Ikwadise sešwa mo kgaolong e ntšhwa ya ditlhopho

Fa e le gore o ikwadiseditse go tlhopha mme wa tshwanelwa ke go tloga kwa legaeng la gago mo kgaolong e o tshwanetseng go dira ditlhopho mo go yona, o tshwanetse gore o ikwadise sešwa kwa kgaolong ya gago e ntšhwa ya ditlhopho. O ka ikwadisa sešwa kwa dikantoro tsa tikologo tsa Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho kgotsa mo nakong ya fa go kwadisetswa baagi go dira ditlhopho jaaka go itsisitswe ke IEC.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go Ikwadisa sešwa mo tikologong e ntšhwa ya ditlhopho kgotsa ikgolaganye le IEC.

 

Share this page