Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 17 Lwetse 2014

1. Seemo sa Kabinete mo mererong ya ga jaanong

1.1. Lesotho

Kabinete e itumeletse maiteko a ga Moporesitente Zuma mmogo le Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) a go busetsa kagiso kwa Lesotho. Kabinete e tshegetsa tshwetso ya fa gautshwane ya Samiti e e lopileng Motlatsamoporesitente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, Motlotlegi Cyril Ramaphosa, a tshegeditsweng ke Bokwaledi le setlhopha sa baitseanape ba kwa Dinageng tsa Leloko la Troika, go ka nna motsamaisi wa SADC kwa Nagabogosing ya Lesotho. Motlatsamoporesitente, Bokwaledi le baitseanape ba na le Ditumelano tse di Tlhamaletseng go ka tsamaisa tsosoloso ya leruri ya sepolotiki le ya tshireletsego kwa Nagabogosing ya Lesotho mo nakong e khutshwane le e telele.

1.2. Dipontsho tsa ditlamo tsa Aforika Borwa kwa Russia

Kabinete e akgola ditlamo tsa Aforika Borwa tse di abetsweng maemo a a kwa godimo kwa Ditlhagisong tsa Dijo tsa Lefatshe kwa Moscow. Ka go dirisana le Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri Ditlhagisiwa tsa Dijo tsa fa gae tsa Aforika Borwa di amogetswe ka diatla tsoopedi ke bareki ba ditsweletswa tsa kwa ntle ga naga ba kwa Russia. Tlotlomatso eno ya boditšhabatšhaba e latela leeto la fa gautshwane la ga Moporesitente Zuma kwa Rephaboliking ya Russia. Mo ngwageng ono badipontsho ba le 3 000 ba tlhagisitse ditlhagisiwa tsa bone ka fa tlase ga sekema sa Thuso ya Dipeeletso le Lenaneothekiso la Ditswantle (EMIA), ditlamo tsa Aforika Borwa di le 21 di tlhagisitse lekala la tsone la boapei jwa dijalwa.

1.3. Dikgaisano tsa go kwala tlhamo ka ga Nat Nakasa le ka ga dikatlego tsa Kgololesego le Temokerasi

Kabinete e akgola bafenyi ba dikgaisano tsa boikaniso jwa ditlhamo ka ga botshelo jwa Nat Nakasa, e leng mmegadikgang yo a itsegeng yo masaledi a gagwe a buseditsweng mo Aforika Borwa morago ga dingwaga di le 50 ka la bo 19 Phatwe 2014. Maiteko ano a Lefapha la Botweretshi le Setso a gakolola bašwa ka ga kgaratlhelo ya rona ya tokologo mmogo le go ba fatlhosa ka hisetori ya gokwala le ya bokwalodikgang mo Aforika Borwa. Baithutedi ba bokwalodikgang Sbongakonke Mbatha, Qiniso Mbili le Nkamogeleng Lebeloane yo mongwe le yo mongwe wa bona o fentse tšhono ya go iponela katiso ya kwa tirong mmogo le lepothopo.

Kgaolo e nngwe e ne e le digkanetsano tsa baithuti, e leng se se neng se tobane le dikatlego tse di fitlheletsweng ka ntlha ya Kgololesego le Temokerasi. Maitlhomo a Dikgaisano a ne a ikaegile gape le ka go dira ditemoso tsa dikarolo tsa bakwaladikgang mo nakong ya kgaratlhelo ya kgololesego mo Aforika Borwa. Bafenyi e leng, Mfundo Radebe, Dumisa Nzama, Danielle Dallas, Olivia Habonimana, Faith Marthinussen le Cebisa Ncube yo mongwe le yo mongwe wa bona o fentse lepothopo.

2. Ditshweetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Tshutiso ya dišhere tsa Lefapha la Boitekanelo mo Setlamong sa Biovac
Kabinete e letleletse tshutiso ya dišhere tsa Lefapha la Boitekanelo mo Setlamong sa Setheo sa Melemo le tsa Baeoloji (Biovac) sa Aforika Borwa go ka nna tsa Lefapha la Saense le Thekenoloji.

Biovac ke tirisanommogo ya poraefete le puso magareng ga Puso ya Aforika Borwa le Setlamo sa Biovac. Dišhere tsa Puso ya Aforika Borwa di akaretsa di le 12, 5% tse di laolwang ke Lefapha la Saense le Thekenoloji mmogo le di le 35% tse di laolwang ke Lefapha la Boitekanelo.

Tshutiso ya dišhere e arabela matshwenyego a a tlhagisitsweng ke Mokgatlho wa Boitekanelo wa Lefatshe (WHO) mmogo le Letlole la Bana la Dinagakopano (Unicef) gore Lefapha la Boitekanelo, mo thulaganyong ya ga jaanong le ka itemogela thulano jaaka le dira jaaka motsholadišhere le moreki. WHO e tlhoka bothati jwa bolaodi (mo ntlheng eno Lekgotlha la Taolo ya Melemo leo e leng gape karolo ya Lefapha la Boitekanelo) mme maikarabelo a lone a tshwanetse go kgaoganngwa le ao a amanang le a motlhagisis wa melemo – mo go, Biovac eno. Tshutiso ya dišhere tsa Lefapha la Boitekanelo go ka nna tsa Lefapha la Saense le Thekenoloji e tla letla Biovac go reka ditlhagiswa tsa yone tse di tlhagisitsweng kwa dinageng tsa kwa ntle ga naga tse di unngwelwang go tswa mo lenaaneng la melemo la WHO le Unicef.

Biovac ke setlamo se se tlamelang ka melemo e e boleng jo bo kwa godimo, e e bolokesegileng e bile e dira phapang mo makaleng a puso, e bile ke motlamedimogolo wa melemo ya bana mo Lenaaneng le le Atolositsweng la Meento la Puso (EPI). Ka Lefapha la Saense le Thekenoloji, lefapha jaanong le tla nna le 47,5% ya dišhere tsa Biovac fa 52.5 % e tla tshwarwa ke Ditlamo tsa Biovac.

2.2. ESKOM

Jaaka go tlhalositswe mo bokhutlhong jo bo fetileng jono jwa beke, Kabinete e letleletse mokotlana wa dikgato tsa go sireletsa tsweletso ya leruri ya intaseteri ya motlakase, go natlafatsa matlole a Eskom le go netefatsa gore tshireletsego ya motlakase wa naga e nna e ntšhwafatswa.

Tsotlhe tseno di tla tshwanelwa ke go diriwa ka tsela e e ka se tliseng kgatelelo e nngwe gape mo matloleng a naga. Ka nako yona eo, puso e rata go ka netefaletsa gore malapa a a humanegileng a tlamelwa ka bojotlhe jo bo tlhokagalang ka didirisiwa tsa matlole tse di tla tlhodiwang ke koketsego ya dituelelo.

Ditshweetso tsa Kabinete di ikaegile fa godimo ga ditshitshinyo tsa Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) e e tlhagisitseng tlhatlhamano ya mefuta e e farologaneng ya ditšhono tse di leng teng go netefatsa tshireletsego ya motlakase. IMC e tla tselapele go tlhokomela intaseteri eno ka bogautshwane.

Dintlha tsotlhe tsa sephuthelwana seno di ka bonwa mo webesaeteng ya Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba.

Ka bokhutshwanyana sephuthelwana seno se na le, mo gare gat se dingwe, tlaleletso ya matlole go tswa mo pusong go yam o Eskom go ka thusa setheo seno sa motlakase go tsetsepela dikoloto tsa yona, mme seno se tla se letla go ka kgona go dira dikadimo tse dingwe tsa matlole mo ditheong tsa matlole. Go netefatsa gore ditheo tsa puso tsa matlole ga di ketefalelwe, tlaleletso ya matlole e tla tlamelwa ka dithoto tsa puso tse di senang togamaano tsa tholomorwalo. Dintlha ka botlalo ka ntlha eno di tla abiwa fa Tona ya Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba a tlhagisa Puo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Bogareng (MTBPS) ka la bo 22 Diphalane.

Dikarolo tse dingwe tsa sephuthelwana di akaretsa: Tokafatso e kgolo mo go direng ka tshwanelo ga Eskom e e tla fokotsang dituelo; koketso mo dikolotong ya bokanaka R50 bilione ka Eskom e e tla tshegediwang ke dituelo tse di leng teng tsa puso; tshegetso ya puso mo tirokopong ya Eskom kwa go Bolaoding jwa Motlakase jwa Bosetšhaba jwa Aforika Borwa (Nersa) go ka oketsa kelotefo, e leng se se tsamaisanang le thulaganyo ya melawana e e tlwaelegileng; tlhokego ya dikgato tsa botsamaisi; dipaakanyo tsa pholisi ya motlakase; mmogo le katoloso ya lenaane la batlhagisi ba motlakase b aba ikemetseng.

Mo ntlheng ya go tlhokomela malapa a a humanegileng, puso e tla natlafatsa tlhokomologo ya letlole la motlakase wa motheo wa mahala. Seno se tla netefatsa gore dikabelo di diragadiwa ka tshwanelo mmogo le go retloetsa mebasepala go tokafatsa matshwanedi ao ba a tlhokometseng bathong le mo tlamelo ya motlakase mo bareking. Dikgato tseno di botlhokwa gore Aforika Borwa e kgone go ka godisa kgolo ya ikonomi go fitlha mo maemong a a namatshang go ka tlhama ditiro tse dingwe gape, go fokotsa lehuma le tlhokego ya tekatekano.

2.3. Tshutiso ya ditiro tsa tsamaiso go ya kwa Kantorong ya Moatlhodimogolo
Kabinete e tsopoletswe ka ga tshimololo ya kgato ya ntlha ya tshutiso ya ditiro tsa tsamaiso mmogo le badiredi ba ba direlang Dikgotlatshekelokgolo go tswa mo Lefapheng la Tlhabololo ya Molaotheo go ya kwa Kantorong ya Moatlhodimogolo. Seno se letlwa ka Molao wa Tlhabololo wa Bosomelebosupa wa Molaotheo, 2012 mmogo le Molao wa Dikgotlatshekelokgolo, Molao wa bo 10 wa 2013.

Molao wa Dikgotlatshekelokgolo o tlhabolola tsamaiso ya bomagiseterata ka go tsenya baagiseterata ba Kgaolo e nngwe le e nngwe ya Molao wa Kgotlatshekelokgolo ka fa taolong ya Moatlhodi Moporesitente wa kgaolo e e amegang. Molao ono o naya Kantoro ya Moatlhodimogolo e e tlhamilweng kwa setheong se se farologaneng sa puso se se lekalekanang le lefapha ka ga Tlhagiso ya Semolao ya Boporesitente ka 2010 matla le ditiro Seno se netefaletsa gore maitlhomo a puso ka ga boikemedi jwa molao jaaka go tlhalositswe mo Molaotheong.

2.4. Tshimololo ya Kantoro ya Tsamaiso ya Diporojeke mabapi le Maiteko a Katlego ya Boporesitente ka ga Mafaratlhatlha

Kabinete e letleletse go tlhomiwa ga Kantoro ya Tsamaiso ya Diporojeke mabapi le Maiteko a Katlego ya Boporesitente ka ga Mafaratlhatlha e e eteletsweng pele ke Moporesitente Zuma. Seno ke lenaane la mafaratlhatlha le le eteletsweng pele ke Aforika le le ikaelelang go fitlhelela diporojeke tse di tshelang melelwane tsa diporojeke tsa mafaratlhatlha tse di tla bulelang ditšhono tsa ikonomi tsa kontinente le go neela ditšhono tsa tlhabololo mo ditšhabeng, diteropokgolong le mo dikgaolong.

Kabinete e letleletse go tlhonngwa ga Kantoro ya Tsamaiso ya Diporojeke mabapi le Maiteko a Katlego ya Boporesitente ka ga Mafaratlhatlha mo Aforika Borwa ka tshegetso ya mafapha a a maleba a puso. Kantoro ya Tsamaiso ya Diporojeke e tla tshegediwa ke tshimololo ya IMC ka ga Maiteko a Katlego ya Boporesitente ka ga Mafaratlhatlha a AU mo Aforika Borwa. Motsoramasetilo wa komiti e tla nna Tona ka fa Kantorong ya Moporesitente e e samaganeng le Maano, Tekolo le Tshekatsheko.

2.5. Lenaneo la tirelopuso la baitseanape ba tsa merero ya bodiredi le ya molao

Kabinete e letleletse tshimololo ya Lenaneo la tirelopuso la baitseanape ba tsa merero ya bodiredi le ya molao la ka fa gare go ka samagana le tshalelomorago e e lepeletseng ya dikgetse tsa go tebelwa mo tirong mo tirelopusong. Tsereganyo eno e ikaelela go ka dira gore Tirelopuso e dire ka matshwanedi le ka matlhagatlhaga ka go fokotsa nako ya go konosetsa thulaganyo ya dikgalemo, bogolosegolo fa badiredi ba tebetswe kwa tirong mme ba santse ba bona mogolo wa bona otlhe.

Mo godimo ga seo, maiteko ano a netefatsa tsamaiso e e lolameng ya dikgalemo ka go dira gore e nne setlwaedi gore boleele jo bo kwa godimo jwa dikgwedi di le tharo (matsatsi a le 90) e nne boleele jwa go ka konosetsa dikgetse tseno. Lenaneo la baitseanape ba tsa merero ya bodiredi le ya molao le tla akaretsa Badiredipuso bao e leng baitseanape mo lephateng leno, go akaretsa matseka, batšhotšhisi mmogo le motlhankedimokaedi go netefatsa gore tirelo yotlhe ya merero ya bodiredi i dira sentle thata.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e letleletse tlhagiso kwa Palamenteng ya Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Botsamaisi jwa Mahutsana, 2002 (Molao wa bo. 57 wa 2002). Molao wa Botsamaisi jwa Mahutsana wa bo. 57 wa 2002 o tlhagisa mokgwatsamaiso o o kopantsweng e bile o gokagantswe mo botsamaising jwa mahutsana mmogo le mo go fokotseng dikotsi tsa mahutsana go ralala dikgaolo tsotlhe tsa puso mmogo le go akarediwa ga batsayakarolo botlhe ba ba maleba.

4. Go thapiwa

4.1. Kabinetse e dumelane le go thapiwa ga ditokololo di le 15 mmogo le motsoramasetulo wa Boto ya Lekala la tsa Lefaufau ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa. 
a) Mme Joy-Marie Lawrence (Motsoramasetulo)
b) Moporofesara Ramashwar Bharuthram
c) Rre Johan Prinsloo
d) Rre Willie van Biljon
e) Mme Mbaliyethu Mfeka
f) Rre Eugene Jansen
g) Rre Potlaki Maine
h) Mme Gaborekwe Khambule
i) Rre Lindelwa Simphiwe Hamilton
j) Rre Mmuso Riba
k) Rre Ashley Desmond Naidoo
l) Dr Nozibele Mjoli
m) Mme Matsie Matooane
n) Rre Vincent Gore (o thapilwe lekgetlo la bobedi)
o) Rre Marius Rezelman (o thapilwe lekgetlo la bobedi)
p) Rre Omar Latiff

Dipotsiso:
Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa Namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Issued by: Government Communications

Share this page

Similar categories to explore