Tsela ya go bega motho yo o latlhegileng

Fa mongwe yo o mo itseng a latlhegile, o tshwanetse go begela mapodisi fa fela o lemoga gore o latlhegile. Ga o tlhoke go leta diura di le 24.

O ka golagana le Biro ya Batho ba ba Latlhegileng go bega motho yo o latlhegileng gongwe o ye kwa seteišeneng sa mapodisi se se gaufi mme o bege gore motho yoo o latlhegile ka gangwe fela morago ga go lemoga gore o latlhegile.

Tsamaya ka senepe sa fa gautshwane sa motho yo o latlhegileng gore se gatisediwe mo sefalanatshedimosetsong sa Biro ya Bosetšhaba ya Batho ba ba Latlhegileng. Sefalanatshedimosetso seno ke porojeke ya Bofedisa Bosenyi mme se dirisiwa ke mapodisi go ralala naga. Tlamela ka tshedimosetso epe fela e e ka thusang go supa motho, go tshwana le dingwaga tsa gagwe, boleele, mmala wa moriri, mmala wa matlho, mmogo le matshwao ape a a ka mo supang go tshwana le mabadi gongwe dithathu. O ka kopiwa go tlatsa diforomo go tlamela ka tshedimosetso eno yotlhe.

Kgetse e tla rebolelwa lefokisi. O tshwanetse go netefatsa gore o na le leina le dintlha tsa kgolagano tsa lefokisi, gore o nne o golagane nae. O tshwanetse go naya lefokisi leo tshedimosetso nngwe le nngwe e ntšhwa e o e amogelang ka ga motho yo o latlhegileng fa o se na go bega kgetse.

Gakologelwa go itsise sepodisi fa motho yo o latlhegileng a ka bonwa.

Bona tshedimosetso e nngwe ka ga go bega motho yo o latlhegileng.

 

Share this page