Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 17 Tlhakole 2016

1. Go tsenngwa tirisong ga manaane a botlhokwa a puso

1.1. Kabinete e amogetse Puo ya Maemo a Setšhaba ya ga Moporesitente Jacob Zuma e e tlhagisitsweng ka Labone, 11 Tlhakole. Puo e tlhomile mosupatsela wa togamaano wa tiragatso ya Lenaanetiro la Puso. Moporesitente o ikuetse mo pusong, mekgatlho ya badiri mmogo le mo kgwebong go dira mmogo go bona ditharabaololo tsa kgolo ya ikonomi e e nnelang leruri. Kabinete e tshegetsa dikgato tsa go fokotsa ditshenyegelo tse di itsesitsweng ke Moporesitente tse di tla tlhalosiwang ke Tona ya Ditšhelete ka la bo 24 Tlhakole.

Puo ya Tekanyetsokabo ya 2016/17 e tla tlhagisa kabelo ya ditlamelo go ya kwa manaaneng a a farologaneng a puso go ya jaaka Moporesitente a gateletse.

1.2. Kabinete e amogetse Indaba ya Meepo e e atlegileng e e neng e tshwaretswe kwa Motsekapa go tloga ka la bo 8 go fitlha ka la bo 11 Tlhakole. Baemedi ba ba eteletseng pele go tswa kwa lephateng la meepo le dipuso tse di farologaneng tsa Aforika ba arogane megopolo ya bona malebana le ka moo lephata le ka tsamaisang dipeeletso ka teng mmogo le go dirisa ditšhono tse di leng teng mo Aforika. Kabinete e lebogetse maitlamo a a dirilweng ke puso ya Japane a go oketsa dipeeletso tsa yona mo Aforika Borwa.

Kabinete e boeleditse maitlamo a yona a lephata la meepo le le tsepameng e bile le dira ka katlego. Tumelano ya Letlhomeso la Indaseteri ya Meepo e e nnelang Leruri e tshegetsa indaseteri ya meepo mo seemong sa ga jaana se se boima. Puso e tswelela go tlamela ka netefaletso ya taolo mme e tla netefatsa gore go konosediwa Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Dimenerale le Ditlamelo tsa Peteroliamo, o o fa pele ga Palamente.

2. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e amogetse Pholisi ya Bosetšhaba ya makgaolakgang ya Itekolesego, e e samaganang le dikgwetlho tse di kgoreletsang go dira sentle ga Molao wa Bosetšhaba wa Itekolesego, wa 2004 (Molao wa bo 7 wa 2004).

Pholisi e setse e fetile mo tsamaisong ya patlomaikutlo a setšhaba. Pholisi e tshitshinya dipaakanyo mo letlhomesong la taolo ya dipopegotheo tsa diboto tsa itekolesego mme e maatlafatsa didirisiwa tsa taolo go fokotsa tiriso e e botlhaswa ya itekolesego. E ama dikhasino, dibingo, metšhini e dituelo tsa yona di lekanyeditsweng mmogo le go betšha dipitsi. Pholisi e tla emisetsa Boto ya Bosetšhaba ya Itekolesego ka Molaodi wa Bosetšhaba wa Itekolesego o o tla ikarabelang ka tlhamalalo kwa Lefapheng la Kgwebisano le Intaseteri.

2.2. Kabinete e amogetse tlhagiso ya Pegelo ya Tshekatsheko ya Dingwagapotlana tsa go Golegwa Bosenyi kwa Palamenteng, e leng se se tlhokegang go ya ka Molao wa Bosiamisi wa Bana, wa 2008 (Molao wa bo 75 wa 2008). Pegelo e atlenegisa gore naga e amogela maitlamo a boditšhabatšhaba le a kgaolo malebana le dingwagapotlana tsa go golegelwa bosenyi tsa bana ba ba iphitlhelang ba na le kgotlhang le molao.

2.3. Kabinete e amogetse go tsenngwa mo kaseteng ga Dikgaolo tsa Tlhabololo ya Maatla a a Ntšhwafadiwang (REDZ). Seno se tla rulaganya thulaganyo ya taolo, sa supa mafelo a go ka maatlafadiwang dithekenoloji tsa motlakase wa phefo le wa letsatsidi ka bonwang le moo go ka atolosiwang tlamelo ya mafaratlhatlha a a boteng gona.

Di-REDZ tseno di tla netefatsa kgabaganyo ya go ya kwa ikonoming e e tlhagisang khabone e e kwa tlase, di akofise tlhabololo ya mafaratlhatlha, le go tshwaela mo letlhomesong le le rulaganeng e bile le bonelwa pele la taolo le le fokotsang tsamaiso e e amanang le ditshenyegelo tsa go obamela.

2.4. Kabinete e boleletswe ka diphitlhelelo tsa Pegelo ya Aforika Borwa ya 2014 ya Disupi tsa Saense, Thekenoloji le Boitlhamedi mo Lekgotleng la Bosetšhaba la Bokgakolodi jwa Boitlhamedi. Pegelo eno e tlamela ka mokgwa wa tiragatso wa Tsamaiso ya Bosetšhaba ya Boitlhamedi (NSI). E sekaseka tiragatso le tshwaelo ya NSI mo ditlapeleng tsa botlhokwa tsa bosetšhaba tse di tlhagisitsweng mo Leanong la Tlhabololo la Bosetšhaba (NPD).

2.5. Kabinete e amogetse tiriso ya badiredisetšhaba ba ba rotseng tiro le ba ba dirang jaaka batlhatlheledi kwa Sekolokatisong sa Bosetšhaba sa Puso (NSG).

NSG e tlhomilwe ka 2013, e tsena mo legatong la Setheo sa Tsamaiso le Boeteledipele jwa Botsamais jwa Thuto mo Pusong (PALAMA), mme thomo ya yona ke go tsweletsa phitlhelelo e e tswelelang ya boleng le dintlhatheo tse di laolang tsamaiso ya puso le go tokafatsa boleng, katoloso le ditlamorago tsa tlhabololo ya bokgoni jwa badiri mo ditheong.

Maiteko ano a tla lekelediwa ka go tsenngwa tirisong ga Lenaane le le Pateletsang la Kitsisotiro la badiredisetšhaba.
Mokgwa ono o kgontsha badiredisetšhaba go oketsa boleng mo tirelong setšhaba. Ba tla dirisa maitemogelo a bona, bokgoni le kitso go tataisa le go rotloetsa badiredisetšhaba. Gape maiteko ano a tla tokafatsa boleng jwa ditirelo tse re di nayang setšhaba ka tsela e e bokgoni e bile e le tlhotlhwatlase.

2.6. Kabinete e amogetse Pegelo ya Naga ya Aforika Borwa ya Legato la Bofelo la bo 3 le le malebana le go Tsenngwa tirisong ga Mokgatlho wa Tirisanommogo ya Ikonomi le Tlhabololo (OECD) (Tumelano e e kgatlhanong le Pipamolomo). Pegelo e tshwanetse go neelwa Setlhopha sa Tiro sa Pipamolomo sa OECD.
Pegelo e tlhalosa tswelelopele e e dirilweng ke naga ka ditsereganyo tsa yona tsa go fedisa pipamolomo ka go e supa, go batlisisa mmogo le go e sekisetsa. Gape pegelo e sedimosa maiteko a a tserweng go lemosa ka bosenyi jono.

2.7. Kabinete e amogetse gore Lefapha la Merero ya Selegae (DHA) le aroganngwe gape ka fa tlase ga Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelo ya Bosenyi le Pabalesego.

Thomo ya Lefapha la Merero ya Selegae ke go tshola le go babalela rejisetara ya boammaaruri ya boitshupo le seemo sa botlhe ba ba mo nageng ya rona, e leng sa botlhokwa se se kgontshang ditiro tse dingwe tsotlhe tsa mmuso.  Gape le romilwe go tsamaisa tsamaiso ya bofudugedi, e e amang ka tlhamalalo pabalesego ya bosetšhaba, tirisano ya loago mmogo le phitlhelelo ya diphitlhelelo tsa tlhabololo.

Mo malobeng DHA e ne e arogantswe jaaka ditirelo tsa tshegetso ya tsamaiso ka kakaretso ka fa tlase ga Setlhopha sa Bolaodi le Tsamaiso.

3. Molaotlhomo

3.1 Kabinete e amogetswe go tlhagisiwa ga Molaotlhomo wa Tshireletso, Tsweletso, Tlhabololo le Tsamaiso ya Kitso ya Tshimologo kwa Palamenteng.
Molaotlhomo ono ke wa go sireletsa, go tsweletsa le go tsamaisa dithulaganyo tsa Kitso ya Tshimologo.

O dira tlamelo ya go tlhomiwa le ditiro tsa kantoro ya Bosetšhaba ya dithulaganyo tsa Kitso ya Tshimologo, tsamaiso ya ditshwanelo tsa batshodi ba kitso ya tshimologo, go tlhamiwa le ditiro tsa phanele ya Bogakolodi ya dithulaganyo tsa kitso ya tshimologo.

Gape o letlelela phitlhelesego le seemo sa phitlhelesego ya kitso ya merafe ya tshimologo le ya selegae, go tlhamiwa ga thulaganyo ya bosetšhaba ya go rekotiwa ga dithulaganyo tsa kitso ya tshimologo, go kwadisiwa le go tlhomamisiwa ga badiragatsi ba tshimologo, kgokaganyo ya boitlhamedi jo bo ikaegileng ka kitso ya tshimologo. Molaotlhomo o tla tshegetsa Molao o o Baakantsweng wa Melao ya Dithoto tsa Tlhaloganyo, wa 2-13 (Molao wa bo 28 wa 2013).

Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Molaotlhomo o Baakantsweng wa Makwadisetso a Dikano, wa 2015 gore go tshwaelwe mo go ona. Molaotlhomo o baakanya Molao wa Makwadisetso a Dikano, wa 1937 (Molao wa bo 47 wa 1937). Molaotlhomo o ikaeletse go baakanya Molao wa Makwadisetso a Dikano, wa 1937 (Molao wa bo 47 wa 1937) gore go fudugiwe go tswa kwa kantorong ya dikano ya dipampiri go ya kwa go ya mokgwa wa eleketoroniki.  O samagana le merero ya tshireletsego ka go tlamela ka kwadiso ya diphetiso jaaka badirisi ba ba mo molaong ba thulaganyo ya kwadiso ya dikano ya eleketoroniki.

3.2 Kabinete e amogetse go itsesewe ga Molaotlhomo wa Boitekanelo jwa Dimela, wa 2015 kwa Palamenteng. Molaotlhomo o lepalepanya melao ya Aforika Borwa le maitlamo a a maleba le dipeelo go gokaganya kgwebisano ya boditšhabatšhaba e e babalesegileng e bile e sa gobelele go netefatsa kgwebisano ya naga ya selegae le ya boditšhabatšhaba ya dimela le ditlhagiswa tsa dimela. Fa Molaotlhomo o setse o fetisitswe, Aforika Borwa o tla kgona go thibela go tlisiwa ga ditshenekegi le malwetsi a dinaga di sele a a tswaletsweng tse di ka anamisang ditshenekegi le malwetsi a a kotsi mo dimeleng tsa naga.

3.3 Kabinete e amogetse go tlhagisiwa ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Dikgotlatshekelo tsa Molao, wa 2015 kwa Palamenteng.

Molaotlhomo o baakanya Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata, wa 1944 (Molao wa bo 32 was 1944) le Molao o o Baakantsweng wa Dikgotlatshekelo tse di Kwa Godimo, wa 2013 (Molao wa bo 10 wa 2013).
Paakanyo e lebeletse go fokotsa mathata a bakoloti ba ba iphitlhelang ba sotlakakiwa ke thulaganyo ya go koleka dikoloto kwa dikgotlatshekelong tsa bomagiseterata le go amogela porojeke ya Lefapha la Kgwebisano le Madirelo ya go tlosa tshedimosetso e e maswe ya sekoloto ya badirisi. Maikaelelo a Molaotlhomo ke go baakanya dikarolo tsa Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata, wa 1994 (Molao wa bo 32 wa 1994) (MCA), go samagana le tshotlakako e e mo Taelong e e Baakantsweng ya Tuelo (EAO).

Molaotlhomo o ikaelela go samagana le go fedisa dikatlholo tse di rebolwang e se ka fa molaong, gantsi di dirwa ke ditlelereke tsa kgotlatshekelo kwa ntle ga bookamedi jwa bosiamisi, mme gantsi ka ntlha ya go tlhoka maitemogelo, gongwe go dirisana le ba ba kolotwang, babueledi gongwe ba ba kolekang sekoloto.  Molaotlhomo o tla netefatsa gore bakoloti ba newa katlholo e e obamelang taelo ya tuelo gongwe Taelo ya Go Tsewa ga Tuelo e e obamelang melao ya tuelo.

4. Ditiragalo tse di tlang

4.1 Mafelo a beke a ntlha a go ikwadisetsa ditlhopho  a Ditlhopho tsa Pusoselegae tsa 2016 e tla nna go tloga ka la bo 5 go fitlha la bo 6 Mopitlwe 2016. Kabinete e ikuela mo maAforikaborweng otlhe go dirisa tšhono eo le go tlotla temokerasi e e bonweng ka bothata ka go ya go dirisa ditshwanelo tsa bona tsa go kwadisa le go tlhopha mo ditlhophong tse di tlang.

4.2 Moporesitente o tla tsaya Leeto la Semmuso go ya kwa Rephaboliking ya Islamo ya Iran go tloga ka la bo 28 go fitlha la bo 29 Tlhakole 2016.

Leeto le tla maatlafatsa dipuisano tsa rona tse di tswelelang pele tsa sepolotiki le ikonomi le Iran le go susumetsa dikamano tsa Dinaga tsa Borwa jwa Mogarafatshe.

Jaaka Molaodimogolo wa Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF), Moporesitente Zuma o tla bo a tsamaisa kwa karolong ya botlhano ya meletlo ya Letsatsi la Matsholo a a Tlhometseng kwa Port Elizabeth, Kapabotlhaba, ka la bo 21 Tlhakole 2016. Moletlo ono wa ngwaga le ngwaga o supa tshegetso le ditebogo go banna le basadi ba SANDF.

4.3 Moporesitente Zuma o tla bua kwa pulong ya Ntlo ya Bosetšhaba ya Dikgosi/Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso kwa Palamenteng, Motsekapa ka la bo 26 Tlhakole 2016. Botsalano magareng ga puso le baeteledipele ba setso bo botlhokwa jaaka mmogo ba direla go tokafatsa matshelo a batho.

4.4 Ka Lamatlhatso, la bo 20 Thakole 2016, Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa o tla etelela pele kemedi ya Ditona kwa Dipontshong tsa Moporesitente tsa Tlhabololo ya Bašwa kwa Grace Bible Church kwa Pimville, Soweto. Dipontsho tseno di tshegediwa ke mafapha a Merero ya Selegae, Badiri, Tlhabololo ya Loago le Phemelo.

Kabinete e ikuela mo bašweng ba lefelo leo go tsenela dipontsho, tse di tla tlamelang ka tshedimosetso ya gore ba ka tsweletsa dithuto tsa bona jang, ba itshimololela dikgwebo jang gongwe go ungwelwa mo maitekong a puso a tshegetso.

4.5 Kabinete e amogetse go amogelwa ga Seminara ya Kgaolo ya Aforika ka ga Tshireletso ya Batho go ya ka Boitlhophelo jwa Bona jwa Bong, Boitshupo le Itlhagiso ya Bong, ke Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa, go tloga ka la bo 3 go fitlha la bo 5 Mopitlwe 2016.

Seminara e tla gokaganya puisano gore go tlhaloganngwe botoka modi le go tlhagelela ga dikgwetlho tseno gore go bonwe ditharabololo tse di dirang mmogo le boitlhophelo jo bo gona mo Mebusong go samagana le dikgatako tseno.

4.6. Kabinete e eleletsa barutwana botlhe ba ba kwalang ditlhatlhobo tsa Tlaleletso tsa Setifikeiti se Segolwane/Materiki masego.   Barutwana ba rotloediwa go fitlhelela Lenaane le le sa tswang go tlhomiwa la tshegetso la tšhono ya bobedi ya materiki le le fitlhelwang kwa diporofenseng tsotlhe mme le thusa barutwana ka dithuto tsa bona ka ditlamelo tse di farologaneng.   Maitlhomo a Lenaane la Materiki la Tšhono ya Bobedi ke go tlamela bašwa ba ba sa kgonang go fitlhelela ditlhokego tsa Setifikeiti sa Bosetšhaba se Segolwane (NSC), tšhono ya bobedi go amogela materiki mme ka go rialo ba tokafatse boleng jwa matshelo.

Ditlhatlhobo tsa tlaleletso ke karolo ya Lenaane la lefapha la Tshegetso la Tšhono ya Bobedi ya Materiki mme le naya barutwana ba ba iseng ba fitlhelele ditlhokegopotlana tsa go fetisiwa le go bona setifikeiti, ba ba tlhokang dirutwa tse pedi go fitlhelela NSC, tšhono ya go dira jalo.

Kabinete e amogela kitsiso ya Moporesitente ya maina a ditokololo tsa Khomišene ya Dipatlisiso ya Thuto e Kgolwane.  E ikuela mo baameging botlhe ba ba nang le kgatlhego mo Thutong e Kgolwane go tshwaela mo tirong ya khomišene gore go bongwe tharabololo ya leruri ya dikgwetlho tse di lebaganeng le Thuto e Kgolwane.

5. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya ga jaana

5.1. Tona ya Ditlamelo tsa Dimenerale Mosebenzi Zwane, Tona kwa Lefapheng le le mo Kantorong ya Moporesitente Susan Shabangu le Tona ya Tlhabololo ya Loago Bathabile Dlamini - ba ba neng ba tlhomilwe ke Moporesitente Zuma go tlamela tshegetso go puso ya porofene, beng ba moepo mmogo le malapa a a amegileng go latela matlhotlhapelo a kwa Moepong wa Gauta wa Lily kwa Barberton - ba tlhaloseditse Kabinete dintlha tsa ga jaana. Kabinete e ikamantse le Moporesitente ka go ikuela mo setšhabeng go baya badiri ba moepo ba ba sa ntseng ba gaeletswe ka fa tlase ga lefatshe mmogo le bamalapa a bona mo dithapelong.

5.2. Kabinete e sa ntse e tshwentswe ke komelelo e e sa ntseng e amile dikarolo dingwe tsa naga. E tlhagisitse ditebogo go maAforika Borwa otlhe, a a tshegetsang maiteko a namolo ya komelelo.
Kabinete e leboga botlhe ba ba tsibogetseng boikuelo jwa go bega go dutla go tshegetsa Letsholo la Ntwa ya go Dutla le le eteletsweng pele ke Tona ya Metsi le Bophepa Nomvula Mokonyane. Kabinete e itumelela mowa wa Botho/Ubuntu o o bontshitsweng ke maiteko a a eteletsweng pele ke Operation Hydrate a a dirileng pharologano mo baaging ba ba neng ba le mo tlalelong.

5.3. Kabinete e ganetsane le go lebelela ditlamorago ka botlalo tsa go simolola go dirisiwa ga Molao o o Baakantsweng wa Melao ya Kgethiso, 2014.  

Go ya ka Molao, go fetolelwa ga ditshiamelo tsa letlole la tlamelo go nna tse di duelwang ka paka e e rileng go tla simolola ka la bo 1 Mopitlwe 2016. Seno se kaya gore go tloga ka letlha leo, ditshiamelo tsa letlole la tlamelo le ditshiamelo tsa letlole la phenšene di tla tsewa ka go lekalekana ka gore e tla re fa ditokololo tsa letlole la tlamelo di rola tiro di letlelelwe go tsaya nngwetharong ya ditshiamelo tsa tsona tsa letlole la tlamelo e le tuelo ya madi a a seatleng mme peditharong e e setseng ya ditshiamelo tsa bona ba tla e dirisa go reka tlamelo e e duelang madi ka paka e e rileng gongwe annuity. Ditlamelo tseo ke tse di dirang mo ditokololong tsa matlole a phenšene ga jaana.

Diphetogo tsa molao di ama baamogedi ba ba kwa godimo mmogo le batho botlhe ba e leng ditokololo tsa matlole a tlamelo.

Ditheo di le mmalwa le batho ba tlhagisitse matshwenyego ka go tsenngwa tirisong ga diphetogo tse dintšhwa mme ba dirile ditlhagiso kwa pusong malebana le go tsenngwa tirisong. Go bonala gore le fa go nnile le thulaganyo e e tseneletseng ya patlomaikutlo e e dirilweng pele ga molao o ka fetisiwa, matshwenyego ao a sa ntse a le gona le gore go tshwanetse ga samaganwa le matshwenyego ao pele ka bonako go netefatsa gore fa molao o simolola go dira, diphetogo tsa ditshiamelo tsa letlole la tlamelo di tla diragadiwa sentle kwa ntle ga kgoreletsego.

Ka ntlha ya seo, Kabinete e sweditse go tlhagisa paakanyo ya molao ya Molao wa Paakanyo ya Melao ya Kgethiso e le ntlha e e akofileng go busetsa morago letlha la tshimologo go tloga go la bo 1 Mopitlwe 2016 go ya go la bo 1 Mopitlwe 2018 go letla gore go nne le patlomaikutlo ya baamegi ba botlhokwa gape. Patlomaikutlo eno e ka baka gore go nne le paakanyo e nngwe ya melao. Molaotlhomo wa Paakanyo o tla tlhagisiwa mo Palamenteng mo malatsing a se kae a a latelang.

6. Matshediso

6.1. Kabinete e romela matshediso ka ntlha ya go tlhokafala fa gautshwane ga Moitshepi Bishopo Glayton Modise wa Kereke ya International Pentecostal Holiness Church. Bishopo Modise o eteletse pele phuthego ya ditokololo tse di fetang dimilione di le tharo go ralala borwa jwa Aforika, go latela go tlhokafala ga ga rraagwe le mosimolodi wa kereke, Moitshepi Comforter Frederick Modise ka 1996.

6.2. Gape kabinete e romela matshediso malebana le go tlhokafala ga Mokwaledi-Kakaretso wa maloba wa Ditšhabakopano (UN) Kgosi Boutros Boutros-Ghali.  O tsene mo kantorong ka 1992 ka nako ya fa tshusumetso ya UN e ne e gola go latela seabe sa botlhokwa kwa ntweng ya Kgokgometso, mme a dira paka e le nngwe ya dingwaga tse tlhano.  O tlhokafaletse kwa sepetlele sa Cairo ka Labobedi a na le dingwaga tse 93. O tla gakologelwa ka tshwaelo ya gagwe mo kagisong le temokerasi.

7. Dikakgolo

7.1. Kabinete e akgola Rre Kevin Govender wa Kantoro ya Motsekapa ya Bolepanaledi go lebeletswe Tlhabololo mmogo le Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Bolepanaledi yo a tla abelwang mmogo Metale o o Tlotlegang wa Edinburgh wa 2016 ka ntlha ya go tlhoma Kantoro ya Bolepanaledi go lebeletswe Tlhabololo kwa Motsekapa. Govender ke moAforika Borwa wa ntlha go amogela sekgele seno se se tlotlegang sa diphitlhelelo tsa saense le thekenoloji e e tshwaelang mo go tlhaloganyeng le itekanelong ya batho.

Kabinete e akgola motantshi wa dingwaga di le 16 wa ballet, Leroy Mokgatle yo a gapileng sekgele sa Audience Favourite mmogo le sekolašipi kwa Kgaisanong ya Boditšhabatšhaba ya Ballet ya Pris de Lausanne kwa Switzerland. Ke moAforika Borwa wa ntlha go gapa sekolašipi mo dingwageng di le 28 le wa bobedi mo hisetoring ya naga.

Kabinete e ikamanya le Moporesitente Zuma go akgola bafenyi ba Dikgele tsa bo 2 tsa Ngwaga le ngwaga tsa Ubuntu. Dikgele tseno di akgola baeteledipele ba indaseteri ba Aforika Borwa mmogo le batho ba ba tlhagelelang ka ntlha ya ditshwaelo tsa bona go tsweletsa dikgatlhego tsa rona tsa bosetšhaba mmogo le dintlhatheo tsa maitsholo a rona go ralala lefatshe.

Kabinete e akgola flautist Wouter Kellerman, setlhopha sa cappella Ladysmith Black Mambazo le moopedi wa mmino wa sedumedi Neville D ka ntlha ya go supiwa mo dikgeleng tsa Grammy tsa 2016. Batsweretshi bano ba a rotloetsa e bile ba fofisetsa folaga ya Aforika Borwa kwa godimo tota.

8. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi:

8.1. Boto ya Metsi ya Borwa jwa Lepelle:
a) Motlotlegi Thovhele Tshivhase (Modulasetilo);
b) Rre Matsebe Ivor Phasha (Motlatsamodulasetilo);
c) Mme Thandeka Thembekile Celiwe Hlongwa (tokololo);
d) Rre Boxing Phillemon Sebola (tokololo);
e) Rre Ntale Herold Matsepe (tokololo);
f) Mme Mankone Mabataung Ntsaba (tokololo);
g) Mme L Malamba (tokololo);
h) Mme Josephine Mampheri Letsoalo (tokololo); le
i) Mme Makgetsi Annabelle Mphahlele (tokololo).

8.2. Moatefokate JB Skosana o thapilwe jaaka Motlatsamokaedikakaretso (DDG): Ditirelo tsa Dikgotlatshekelo kwa Lefapheng la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo (DoJ&CD).

8.3. Mme GB La Foy o thapilwe jaaka DDG: Tlhabololo ya Molaotheo kwa DoJ&CD.

Dipotsiso:
Phumla Williams (Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore