa go katisa le go tlhatlhelela ka bokgoni badiredi ka fa nageng gore ba nne le kitso ya go tshwana le balekana ba bona kwa dinageng tsa boditšhaba. Re batla godre 30% e nne ya diphatse tse di tswang ka fa nageng. 

6.  Tikwatikwe e Kgolo ya Tlhatlhelelo ya Kitso le Bokgoni jwa Didiriswa tsa Thekenoloji
6.1.  Setheo sa Thuto le Tlhatlhelelo ka Kitso ya Bokgoni mo Intasetering ya Dikhemikhale se thankgolotse Tikwatikwe e Kgolo ya Tlhatlhelelo ya Kitso le Bokgoni jwa Didiriswa tsa Thekenoloji kwa Babanango kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal, e leng e e tla dirisediwang matsholo a go ruta batho ka thekenoloji mo porofenseng eno. Porojeke eno ke karolo ya maano a puso a go godisa kitso le bokgoni jwa baagi mo thekenolojing mme e tla isiwa gape le kwa diporofenseng tse dingwe tsotlhe.
6.2.  Mo godimo ga seno, Kabinete e itumedisitswe gape le ke go thankgololwa ga Leano la Naga mo Mererong ya Thuto le Katiso kwa Ditheong tsa Thuto e Kgolwane mme maitlhomo a leano leno ke go dira gore tlhatlhelelo ya bokgoni e e rutiwang e tsamaisane le seo se tlhokagalang kwa mafelong a tirelo mme seno se tla thusa gore naga ya Aforika Borwa e se nne le batho ba bantsi ba ba rutegileng mo dithutong tse naga e sa tlhokeng baitseanape ba tsona. 

7.  Mafaratlhatlha
7.1.  Metsi le Kgeleloleswe: Kwa Masepaleng wa Selegae wa Emfuleni go Tsenngwa Tirisong Karolo ya bo 63 go Rarabolola Dikgwetlho tsa Koo
 
7.1.1.  Kabinete e amogetse tshedimosetso e e fatlhosang Kabinete ka seo se setseng se dirilwe kwa Masepaleng wa Selegae wa Emfuleni mo go tsenyeng tirisong karolo ya bo 63.
7.1.2.  Kabinete e boleletswe ka matsapa a metsi a go itemogelwang ona kwa Masepaleng wa Selegae wa Emfuleni mmogo le ka dikgato tse di setseng di tserwe go rarabolola dikgwetlho tseno gona jaanong, go dira gore di se runye gape fa di sena go rarabololwa mmogo le go dira gore di se tlhole di nna gone.
7.1.3.  Kabinete e boleletswe ka seo setlamo sa Rand Water se setseng se se dirile mo go thuseng fao mantle a gasaganeng mo mebileng ka go baakanya mafaratlhatlha a a dutlang le dipeipi tse di phatlhogileng tse di tsamaisang mantle mmogo le go thibolola tseo di thibegileng.
7.1.4.  Mo godimo ga tseno, Kabinete e ne gape ya itsisewe ka seo se setseng se dirilwe mo go ntšhwafatseng le mo go godiseng diteišene tse di tsamaisang mantle mmogo le mo go ntsheng dipeipi tsa kgale tse di botlhokwa tse di sa tlholeng di dira le tseo di phatlhogetseng ruri mme go tsenngwe tse dintšhwa. Tiro e e tshwanetseng go diriwa e tsenyeletsa le ya go baakanya metšhini le metlakase e e di dirisiwang mo diteišeneng tsa go phepafatsa metsi a a leswe mo masepaleng ono.
7.1.5.  Mo tsamaong ya nako tiro e go samaganweng le yona e tla okediwa gore e lebe kwa mafelong a le mararo a go tlhatswa metsi a a leswe kwa lefelong la kwa Leeuwkuil, Sebokeng le la kwa Rietspruit.
7.1.6.  GCIS e tla kopanya ditlhogo le Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe mmogo le setlamo sa Rand Water go rulaganya gore babegadikgang ba ye go bona seo se setseng se dirilwe kwa Emfuleni.

7.2.  Go Agiwa ga Mebila ya go Fapoga le go Golagana le Mebila ya N4/Montrose/Schoemanskloof 
7.2.1.  Kabinete e itumeletse go garelwa ga tiro ya go agiwa ga mebila ya go fapoga le go golagana le mebila ya N4/Montrose/Schoemanskloof kwa porofenseng ya Mpumalanga, mme seno ke karolo ya letsholo la Tlhabololo ya Ditsela tsa go Leba kwa Maputo. Go ntšhwafadiwa ga mebila eno go tla fokotsa nako e batho ba e tsayang fa ba dirisa mebila eno e bile gape go tla dira gore mebila eno e babalesege le go feta. 
7.2.2.  Porojeke eno e tlhodile ditiro di feta di le 350 mmogo le go naya dikhamphani tsa mo kgaolong eo dikonteraka gore baagi ba kgone go ithuta tiro eno.

7.3.  Diteišene tsa Diterene tsa Banamedi tsa kwa Durban – KwaMashu
7.3.1.  Kabinete e itumeletse go bulwa ga Diteišene tsa Diterene tsa Banamedi tsa kwa Durban – KwaMashu, mme seno se tlisa diteišene tsa diterene tse dintšhwa, tse di babalesegileng e bile di le phepa. Dikoporasi di le 13 di tla samagana le tiro ya go phepafatsa diterene le go samagana le tiro ya go di tlhokomela le go tlhokomela diteišene tsa tsona. Palo ya banamedi ba diterene e oketsega ka dipalo tse di itumedisang ka ntlha ya fa diterene e santse e le tsona tse tuelo ya tsona e leng kwa tlase mo dinamelweng tsa baagi. 

8.  Go Lwantshana le Botlhokotsebei le Bokhukhuntshwane
8.1.  Letsholo la go Busetsa seo e Seng sa Gago

8.1.1.  Kabinete e akgotse dikgato tse di tserweng tsa go gagamatsa Letsholo la go Busetsa seo e Seng sa Gago mo go nopotsweng meago ya puso e e gapilweng go se mo molaong. Jaaka e le karolo ya letsholo leno, puso ya naga e ema nokeng dimasepala gore di kgone go diragatsa dithata tsa yona tse di leng mo melaong ya dimasepala tse di ka ga go fedisa setlwaedi sa go thopa meago ka dikgoka, go dirisa ka tolamo tsamaiso ya one e e tsamayanang sentle, mmogo le go rwala maikarabelo a go dirisa dithoto tsa puso tse di tlhometsweng ruri mo di leng gone. 

8.2  Go Tshwaraganela go Lwantshana le Bosenyi 
8.2.1  Kabinete e akgola matsholo a mo malobanyaneng a a atlegileng a ditheo tsa molao ka fa nageng a go lwantshana le bosenyi. 
8.2.2  Mo kotareng ya ntlha ya ngwaga wa 2023, ba di-Hawks ba ne ba tshwara babelaelwa ba le 611, ba thopa mefutafuta ya dilo tse di tsenyeletsang dimenerale tse di farologaneng tse di botlhokwa mmogo le ditaemane, diphologolo tse di tlhaelang le dirwe tsa diphologolo tseno, dijanaga tse di utswitsweng, madi, ditlhobolo, dikolo, dithoto tsa maaka tsa difeiki, didirisiwa tsa go phampholola mmogo le didirisiwa tsa thekenoloji mme tseno tsotlhe boleng jwa tsona bo ka dira bokanaka R6 112 768 985. 
8.2.3  Mo godimo ga tseno, mapodisi a tshwere ba le robongwe ba batho ba ba rekang dimenerale tse di rekisiwang ke bao ba epang dimenerale go se mo molaong mme kgotlatshekelo e rebotse taelo ya gore dithoto tsa bona di tshwarwa mo diatleng tsa puso fa molato o tsweletse go sekiwa, mme tsona ke dilo di tshwana le Lamborghini , dimenerale le madi mme boleng jwa tsone fa bo kopanngwa bo ka fitlha go dimilione di le R34. 
8.1.4.  Kabinete e akgola sepodisi mo tirong ya sona ya go phutlhamisa digongwana tsa magodi tse di ikopantseng. Go akgotswe katlego ya bona mo go samaganeng le digongwana tsa magodi a a neng a tlhometse tota a a golaganngwang le bosenyi jwa go kgothosa dijanaga tse di rwalang madi kwa porofenseng ya Limpopo. Kabinete e gateletse gore fa go tla mo pabalesegong le kobamelo ya melao ya naga ya Rephaboliki ya Aforika Borwa sepodi ga se a tshwanela go tlogela bao ba gatakakang tseno go itirela boithatelo.
8.1.5.  Kabinete e akgotse ditiragalo tsa go tshwarwa ga batlhankedi ba le robongwe ba Lefapha la Boitekanelo la porofense ya Kapa Bokone ba ba amanngwang le bokhukhuntshwane jwa dithendara tsa go reka Didirisiwa tsa go Ipabalela (di-PPE). Babelaelwa ba latofadiwa ka bogodu, bokhukhuntshwane, ditiragalo tsa go timetsa motlhala wa tšhelete ya bogodu mmogo le go tlola Molao wa Taolo ya Tiriso ya Madi a Puso (PFMA). 

9.  Lefoko la Puso mo Mererong ya Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI) 
9.1.  Kabinete e boeleditse lefoko la yona le le ka ga go tsenngwa tirisong NHI gore seno se tshwanetse go diriwa go thusa gore maAforika Borwa otlhe a kgone go fitlhelela ditirelo tse di boleng tsa boitekanelo. Gore NHI e enngwe nokeng ke ka ntlha ya go bona gore maokelo ka bobedi e leng la puso le la porafete a tlhoka go thusana. Dithulaganyo tsa ga jaana tse di sa tsamaisaneng di tshwanetse go golaganngwa gore di kgone go direla naga gore maokelo otlhe a a leng teng a kgone go thusa batho botlhe. Go tsenngwa tirisong ga NHI go lebeletswe gore go tla potlakisa dikgato tsa go oketsa maokelo a a direlang sethaba. Seno ga se a tshwanelwa go sekasekiwa se le esi ntle le go tseelang tlhogong dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tse di leng mo Molaotlhomong wa NHI. 
9.2.  Tsepamiso ya mogopolo mo karolong ya gore maokelo a poraefete a tla tlamela ditirelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo e dirile gore go itlhokomolosiwe ntlhakgolo ya Molaotlhomo ono yo maitlhomotota a ona e leng go fetola ka fao ditirelo tsa maokelo a poraefete le a puso a abelang baagi ka ditirelo ka gone. Ke fa fela fa re fetola ditirelo mo re tla bonang mokitlano yo o leng kwa maokelong a puso o fokotsega. Fa matlole a NHI a dirisiwa go rekela baagi ditirelo tsa boitekanelo kwa maokelong a poraefete le a puso, re tla bona tshubetlhelano e fokotsega segolobogolo kwa maokelong a puso. Go buela molaotlhomo yono maaka gore o tla fetola sengwe le sengwe ka ponyo ya leitlho ke go tlhoka nnete. Dikarolo tse di buang ka diphetogo tseno di totobetse gore diphetogo di tla tsaya lobaka e bile di tla tsenngwa tirisong kgato ka kgato. 

10.  Lefoko la Puso mo Mererong ya go Lekanyetsa Matlole
10.1.  Kabinete e leboga dikgato tsa ga jaana tsa go Lekanyetsa Matlole, mme tsona ga se selo se se diriwang fela mo nageng ya Aforika Borwa, mme se dirile gore tekanyetso ya matlole e fokodiwe mo ngwageng. Kabinete e gateletse gore go fokodiwa ga matlole ga go a tshwanela go ama ka tsela e e sa itumediseng kabo ya ditirelo.
10.2.  Tona ya Matlole mo nakong e e sa fediseng pelo o tla rebola Dikgatotshupetso tse di tla rarabololang go se tlhaloganyane sentle go go tlhodilweng ke Lekwalo la Phokotso ya Matlole la bo 31 Phatwe 2023. Mo godimo ga seno, jaaka e le setlwaedi gore ngwaga le ngwaga go nna le ditshekatsheko tsa tiro mabapi le gore go tsamaiwa kae mo go tsenyeng tirisong dintlha tse go utlwanetsweng gore di tla tsenngwa tirong ke Ditona, Moporesitente mmogo le Motlatsamoporesitente ba tla bitsa ditona ka bongwe ka bongwe go itlhalosa go dira bonnete jwa gore tshomarelo ya matlole e se thibele go diragadiwa ga seo se utlwanetsweng. 

B.  Ditshwetso tsa Kabinete 
1.  Pholisi e e Buang ka go Thibela le go Alafa Makoa a go Wela ka mo Nkgong ya Diritibatsi

1.1.  Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasaladiwa ga lekwalo la melao ya puso le le ka ga Pholisi e e Buang ka go Thibela le go Alafa Makoa a go Wela ka mo Nkgong ya Diritibatsi, maitlhomo a pholisi eno ke go samagana le dipalo tse di tlhobaetsang tsa batho ba ba wetseng ka fa nkgong ya diritibatsi. 
1.2.  Pholisi eno e tla thusana le dikgato tse dingwe tse di ka ga go thusa go lwantshana le diritibatsi tse di jaaka Leano le le Kgolo la Naga le le Lwantshanang le Diritibatsi le le tsentsweng tirisong lantlha magareng ga ngwaga wa 2013 le wa 2017. Pholisi eno e tla samagana le makoa ao a nopotsweng mo Molaong wa Thibelo le Kalafo ya Tirisobotlhaswa ya Diritibatsi.
1.3.  Pholisi eno e tshitshinya gore go nne le matsholo a mo metseng a thibelo ya diritibatsi jaaka a tla nna mosola thata mo go samaganeng le matsapa a a tlhodiwang ke tirisobotlhaswa ya diritibatsi. 
1.4.  Pholisi eno e tla phasaladiwa mo webesaeteng ya Lefapha la Thuso ya Baagi ya www. dsd.gov.za.

2.  Go Tsenya Tirisong Letlole la Tlamelo ya Ditheo tsa Bojanala ka Dithoto (TEF)
2.1.  Kabinete e nopoletswe tshedimosetso e e leng mo dinakong e e ka ga seo go dumelanweng ka sona mo go tsenyeng titisong TEF go latela gore mokgatlho wa Afriforum le wa Solidarity e ise ntlha eno kwa kgotlatshekelo.
2.2.  Kabinete e nopoletswe tshedimosetso e e ka ga dikgato tse di tserweng mo go diragatseng tumelano e e utlwanetsweng mmogo le ka ga diphetogo tse di dirilweng mo go TEF go latela tumelano eno. 
2.3.  Ka mogopolo ona oo, TEF e tla tsenngwa tirisong go ya ka dipeelo tsa Dipalo tsa Lekala la Bojanala mo bonnye jwa dikgwebo tsa bathobantsho bo beetsweng 30% mo legatong la 51% e e neng e beilwe pele ga tumelano eno.
2.4.  Kabinete e eme nokeng dikgato tsa go tsenya tirisong TEF.

C.  Melaotlhomo
1.  Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Khomišene ya Ditirelo tsa Puso (PSC) 

1.1.  Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng sekwalwa se iseng se butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Khomišene ya Ditirelo tsa Puso (PSC). mme ona o kwalola sešwa Molao wa PSC wa bo 46 wa 1997. 
1.2.  Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di tla kgontsha PSC go dira jaaka setheo sa molaotheo se se ikemetseng le se se sa tseyeng letlhakore seo maitlhomo a sona e leng go dira gore ditheo tsa puso tsa tirelo ya setšhaba di abelane ka ditirelo tsa tsona tse di mosola le tse di manontlhotlho. 
1.3.  Molaotlhomo ono o atolosa gape le tiro ya PSC gore e akaretse gape le ya go lekola dimasepala le ditlamo tsa puso mmogo le go rwesa PSC maikarabelo a go kwala leano la go tsamaisa tiro ya go lekola ditheo tsa puso gore di diragatsa tiro ya go tsenya tirisong Leano la Naga go Tsamaisa Tiro ya go Dira gore Tirelopuso e Nne e e Manontlhotlho mo Lephateng la Puso.

2.  Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Kgodiso ya Lephata la Bolemirui jwa Ditlhapi le Dimela tsa ka fa Tlase ga Metsi
2.1.  Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Kgodiso ya Lephata la Bolemirui jwa Ditlhapi le Dimela tsa ka fa Tlase ga Metsi gore baagi ba dire ditshwaelo ka one. Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go:

  • rotloetsa gore go tlhomiwe lekala le le nang le maikarabelo la bolemirui jwa ditlhapi le dimela tsa ka fa tlase ga metsi gore le nne mosola mo go direng gore naga e se tlhaele dijo le mo go tlhabololeng ikonomi ya naga, 
  • go ema nokeng dikgwebopotlana tse dintsi go nna le seabe, segolobogolo tsa basadi le bašwa; mmogo le
  • go tsholetsa dikgato tsa go fetola batsholateu mo lephateng la bolemirui jwa ditlhapi le dimela tsa ka fa tlase ga metsi..
     

3.  Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Naga wa Ditheo tsa Dikgwe tsa Puso
3.1.  Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Naga wa Ditheo tsa Dikgwe tsa Puso gore baagi ba dire ditshwaelo.
3.2.  Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke:
3.2.1.  gogagamatsa maatla a puso e nang le ona mo ditlamong tse di botlhokwa tsa ditheo tsa dikgwe tsa puso
3.2.2.  go tlhoma Setlamo sa Puso se se tla Laolang Dithoto tsa Puso SOC Ltd mme e tla nna sona se se tsholang dišere tsa puso mo Ditheo tsa Dikgwe tsa Puso, mme puso e tla nna yona fela e le esi e e tshwereng dišere tseno. 

4.  Go Fetolwa ga Molaotlhomo wa Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa
4.1.  Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa go Fetola Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa gore baagi ba dire ditshwaelo.
4.2.  Maitlhomo a go fetola Molao wa Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa ke go tsenya tirisong diphetogo tse di leng teng tse di ka ga puso jaaka e se tlhole e le yona komang ka nna mo mererong ya Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa.
4.3.  Go fetolwa ga Molao wa Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa ga go fetole maemo a setlamo go tswelela go nneng mo tirisong jaaka go le go ya ka Molao wa Ditlamo; e bile gape
4.4.  Ditshwanelo tse puso e nang le tsona mo dišereng tsa Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa di tla laolwa ke setlamo se se tla bong se nopotswe gore se emele puso.

D.  Go Thapiwa 
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
Go Thapiwa ga Ditokololo tsa Boto ya Metsi ya Vaal Central Water Board 
1.1.  Rre Makhosini Solomon Msibi (Monnasetulo);
1.2.  Rre Lungile Right Bomela (Motlatsamonnasetulo);
1.3.  Rre Luvuyo Xola Ntoyi;
1.4.  Mme Elizabeth Cornelia Rockman;
1.5.  Mme Ntikila Sandlana
1.6.  Rre Andrew Modisaotsile Rantho;
1.7.  Rre Desmond Solomon Ezekiel Fransman;
1.8.  Mme Matshego Gail Mercy Jele;
1.9.  Mme Boipelo Felicity Nakedi;
1.10.  Mme Tshepiso Doreen Segoe-Backward; le 
1.11.  Rre Thabo Moses Manyoni 

2.  Go Thapiwa ga Ditokololo tsa Boto ya Metsi ya Vaal Central
2.1.  Moatefokate Vusi Khuzwayo (Monnasetulon)
2.2.  Mme Nothando Nonkululeko Mkhize
2.3.  Mme Senamile Masango
2.4.  Mme Sylvia Thandazile Mhlongo
2.5.  Mme Hlengiwe Mvubu
2.6.  Rre Khanyisani Stanley Shandu
2.7.  Rre Lavandran Nanda Gopaul
2.8.  Rre Sibusiso Wycliff Mkhize
2.9.  Rre Kwazikwenkosi Innocent Mshengu;
2.10.  Mme Diana Gloria Hoorzuk;
2.11.  Rre Cornish James Timothy; le
2.12.  Rre Sipho Maxwell Mtolo 

3.  Go Thapiwa ga Ditokololo tsa Boto ya Metsi ya Overberg
3.1  Rre Razeen Benjamin (o thapilwe gape ebile ke Monnasetulo);
3.2  Mme Siphiwe Doris Mayinga (o thapilwe gape ebile ke Motlatsamonnasetulo);
3.3  Rre David Lefutso (o thapilwe gape);
3.4  Ngaka Nandipha Daphne Siwahla-Madiba (o thapilwe gape);
3.5  Moporofesara Gregory Jerome Davids (o thapilwe gape);
3.6  Mme Monica Auphry Malunga
3.7  Mme Nalini Singh-Maharaj
3.8  Ngaka Thavamoney Kelly
3.9  Rre Bongani Evidence Mnisi
3.10  Rre Louis Oudsthoorn, le
3.11  Rre Dirk van Papendorp

4.  Go Thapiwa ga Ditokololo tsa Maloko ao e Seng a Khuduthamaga mo Boto ya Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa go Ithuta ka Maemo a Lefaufau Sebaka sa Dingwaga di le Tharo:
4.1.  Ngaka Precious Gugulethu Motshwene;
4.2.  Moporofesara Andrew Cedric Buffler;
4.3.  Moporofesara Lorna Benita Holtman;
4.4.  Mme Senamile Masango; 
4.5.  Mme Sarah Natalia Prins;
4.6.  Ngaka James Tshilongo;
4.7.  Ngaka Wynand Louw;
4.8.  Ngaka Alufelwi Maxwell Tshavhungwe; mmogo le
4.9.  Mme Babalwa Songongo;

5.  Go Thapiwa ga Ditokololo tsa Boto ya Tlhatlhobo ya Maemo a Dithata tsa Dithoto le Dikakanyo tsa Batho le tsa Dikgwebo (PEB) 
5.1.  Mme Thandiwe Khumalo (o thapilwe gape);
5.2.  Rre Paul Sibisi (o thapilwe gape);
5.3.  Mme Shanaaz Mohamed (o thapilwe gape);
5.4.  Rre Johnny Fiandeiro (o thapilwe gape); 
5.5.  Ngaka Magdalena Kleyn; mmogo le 
5.6.  Mme C. Mathoto Masetla-Mafa;

6.  Go thapiwa ga Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga ba Boto ya Setheo sa Matlole a Dikgobalo mo Dikotsing tsa Dijanaga tsa mo Mebileng ya ka fa Nageng (RAF) sebaka sa dingwaga di le tharo. 
6.1.  Mme Lorrain Francois (o thapilwe gape ebile ke Monnasetulo);
6.2.  Ngaka Nomonde Buyiswa Mabuya-Moloete (o thapilwe gape ebile ke Motlatsamonnasetulo);
6.3.  Moatefokate Nontuthuzelo Njeza;
6.4.  Rre Moses Nyama; 
6.5.  Rre Thulani Samule Tshabalala (o thapilwe gape);
6.6.  Rre Simphiwe Blose (o thapilwe gape);
6.7.  Mme Pamela Bongeka Mathebula;
6.8.  Rre Duke William Mathebula; 
6.9.  Mme Tinyiko Mhlari;
6.10.  Ngaka Pholile Dladla;
6.11.  Rre Kwena Cuthbert Komape; mmogo le 
6.12.  Mme Bongiwe B. Khumalo 

E.  Ditiragalo tse di Tlang
1    Letsatsi la Ngwaobošwa

1.1  Monongwaga mokete wa go keteka Letsatsi la Ngwaobošwa o tla ketekelwa kwa Lebaleng la Metshameko la Princes Magogo le le leng kwa motseng wa Kwa-Mashu, kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal ka la bo 24 Lwetse 2023 mme Kabinete e ikuetse mo bathong botlhe go keteka le rona letsatsi leno la go keteka ngwaobošwa ya rona e e humileng.

2  Kopano ya bo 78 ya Dinagakopano Tsotlhe 
2.1  Naga ya Aforika Borwa e tla nna le seabe mo kopanong ya bo 78 ya Dinagakopano e e tla tshwarelwang kwa nageng ya Amerika go tloga ka la bo 18 go fitlha ka la bo 26 Lwetse 2023 ka molaetsamogolo yo o reng: “Go Tsosolosa Botshepegi le go Tsosolosa go Ipopa Seoposengwe ga Dinaga tsa Lefatshe: Go Potlakisa Lenaneo la go Tseela Mogopolo wa Ngwaga wa 2030 Dikgato mmogo le Dipeelo tsa ona tsa Tlhabololo e e Nnelang Ruri tse di Samaganang le Dikgato tse di tla Dirang gore go Rene Kagiso, Katlego, Kgatelopele le Tlhokomelo e leng tse di tla Unngwelang Batho Botlhe.”

3.  Kopano ya Boenjenere ya Beke ya Borobongwe ya Mokgatlho wa Dinagakopano mo Mererong ya Thuto, Saense le Setso (UNESCO) mmogo le Khonferense ya Bosupa ya Boenjenere jwa Aforika
3.1 Naga ya Aforika Borwa, jaaka e emetswe ke Lekgotla la Aforika Borwa la Baemedi ba Dienjenere mmogo le Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba, e tla tshwara Kopano ya Boenjenere ya Beke ya Borobongwe ya UNESCO mmogo le Khonferense ya Bosupa ya Boenjenere jwa Aforika go tloga ka la bo 28 go fitlha ka la bo 28 Lwetse 2023 kwa Pretoria.

4.  Kgothakgothe e e ka ga Metshameko mo Dikolong tsa Naga ya Aforika Borwa 
Lefapha la Metshameko, Botsweretshi le Setso le tla tshwara Kgothakgothe e e ka ga Metshameko mo Dikolong tsa Naga ya Aforika Borwa kwa Hoteleng ya Birchwood, e e leng kwa Johannesburg, go tloga ka la bo 14 go fitlha ka la bo 15 Lwetse 2023. Metshameko mo dikolong ke yona e e dirang gore ka fa nageng re nne le metshameko mme ka jalo seno ke maiteko a puso go tsosolosa metshameko kwa dikolong tsa naga ya Aforika Borwa.

5.  Go Thankgololwa Setheo sa Taolo ya Melelwane (BMA)
5.1 Setheo sa Taolo ya Melelwane se simolotse go tsenngwa tirisong ka la bo 01 Moranang 2023 jaaka setheo sa molao se se ikemetseng go ya ka lenaneothulaganyo la molao la bo 3(A) la ditheo tsa puso mme se dira jaaka setheo sa boraro sa molao ka fa nageng ya Aforika Borwa mme sona se tla thankgololwa ka la bo 5 Diphalane 2023. 

6.  Kgato ya go Oketsa Ditšhono tsa go Godisa Ikonomi ya Aforika (AGOA) 
6.1 Foramo ya AGOA e tla tshwarelwa ka fa nageng ya Aforika Borwa go tloga ka la bo 02 go fitlha ka la bo 04 Ngwanaitseele 2023. Mo foramong eno go tla tšhotlhiwa kgang ya go gwebisana le Amerika ga dinaga tse di matshwanedi tsa Aforika. 

F.  Melaetsa
1.  Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go: 

1.1  Setlhopha sa naga sa Springboks - jaaka se tsweletse go fofisetsa folaga ya naga ya Aforika Borwa kwa godimo le go dira gore naga e tswelele go ipela ka sona jaaka se fentse motshameko wa sona wa pulamadibogo fa se ne se tshameka kgatlhanong le sa naga ya Scotland kwa Metshamekong ya Sejana sa Lefatshe sa Rakabi sa Ngwaga wa 2023. 
1.2  Tariq Moosa mmogo le badiredi ba setlamo sa gagwe Chicano Customs bao ba ikagetseng sejanaga sa BMW E9 2800 CS seo ba se reileng leina Nkabi, seo se phadileng dijanga di feta di le 6 000 tse di agilweng kwa nageng ya Yuropa kwa dikgaisanong tsa Slammed UK tse di neng di tshwaretswe kwa Birmingham.
1.3  Basadi ba Bommasaese ba Naga ya Aforika Borwa bao ba akgotsweng ka ntlha ya tiro e e tswileng diatla e ba e dirileng mo ngwageng wa 2023 ya go tlhoma Dikabo tsa Naga ya Aforika Borwa tsa Basadi ba ba Dirang mo go tsa Saense (SAWiSA) tseo di neng di tshwerwe ke Tona ya Thuto e Kgolwane, Saense le Boitshimololedi e bong Ngaka Blade Nzimande. Kabinete e akgotse batho ba ba latelang bao ba fentseng mo dikabong tseno:

  • Kabo ya Mosadi yo a Ntshitseng ga Tshwene mo Dipatlisisong: Mo Lephateng la Dithuto tsa Saense ka ga Batho le Setšhaba
  • Moporofesara Catherine Ward
  • Kabo ya Lekgarebe le le Ntshitseng ga Tshwene mo Dipatlisisong: Mo Lephateng la Dithuto tsa Saense ka ga Batho le Setšhaba
  • Moporofesara Anastacia Mamabolo
  • Kabo ya Mosadi yo a Ntshitseng ga Tshwene mo Dipatlisisong: Mo Lephateng la Dithuto tsa Saense ka ga Tlhago le Boenjenere
  • Moporofesara Janine Barbara Adams
  • Kabo ya Lekgarebe le le Ntshitseng ga Tshwene mo Dipatlisisong: Mo Lephateng la Dithuto tsa Saense ka ga Tlhago le Boenjenere
  • Moporofesara Usisipho Feleni
  • Kabo ya Lekgarebe le le Ntshitseng ga Tshwene: Kabo ya Batho ba ba Itlhophileng
  • Ngaka Tiisetso Elizabeth Lephoto
  • Kabo ya Mosadi yo a Ntshitseng ga Tshwene: Kabo ya Batho ba ba Itlhophileng
  • Ngaka Patience Thenjiwe Mthunzi-Kufa
  • Kabo ya Lefapha la Saense le Boitshimololedi (DSI) ya Botsalano jo bo Reetsweng ka ga Ndoni Mchunu: Kabo ya Batho ba ba Dirang Dithuto tsa Maemo a Thuto a Masetase
  • Mme Nyeleti Precious Mabaso
  • Mme Modjadji Rebecca Letsoalo
  • Mme Gizelle Roque van Niekerk
  • Kabo ya DSI ya Botsalano jo bo Reetsweng ka ga Ndoni Mchunu: Kabo ya Batho ba ba Dirang Dithuto tsa Maemo a Thuto a Bongaka 
  • Mme Munira Hoosain
  • Mme Aletta Susanna Elizabeth Nortje
  • Mme Boitumelo Makgabutlane
  • Mme Thendo Gertie Makhado
  • Mme Bambesiwe Mbesi May
  • Mme Carla Dodd
  • Mme Ramakgahlela Betty Sebati
  • Mme Lusani Mamushiane
     

2.  Melaetsa ya Matshediso 
Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa: 

  • Baagi ba Naga e e Busiwang ka Segosi ya Morocco morago ga gore kwa nageng eno go nne le thoromo ya lefatshe mo diketekete tsa batho di thutseng botala ka tlhogo fa matšhwititšhwiti a ba bangwe ona a gobetse. 
  • Puso le baagi ba naga ya Libya morago ga gore kwa nageng eno go ne dipula tsa merwalela e e gogotseng diketekete tsa matshelo a batho. 
  • Moitshimololedikgwebo yo a neng a na le ponelopele, yo a neng a rata go thusa yo gape e leng mong wa Pick n Pay, e bong Raymond Ackerman (yo a neng a le dingwaga di le 92), yo a neng a dumela mo go ageng Aforika Borwa yo o botoka yo gape a rutileng le go rotloetseng matšhwititšhwiti a batho mo botshelong jwa gagwe. O ne gape e le yo mongwe wa Batlotlegi ba ba Amogetseng Kabo ya Baobab.
  • Prince Mangosuthu Buthelezi (yo a neng a le dingwaga di le 95) yo a Tlhamileng Mokgatlho wa go Lwela Tokologo wa Inkatha Freedom Party yo gape a Okameng Maemo a Moporesitente mo go ona mokgatlho ono le go Letlelelwa go Dirisa Maemo ano Botshelo jwa Gagwe Jotlhe jaaka Tlotla e bile gape ke ena motho wa ntlha ka fa nageng ya Aforika Borwa go okama maemo a Tona ya Merero ya Selegae.
  • Molwelakgaratlho yo a neng a sa swe lentswe wa ditshwanelo tsa batho le kgololesego, Mme Amy Rietstein Thornton (yo a neng a le dingwaga di le 91), yo a nnileng le seabe se se botlhokwa mo go emeng nokeng tsheko ya 1956 Treason trial, jaaka leloko la mokgatlho wa dipolotiki wa United Democratic Front (UDF) mmogo le fa ba ba neng ba tshabetse kwa ntle ga naga ya Aforika Borwa ba ne ba boela gae. 
  • Motlotlegi yo e neng e le molwelakgololesego, molwelakgaratlho e bile e ne e le moambasatara Rre Zeph Makgetla (yo a neng a le dingwaga di le 78), yo a ineetseng botshelo jwa gagwe jotlhe mo go direlelng baagi ba naga ya Aforika Borwa. 
  • Morulaganyi wa mo malobeng wa lekwalodikgang la Business Day Jim Jones, (yo a neng a le dingwaga di le 81), yo a nnileng le seabe se segolo mo go direng gore dikgang ka fa nageng di sekamele ka fa letlhakoreng le le rileng mo nakong ya fa naga e ne e tsena mo temokerasing. 

Dipotsolotso: Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485
 

Share this page

Similar categories to explore