Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Laboraro, wa la bo 10 Motsheganong 2023 

A.    Merero ya ga Jaanong

1.    Ka la bo 10 Motsheganong go tla ketekiwa Segopotso sa bo 29 sa go keteka Go Tlhomiwa mo Setulong ga Moporesitente wa Ntlha yo a Tlhophilweng Semmuso wa Puso ya Temokerasi
1.1.    Kopano eno ya Kabinete e tshwarwa poo morago ga dingwaga di le 29 go tloga ka motsi oo Moporesitente Nelson Mandela a neng a tlhomiwa mo setulong go nna Moporesitente wa ntlha wa puso ya naga ya Aforika Borwa ya temokerasi ka la bo 10 Motsheganong 1994. Morago ga dingwaga di le makgolokgolo a mararo go rena puso ya bokoloniale mo tlhabologo e ne e sekametse ka fa letlhakoreng la gore batho ke ba mmala ofe, puso ya naga ya Aforika Borwa ya temokerasi e ne ya tlhoma dipeelo tsa tlhabologo tse merafe yotlhe e tla tlhabololwang ka go tshwana gore re nne le setšhaba se se atlegileng, se se senang tlhaolele go ya ka mmala le bong, se mo go sona batho botlhe ba lekalekanang. 
1.2.    Le fa go na le dilo tse dintsi tse di fitlheletsweng fa e sale ka ngwaga wa 1994, go santse go na le dilo tse dintsi tse di santseng di tlhokwa go diriwa gore naga e fitlhelele dipeelo tsa yona tsa go tlhabolola setšhaba.
1.3.    Bankakgolo ya Aforika Borwa e ntshitse madi a pampiri le a tshipi a mantšhwa, mme seno ke go keteka temokerasi ya rona e mo go yona go renang molaotheo mmogo le go supa tlotlo go mmamoratwa wa rona e bong Rre Madiba.

2.    Samiti ya Moporesitente e e ka ga Boitekanelo
2.1.    Samiti ya Bobedi ya Moporesitente e e ka ga Boitekanelo e e neng e tshwerwe ka la bo 4-5 Motsheganong 2023 e tsepamisitse mogopolo mo dikarolong di le robongwe tsa Tumelano ya Merero ya Moporesitente e e ka ga Boitekanelo: mme tsona ke go tlamelwa ka palo e e lekaneng ya badiredi; go tlamelwa ka melemo, meento le didirisiwa tsa boitekanelo; go tlamelwa ka mafaratlhatlha; go tšhotlha merero le ba maokelo a poraefete; go nna le lephata la maokelo a a nang le boleng; go tokafatsa taolo ya matlole mo makaleng a puso; go tokafatsa thulaganyo ya puso le boeteledipele; go tšhotlha merero le baagi mo setšhabeng; go rulaganya dithulaganyo tsa tshedimosetso mmogo le go ipaakanyetsa go ema sejaro mamabi le go wa ga maroborobo.
2.2.    E nngwe ya dintlha tse di tšhotlhilweng kwa samiting eno ke tsosoloso ya maikano a go tsenya tirisong Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI). Eno ke karolo ya letsholo la go fedisa tlalelo mo setšhabeng fa go tshwanetswe go bonwe ditirelo tsa pholo ka go rola boima jwa gore ba iponela kae madi a go duelela go abelwa ditirelo tsa kalafo le pholo. 
2.3.    Kabinete e amogetse dikgato tse di tseerweng tsa go tsenya tirisong maano a a tlhokagalang a go tsosolosa maokelo le go potlakisa dikgato tsa go tsosolosa NHI. Seno se dira gore maokelo a rona a kgone go direla botoka maAforika Borwa.

3.    Motlakase
3.1.    Puso e dirisana le Eskom go potlakisa dikgato tsa go baakanya diyuniti tsa motlakase tse di dirileng gore mo malobanyaneng re tsene mo maemong a bo 6 a motlakase o o tshabetseng ruri e leng seo se kgoreleditseng kgatelopele e e dirilweng ya go dira gore re nne le motlakase o o sa tshabeleng ruri ka fa nageng.
3.2.    Go samaganwe le namane e tona ya tiro kwa Eskom mabapi le go oketsa Tlamelo ya Motlakase o o leng Teng mo Setlamong ka go dira tiro e kgolo ya go tlhokomela le go tsosolosa meago le dithoto tsa mafelo a motlakase, go oketsa tiro ya go sola mosola Mafetlho a Magolo a go Fetlha Motlakase ka Gase, go reka motlakase o mongwe mo ditheong tsa poraefete tse di rekisang motlakase o o fetlhiwang ka ditsela tse dintšhwa mmogo le go oketsa matsholotemoso a baagi go tokafatsa Taolo ya Tiriso ya Motlakase mo badirising ba bagolo ba motlakase le mo malapeng. 
3.3.    Ditiragalo tsa go seenyetsa setheo seno mafaratlhatlha a sona ka bomo di tswelela go ripitla mafaratlhatlha a Eskom mme ka jalo masole a le 880 a rometswe go disa diteišene di le dintsinyana tsa motlakase wa Eskom mme seno ke karolo ya dikgato tse di tserweng go leka go thibela go phutlhama ga diyuniti tsa tlamelo ya motlakase wa naga. 
3.4.    Kabinete e amogetse tshwetso e e tserweng mabapi le go busetsa morago taolelo ya Kgotlatshekelokgolo ya Pretoria ka ntlha ya taollelo ya rona e e laetseng Eskom gore motlakase o o tshabetseng ruri o se tlhole o ama ditheo tsa puso tse di jaaka dikolo, ditleliniki, dipetlele le ditešene tsa mapodisi. 
3.5.    Kabinete e batla go gakolola maAforika Borwa gore a tswelele go boloka motlakase gore naga e fitlhelele peelo ya yona ya go boloka dimekawate di le 1 000. 

4.    Tlhabololo ya Mafaratlhatlha 
4.1.    Letsholo la mafaratlhatlha a naga ya Aforika Borwa la go tsosolosa ikonomi le go tlhola ditiro le tswelela go nna le matlhagatlhaga. Mo ntlheng eno Tona ya Lefapha la Dipalangwa, Mme Sindi Chikunga o thankgolotse Porojeke ya Ashburton Interchange ya boleng jwa R2.4-bilione kwa Masepaleng wa Msunduzi kwa KwaZulu-Natal, mme yona e tla dira gore tsamaiso ya dithoto e nne bonolo go tswa mo Boemelakepeng jwa kwa Durban go leba ka fa nageng le kwa dinageng tsa kgaolo ya SADC.
4.2.    Tona ya Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba, Rre Sihle Zikalala o abile mafelo a boemelakepe a le 13 a a ntšhafaditsweng ke Letsholo la Tlhokomelo le Tsosoloso ya Meago le Dithoto tsa Maemelakepe a ma Potlana ka boleng jwa madi a a kanaka R501 milione. Go ntšhafadiwa ga maemelakepe ano go tla dira gore tiro ya ona e nne e e tswileng diatla mmogo le go tswela mosola mafelo a kgaolo eo a botshwaratlhapi mmogo le a mangwe a makala a ikonomi a kgaolo eo.

5.    Matsholo a go Lekola Kgatelopele kwa Jagersfontein
5.1.    Motlatsamoporesitente, Paul Mashatile o jetse nala lefelo la Jagersfontein go tlhotlhomisa kgatelopele e e dirilweng kwa Masepaleng wa Selegae wa Kopanong kwa Tikologong ya Xhariep mo porofenseng ya Foreistata. O neilwe tshedimosetso ka tiro e e setseng e dirilwe ka tlamelo ya metsi, go fudusa baagi ba mo malobeng ba wetsweng ke leru la masetlapelo a a tlhodilweng ke go phatlhoga ga lebota la letamo. 
5.2.    Kabinete e ikuela mo ditlamong tsotlhe tsa meepo go kwadisa matamo a bona otlhe a a hupang leswe le le tswang mo meepong kwa sefalanatshedimosong sa Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe go dira bonnete jwa gore ba ikobela melawanataolo ya pabalelo ya matamo.
5.3.    Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe ga jaanong le samagane le tiro ya go baya mo dinakong sefalanatshedimoso sa matamo otlhe a ka fa nageng a a hupang leswe le le tswang mo meepong a a tsamaisanang le ditlhokwa tsa go tseewa jaaka "Matamo a a Nang le Pabalesego le Dikotsi”. Go bona tshedimosetso ka botlalo mabapi le matamo a a hupang leswe le le tswang mo meepong romela imeile kwa go greylingjm@dws.gov.za.

6.    Kopano ya Ditheo tsa Bojanala tsa Aforika ya Indaba
6.1.    Kopano ya Ditheo tsa Bojanala tsa Aforika ya Indaba ya ngwaga wa 2023 e mo tseleng mme e tla tshwarelwa kwa Tikwatikweng ya go Tshwarela Dikopano tsa Boditšhabatšhaba ya Inkosi Albert Luthuli kwa Durban, mo ditlamo tse di farologaneng tsa Aforika tsa intaseteri ya bojanala, di tla emelang dinaga di le 20 tsa Aforika tse di tsayang karolo mo kopanong eno mmogo le go phasalatsa ditlhagisiwa tsa bojanala di feta di le 350.
6.2.    Kopano eno e naya baporofešenale ba intaseteri eno tšhono ya go bokana, go tlhabana botlhale le go dirisana mmogo go tlisa kgolo. 
6.3.    Aforika Borwa e motlotlo go ema nokeng letsholo la puso la go ema nokeng dikgwebopotlana, tse dikgolwane le tse dikgolo, tse di laolwang ke basadi le bašwa mo lekaleng la bojanala le borobasogo. 

7.    Dipuo tsa Thebolo ya Tekanyetsokabo 
7.1.    Mafapha a puso a setse a simolotse go tlhagisa dipuo tsa ona tsa thebolo ya tekanyetsokabo, e leng tsela eo maphata a puso a tlhagisetsang setšhaba ka fao a tla dirang tiro ya one mo ngwageng oo wa matlole. 
7.2.    Lenaneo la Dinako tse di beilweng ke Palamente tseo ka tsona go tla tlhagisiwang Dipuo tsa Thebolo ya Tekanyetsokabo le ka fitlhelwa mo webesaeteng ya: www.parliament.gov.za/parliament-programme. 
7.3.     Lenaneo la Dinako tse di beilweng tsa Dingangisano tsa Dipuo tsa Thebolo ya Tekanyetsokabo (Kopano e e Atolositsweng ya Komiti ya Setšhaba (EPC)) di rulaganyeditswe go tloga ka la bo 16 Motsheganong 2023 go fitlha ka la bo 19 Motsheganong 2023.

EPC ya Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Motlakase

(Kopano le Bobegakgang e Totobaditswe go tshwarwa ka ura ya bo 01:00 motshegare)

16 Motsheganong 2023

Good Hope Chamber

Ura ya bo 10:00 mo mosong go fitlha ka ura ya bo 03:00 motshegare

EPC ya Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe

(Kopano le Bobegakgang e Naganelwa gore e tla Tshwarwa Magareng ga ura ya bo 08:30-09:30 mo mosong)

16 Motsheganong 2023

M46

Ura ya bo 10:00 mo mosong go fitlha ka ura ya bo 12:15 tadi e amusa

EPC ya Lefapha la Botsamaisi jwa Puso le Ditirelo tsa Puso (Sekolo sa Naga sa Katiso le Tlhatlhelelo ya Badiredipuso (NSG) mmogo le Khomišene ya Tirelo ya Puso (PSC))

(Kopano le Bobegakgang e Naganelwa gore e tla Tshwarwa Magareng ga ura ya bo 10:00-11:00 mo mosong)

16 Motsheganong 2023

Good Hope Chamber

Ura ya bo 14:00 go fitlha ka ura ya bo 16:15 motshegare

EPC ya Lefapha la Puso la Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS)

(Kopano le Bobegakgang e Naganelwa gore e tla Tshwarwa Magareng ga ura ya bo 12:00-13:00 motshegare)

16 Motsheganong 2023

M46

Ura ya bo 14:00 mo motshegare go fitlha ka ura ya bo 16:15 thapama

EPC ya Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana

(Kopano le Bobegakgang e Naganelwa gore e tla Tshwarwa Magareng ga ura ya bo 14:00-15:00 thapama)

16 Motsheganong 2023

Good Hope Chamber

Ura ya bo 16:30 thapama go fitlha ka ura ya bo 18:15 maitseboa

EPC ya Lefapha la Matlotlo a Naga

(Kopano le Bobegakgang e Naganelwa gore e tla Tshwarwa Magareng ga ura ya bo 15:00-16:00 thapama)

16 Motsheganong 2023

M46

Ura ya bo 16:30 thapama go fitlha ka ura ya bo 18:15 maitseboa

EPC ya Lefapha la Dipalangwa

(Kopano le Bobegakgang e Naganelwa gore e tla Tshwarwa Magareng ga ura ya bo 12:00-13:00 motshegare)

17 Motsheganong 2023

Good Hope Chamber

Ura ya bo 15:00 thapama go fitlha ka ura ya bo 17:15 maitseboa

EPC ya Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le a Thekenoloji

(Kopano le Bobegakgang e Naganelwa gore e tla Tshwarwa Magareng ga ura ya bo 11:00-13:00 tadi e amusa)

17 Motsheganong 2023

M46

Ura ya bo 15:00 go fitlha ka ura ya bo 17:15 thapama.

EPC ya Lefapha la Merero ya Selegae

(Kopano le Bobegakgang e Naganelwa gore e tla Tshwarwa Magareng ga ura ya bo 09:00-10:00 mo mosong)

17 Motsheganong 2023

Good Hope Chamber

Ura ya bo 17:30 thapama go fitlha ka ura ya bo 19:00 maitseboa.

EPC ya Lefapha la Thuto ya Motheo

(Kopano le Bobegakgang e Naganelwa gore e tla Tshwarwa Magareng ga ura ya bo 09:00-10:00 mo mosong)

18 Motsheganong 2023

Good Hope Chamber

Ura ya bo 14:00 go fitlha ka ura ya bo 16:15 motshegare

EPC ya Lefapha la Ditirelo tsa Kgopololo ya Batshwariwa

(Kopano le Bobegakgang e Naganelwa gore e tla Tshwarwa Magareng ga ura ya bo 11:00-12:00 sethoboloko)

18 Motsheganong 2023

Good Hope Chamber

Ura ya bo 16:30 thapama go fitlha ka ura ya bo 18:15 maitseboa

EPC ya Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro

(Kopano le Bobegakgang e Naganelwa gore e tla Tshwarwa Magareng ga ura ya bo 10:00-11:00 mo mosong)

18 Motsheganong 2023

M46

Ura ya bo 16:30 thapama go fitlha ka ura ya bo 18:15 maitseboa

EPC ya Lefapha la Merero ya Dikgwa, Botshwaro jwa Ditlhapi le Tikologo

(Kopano le Bobegakgang e Totobaditswe go tshwarwa ka ura ya bo 08:30-09:30 mo mosong)

19 Motsheganong 2023

Good Hope Chamber

Ura ya bo 10:00 mo mosong go fitlha ka ura ya bo 12:15 sethoboloko.

EPC ya Lefapha la Setheo sa Tshireletso ya Puso

(Kopano le Bobegakgang e Naganelwa gore e tla Tshwarwa Magareng ga ura ya bo 13:00-14:00 motshegare)

19 Motsheganong 2023

M46

Ura ya bo 10:00 mo mosong go fitlha ka ura ya bo 12:15 tadi e amusa

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

8.    Dithuso tsa go Inola Dimasepala mo Dikolotong 
8.1.    Tona ya Matlole o tsentse tirisong letsholo la go phimola dikoloto tsa bogologolo tse dimasepala di nang le tsona mo setlamong sa Eskom maitlhomno e le go thusa dimasepala go dirisa madi a a neng a duelana le dikoloto tseno go tlamela setšhaba ka ditirelo tse di botlhokwa tse di tshepagalang. Gore dimasepala di fitlhelele maemo a go inolwa di tla tshwanelwa ke go itepatepanya le dintlha di le 33 tse di tlhomilweng. 
8.2.    Dintlha tseno di tsenyeletsa tsa go bokeletsa palo e e rileng ya lekgetho mo go duediseng ditirelong tsa motlakase le tsa metsi; go thibela tiriso yotlhe ya lekgetho le le bokeleditsweng la motlakase, metsi le kgeleloleswe; mmogo le go duelela akhaonto ya Eskom pele ga dituelelo tse dingwe mme go latele tuelelo ya akhaonto ya metsi mme dituelelo tse dingwe. 

9.    Maitlhomo a Aforika 
9.1.    Moporesitente Cyril Ramaphosa, jaaka e le Maitlhomo a Aforika a go fedisa dintwa mo kontinenteng fa ngwaga wa 2030 o re aparela, o tsere karolo mo Kopanong ya bo 11 ya Batlhankedi ba Maemo a a kwa Godimo mo Dikgatong tsa Leano la go Tsamaisa Tiro ya Tekolo ya Kgaolo fa go tla mo go Direng gore go Rene Kagiso, Pabalesego le Tirisanommogo mo Kgaolong ya Democratic Republic of the Congo (DRC) le ya Great Lakes kwa Burundi.
9.2.    Moporesitente Cyril Ramaphosa o tsenetse gape le Samiti ya Merero e e Botlhokwa e e sa Tlwaelegang ya Dinaga di le Tharo mo Mererong ya Pabalesego le Merero e Mengwe gape kwa Namibia. Samiti eno e neetswe pegelo ya Sesole sa Tekolo ya Maemo a Ntwa mo Kgaolong ya Botlhaba jwa DRC mmogo le go sekaseka dikgato tse kgaolo e ka di tsayang go samagana le maemo a a tsweletseng go gakala a go tlhoka pabalesego le go sotla ka matshelo a batho. Mo samiting eno go dumelanwe gore Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) o tla tshwanela gore o diragatse matsholo a a farologaneng a go dira gore go rene kagiso le go tokafatsa maemo mo kgaolong ya Botlhaba jwa DRC.
9.3.    Kabinete e itumedisiwa ke dikgato tse di setseng di tserwe tsa go ipaakanyetsa dipuisano magareng ga sesole sa Sudan le Sesole sa Rapid Support, tse di simolotsweng kwa Jeddah, Saudi Arabia, ka la bo 6 Motsheganong 2023. Naga ya Sudan e mo go yona go renang kagiso, e e eteletsweng pele ke setšhaba sa yona, e botlhokwa thata e seng fela mo baaging ba Sudan mme gape le mo baaging ba kgaolo yotlhe le ba kontinente yotlhe. Kajalo Kabinete e ikuela mo maphateng a sesole ka bobedi jwa ona go tšhotlha kgang eno le go dumelana go fedisa ntwa le go fedisa tshotlego ya baagi ba naga ya Sudan.
9.4.    Kabinete e itumedisiwa ke gore maAforika Borwa otlhe a a kopileng gore ona a batla go busediwa gae a gorogile fa gae go tswa kwa nageng ya Sudan e mo go yona ntwa e iphileng maatla mme e itumedisitswe gape le ke go tsenya letsogo ga maAforika Borwa mo go thuseng baagi ba dinaga tsa baagisani ba naga ya rona. 

10.    Merero ya Kgwebisano
10.1.    Kabinete e tsibositswe ka seo se diragalang mo mererong ya kgwebisano mmogo le go nopola gore mo kgweding ya Mopitlwe 2023, ditlhagisiwa tsa naga ya rona tse di rekisediwang dinaga tsa boditšhaba di dirile madi otlhe a le kanaka R184 bilione. Lekala la tlhagisodikuno ke lona le le di gogang kwa pele fa go tla mo go direng bontle jaaka se dirile madi a feta R85 bilione ka ntlha ya ditlhagisiwa tsa rona tse di tlhagisiwang mono, mme lekala la meepo le dirile R84 bilione fa la Temothuo lona le dirile R11 bilione. 
10.2.    Matlole a magolo ano, le fa a le kwa tlasenyana go se nene mo go a mo pakeng ya Mopitlwe 2022, a bontsha ka fao ikonomi ya naga ya Aforika Borwa e nang le bogatlhamelamasisi ka gone, le fa go na le kgolo ya ikonomi e e bodipa. Matlole otlha a le kanaka R41 bilione a a tswang mo ditlhagisiweng tseno tse di rekisediwang dinaga tsa kwa ntle ke a a tswang mo dinageng tsa Aforika mme seno re bontsha ka fao diintaseteri tsa Aforika di setseng di tsenelela mo go godiseng dimaraka tsa tsona mo kontinenteng.
10.3.    Mo dimaraka tse re gwebisanang le tsona di godileng ke mo nageng ya China, Belgium, Italy le ya United Arab Emirates mme seno se bontsha ka fao tirisanommogo e tswelang ka teng mosola ikonomi ya Aforika Borwa.

B. Ditshwetso tsa Kabinete 

1.    Leano le le Tshwaraganetsweng la Naga la go Lwantshana le go Utswiwa ga Diphologolo tsa Naga le Dimela tsa Tlhago (NISCWT)
1.1.    Kabinete e neseditse pula Leano le le Tshwaraganetsweng la Naga la go Lwantshana le go Utswiwa ga Diphologolo tsa Naga le Dimela tsa Tlhago (NISCWT). Leano leno le tshwana le le esi ka fa nageng ya Aforika Borwa. Maitlhomomagolo a lona ke go matlafatsa ditheo tsa molao ka go di tlamela ka ditlhokwa tse di di tlhokang go ka fokotsa le go thibela bogodu jo bo tsentshitseng letsogo ka fa nageng jwa diphologolo tsa naga le dimela tsa tlhago jo bo nang le kgonagalo ya go baya mo kotsing pabalesego ya naga ya rona.
1.2.    Leano leno le tlhagisa ditshitshinyo tse di utlwagalang tse di ka tlhatlhelelang bokgoni jwa ditheo tsa molao tsa ka fa nageng, go tsenyeletsa le tsa go tsepamisa mogopolo mo dipatlisisong le mo tshekisong ya magodu a diphologolo tsa naga le dimela tsa tlhago. NISCWT e phasaladitswe mo webesaeteng ya Lefapha la Merero ya Dikgwa, Botshwaro jwa Ditlhapile le ya Tikologo e e reng www.dffe.gov.za. 

2.    Moemedi yo a Tlhophilweng go Emela Naga ya Aforika Borwa jaaka Moatlhodi kwa Kgotlatshekelong ya Baatlhodi ba Lefatshe (ICJ)
2.1.    Kabinete e neseditse pula tlhopho ya ga Moporofesara Dire Tladi go nna Moemedi yo a Tlhophilweng go Emela Naga ya Aforika Borwa jaaka Moatlhodi kwa Kgotlatshekelong ya Baatlhodi ba Lefatshe (ICJ) fa go ne go tshwerwe ditlhopho tsa kgotla eno ka Ngwanaitseele 2023. 
2.2.    Dire Tladi ke Moporofesara wa Dithuto tsa Molao wa Lefatshe kwa Yunibesiting ya Pretoria mme gape ke Moporesitente wa Lephata la Aforika Borwa la Mokgatlho wa Molao wa Lefatshe e bile gape ke Tokololo ya Khuduthamaga mo Mokgatlhong wa Molao wa Lefatshe. O kile a okama maemo a Monnasetulo wa Khomišene ya Molao wa Lefatshe, eno ke karolo ya Mokgatlho wa Dinagakopano (UN) e e tsewang jaaka karolo e e amanang le ICJ. O kile ya nna Moeletsi wa tsa Melao kwa Embesing ya Aforika Borwa e e leng kwa New York mmogo le go nna Moeletsi yo a Itlhophileng go Ditona tsa Merero ya Dikamano le Tirisanommogo le Dinaga tsa Boditšhaba.

3.    Go Thapiwa 

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

Batho ba bantšhwa ba ba thapilweng mo Botong e e Ikemetseng ya Bolaodi jwa Baruni:

(a)    Mme Precious Nompumelelo Sibiya; mmogo le 
(b)    Rre Mojalefa Mosala 

Bao ba thapilweng mo Botong ya Nakwana ya Metsi ya Umngeni:

(a)    Mme Khulekelwe Glynnis Mbonambi;
(b)    Rre Mzimkulu Msiwa;
(c)    Mme Sylvia Thandazile Mhlongo;
(d)    Mme Hlengiwe Patricia Majozi;
(e)    Rre Mfanveli James Ndlovu;
(f)    Rre Sibusiso Wycliff Mkhize; le 
(g)    Moatefokate Lavan Gopaul;

C.    Melaotlhomo

1.    Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditirelo tsa Kgopololo ya Batshwariwa wa 2023
1.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditirelo tsa Kgopololo ya Batshwariwa wa 2023. 
Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa ke dikgato tsa go sekegela tsebe Katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo e e duleng ka Sedimonthole 2020 mo kgetseng ya Sonke Gender Justice NPC v the President of the Republic of South Africa and others.
1.2.    Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di naya maatla Sepeketere se se Ikemetseng sa Melao ya Ditirelo tsa Kgopololo ya Batshwariwa jaaka go tlhalositswe mo Karolong ya bo 7(2) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996. Seno ke go diragatsa Karolo ya bo 88A (1) (b) le ya bo 91 ya Molao wa Ditirelo tsa Kgopololo ya Batshwariwa wa 1998 (Molao wa bo 111 wa 1998).
1.3.    Maitlhomo a go romela kwa Palamenteng Molaotlhomo yono ke go tsenya tirisong dikgato tsa kgopololo tse di seng mo Molaong jaaka Kgotlatshekelo ya Molaotheo e setse e tlhalositse. 

2.    Molaotlhomo wa Dithulaganyo tsa go Reka mo Ditheong tsa Setšhaba
2.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo wa Dithulaganyo tsa go Reka mo Ditheong tsa Setšhaba. Molaotlhomo yono o phimola Molao wa Pholisi ya Leano la go Tsamaisa Tiro ya go Ntsha Dithendara tse di Sekametseng ka fa Letlhakoreng la Batho ba Bangwe (PPPFA) wa ngwaga wa 2000 (Molao wa bo 5 wa 2000). 
2.2.    Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go dira gore go nne le molao o le mongwe fela wa go tsamaisa tiro mo mererong ya tsamaiso ya dithendara tsa puso mme go fedisiwe melao e mentsi e e senang palo e e leng teng mabapi le tsamaiso ya dithendara tsa puso. 
2.3.    Botlhokwa jwa sekwalwa se iseng se butswe sa Molaotlhomo wa Dithulaganyo tsa go Reka mo Ditheong tsa Setšhaba ke gore se tlhatlosa maemo a dintlha tse naga e ipeetseng tsona tse di jaaka go fetola motsholateu, go matlafatsa basadi, bašwa le batho ba ba tshelang ka bogolofadi. 
2.4.    Se abelana gape le ka kemonokeng ya mo dilong tse di tlhagisiwang ka fa nageng mmogo le go tshegetsa dikgato tsa ka fa nageng tsa go itshimololela dilo le go dira dipatlisiso, mmogo le go tshegetsa bogolosegolo dikgwebopotlana le tse dikgolwane tsa ka fa nageng ya Aforika Borwa ka go reka mo go tsona. 

D.    Ditiragalo tse di Tlang

1. Maitlhomo a Kamano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba
1.1.    Moporesitente Cyril Ramaphosa e tla re ka la bo 12 Motsheganong 2023 a amogele Moporesitente wa naga ya Bulgaria e bong Rre Rumen Radev fa a tla bo a jela naga nala ka merero ya tiro ya semmuso. Mo leetong leno go tla samaganwa le morero wa go aga botsalano mo mererong ya dipolotiki le ya kgwebisano, mmogo le ya go rutana ka ditso tsa dinaga ka bobedi e leng tsa Aforika Borwa le tsa Bulgaria. Bulgaria e santse e le e nngwe ya dinaga tse di botlhokwa tse re gwebisanang le tsona mme mo ngwageng wa 2022 Aforika Borwa e rekiseditse Bulgaria ditlhagisiwa tsa yona tse di ka dirang R1.96 bilione. 
1.2.    Moporesitente Ramaphosa o tla amogela gape le Tona e Kgolo ya Republic of Singapore e bong Rre Lee Hsien Loong ka la bo 16 Motsheganong 2023 mo leetong la gagwe la semmuso la go jela nala Aforika Borwa, mme lona le tla samagana le go gagamatsa tirisanommogo magareng ga dinaga tseno ka bobedi. Naga ya Aforika Borwa e rekiseditse naga ya Singapore ditlhagisiwa tsa yona tse di ka dirang R10.3 bilione mo ngwageng wa 2022, mo naga ya Aforika Borwa e neng ya tlhagisa ditlhagisiwa tse di fetang tsa ka gale.Ditlhagisiwa tse di botlhokwa tsa naga ya Aforika Borwa tse di rekiseditsweng naga ya Singapore gareng ga tse dingwe tse dintsi ke tse di jaaka alumeniamo e e tala, letlapa la tolomaete le le fetisitsweng mo molelong mmogo le marokolola a samente sa setlamo sa Portland. 

2.     Go Nna le Seabe mo Ditiragalong tse di Tlang tse di ka ga Merero ya Lefatshe e e Buang ka Tikologo
2.1.    Kabinete e neseditse pula tiro ya Aforika Borwa ya go nna le seabe mo dipuisanong mmogo le go tsaya karolo mo Kopanong ya Bobedi ya Komiti ya Dipuisano e e Tshwaraganetsweng ke Maphata a Mebuso (INC 2) mo go buisanwang ka Ditumelano tse di Tlamang Maphata Otlhe mo Mererong ya Kgotlhelo ya Tikologo ka Ntlha ya Polasetiki go Tsenyeletsa le ya Mawatle mo kopano e tla tshwarelwang kwa Paris, kwa nageng ya France go tloga ka la bo 29 Motsheganong go fitlha ka la bo 02 Seetebosigo 2023. INC e rwele maikarabelo a go diragatsa ditumelano tsa lefatshe mo mererong ya kgotlhelo ya tikologo ka ntlha ya polasetiki, go tsenyeletsa gape le kgotlhelo ya mawatle. 
2.2.    Kabinete e neseditse pula gape le maemo a Afrika Borwa mo dipuisanelong mabapi le Kopano ya bo 35 ya Lekgotla la Lefatshe Tsamaiso ya Merero ya Dinagakopano e e ka ga Thuto, Saense, le Letsholo la Batho ba Mokgatlho wa Setso mmogo le Botshelo ka Kakaretso mo Lefatsheng mo dipuisano di tla tshwarelwang kwa Paris, kwa nageng ya France go tloga ka la bo 12 go fitlha ka la bo 16 Seetebosigo 2023. 
2.3.    Maitlhomo a UNESCO MAB ICC ke go tlhatlosa ditsela tsa botshelo ka tsela e e somarelang tlhago. Naga ya Aforika Borwa e simolotse go nna le seabe mo Letsholong la Batho le Botshelo ka Kakaretso mo Lefatsheng (MAB) fa e sale ka ngwaga wa 1995 mo Khonferenseng e e neng e tshwaretswe kwa Seville kwa nageng ya Spain. Ga jaanong Aforika Borwa e mo maemong a go tsenya tirisong Leano la Naga ya Aforika Borwa la go Tlhokomela Botshelo ka Kakaretso mo Lefatsheng jaaka e le lona leo le supetsang tsela ya go tsenya tirisong Letsholo la MAB mo maemong otlhe a go laola tiragatso ya tlhokomelo ya botshelo ka kakaretso mo lefatsheng.

3.    Leeto la Motlatsamoporesitente wa Colombia go jela Aforika Borwa Nala
3.1.    Motlatsamoporesitente Rre Paul Mashatile o tla amogela motlatsamoporesitente ka ene wa Colombian, Motlotlegi Mme Vice Francia Elena Márquez, e leng Motlatsamoporesitente wa Rephaboliki ya Colombia mo leetong la semmuso ka Labotlhano wa la bo 12 Motsheganong 2023. Maitlhomo a leeto leno ke go gagamatsa tirisanommogo ya dinaga ka bobedi magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya Colombia jaaka go tla nna le dipuisano tse di tseneletseng le dinaga tsa Kontinete ya Aforika.

4.    Go Nna le Seabe ga Maloko a Khuduthamaga mo Ditiragalong tse di Tlang tse di ka ga go Tshwara Dikopano le Bobegakgang
4.1.    Tona ya Merero ya Motlakase Ngaka Kgosientsho Ramokgopa o tla tshwara kopane le bobegakgang go ba tsopolela ka kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go tsenyeng tirisong Leano la go Tseela Motlakase Dikgato (EAP) ka Labotlhano wa la bo 12 Motsheganong 2023 ka 14:00. Dikopano tseno tse di tshwarwang beke e nngwe le e nngwe di thusa go sedimosetsa bobegakgang ka go bo boya mo dinakong mmogo le go baya baagi mo dinakong ka seo se setseng se dirilwe mo bekeng e e fetileng mo go samaganeng le matsapa a motlakase o o tshabetseng ruri mmogo le go tlhalosa gore ke matsapa afe a a tlholang ditiragalo tsa sešweng tsa motlakase o o tshabetseng ruri.

5.    Kgwedi ya go Keteka Aforika
5.1.    Ka kgwedi ya Motsheganong naga ya Aforika Borwa e tla keteka Kgwedi ya go Keteka Aforika, e leng kgwedi e go tlotlomadiwang tshimololo ya Mokgatlho o o Tshwaraganeng wa Aforika (OAU) mo ngwageng wa 1963, o gompieno o bediwang Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU). Tiro e e namagadi e mokgatlho ono o sa bolong go tobana le yona ke ya go godisa go rena ga kagiso le kutlwano mo kontinenteng. 

6.    Dikgaisano tsa Metshameko ya Tenese e e Tshamekelwang mo Tafoleng
6.1.    Dikgaisano tsa Makgaolakgang tsa Ngwaga wa 2023 tsa Metshameko ya Tenese e e Tshamekelwang mo Tafoleng tsa Mokgatlho wa Lefatshe wa Metshameko ya Tenese e e Tshamekelwang mo Tafoleng (ITTF) di tla tshwarwa go tloga ka la bo 20 go fitla ka la bo 28 Motsheganong 2023. 
6.2.    Metshameko eno e tla tshwarelwa kwa Durban International Convention Centre, mo go tla nnang le metshameko ya banna ba ba tshamekang ba le esi le basadi ba ba tshamekang ba le esi, metshameko ya banna ba ba tshamekang kgatlhanong le banna, metshameko ya basadi ba ba tshamekang kgatlhanong le basadi, moogo le eo ba tshamekang ka setlhotshwana se se tswakilweng ka bong jo bo farologaneng. Kabinete e eletsa tsotlhe tse di molemo go botlhe ba ba tshamekang. 
6.3.    Dikgaisano tsa Makgaolakgang tsa Metshameko ya Tenese e e Tshamekelwang mo Tafoleng tsa ITTF e tla nna tsa ntlha tsa fa e sale go nna le metshameko ya tenese e e tshamekelwang mo tafoleng dingwaga di feta di le 80 tse di fetileng metshameko eno e tshwarelwa mo lefatsheng la Aforika.

7.    Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Bolotloa
7.1.    Jaaka go setse matsatsi a le 81 pele Metshameko ya Bolotloa ya Sejana sa Lefatshe e simolola, Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng gore ba tswelele go fetlha mowa wa go bontsha gore metshameko eno e tla tshwarelwa mo nageng ya bona ka go apara diaparo tsa mebala ya setlhopha se ba se emang nokeng sa bolotloa Labotlhano mongwe le mongwe.

8.    Tekolo ya Letsholo la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo
8.1.    Moporesitente Cyril Ramaphosa o tla Diragatsa Letsholo la Borobedi la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo (DDM) ka Imbizo ya Moporesitente e e tla tshwarelwang kwa Tikologong ya Cape Winelands, kwa Kapa Bophirima ka la bo 19 Motsheganong 2023 mme seno ke karolo ya maiteko a puso a go tokafatsa kabo ya ditirelo le go dira gore baagi le mekgatlho ya setšhaba yotlhe ba ipope ngatana nngwe mme ba nne le seabe mo go tshwaraneleng Aforika Borwa mmogo gore e gole le mo go direng gore go se nne le ope yo e sa mo tsweleng mosola.
8.2.    Maloko a khuduthamaga mo nakong e e sa fediseng pelo a tla simolola ka Matsholo a Imbizo jaaka e le karolo ya go buisana le setšhaba, e leng seo se dirang gore puso e ye kwa baaging le go dira gore re nne le temokerasi e baagi ba nang le seabe mo go yona mo go rarabololeng dilo tse di saletseng morago tse di botlhokwa mo kabong ya ditirelo. 

E.    Messages

1.    Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go: 

  • Mme Kirsten Neuschäfer jaaka a fentse kabo ya tlotlo mo motshamekong wa mekorwana ya Golden Globe Race jaaka a kgannile mokorwana wa gagwe sebaka sa matsatsi a ka nna 235 a sena GPS kana tse dingwe tsa dithekenoloji tsa go mo supetsa tsela. E ne e le ene a le esi mosadi yo a tsenetseng motshameko ono mme e nnile ene mosadi wa ntlha wa go fenya lebelo leno la go dikologa lefatshe ka nosi. 

2.    Melaetsa ya Matshediso 
Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa: 

  • Molwelakgaratlho wa mo-Dutch e bong Rre Klaas de Jonge, yo a lwetseng kgololesego ka boinelo, yo a amogetseng Kabo ya Naga ya Tlotlo ya Batsamaisanetselammogo ba OR Tambo. De Jonge o tla gopolwa ka botshabelo jwa gagwe jwa go tshabela kwa embasing ya ma-Dutch mo a neng a nna gone sebaka sa dingwaga di le pedi a tshaba gore o tla golegwa ke mapodisi a puso ya tlhaolele. O gopolwa gape le ka tiro ya gagwe ya go rarabolola dikgogakgogano mo dinageng di le dintsinyana ka fa kontinenteng. 
  • Moitseanape wa Merero ya Motlakase, Rre Ted Blom, yo a neng a phela a ntsha maikutlo a gagwe ka pholisi ya merero ya motlakase e bile a ne a tlhagisa mabaka a a utlwagalang.
  • Ngaka ya Tiro ya Dikaro Lwando Lawrence Bunga, Ngaka ya Tiro ya Dikaro Mario Nel mmogo le Mokonetabole Lefaka, batlhankedi bano ba Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) boraro jwa bona bo bolailwe ba samagane le ditiro tsa bona mo mafelong a a farologaneng e leng kwa Teropong e Kgolo ya Nelson Mandela mmogo le ya Buffalo City kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba mmogo le kwa lefelong la Atteridgeville, kwa porofenseng ya Gauteng. Mo godimo ga bona, mapodisi a mangwe gape a le mabedi ba letse ba bolailwe maabane. Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale dipolao tsa batlhankedi ba sepodisi mme e bona seno e le ditiro tsa go tlhasela pabalesego ya naga. Kabinete e laetse mapodisi gore go se nne le gope mo go sa phurutlhololweng gona go batlana le ditlhokotsebe tseno tse di re bolaetseng mapodisi a rona.
  • Mmamoratwa wa naga ya Aforika Borwa yo e neng e le motshameki yo a neng a tumile wa motshameko wa kolofo, Rre John Bland (yo a neng a na le dingwaga di le 77), yo a fentseng makgetlo a le 36 mo tirong ya gagwe e e ketekilweng gantsi e a e dirileng sebaka sa dingwagasome di le dintsintsi.
     

Dipotsolotso:
Rre Michael Currin – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 082 462 7896
 

Share this page

Similar categories to explore