Kwadisa pheko ya leruo

a ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kwadisa pheko ya leruo

Go rekantle, go tlhagisa kgotsa go rekisa pheko ya leruo mo Aforikaborwa, o tshwanetse go kwadisa le Mokwadisi: Molao 36 wa 1947.

Dipheko tsa leruo di dirisiwa mo diphologolong tsa gae, leruo, dikoko, tlhapi kgotsa diphologolo tsa naga go:

  • Thibela, alafa le go fodisa malwetse/maemo a go se itekanele.
  • Tsweletsa, godisa, tlhagisa le go tokafatsa boitekanelo

Setlamo se se kwa moseja se ka se dire kopo ya kwadiso mo Aforikaborwa. O ka dira kopo fa fela setlamo sa gago se kwadisitswe mo Aforikaborwa kgotsa o le setheo sa semolao se se kwadisitsweng mo Aforikaborwa.

O tshwanetse go nna le ditlhokego tse di latelang:

  • Tshedimosetso ya saenthifiki e e bontshang gore Pheko ya Leruo e o batlang go e kwadisa e lekilwe le gore e a dira. Fa o batla go kwadisa Dipheko tsa Leruo tse di farologaneng, o tshwanetse go isa tshedimosetso ya saenthifiki ya pheko nngwe le nngwe. Tshedimosetso ya saenthifiki e tshwanetse go tlhalosa pabalesego, boleng, le bokgoni jwa pheko le seabe sefe fela mo kgwebisanong se se bakwang ke tiriso ya Pheko e ya Leruo mo diphologolong tse di tlhagisang dijo (sk. Tekanyetso ya Bontsi jwa Tshalelo (MRL). Tshedimosetso e e tshwanetse go saeniwa ke laboratori e e nang le bokgoni.
  • Lekwalo le le mo setlhogokwalong sa setlamo sa gago le le tlhalosang pheko e o batlang go e kwadisa.
  • Dileibole tse di tshitshinngwang (fa di le teng).

Fa o batla go kwadisa Pheko ya Leruo e e setseng e le teng/kwadisitswe, o tshwanetse go bona tetla e e kwadilweng go tswa go mong wa kwadiso pele o e kwadisa.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Kwala lekwalo go Mokwadisi wa Molao 36 wa 1947.  Lekwalo le tshwanetse go:
    • Se kwadiwe ka seatla, le tshwanetse go. tlanngwa mo setlhogokwalong sa setlamo sa gago.
    • Newa letlha la tota kgotsa le le gaufi le letlha la go isa kopo go Botsamaisi jwa Kwadiso. Saeniwa ke motho yo o tlhophilweng ke setlamo.
    • Dintlha tsa tlhaeletsano tsa motho yoo di tshwanetse go tlhagelela mo lekwalong.
    • Tlhalosa mabaka a go isa kopo eo sk. Kwadiso ya Kumo e Ntšhwa, jj.
    • Tlhalosa pheko eo ka bokhutshwane (palo ya ditlhagiso).
  2. Dira khopi ya lekwalo mme o romele lekwalo leo sebedi (la tota le khopi)
  3. Sitlholola foromo ya kopo fa tlase mme o e tlatse. Dira dikhopi tse pedi tsa foromo.
  4. Duela tlhotlhwa e e beilweng ka tšheke, otara ya poso kgotsa otara ya madi go Mokaedikakaretso: Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi. Fa o isa kopo ya gago le madi a kopo ka seatla o tshwanetse go netefatsa gore o newa rasiti ya tuelo. Fa o duela mokgwa wa phetisetso ya ileketeroniki, o tshwanetse go duela mo akhaontong e e latelang: Dintlha tsa banka tsa Lefapha go akaretsa referense go ya ka ditlhokego tsa thomelo ke tse di latelang:
    Leina la akhaonto: NDA-ACT36 of 1947
    Nomoro ya akhaonto: 011203102
    Referense ya NB: 15ST1
    Khoutu ya lekala: 010845
    Leina la lekala: Arcadia Leina la
    Banka: Standard Bank
  5. Isa foromo ya kopo ya gago e le seraro (ya tota le dikhopi tse pedi). Kgomaretsa makwalo le bopaki jwa tuelo. O ka romela foromo ya kopo le ditlankana tse di kgomareditsweng ka poso go: The Registrar Act 36 of 1947, Private Bag X343, Pretoria 0001 kgotsa o ka di isa ka seatla go: The Registrar Act 36 of 1947, Agriculture Place, 20 Steve Biko Street, Pretoria.

Nako ya tiragatso

Kantoro ya Mokwadisi e romela makwalo ngwaga le ngwaga a ntšhwafatso le diforomo tsa kopo go botlhe ba ba kwadisitsweng.

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2024/25

Diforomo tse di tladiwang

Registration of a Stock Remedy

O ka golagana le mang

 

Directorate Agriculture Inputs Control

Tel: 012 319 7103/7847
E-mail address: AICHelpdesk@daff.gov.za
Physical address: 20 Steve Biko Street, Arcadia, Pretoria
Postal address:  Department of Agriculture, Forestry and Fisheries, Private Bag X343, Pretoria

 

Share this page