Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 24 Motsheganong 2017

Kabinete e kopane ka Laboraro, la bo 24 Motsheganong 2017, kwa Tuynhuys, Motsekapa.

1. Merero ya ga jaana

1.1. Kabinete e tlhobaediwa ke ditiragalo tse di tswelelang tsa tiriso e e botlhaswa le tirisodikgoka kgatlhanong le basadi mo setšhabeng sa rona. Ditiragalo tsa sešweng tse di amang tirisodikgoka ka bakapelo di bakile gore basadi ba digatlhamelamasisi e bile ba le sebete ba bue kgatlhanong le go gatakwa ga ditshwanelo tsa bona.

1.2. Kabinete e amogela gore jaaka naga re tswelela go nna le setšhaba se se laolwang ke banna mme ka jalo e ikuela gore go dirwe go le gontsi go lwantsha tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le kgwebisano ka batho.

1.3. Kabinete e ikuela go makala otlhe a setšhaba go dirisana mmogo go fenya bothata jo, go ganetsa mofuta ofe fela wa tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le bana le go dirisana le sepodisi le tsamaiso ya bosiamisi go dira gore badiri ba ditiro tse di maswe tse ba lebagane le molao.

1.4. Moporesitente Jacob Zuma o ikuetse gore tiriso e e botlhaswa kgatlhanong le basadi le bana e khutle. Kabinete e laetse Setlhopha sa Tshireletso ya Loago, Tlhabololo ya Setšhaba le Baagi go tsenya tirisong lenaane la tiro le le tla thusang naga go thibela tiriso e e botlhaswa ya basadi le bana.

1.5. Kabinete e amogela dipoelo tsa Dipatlisiso tsa Dipalopalo le Boitekanelo tsa Aforika Borwa tsa 2016 ka  Lefapha la Mananepalo la Aforika Borwa (stats SA), tse di lekanyetsang kemo ya boitekanelo ya maAforika Borwa, le phitlhelelego le boleng jwa manaane a boitekanelo. Gareng ga tse dingwe, dipatlisiso tse di supa kwelotlase ya dintsho tsa masea ka 20% le kwelotlase ya 11% ya basadi le banna ba ba gogang motsoko.

Dipoelo tse di supa gore ditsereganyo tsa pholisi tse di neng tsa tsenngwa tirisong ke boeteledipele jwa ga Moporesitente Zuma di ungwa maungo a mantle.

Le fa go le jalo, Kabinete e tlhobaediwa ke palo ya maAforika Borwa a a santseng a tswelela go robalana le balekane ba bantsi ntle le tshireletso. Basadi ba le 32% le banna ba le 42% ba supile fa ba ise ba ke ba dirwe diteko tsa HIV le fa tota puso e leka go dira matsholotsiboso a go dirwa diteko tsa HIV.

Kabinete e ikuela go maAforika Borwa otlhe go rwala maikarabelo a boitekanelo le matshelo a bona, go robalana ba dirisa tshireletso le go nna ba dirwa diteko tsa HIV le malwetse a mangwe a a tshelanwang le a a sa tshelanweng gangwe le gape.

1.6. Kabinete e ikuela go batsadi le batlhokomedi go netefatsa gore bana ba soutisiwa kgatlhanong le malwetse a bana. Kabinete e tswelela ka maikemisetso a go netefatsa gore bana ba a soutisiwa go thibela malwetse a a tshelanwang e bile a le kotsi mo matshelong a bona. Kabinete e netefaletsa batsadi le batlhokomedi gore diritibatsi tse di rebolwang ke Lefapha la Boitekanelo di babalesegile.

1.7. Kabinete e amogela kgato ya ntlha ya Madirelo a Vulindlela Heights a a tsosolositsweng kwa Mthatha kwa Kapa Botlhaba. Se ke karolo ya Lenaane la Tsosoloso ya Diphaka tsa Madirelo. Ke ya bobedi ya mofuta wa yona kwa Kapa Botlhaba e bile e le nngwe ya diphaka tse thataro tse di ntšhwafadiwang go ralala naga.

Puso e ntšhwafatsa diphaka tsa madirelo go etleetsa go tlholwa ga ditiro le go netefatsa kgolo ya ikonomi e e akaretsang. Go fudusiwa ga ditiragalo tsa ikonomi go tswa kwa mafelong a ditoropo ke karolo ya puso ya maiteko a tlhabololo ya ikonomi.

Tshedimosetso ka ga go nna le seabe mo ditšhonong tse di leng teng kwa diphakeng tsa madirelo, go fitlhelela tshegetso ya puso le mananeo a thuso, le ditšhono tsa dipeeletso mo makaleng a a farologaneng e ka bonwa mo go www.thedti.gov.za kgotsa ka Tikwatikwe ya Thuso ya Badirisi ya Lefapha la Kgwebisano le Madirelo (the dti) mo go 0861 843 384.

1.8. Kabinete e swabisitswe ke tshwetso ya General Motors South Africa (GMSA) (Pty) Ltd ya go fedisa tlhagiso le thekiso ya dirori tsa Chevrolet mo nageng e. Se se na le ditlamorago tse di sa itumediseng mo go ba ba tla latlhegelwang ke ditiro le mo ikonoming ya rona.

Puso e tswelela ka maikemisetso a yona a go tshegetsa lekala la dirori mo nageng e, le le leng botlhokwa mo ikonoming le go tlhola ditiro.

Ba dti ba tswelela go dirisana le bannaleseabe botlhe go fokotsa ditlamorago tsa se. Go oketsa tlhagiso, go tlholwa ga ditiro le kgolo ya thomelontle, re sa tswa go thankgolola kgato ya borobongwe ya Leanotiro la Pholisi ya Madirelo (IPAP) go re supetsa tsela. Kabinete e tlhaloganya gore Isuzu, e e ntseng e le mo semphatong le GMSA dingwaga di le dintsi mo Aforika Borwa, e tla dira ditiro tse di neng di dirwa ke GMSA.

1.9. Kabinete e lemogile go etegela ga maemo a komelelo kwa Kapa Bophirima le Kapa Botlhaba. Kabinete e ikuela go baagi go tshegetsa dikganelo tsa metsi tse di tlhomilweng ke diporofense tse.

Setlhopha se se nang le batlhankedi go tswa kwa Lefapheng la Metsi le Kgeleloleswe, Komiti ya Bosetšhaba ya Taolo ya Matlhotlhapelo ka tirisano le diporofense le pusoselegae, e ntse e semeletse go netefatsa gore ditharabololo tsa pakakhutshwane go ya go tsa pakagare di a itlhaganedisiwa go netefatsa tshireletso ya tlamelo ka metsi mo diporofenseng tseno mo pakateleleng.

Kabinete e ikuela go maAforika Borwa otlhe go akaretsa mo magaeng, dikgwebo, lekala la meepo, maatla le temothuo go dirisana mmogo go dirisa metsi ka tshomarelo.

1.10. Kabinete e amogetse go rebolwa ga tokomane ya dipuisano ya Togamaano Kgatlhanong le Bonweenwee, e e tla nnang mosupatsela mo Togamaanong ya Bosetšhaba Kgatlhanong le Bonweenwee. Kabinete e laletsa baagi go neela ditshwaelo tse di kwadilweng ka go dirisa webosaete ya Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro: www.dpme.gov.za.

Ntwa kgatlhanong le bonweenwee ke nngwe ya dintlhakgolo mo pusong. Bonweenwee le maitsholo a a maswe mo makaleng a poraefete le a puso di na le ditlamorago tse di maswe mo tlhabololong ya naga ya rona.

1.11. Kabinete e supile fa e tshwenyegile thata ka tlhaselo ya diwebosaete go ralala lefatshe, e e runtseng go sa le gale mme e kaiwa e le yona e kgolo fa e sale.

Kabinete e ikuela go maAforika Borwa go ntsha matlho dinameng ka gale fa ba dirisa ditsela tsa ileketeroniki go tlhaeletsana kgotsa go dira diphetisetso tse dingwe. Tiriso ya dithibela-tsenelelo tsa sešweng tsa dikhomphiutha tse di lekolang tikologo ya dikhomphiutha gangwe le gape le tsona di botlhokwa.

1.12. Kabinete gape e tlhobaediwa ke ditiragalo tsa sešweng kwa Eskom. Kabinete e lemoga gore ntlha ya go thapiwa gape ga ga Rre Brian Molefe jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo (CEO) kwa Eskom e kwa kgotlatshekelo le kwa Palamenteng, ka jalo e tla ikobela ditiragalo tseo.

Le fa go le jalo, Moporesitente o tlhomile Komiti ya Ditona (IMC) e e nang le Tona ya Dikgwebo tsa Puso, ya Maatla, ya Matlotlo le Bosiamisi le ya Ditirelo tsa Kgopololo. IMC e kopilwe go kokoanya dintlha gore di kgone go kaela Kabinete gore e ka samagana jang le merero e mo isagong. Moeteledipele ke Tona ya Bosiamisi le Ditirelo tsa Kgopololo, Michael Masutha.

2. Ditshwetso tsa botlhokwa tsa kabinete

2.1. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Tumelano e e Tlhabolotsweng ya Matlafatso e e Anameng ya Bantsho mo Ikonoming ya intaseteri ya Meepo le Diminerale ya Aforika Borwa ka 2017.
Tona ya Meepo Mosebenzi Zwane o tla tlamela ka pegelo fa tumelano e e sena go phasaladiwa.

2.2. Kabinete e mametleletse Leano la Bosetšhaba la Marang a Radio ka Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso. Go abiwa ga marang ke Khonferense ya Lefatshe ya Radiocommunication go na le seabe sa botlhokwa mo kgolong ya Aforika Borwa.

Leano la Bosetšhaba la Marang a Radio ke motswedi o o tletseng wa kabo ya marang a ditirelo tse di farologaneng tsa tlhaeletsano ka radio. Leano la Bosetšhaba la Marang a Radio le le tlhabolotsweng la 2017 le netefatsa gore Aforika Borwa o nyalana le Melawana ya Boditšhaba ya Radio e e amogetsweng kwa khonferenseng ya Kopano ya Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano ya Boditšhaba (ITU) ka 2015.

2.3. Kabinete e amogetse Togamaano ya Pabalesego ya Ditselana tsa Metsi. Togamaano e, ka Bothati ba Pabalesego ya Mawatle a Aforika Borwa, e tlhoma maemo le go tsweletsa mekgwatsamaiso ya go letla le go rebolela dikepe dilaesense tsa go dira mo metsing a e seng a kwa mawatleng. Se se tla netefatsa pabalesego ya diketswana tse mo metsing a a seng kwa mawatleng mo Aforika Borwa.

2.4. Kabinete e amogetse Togamaano ya Dithoto mo Tseleng. Togamaano e e ikaelela go tlhola letlhomeso la taolo e e momaganeng e bile e dira sentle, e e tla netefatsang gore Aforika Borwa o fitlhelela maemo a a gaisang a boditšhaba a ditiro tsa tsamaiso ya dithoto ka tsela.

Dikatlenegiso mo letlhomesong le di tla netefatsa nonofo ya tiragatso, thotloetso ya pabalesego mo tseleng, fokotsa seabe mo tikologong, le go tlhola letlhomeso le le momaganeng la kgaisano e e laolwang ka boleng e mo go yona lekala la tsamaiso ya dithoto ka tsela e tla tswelelang go direla ditlhokego tsa maAforika Borwa tsa ikonomi.

2.5. Kabinete e amogetse ditebego tse dišwa tsa madi a segopotso le a a tla dirisiwang ka 2017 le 2018.

Ka tirisano le Kabinete, motseletsele o mošwa o, o ne wa tlhongwa go supa setso, kgololesego le temokerasi ka fa tlase ga setlhogo: “Go keteka Aforika Borwa”. Ngwagakgolo wa botsalo jwa mogaka wa Kgaratlho, Oliver Reginald Tambo o ne wa tlhophiwa jaaka setlhogo sa ntlha go supiwa.

Go tlhagisiwa ga ledi la tshipi le lešwa la R50 (1oz, selefera e e tsabakelang), ledi la tshipi la R500 (1oz, gauta ya 24-carat) le ledi la tshipi la R50 (metale wa motheo) go keteka ngwaga wa bo100 wa letlha la matsalo la ga OR Tambo.

2.5.1. Ditebego tsa motseletsele wa madi a tshipi a a latelang a 2017 le 2018 di tlhagisitswe:

a. Motseletsele wa madi a tshipi wa 2017: Keteko ya Ngwagakgolo wa Oliver Reginald Tambo;
b. Ledi le le phasaladiwang la 2017: ledi la R5 le le supang Letshwao la Tlotlo la Ditsala tsa ga OR Tambo;
c. Motseletsele wa madi a tshipi wa 2017 wa Protea: Botshelo ba Mogaka – Nelson Mandela;
d. Motseletsele wa madi a tshipi wa 2017 R1: Digagabi tsa Aforika Borwa - Lebolobolo;
e. Motseletsele wa madi a tshipi wa 2018 Mokgatlo wa UN wa Thuto, Saense le Setso (UNESCO) Motseletsele wa madi a tshipi wa Motho le Tikologo: Serapa sa Waterberg sa Botshelo;
f. Motseletsele wa madi a tshipi wa 2018: Setšhaba sa Thutalefatshe ya Bosetšhaba ‘Maiteko a Dikatse tse Dikgolo’ - Tau;
g. Motseletsele wa madi a tshipi wa 2018: Sejana sa Lefatshe sa FIFA 2018 FIFA RussiaTM.

3. Ditiragalo tse di tlang

3.1. Kabinete e ikuela go maAforika Borwa otlhe go tshegetsa Beke ya Tshireletso ya Bana go tloga ka la bo 28 Motsheganong go fitlha ka la bo 4 Seetebosigo ka fa tlase ga setlhogo: “Tlaang rotlhe re sireletse bana go isa Aforika Borwa kwa pele”. Tshireletso ya bana ke tiro le maikarabelo a maAforika Borwa otlhe; batsadi, batlhokomedi, motho ka nosi le setšhaba.

Jaaka setšhaba re na le maikarabelo a go dira go le gontsi go netefatsa gore ba ba bokoa go gaisa mo setšhabeng sa rona ga ba sotlakiwe. Go mo thateng ya rona go thibela tswelelo ya go itlhokomolosa, tirisobotlhaswa, tirisodikgoka le tsholo e e makgwakwa ya bana.

Kabinete e rotloetsa makala otlhe a baagi go dira mmogo go tlhola setšhaba se se babalesegileng e bile se itekanetse gore bana ba rona ba tshele sentle.

3.2. Mo ketekong ya ngwagakgolo wa ga OR Tambo, Aforika Borwa e tla bo e keteka Ngwaga wa Bašwa ka Seetebosigo 2017 ka fa tlase ga setlhogo: “Ngwaga wa ga OR Tambo: Go Tsweletsa Seabe sa Bašwa mo Ikonoming.”

Mo kgweding e puso e tla nna le matsholo a a farologaneng a bašwa go akaretsa dipontsho, ditherisano mafelo a dikgwebo a bašwa go bontsha ditšhono tse bašwa ba ka nnnang natso le go ba rotloetsa go tsepama mo meonong ya thuto le boeteledipele ya ga OR Tambo.

Kabinete e rotloetsa bašwa botlhe go fitlhelela mananeo a a farologaneng a tshegetso le thuto a puso a a tlhagisang go tokafatsa ditšhono tsa bona le go tsweletsa seabe sa bona mo ikonoming.

3.3. Kabinete e ikuela go bathapi go nna le seabe mo lenaneong la e ya le mosetsayana tirong ka la bo 25 le la bo 26 Motsheganong. Maitlhomo ke go supetsa basetsana ba Mephato ya 10 go fitlha go ya 12 mefuta e e farologaneng ya ditiro tse ba ka ithutelang tsone.

3.4. Moporesitente Zuma ka Labone, la bo 25 Motsheganong 2017 o tla nna moamogelabaeng wa keteko ya bosetšhaba ya Letsatsi la Aforika la 2017 kwa Ntlong ya Baeng ba Moporesitente ya Sefako Makgatho kwa Pretoria. Se e tla bo e le tsweletso ya ditiragalo le mananeo a a ntseng a le teng go keteka Kgwedi ya Aforika ka fa tlase ga setlhogo: “Ngwaga wa OR Tambo: Go Aga Aforika o o Botoka le Lefatshe le le Botoka”. Keteko ya ngwaga le ngwaga ya Letsatsi la Aforika le ka ga go tlhangwa ga Mokgatlo wa Tshwaraganelo ya Aforika (OAU) ka 1963.

Jaaka re konosetsa Kgwedi ya Aforika, Kabinete e ikuela go maAforika Borwa otlhe go dirisana le balekane ba bangwe ba Aforika ba ba nnang mo Aforika le mafelo a mangwe mo kontinenteng e go netefatsa tswelopele ya kgaolo ya rona le Aforika yotlhe.

Ke maikarabelo gape a botlhe ba ba nnang mo nageng ya rona, maAforika Borwa le baditšhaba go ikobela melao ya naga. Mmogo re tshwanetse go lwantsha kgwebo ka batho, go thopiwa le tiriso e e botlhaswa ya basadi le bana.

4. Melaetsa ya dikakgolo

4.1. Kabinete e akgola setlhopha sa dingaka sa Yunibesithi ya Stellenbosch le Bookelo jwa Tygerberg Academic se se nang le Moporofesara Andre van der Merwe, Ngaka Alexander Zuhlke, Moporofesara Rafique Moosa, Ngaka Amir Zarrabi le Ngaka Zamira Keyser.

Ba ne go sale gale ba dira karo ya go jalelela serwe sa bonna ya bobedi e leng se se dirang gore e nne tikwatikwe ya ntlha ya boitekanelo mo lefatsheng go ka dira karo e ka katlego lekgetlho la bobedi. Katlego ya tiro e mo diatleng tsa setlhopha sa jalelelo ke bopaki jwa maemo a a kwa godimo a nonofo le boitseanape a a leng teng mo lekaleng la puso la boitekanelo mo Aforika Borwa.

4.2. Kabinete e akgotse Phaka ya iSimangaliso Wetland ka go amogela Sekgele sa Manontlhotlho mo Boruning kwa Dikabong tsa Botswerere mo Lekaleng la Puso tsa Setheo sa Diakhaontente sa Aforika Borwa (SAICA) go sale gale mo kgweding e.

Kabo e ke ya go tlotla Phaka e ka go amogela boruni jo bo senang dilabe dingwaga di le tlhano ka tatelano. iSimangaliso e ne ya goelediwa jaaka Lefelo la Ngwaoboswa la Lefatshe la ntlha mo Aforika Borwa ka Sedimonthole 1999.

4.3. Kabinete e akgola lenaane la Go Dira ka Molelo ka go amogela sefikantswe go tswa go Puso ya Alberta kwa Canada jaaka segopotso sa thuso e e tlametsweng ke lenaane le mo go laoleng melelo ya naga mo Porofenseng ya bona ka 2016. Go Dira ka Molelo ke Lenaane le le Atolositsweng la Ditiro tsa Setšhaba (EPWP) le maikaelelo a lona e leng go neela bašwa ba banna le basadi ditšhono tsa ditiro.

5. Melaetsa ya matshediso

5.1. Kabinete mmogo le Moporesitente Zuma le baagi ba boditšhaba ba kgala ka bogale ditlhaselo tsa borukhutlhi kwa Manchester Arena kwa Manchester, England, tse di bakileng dintsho le dikgobalo tsa bana le bašwa ba le mmalwa.

Kabinete e romela melaetsa ya matshediso go puso le batho ba United Kingdom, segolo ba malapa le ditsala tsa baswi le go eleletsa ba ba gobetseng pholo e e bonako. Ditiro tsa tirisodikgoka le bongangele ga di a amogelesega mo setšhabeng e bile di tswelela go tshosetsa kagiso, tshireletso le tlhabololo.

Dipotsiso:
Mme Phumla Williams (Mokaedikakaretso wa Namaotshwere (GCIS)
Cell: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore