Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 23 Diphalane 2013

24 Oct 2013

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ya gale kwa Motsekapa ka la 23 Diphalane 2013.

1. Seemo sa Kabinete mo mererong e e kwa setlhoeng mo maemong a ga jaanong

1.1. Kabinete e amogetse tswelelopele e re e bonang mo letsholong la thankgololo ya mafaratlhatlha a baagi la naga le le gokaganngwang ke Khomišene ya Moporesitente ya Kgokaganyo ya Mafaratlhatlha (PICC). Moporesitente Jacob Zuma o sa tswa go tlhoma diporojeke di le mmalwa tse di konoseditsweng jaaka karolo ya Lenaane la Tlhabololo ya Mafaratlhatlha. Tsona di akaretsa tirotlhabololo mo ditseleng tsa R81 le R71 kwa Limpopo, seteišene sa terena sa Bridge City se se tla direlang batho ba Umlazi kwa Durban le moletlo wa go ribolola lekwete kwa moepong wa De Beers wa Venetia kwa Vhembe, Limpopo.

Moporesitente gape o solofetswe go tlhoma manaane a mangwe a mafaratlhatlha a a jaaka Kgaolo ya Tlhabololo ya Madirelo a Saldanha Bay (IDZ) kwa Kapa Bophirima; go etela kwa lefelong la Letamo la De Hoop, kwa Limpopo, go tlhoma dikolotsana tsa ntlha tse di agilweng mo Aforika Borwa kwa Kapa Botlhaba, le go bula semmuso Bookelo jwa Ladybrand kwa Foreisetata.

Kabinete e amogetse gape le tswelelopele ya dithulaganyo tsa Dinamelwa tsa Dibese tse di Babalesegileng tsa Johannesburg, Tshwane, Cape Town le Rustenburg. Lenaneo le la naga la diranta tse diterilioneterilione le bopa sešwa ikonomi le thulaganyo ya dipalangwa mo nageng ya rona.

Diporojeke tse di nnile le seabe mo go baakanyetseng ikonomi phetogo ya kgolo e e kwa godimo mme di tla tswelela go nna le seabe mo tlhabololong ya ikonomi le go tlholwa ga ditiro.

1.2 Kabinete e amogela Pegelo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Pakagare e e tlhagisitsweng ke Tona ya Ditšhelete. Kabinete e tshegetsa mekgwatekanyetso ya tshomarelo e e tshitshinngwang mo pusong. Mekgwatekanyetso e e tla lekana mo phokotsong ya tshenyo mo tirisong ya madi a puso. Mekgwatekanyetso ya go nna jalo e tla netefatsa gore puso e dirisa didirisiwa tsa yona ka tsela e e nonofileng. Kabinete e kopa mafapha otlhe a bosetšhaba le a porofense, bommasepala, ditheo tsa baagi le ditheo tsa molaotheo go tsenya mekgwatekanyetso e mo tirisong.

1.3 Kabinete e tshwaraganetse le Moporesitente Jacob Zuma le baagi ba Aforika Borwa mo go kgalemeng tirisompe, tirisodikgoka le go tlhokomologwa go go dirwang mo baneng. Kabinete e tlotlomaditse mekgatlho ya netefatso ya kobamelo ya molao ka tiro ya bona ya potlako mo dikgetseng tse di begilweng sešweng.

Fa re tshwaya Letsatsi la Bosetšhaba la Bana ka la 2 Ngwanaitseele, Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa otlhe go sireletsa bana gonne ke baeteledipele ba rona ba mo isagong. Kabinete gape e kopa baagi go tswelela go dirisana le mekgatlho ya netefatso ya kobamelo ya molao mo twantshong ya bosenyi mo merafeng.

Re tshwanetse gape go ela tlhoko gore tshireletso ya bana ke maikarabelo a batsadi le morafe. Re tshwanetse go thusa bomme ba ba tlhokang thuso ya go godisa bana ba bona.

1.4 Kabinete e amogetse kitsiso ya Umalusi ya gore naga e ipaakanyeditse ditlhatlhobo tsa Bosetšhaba tsa Materiki go simolola ka la 28 Diphalane go fitlha ka la 29 Ngwanaitseele 2013. Kabinete e eleletsa masego barutwana botlhe ba ba kwalang ba le 707 136, go akaretsa barutwana ba nakwana ba le 130 000, mo ditlhatlhobong tsa bona.

Batsadi le batlhokomedi ba rotloediwa go tshegetsa bana ba bona fa ba ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa bona. Kabinete e ikuela mo baithuting ba Mophato wa 2013 go dira naga motlotlo.

1.5 Kabinete e amogetse go tlhongwa ga lenaane la tshomarelo ya dijo la Fetsa Tlala ka Moporesitente Jacob Zuma kwa Kuruman kwa Kapa Bokone ka la 24 Diphalane 2013. Lenaane le tla thusa baagi go ntsha dijo mo lefatsheng le le tlhakanetsweng mme le sa dirisiwe ka botlalo. Le tla tshegetsa balemirui ba dipolasa tse dinnye ka mafaratlhatlha, tlhabololo ya tsamaiso ya tshiamisetso ya dikuno tsa temothuo le tlhabololo ya mebaraka e mešwa, go akaretsa theko ka puso.

1.6 Kabinete e amogela tlhomo ya Kopanokgolo ya Lebopo la Aforika e e tla tshwarelwang kwa Sandton, Johannesburg, ka la 24 le 25 Diphalane 2013. Kopanokgolo e tla bo e tshwerwe ke Bothati jwa Aforika Borwa jwa Pabalesego ya Lebopo le intaseteri ya lebopo. Khonferense e tla tlamela tšhono go batsayakarolo ba mefutafuta go sega motlhala wa tlhabololo ya diintaseteri tsa lebopo la Aforika le go tlhoma Tirisano ya batho botlhe ba Aforika mo tlhabololong ya ikonomi e e tokafetseng ya Aforika.

1.7 Kabinete e supile kitso ka ga Leeto la Semmuso le le tlang la Moporesitente Zuma go ya kwa Rephaboliki ya Temokerasi ya Congo (DRC) ka la 29 le 30 Diphalane 2013. Leeto le tla tiisa dikamano tsa rona tsa tumelano ya sepolotiki le ikonomi le DRC le go tswelela go oketsa maitlamo a rona mo maitekong a go rotloetsa kagiso le lenaneo la Tlhabololo le Kagosešwa ya Morago ga Kgotlhang kwa nageng eo.

1.8 Kabinete e kopa maAforika Borwa otlhe go tshegetsa Kgwedi ya Temoso ya Bosetšhaba ya Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogole go simolola ka la 3 Ngwanaitseele go fitlha ka la 3 Sedimonthole 2013, leo gape le tshwayang Letsatsi la boditšhabatšhaba la Batho ba ba nang le Bogole. Kgwedi e tla ketekwa mo tlase ga setlhogo: “Tlosa Maparagego, bula ditšhono: setšhabeng se se akaretsang botlhe”.

1.9 Kabinete e supile go tshwenyega ka go runya sešwa ga tirisodikgoka le go tlhoka kutlwano kwa pusong ya Rephaboliki ya Mozambique. Kabinete e batla go gatelela ntlha ya gore Mozambique e na le puso ya semolao le gore dikgotlhang dipe ka maikaelelo a go menola puso di nyenyefatsa thata ya puso ya Mozambique le batho ba yona. Kabinete e kgala ditlhaselo tse tsa borabele ka bogale.

2 Dipuisano le ditshweetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1 Kabinete e rebotse tumelano ya Paakanyo ya Doha mo Porothokholong ya Kyoto. Dipaakanyo tse di bopa karolo ya maiteko a lefatshe lotlhe a 2013-2020 a phokotso ya ntsho-gase e e ikaelelang go thibela phetogo e e kotsi ya maemobosa fa e sireletsa ditlapele tsa tlhabololo tsa dinaga tse di tlhabologang.

2.2 Kabinete e rebotse gore go romelwe Dipegelo tsa Ntlha le tse di Tswelelang mo Tumelanong ya Boditšhabatšhaba ka ga Ditshwanelo tsa Baagi le Sepolotiki kwa Ditšhabakopanong. Pegelo ke tlhatlhobo ya diphitlhelelo le dikgwetlho tse di amanang le go dirisiwa ga ditshwanelo tsa baagi le sepolotiki tse di mo Tumelanong le mo Molaotheong wa rona. E tsepamisitse thata mo seriting sa botho le tshwanelo ya tekatekano fa e sale ka tshimologo ya temokerasi ka 1994.

3 Melaotlhomo

3.1 Kabinete e rebotse phasalatso ya sekwalwatlhomo sa Molaotlhomo wa Tsweletso le Tshireletso ya Peeletso, 2013 gore baagi ba dire ditshwaelo ka one. Molaotlhomo o tlamela letlhomeso la semolao la dipeeletso mme o samagana le tshireletso ya semolao ya babeeletsi botlhe go ya ka ditlhokego tsa Molaotheo. Molao o o akantsweng o tla oketsa bokgoni jwa rona jwa go ngoka peeletso ya boditšhaba le kgolo ya thomelontle go tsweletsa kgolo le tlhabololo e e tswelelang mo Aforika Borwa. Sekwalwatlhomo sa Molaotlhomo ka jalo se batla go fitlhelela ditekatekano fa gare ga ditshwanelo le maitlamo a babeeletsi botlhe mo Aforika Borwa, tlhokego ya go tlamela tshireletso e e lekaneng le e e lekanang go babeeletsi ba boditšhaba le ba fa gae.

3.2 Kabinete e rebotse kitsiso ya Molaotlhomo wa Paakanyo ya Thebolo ya Madulo a Khiro, 2013 kwa Palamenteng. Molaotlhomo o samagana le dintlha tse di rileng tse di ka ga tlhaloso le go tsenngwa tirisong tse di tlhagileng fa e sale ka kitsiso semmuso ya Molao wa Thebolo ya Madulo a Khiro, 1999 (Molao 50 wa 1999) (jaaka o baakantswe ka 2008). Molawana o ikaelela go tsweletsa mmaraka o o tlhomameng le go gola o o tswelelang go fitlhelela tlhokego e e teng ya madulo a khiro a a tlhotlhwatlase mo bathong ba ba neng ba ikgatolositswe ka go kgethololwa mo nakong e e fetileng.

3.3 Kabinete e rebotse kitsiso ya Molaotlhomo wa Paakanyo ya Mmueledi, 2013 kwa Palamenteng. Molaotlhomo o baakanya Molao wa Babueledi, 1979 (Molao 53 wa 1979), jaaka mokgwatekanyetso wa nakwana, go sa letilwe go dirwa molao le go tsenngwa tirisong ga Molaotlhomo wa Tiro ya Semolao. O samagane le go sa lekalekane go go malebana le babueledi le babueledi ba ba sa ntseng ba ithutela tiro ya bona mo mekgatlhong ya molao go ya ka melelwane ya bothati ya tsamaiso e e sa tlholeng e dira ya dinagamagae (Transkei, Bophuthatswana, Ciskei le Venda). Dipaakanyo di tla netefatsa molawana o o tshwanang wa tiro ya babueledi go ralala naga mme di tla maatlafatsa taolo ya tiro ya semolao mo maphateng a a umakilweng.

3.4 Kabinete e rebotse kitsiso ya Molaotlhomo wa Paakanyo ya Mmueledi wa Puso, 2013 kwa Palamenteng. Maikemisetso a Molaotlhomo ke go baakanya Molao wa Mmueledi wa Puso, 1957 (Molao 56 wa 1957). Dipaakanyo di tlamela boeteledipele jwa togamaano jwa tsamaiso le tlhokomelo ya Ditirelo tsa Semolao tsa Puso. O ikaelela go nolofatsa tlhomo ya kantoro ya Mmueledikakaretso e e tla nnang le maikarabelo a Babueledi botlhe ba Puso le go tlamela merero e e amanang le seno, jaaka kgato ya ntlha mo go tsenngweng tirisong ga Letlhomeso la Pholisi ya Phetolo ya Ditirelo tsa Semolao tsa Puso.

3.5 Kabinete e rebotse go romelwa ga sekwalwatlhomo sa Molaotlhomo wa Peotlhotlhwa ya Dithoto, 2013 kwa Palamenteng. Molaotlhomo o tlamela go tlhongwa ga Kantoro ya Motlhankedikakaretso wa Peotlhotlhwa. Kantoro e e tla tlamela tirelo ya peotlhotlhwa ya dithoto tse di supilweng mo mabakeng a kamogo le pusetsolefatshe, mmogo le tirelo ya boithaopo ya peotlhotlhwa ya dithoto go mafapha a a ka kopang kantoro go dira dipeotlhotlhwa tsa go nna jalo.

3.6 Kabinete e rebotse maiteko a a sekasekilweng gape a Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Mafaratlhatlha kwa Palamente. Molaotlhomo o tlhoma semolao PICC le Lenaneo la Bosetšhaba la Mafaratlhatlha jaaka mekgwatiriso ya botlhokwa go gokaganya le go tsamaisa tlhabololo ya mafaratlhatlha mo Aforika Borwa. Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Mafaratlhatlha o tlamela letlhomeso la semolao la lenaneo la kago mme o thusa go tokafatsa dipoelo tsa tlhabololo le nonofo ya lona.

3.7 Kabinete e rebotse sekwalwatlhomo sa Molaotlhomo wa Maatlafatso ya Basadi le Tekatekano ya Bong, 2013 go sekasekiwa kwa Palamenteng. Molaotlhomo o ikaelela go tlhoma letlhomeso la semolao la tlhoka-bomorafe, tlhokakgethololo ka bong le tekatekano jaaka go tlhalositswe mo teng ga Molaotheo. O batla gape go tsweletsa maatlafatso ya basadi, kemedi ya bona e e lekalekanang mo dikarolong tsa puso tse di tsayang ditshweetso tsa botlhokwa le tshireletsego le tswelelo ya bona jaaka go akanyeditswe mo Karolo 9(2) ya Molaotheo.

3.8 Kabinete e rebotse thomelo ya Molaotlhomo wa Botsamaisi jwa Baagi, 2013 kwa Palamenteng. Molaotlhomo ke letlhomeso le le tlamelang tsweletso ya dintlha le melawana ya motheo e e kailweng mo karolo 195(1) ya Molaotheo mo tsamaisong ya puso; le tlamela phetiso le go neelwa tiro e ntšhwa ga badiri mo tsamaisong ya puso; go laola kganelo ya badiri go gwebisana le puso; go tlamela mekgwatekanyetso ya maitsholo le kobamelo ya maitsholo a a siameng e e akaretsang go tlhongwa ga Yuniti ya Thuso ya Setegeniki ya Maitsholo, Kobamelo ya Maitsholo le Kgalemo ya Tsamaiso ya Puso. Molaotlhomo o maleba mo go badiredipuso botlhe mo maphateng otlhe a puso.

4 Go thapiwa

4.1 Kabinete e thapile batho ba ba latelang mo Botong ya Mokgatlho wa Tlhabololo ya Dikgwebopotlana (Seda) mo pakeng ya dingwaga di le tharo:

a) Ngaka Ivor Mzwandile Zwane (Modulasetulo)
b) Ngaka Tebogo Job Mokgoro (leloko le e seng la khuduthamaga)
c) Rre Thakhani Makhuvha (mokaedi yo e seng wa khuduthamaga).

4.2 Kabinete e rebotse go okediwa ga tumelano ya go thapiwa ga Mme TE Radebe jaaka Motlhankedi wa Bookamedi jo Bogolo wa Tikwatikwe ya Boitshimololedi jwa Bodiredipuso (CPSI).

4.3 Kabinete e supile kitso ya paka e e okeditsweng ya pakatiro ya maloko a le 21 a Lekgotla la Aforika Borwa la Ditiro tsa Porofešenale tsa Saense ya tsa Tlhago ka paka ya dikgwedi di le thataro:

a) Ngaka CJ Augustyn
b) Rre N Baloyi
c) Moporofesara ELJ Breet
d) Moporofesara NH Casey
e) Ngaka F Dilika
f) Ngaka MM Dyasi
g) Ngaka JF Eloff
h) Ngaka I Gledhill
i) Rre OSD Garegae
j) Rre P Govender
k) Rre TP Govender
l) Ngaka G Henry
m) Ngaka BH Koch
n) Rre BS Maloka
o) Ngaka P Matutu
p) Ngaka S Naidoo
q) Moporofesara BK Reilly
r) Moporofesara HJ Siweya
s) Ngaka ME Stalmans
t) Moporofesara C Van der Westhuizen
u) Ngaka G Botha.

Dipotso:
Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa Namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Issued by: Government Communications

Share this page

Similar categories to explore