Kwadisa lefelo jaaka Tikwatikwe ya Boimana jwa Maitirelo le Diemborio (Tikwatikwe ya AI)

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kwadisa lefelo jaaka tikwatikwe ya AI

Go sekaseka, go rulaganya, go leibola, go boloka kgotsa go rekisa dire tse di gasagasang ja jenetiki, o tshwanetse go kwadisa lefelo la gago jaaka tikwatikwe ya AI.

Lefelo la gago le tshwanetse go nna le tse di latelang:

  • dikantoro le laboratori
  • botseno jwa botlhe
  • ditsela tsa botlhe le magora a a ntseng sentle
  • ditale, dikutla, megotlha le masaka
  • lefelo la kwarentine
  • bodutelo

Ditlabelo tse di latelang di tshwanetse go tlhagelela mo seralweng sa lefatshe.

O tshwanetse go nna le seralwa sa boalo se se bontshang bogolo le tlhaloso ya:

  • phaposi nngwe le nngwe e e tla dirisiwang jaaka kantoro le laboratori. Se se akaretsaThis includes:
    • diphaposi tsa tshekatsheko, tiragatso, thulaganyo, go leibola le go bolokela dire tse di gasagasang tsa jenetiki
    • diphaposi tse di tla dirisediwang go phepafatsa didiriswa
    • matlwanaboithusetso
  • ditale, dikutla, bokokoanyetso le megotlha
  • masaka le difalana

Diphologolo tse di nnang mo lefelng leo ga di a tshwanela go kopana le diphologolo tse di ka kwa ntle. O tshwanetse go nna le legora go dikologa lefelo leo.

Diphologolo tse di bewang mo mafelong a kwarentine ga di a tshwanetse go kopana ka botsona kgotsa le diphologolo tse dingwe tse di mo lefelong leo. O tshwanetse go kgaoganya ditale le dikutla tsa go kokoanya, go baya, go tlhatlhoba le go leka dire tse di gasagasang tsa jenetiki mo mafelong a kwarentine. Netefatsa gore ga go kelelo ya didiriswa go tswa mo setaleng kgotsa kutleng ya kwarentine go ya go e nngwe.

Batho ba ba dirang ka dikolobe mo mafelong a kwarentine ga ba a tshwanela go kopana le badiri ba bangwe mo lefelong le.

Go tshwanetse ga nna le lebala le le lekaneng gore diphologolo di kgone go ikatisa.

O tshwanetse go beela thoko diphaposi ka ntlha ya tse di latelang:

  • ditiragalo tsa tsamaiso
  • metšhini e e dirisediwang go sekaseka, tiragatso, go paka, go leibola le go boloka dire tse di gasagasang tsa jenetiki
  • phepafatso, go bolaya ditwatsi le go siamisetsa didiriswa go ka dirisiwa go tsaya dire tse di gasagasang tsa jenetiki.

Batho ba ba kokoanyang dire tse di gasagasang tsa jenetiki ga ba a tshwanela go tsena mo diphaposing tse di kailweng fa godimo. O tshwanetse go tshola diphaposi tsa kokoanyo, tshekatsheko, go paka, go leibola le go boloka dire tse di gasagasang tsa jenetiki di le phepa ka gale.

Boalo, mabota le disiling tsa diphaposi tse dire tse di gasagasang tsa jenetiki di dirisiwang teng di tshwanetse go phepafadiwa ka gale le go nna di bolokesegile mo diphologolong.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Sitlholola foromo fa tlase mme o e tlatse: Application for registration of premises as a centre (Kopo ya go kwadisa lefelo jaaka tikwatikwe ya AI).
  2. Kgomaretsa dikhopi tse pedi tsa seralwa sa lefatshe la gago, seralwa sa boalo le bopaki jwa tuelo.
  3. Duela tlhotlhwa e e beilweng go:
    The Director-General of the Department of Agriculture, Forestry and Fisheries
    Standard Bank
    Nomoro ya akhaonto: 011219556
    Lekala: Arcadia
    Khoutu ya lekala: 000845/010845.
    Ref: Leina le sefane sa gago.
  4. O ka romela foromo ya kopo, ditlankana tse di maleba le bopaki jwa tuelo ka imeile, poso kgotsa wa di isa seatla.
    • Fa o romela kopo ya gago ka imeile, o tshwanetse go e sekena mmogo le dikgomaretswa le bopaki jwa tuelo mme o di romele go: lesibanama@daff.gov.za.
    • Fa o posa kopo ya gago, e romele go: Private Bag X138, Pretoria, 0001.
    • Fa o e isa ka seatla, e ise kwa Delpen Building, Cnr Annie Botha Avenue and Union Street, Riviera, Pretoria.

Nako ya tiragatso

Ga go nako e e beetsweng tirelo e

Tuelo ke bokae

R 6 030
 

O ka golagana le mang

 

Registrar: Animal Improvement

Tel: 012 319 7424/34
Fax: 012 319 7570/7425

Physical address: Delpen Building, Cnr Annie Botha Avenue and Union Street, Riviera, Pretoria
Postal address: The Registrar of Animal Improvement, Private Bag X138, Pretoria, 0001

Share this page