Puo ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa e e ka ga Kgatelopele e e Dirilweng mo Matsapeng a Naga a go Samagana le Leuba la COVID-19

MaAforika Borwa a gaetsho,

E setse e le sebaka sa halofo ya ngwaga fa e sale re tsibosa gore naga ya rona e tsena mo dikgatong tsa maemo a masetlapelo gore re kgone go samagana le leroborobo la mogare wa corona.

Mo sebakeng seo, maAforika Borwa a feta a le 15 000 a latlhegetswe ke matshelo a bona ka nttlha ya bolwetse jono mme ba bangwe gape ba feta ba le 650 000 go totobaditswe fa ba tshwaetsegile.

Ikonomi ya naga ya rona mmogo le setšhaba sa rona di bogile tota.

Re itshoketse ditsuatsue tse di bogale tse di rutlomololang.

Fela ka ntlha ya go ema mmogo, le go se gadime morago, re kgonne go kgabola mo go tsona.

Mo dikgweding di le pedi tse di fetileng fa ditsuatsue tseno di ne di tsubutla tota, re ne re rekota dikgetse tse dintšhwa tsa ditshwaetso di le 12 000.

Ga jaanong, re kgona go rekota tse di ka fa tlase ga di le 2 000 ka letsatsi.

Jaanong re na le palo ya bokanaka 89%.ya batho ba ba itharabologelwang.

Le fa dikgatokiletso di ne tsa repisiwa mo kgweding e e fetileng fa re ne re tsena mo kgatong ya bobedi, re ne ra tswelela go bona phokotsego e e iketlileng ya ditshwaetso tse dintšhwa, ya batho ba ba amogelwang kwa dipetlele le ya batho ba ba thulang botala ka tlhogo.

Tlhokego ya malao a kwa bookelong, didirisiwa tsa go thusa go hema, oksijene le didirisiwa tse dingwe tsa botlhokwa tsa kokelo le tsona re di bone di fokotsega ka iketlo.

Re atlegile mo go itharabologelweng mo kgatong e e bogale go gaisa ya leroborobo leno fa ka mo letlhakoreng le lengwe re ne re babalela bokgoni jwa maokelo a rona.

Ke rata go ka akgola lona, baagi ba Aforika Borwa, mo katlegong eno mmogo le mo go bolokeng diketekete tsa matshelo ka ntlha ya ditiro tsa lona tse le di dirileng le le ngatana.

Katlego eno gape e nopotswe le ke ba Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo (WHO), ka ba ne ba thusana le rona gore re kgone go gagamatsa dikgato tsa rona tsa go tsibogela bolwetse jono.

Jaaka re tlhalositse mo malobeng gore ba ne ba re tshwere ka seatla ka go re neela dikeletso mmogo le go romela baitseanape ba bona ka fa nageng ya rona go tla go re tswa thuso.

Re leboga go menagane ka tshegetso eo Molaodikakaretso wa WHO kwa nageng ya Geneva a re neileng yona, mmogo le tshegetso e re e boneng go tswa kwa Tikwatikweng ya Kontinente ya Aforika e e Mabapi le go Thibelaketegelo ya Malwetse

Le fa tota re nnile le kgatelopele e e gagamatsang, go santse go na le batho ba le bantsinyana ba rona ba ba santseng ba tshwaetsega fa ba bangwe bona ba raga kgamelo.

Boammaruri ke gore re santse re le mo teng ga legano la leroborobo leno le le bolayang.

Kgwetlho e kgolo mo go rona jaanong – e leng yona tiro e e namagadi e re santseng re tshwanetse go e dira – ke go netefatsa gore ga re itemogele leru le lentšhwa la bobedi la ditshwaetso.

Dinaga di le mmalwa mo lefatsheng di aparetswe ke 'leru la bobedi la ditshwaetso' kgotsa ditshwaetsosešwa.

Bontsi jwa dinaga tseno di ne di setse di fetile mo kgatong eo ditshwaetso di ntshang ga tshwene e bile go ne go bonagala e kete di setse di kgonne go laola mogare ono.

E bile tse dingwe tsa dinaga tseno di ne di setse di fedisitse le melaokiletso e mentsi e e iletsang ditiragalo tsa ikonomi le tsa boithabiso.

Mo dikarolong di le dintsi, leru la bobedi la ditshwaetso le nna bogale go gaisa ditshwaetso tsa ntlha.

Dinaga di le dintsinyana di ne tsa iphitlhela di gapeletsega go busetsa tirisong dikgato tse di gagametseng tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng.

Maokelo a rona a puso jaanong a tsibogela mogare ono ka go tsepamisa mogopolo mo go fokotseng ditshwaetsego tsa mogare ono gape le go ipaakanyetsa kgonagalo ya fa leru leno le ka runya gape lekgetlo la bobedi.

Ka jalo re tsere tshwetso ya go tswelela go oketsa diteko tsa mogare wa corona.

Ka ntlha ya phokotsego ya dipalo tse dintšhwa tsa batho ba ba tshwaetsegang le phokotsego ya morwalo o o neng o le mo magetleng a maokelo a rona, jaanong re na le ditlhokwa tse di lekaneng go oketsa matsholo a go dira diteko.

Gare ga batho ba re tla kgonang go ba dira diteko ba tsenyeletsa bao ba amogetsweng kwa dipetlele, balwetse ba ba latang melemo kwa sepetlele ba ba nang le matshwao a COVID-19, mmogo le batho ba ba kileng ba kopana le batho ba ba totobaditsweng fa ba na le mogare, go sa kgathalesege gore bona ba na le matshwao kgotsa ga ba na ona.

Go tshegetsa matsholo ano a go dira diteko, re samagane le go tokafatsa dikgato tsa rona tsa go gata motlhala batho bao ba kopaneng le motho yo a nang le mogare ono ka go dirisa epe ya COVID-19 Alert South Africa ya mogala wa mo seatleng o o dirisang thekenoloji ya sešweng mmogo le mofamo wa COVID-19 Connect WhatsApp.

Go dira diteko ka manontlhotlho mmogo le dithulaganyo tsa go gata motlhala batho bao ba kileng ba kopana le bao ba tshwaetsegileng ke dilo tse di tla re thusang gore re kgone go nopola ka ponyo ya leitlho go runya ga bolwetse pele bo ka anama go feta.

Ke batla go dira boikuelo mo mothong yo mongwe le yo mongwe mo nageng ya Aforika Borwa yo a dirisang mogala wa mo seatleng o o dirisang thekenoloji ya sešweng gore a taoneloute epe ya megala ya mo seatleng ya COVID-19 Alert South Africa mo go Apple App Store kgotsa mo go Google Play Store.

Epe eno ga e duedisiwe ke ditlamo tsa megala, ka jalo o ka kgona go e taonelouta ntle le go jelwa dithatha.

Ka go dirisa thekenoloji ya Bluetooth epe eno e tla romela mong wa mogala molaetsa gore a ele tlhoko gore o kopane le motho yo le ene a nang le epe eno mo mogaleng wa gagwe yo a dirileng diteko mo sebakeng sa matsatsi a le 14 mme di ribotse fa a na le mogare ono.

Epe eno ga e tlhagisi dintlha tsa batho, ga e bokeletse tshedimosetso ka ope e bile ga e gate batho motlhala gore ba kwa kae.

Lefapha la Boitekanelo le dirile gape le WhatsApp le thulaganyo ya di-SMS go thusa batho ba ba senang megala e e dirisang thekenoloji ya sešweng ka go ba romela dipholo tsa bona tsa diteko le go ba loma tsebe ka kgonagalo nngwe le nngwe e e ka dirang gore ba iphitlhele ba wetse mo kotsing ya mogare ono.

Go gata motlhala batho bao ba kileng ba kopana le bao ba tshwaetsegileng ke kgato e e botlhokwa ya go thibelaketegelo go itshireletsa mmogo le ba lelapa le ditsala tsa gago.

Re tla thankgolola lenaneopatlisiso la naga go phuruphutsha palo ya mmatota ya ditshwaetso ka fa nageng.

Lenaneopatlisiso leno – le le itsegeng ka gore ke lenaneopatlisiso le le phuruphutsang bontsi jwa dikarolo tsa mogare ono – le dirisa diteko tse di lekolang diedi tsa mmele go bona fa e le gore motho o kile a tshwarwa ke mogare wa corona.

Dipatlisiso tsa naga ka bophara di tla kgontsha borasaense ba kgone go itse bogolo jwa ditshwanetso le maemo a baagi a masole a bona a mmele mmogo le go tlhaloganya botoka ditsela tseo mogare ono o tshelanang ka tsona.

Re tswelela go tlhokomela bokgoni jwa maokelo a rona go netefatsa gore re kgone go samagana ka manontlhotlho le leroborobo le le ka runyang lekgetlo la bobedi, mmogo le go netefatsa gore motho mongwe le mongwe o bona thuso eo a e tlhokang.

Lefapha la Boitekanelo le dirisanammogo le mekgatlho ya badiri mmogo le ba bangwe ba bannaleseabe go netefatsa gore batlhankedi ba maokelo le ba bangwe ba ba digogang kwa pele ba na le didirisiwa tsotlhe tse ba di tlhokang tsa itshireletso mmogo le maemo a kwa tirong a a bolokesegileng.

Ke rata go ka leboga badiredi ba ka fa nageng ba ba di gogang kwa pele go bo ba tlhagisitse maikutlo a bona ka maatla le ka tolamo jaaka ba dirile mabapi le seemo sa pabalesego.

Ke rata go ka leboga boineelo jwa bona mo go tlhokomeleng batho ba borona mmogo le dikgato tsa bona tsa go itima dilo tse dintsi tse ba itimileng tsone.

Le fa re samagane le go thibela kgonagalo ya go runya sešwa ga mogare ono, re tsweletse go ipaakanyetsa motsi oo ente e tla bong e le teng.

Go netefatsa gore naga ya rona e kgona go fitlhelela ente e e mosola ka bonako jo bo kgonagalang le ka bontsi jo bo lekaneng gore e kgone go babalela baagi ba yona, naga ya rona e tshameka karolo mo matsholong a lefatshe a a tshegediwang ke WHO go ka bokeletsa metswedi e e leng teng gore go tlhagisiwe le go phasaladiwa ente eo.

Ka letsholo leno, naga ya rona ya Aforika Borwa ke karolo ya dinaga tse dingwe tse di tshegetsang mananeo a le mmalwa a tlhagiso ya ente e bile e batla gore go nne le tekatekano mo go abiweng ga ente e e atlegileng eo e batlang gore e rekisiwe ka madi a a seng boturu.

Ka go dirisa maemo a rona a bonnasetulo jwa Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika, re ntse re tlhotlheletsa gore dinaga tsotlhe di neelwe ente ka go lekana gore go se nne le naga eo e tswalelwang kwa ntle.

Re beeleditse gape le mo bokgoning jwa rona gore re tlhagise le go phasalatsa ente e e dirilweng ka fa nageng, gore naga ya rona ya Aforika Borwa e kgone go nna le seabe se se botlhokwa mo matsapeng a yona a go atolosa tlamelo ka ente.

Naga ya rona e setse e simolotse go tsaya karolo mo ditekong tsa go batla ente di le tharo, e leng seo se bontshang bokgoni jwa naga ya rona mo mererong ya saense.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Mo kgweding e e fetileng kwelotlase e kgolo ya ditshwaetso tse dintšhwa e dirile gore naga ya rona e tsene mo legatong la bobedi la go samagana le mogare wa corona.

Jaanong, ka kgatelopele e nngwe gape e re e dirileng mo dikgetse tse dingwe gape tsa ditshwaetso di fokotsegileng, jaanong re siametse go ka tsena mo kgatong e nngwe gape ya rona ya go samagana le leroborobo leno.

Re sutlhile ditsuatsue tsa mogare wa corona.

Jaanong ke nako ya go busetsa naga ya rona, batho ba yona le ikonomi ya yona mo seemong se se batlileng se tshwana le sa mo malobeng, se se batlileng se tshwana le sa ka fao re neng re tshela ka teng mo dikgweding di le thataro tse di fetileng.

Jaanong ke nako ya go tsena mo kgatong eo e tla nnang seomodiro sa ka fao re tshelang ka teng fa re santse re na le mogare wa corona mo matshelong a rona.

Le fa bontsi jwa ditiragalo tsa ikonomi di simolotse go dira mo kgweding ya Seetebosigo, jaanong ke nako ya go tlosa bontsi jwa melaokiletso e e leng teng mo ditiragalong tsa ikonomi le tsa boithabiso ka jaanong go babalesegile go ka dira jalo.

Go latela dikgato tsa go batla maikutlo a baemedi ba dipusoselegae le ba dipuso tsa diporofense, mmogo le go latela dikgakololo tsa borasaense ba rona mmogo le go tšhotlha kgang eno le bannaleseabe ba rona, Kabinete mo mosong wa gompieno e sweditse gore jaanong naga e ka tsena mo kgatong ya ntlha.

Kgato eno ya go tsena mo kgatong ya ntlha e tla simolola go tsenngwatirisong ka Latshipi bosigogare wa la bo 20 Lwetse 2020.

Kgato eno e totobatsa gore maemo a tshwaetsano a fokotsegile thata le gore jaanong maokelo a rona a na le tsotlhe tse di tlhokagalang go ka samagana le seemo sa ga jaanong.

Go tsena mo kgatong ya ntlha go tla raya gore melaokiletso e mengwe gape e e ka ga go kgobokana ga batho e tla repisiwa.

  • Go kgobokana ga batho go ithabisa, go ya dikerekeng, go tsweletsa merero ya sepolotiki mmogo le ditiragalo tse dingwe gape tsa go kgobokana go tla letlelelwa, fa fela palo ya batho ba ba kgobokaneng e sa fete halofo ya palo e lefelo leo ba leng mo go lona e kgonang go le tsaya, mme lefelo leo ga le a tshwanela go amogela batho ba feta ba le 250 fa e le gore batho bao ba kgobokane ka fa teng ga lehalahala kgotsa 500 fa e le gore batho bao ba kgobokane kwa ntle mo lebaleng.

Dikgato tsa pabalelo ya boitekanelo, tse di jaaka go tlhapa diatla kgotsa go di tshasa ka sebolayamegare, go katogana mmogo le go apara dimaseke, di tla tshwanelwa ke go obamelwa ka dinako tsotlhe.

  • Palo ya batho ba ba ka tlang lesong go tshegetsa lelapa le le leng mo kutlobotlhokong e okeditswe go tloga mo go ba le 50 go ya mo go ba le 100 ka ntlha ya fa go na le matshosetsi a magolo kwa diphitlhong a a ka dirang gore tshwaetsano e tlhatloge. Go tshwarwa ga meletelo go santse go ileditswe.
  • Mafelo a go ikatisiwang mo go ona, a botlhabakgobe le a boitapoloso – a a jaaka mafelo a katiso ya mmele le a metshameko ya mo seraleng – a a neng a letleletswe go amogela fela batho ba le 50, jaanong a tla letlelelwa go amogela halofo ya palo e lefelo leo ba leng mo go lona e kgonang go le tsaya go lebeletswe bogolo jwa lefelo, mme seo se tla letlelelwa fela fa go ikamanngwa le dikgato tsa go katogana mmogo le dikgato tse dingwe tsa pabalelo ya boitekanelo.
  • Dikiletso tse di ntseng di le mo tirisong fa go tla mo metshamekong di tswelela go nna mo tirisong jaaka di le.

Mo go tlhokagalang tebang le go ikwadisetsa ditlhopho kgotsa ditlhopho tse di itlhophileng, Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho (IEC) e tla letlelelwa go etela dikgolegelo, maokelo, mafelo a a tlhokomelang batho ba ba tsofetseng mmogo le mafelo a mangwe a mothale ono.

Seno se tla letlelelwa fa fela go ikamanngwa le dikgato tsotlhe tsa pabalelo ya boitekanelo, tse di tsenyeletsang le tsa go apara dimaseke le go tlhapa diatla kgotsa go di tlotsa ka sebolayamegare.

E nngwe ya dikgato tse di gagametseng tsa go thibela go anama ga mogare ono e nnile ya go tswalela melelwane le go iletsa maeto go thibela baeng go tswa kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba.

Fa re tsena mo kgatong ya ntlha, re tla repisa ka iketlo le ka kelotlhoko melaokiletso eno mabapi le maeto a boditšhabatšhaba.

Re tla letla gore baeng go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle go etela Aforika Borwa mmogo le go letla baagi ba naga ya rona go etela dinaga tse dingwe fa maeto a bona a le ka ga kgwebo, botlhabakgobe le maeto a mangwe go simolola ka la bo 1 Diphalane 2020.

Maeto ano a tla letlelelwa fa fela go ikamaganngwa le dikgato tse di rileng tse di farologaneng:

  • Maeto a ka ilediwa fa e le gore ke a a lebang kgotsa a a tswang kwa dinageng dingwe tse di nang le thologelo e e kwa godimo ya ditshwaetso. Lenaneo la dinaga tseno leo le tla bong le ikaegile ka tshedimosetso ya sešweng ya saense le tla phasaladiwa.
  • Batsayamaeto bano ba tla dirisa kgoro e le nngwe ya dikgoro tsa melelwane ya rona e e ntseng e butswe le fa re ne re le mo kgatong ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng kgotsa ba ka dirisa mafelo a le mararo a boemafofane jwa ka fa nageng e leng: King Shaka, OR Tambo le Cape Town International Airport.
  • Fa baeng ba goroga kwa dikgorong tseno ba tla tshwanelwa ke go tlhagisa setifikeiti se se supang fa ba dirile teko ya COVID-19 mme go fitlhetswe ba sena yona mme setifikeiti seno se tshwanetse sa bo se se bogolo jwa diura di feta di le 72 pele ba ka tsaya leeto.
  • Fa motsayaloeto e le gore ga a dira diteko tseno pele a ka tsaya loeto, o tla tshwanelwa ke go bewa mo kwarantineng eo e leng ya segapeletsa eo e tla duelelwang go tswa mo potleng ya gagwe.
  • Batsayamaeto botlhe ba tla lekolwa fa ba goroga mme bao ba nang le matshwao ba tla tshwanelwa ke go bewa mo kwarantineng go fitlha ba diriwa diteko tsa bobedi tsa COVID-19.
  • Batsayamaeto botlhe ba tla kopiwa go tsenya mo megaleng ya bona ya seatla epe ya mogala wa seatla ya COVID-19 Alert South Africa.

Dinaga tse di dirisang epe ya mothale ono di kgonne go mekamekana le leroborobo leno la mogare wa corona bonolo.

Mo go ipaakanyetseng go bula melelwane ya naga ya rona, mafelo a Aforika Borwa a di-embasi kwa dinageng tsa kwa ntle a tla bulela dikopo tsa di-visa mme di-visa tsa pakatelele le tsone di tla busediwa sekeng.

Lekala la bojanala ke le lengwe la maphata a magolo mo ikonoming ya rona.

Jaanong re mo seemong se se siameng sa go ka bulela lefatshe dikgoro tsa rona, le go laletsa bajanala go tla go iketla mo dithabeng tsa rona, mo mawatleng a rona, mo diteropokgolong tsa rona tse di ntshang bodutu le mo diphakeng tsa rona tsa diphologolo tse di tlhaga ba babalesegile e bile ba na le tshepo.

E bile gape jaaka karolo ya go boela sekeng ka iketlo mo ditiragalong tsa ikonomi le tsa boithabiso:

  • Diura tsa kiletso ya motsamao di fetotswe. Kiletso ya motsamao jaanong e tla diragadiwa magareng ga bosigogare le ura ya bone mo matsheng.
  • Mabentlele a a rekisang bojalwa go bo nwela kwa malapeng a letleletswe go rekisa go tloga ka Mosupologo go fitlha ka Labotlhano magareng ga ura ya borobongwe mo mosong go fitlha ka ura ya botlhano maetsiboa.
  • Bojalwa bo tla letlelelwa go nwelwa ko bo rekisiwang mo mafelong ao a nang le dilaesense mme go tla tshwanelwa gore melao ya diura tsa kiletso e obamelwe.

Mo matsatsing a le mmalwa a a tlang, melawanataolo e e leng mo dinakong e tla phasaladiwa mme Ditona tse di maleba di tla abelana ka tshedimosetso ka botlalo.

Mo nakong e khutshwane Lefapha la Tirelopuso le Tsamaiso le tla rebola ditaelo go laela badiredi botlhe ba puso ka dikgato tsotlhe tse di tla tsewang go ba kgontsha go boela tirong mo maphateng otlhe a puso gore e kgone go dira ka botlalo ka pabalesego ntle le go senya nako.

Ka ntlha ya melaokiletso e e santseng e le mo tirisong e molao o e letlelelang go dirisiwa fa fela melawanataolo ya masetlapelo e santse e le mo tirisong, re setse re atolositse Molao wa Masetlapelo a Naga ka sebaka sa kgwedi gore o nne mo tirisong go fitlha ka la bo 15 Diphalane 2020.

Go tsena mo kgatong ya ntlha go fedisa tiriso ya bontsi jwa melaokiletso e e iletsang ditiro tsa ikonomi, le fa tota go santse go tla tsaya nako go bolokesega gore makala otlhe a boele mo maemong a ona a go dira ka botlalo.

Tlamelo ya dithoto le ditirelo ka fa nageng le kwa dinageng tsa boditšhaba di tla tswelela go nna kwa tlase mo makaleng a mangwe mo isagong, le fa tota re tlositse dikiletso.

Ka jalo, go botlhokwa gore re direle ka bonako mo go ageng sešwa ikonomi ya rona, mo go busetseng sekeng kgolo ya rona ya ikonomi le mo go tlholeng ditiro.

Go latela dibeke di le mmalwa tsa dipuisano, badirisanimmogo mo mererong ya loago ba Lakgotla la Naga la Tlhabololo ya Ikonomi le Ditiro (NEDLAC) ba nnile le kgatelopele e namatshang mo tumelanong e kgolo ya loago e e ka ga go busetsa sekeng maemo a ikonomi.

Seno se emetse phitlhelelo e tona mo hisetoring ya naga ya rona, e leng se se supang gore ke eng se re ka se fitlhelelang fa re tshwaragane go samagana le matsapa a tshoganyetso.

Kabinete e tla agelela mo godimo ga dintlha tseno tse di tlhagelelang gore e kgone go konosetsa leano la ikonomi ya naga la kagosešwa le itharabologelo mo dibekeng di le mmalwa tse di tlang.

Leano leno la ikonomi ya naga la kagosešwa le itharabologelo le le santseng le tla konosediwa le tla rokelelwa mo godimo ga letsholo la go rwalola boima mo mererong ya loago la bokanaka R500 bilione leo re le tsibositseng mo kgweding ya Moranang, e leng lona le le tlametseng malapa, ditlamo le badiri ka tshegetso ya botlhokwa fa ba ne ba e tlhoka.

Ka letsholo le le itlhophileng la madithuso a COVID-19 mmogo le madithuso a mangwe gape a tlaleletso a a leng teng, madi a ka feta R30 bilione a tshegetso ya tlaleletso go setse go tlametswe ka ona mo bathong ba feta dimilione di le 16 ba ba tswang kwa malapeng a a humanegileng.

Ditlamo di feta di le 800 000 di unngwetswe mo sekemeng sa tshegetso ya megolo sa Letlole la go Kgaolwa kwa Tirong (UIF) ka go tlamelwa ka madithuso a megolo mmogo le madikadimo go tswa kwa mafapheng a a farologaneng a puso le go tswa kwa ditheong tsa puso.

Badiri ba feta ba le dimilione di le nne ba amogetse tshegetso ya megolo ya bokanaka R42 bilione, e leng seo se thusang go boloka ditiro tseno le fa ditlamo di ne di retelelwa ke go dira.

Tshegetso eno e thusitse matshelo a dimilione tsa maAforika Borwa, mme e bile e nnile mosola e le ruri mo matshelong a bao ba neng ba tlhoka thuso eno tota.

Merokotso ya UIF e atoloseditswe nako ya go khutla go fitlha kwa bokhutlong jwa fa Molao wa Masetlapelo a Naga o ya bokhutlong go netefatsa gore badiri bano mmogo le ditlamo tseo megolo ya bona e santseng e ise e itharabologelwe di tswelela go tshegediwa.

Mo godimo ga dikgwebo tseno tse di boneng tshegetso eno ka tlhamalalo, ditlamo tse dingwe gape tse dintsi di unngwetswe mo letsholong la go fokotsa lekgetho tse di ka balelwang go R70 bilione.

E bile gape dimilione tsa maAforika Borwa di unngwetswe ka dikgato tse di iseng di tle di diragale mo nageng tsa go fokoletswa boleng jwa dinamane tsa dikoloto.

Go nnile le dikarolo tse di tokafadiwang mo Sekemeng se se Tshegetsang Madikadimo go dira gore go nne bonolo gore ditlamo, go sa kgathalesege bogolo jwa tsona, di kgona go iponela sekoloto sa dinamane tse di kwa tlase, mo dituelelo tsa tsone di tla busediwang kwa morago sebaka sa bokanaka dikgwedi di le 12.

Re rotloetsa ditlamo tsotlhe tse di kopaneng le matsapa mabapi le megolo ya bona go batla tshegetso mo dikemeng tseno fa ikonomi ya rona e santse e itharabologelwa.

Kwa tshimologong ya leroborobo re ikuetse mo go maAforika Borwa gore ba ikopanye go nna ngatana e le nngwe le go nna bomoratanagayaabo ka go tshegetsa matsapa a a diriwang ke puso mo go samaganeng le leroborobo leno.

Re ne ra tlhoma Letlole la Tshwaraganelo, leo le setseng le amogetse dikoleke di ka nna di le 300 000 go tswa kwa baaging ba ka nna 15 000 mmogo le go tswa mo ditlamong di ka nna 2 500.

Dikoleke tseno di tswa mo baaging le mo badiring, mo dikerekeng, mo makokong a dipolotiki, mo mekgatlhong eo e seng ya puso, mo dikgwameng le mo ditheong tsa loago.

Ka tiro ya lona, Letlole la Tshwaraganelo le re bontshitse matla a tirisanommogo mo loagong.

Fa e sale le tlhomiwa, le setse le bokeleditse madi a feta R3.1 bilione a dikoleke go tswa mo ditlamong tsa rona, mo ditheong tsa loago le mo baaging ba rona.

Go fitlheng mo motsing ono, e setse e abile bokanaka R2.4 bilione go tshegetsa dikarolo tse di botlhokwa mo nageng tse di samaganang le tsibogelo ya rona ya mogare wa corona.

Tsona di tsenyeletsa go rekiwa ga didirisiwa tsa go dira diteko, melemo le didirisiwa tsa ipabalelo mmogo le go tshegetsa tlhagiso ya metšhini ya go thusa go hema e e dirilweng ka fa nageng. Di tsenyeletsa gape le tlamelo ya dijo mo malapeng a a humanegileng, diboutšhara go thusa balemirui ba ba potlana ba ba ijalelang dijo, tlhokomelo ya batswasetlhabelo ba Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV) mmogo le letsholo la ka fa nageng la temososetšhaba ka ga COVID-19.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Tirisodikgoka mo basading le mo baneng ba rona e tsweletse le fa tota re ne re le ka fa teng ga legano la leroborobo leno.

Re tota re ikemiseditse go tswelela ka dikgatotharabololo tsa rona go samagana le leru leno la Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi (GBVF).

Go ya ka tshedimosetso ya sešweng, re nopotse mafelo a le 30 a ditiragalo tseno di diragalang gantsi mo go one go ralala le naga mo bothata jono bo leng bogolo mo go one.

Jaaka re tsena mo kgatong e e latelang, re tla oketsa le go tokafatsa tirelo ya go tshegetsa bao ba sutlhileng mo dinaleng tsa GBV, bogolosegolo mo go bao ba tswang kwa go le lengwe la mafelo a a nopotsweng ao ditiragalo tseno di diragalang gantsi mo go one.

Re tshwanetse go diragatsa seno e seng fela ka ntlha ya gore dikgato tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng di a repisiwa, fela le ka ntlha ya gore ke tiro eo re ntseng re samagane le yona jaaka re tsenyatirisong Leanotlhomo la Naga le le sa bolong go nesediwa pula ke Kabinete kwa tshimologong ya monongwaga.

Mme seno se tsenyeletsa go tlhoma lefelo leo mo go lona go fitlhelwang ditirelo di le dintsi tse di farologaneng tse di golagantsweng mo lefelong le le lengwe mme tseno di tsenyeletsang ditirelo tsa tshegetso ya go thobiwa maikutlo, ditirelo tsa diphuruphutso mo dikgetseng, ditirelo tsa go naya batswasetlhabelo mafelotulo moo ba ka itshubang gone mmogo le go thusa bao ba sutlhileng mo dinaleng tsa GBV ka ditšhono tsa gore ba itirele letseno.

Mafelo a go Fitlhelwang Ditirelo Tsotlhe mo Lefelong le le Lengwe a Khuseleka a tlaleletsa mo tirong ya letlotlo le re nang le lona la mo Mafelong a go Fitlhelwang Ditirelo Tsotlhe mo Lefelong le le Lengwe a Thuthuzela, mme jaaka re bua jaana a setse a simolotse go dira kwa dikgaolong dingwe kwa porofenseng ya Bokone Bophirima, ya Limpopo le ya Kapa Botlhaba.

Re setse re simolotse ka tiro ya go atolosa mokgwatirelo ono wa tlhokomelo le tshegetso mo diporofenseng tsotlhe tsa rona.

A re tseyeng matsapa otlhe go fedisa bothata jono jwa tirisodikgoka mo basading le mo baneng ba rona.

Leroborobo la mogare wa corona le beile mo pepeneneng ka fao bonweenwee bo setseng bo bodisitse setšhaba sa rona le go utswetsa naga ya rona didirisiwa tse di botlhokwa mo nakong eo re di tlhokang tota.

Ditheo tsa rona tse di netefatsang fa molao o obamelwa di tsweletse go dira dikgatelopele tse di botlhokwa mo go batlisiseng ditatofatso tsa tiriso ya matlole a a amanang le COVID-19 ka tsela e e sa tshwanelang.

Yuniti e e Batlisisang Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU) e setse e nneile pegelo ya nakwana ya yona ya ntlha, mo e tlhalosang ka botlalo kgatelopele ya bona mo dipatlisisong tseo ba samaganeng le tsona mo diporofenseng tsotlhe le mo mafapheng a mangwe a puso ya naga le mo ditlamong tse dingwe tsa puso.

Fa SIU e sena go garela dipatlisiso tsa yona, re tla kgona go itsise setšhaba ka tseo ba di ribolotseng.

SIU e tshwarisane tiro eno le ditheo tse dingwe gape di le robedi mo Tikwatikweng ya Ditirelo tse di Golaganeng tsa go Phuruphutsha Bonweenwee mabapi le dithentara tsa COVID-19, ka go phuruphutsa le go tšhotšhisa kgetse nngwe le nngwe moo go ka fitlhelwang go dirilwe bonweenwee.

Jaaka karolo ya matsapa a go rotloetsa botlhokalehunela le maikarabelo, Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba le phasaladitse mo inthaneteng dintlha tsotlhe tse di amanang le dikonteraka tsa dithentara tsa COVID-19 tse di rebotsweng ke ditheo tsa puso mo maphateng a puso ya naga le mo maphateng a puso ya porofense.

Eno ke kgato e e iseng e diragadiwe ka fa nageng eo re solofelang gore e tla nna seomodiro fa go tla mo tirisong ya matlole a puso a mothale ono.

Kantoro ya Morunikakaretso (AG) le yona e tshamekile karolo ya botlhokwa thata mo go nopoleng makoa le matshosetsi mo tsamaisong ya metswedi ya COVID-19, mmogo le mo go nopoleng dikgetse tse di bontshang go ka tswa go dirilwe borukhutlhi mo go tsona gore ba ditheo tse di tshamekang karolo mo Tikwatikweng ya Ditirelo tse di Golaganeng tsa go Phuruphutsha Bonweenwee ba di batlisise.

Re tsweletse go matlafatsa matsapa a rona a go ema kgatlhanong le bonweenwee ka go tlamela ditheo di tshwana le Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA) mmogo le ditheo tse dingwe gape tse di netefatsang fa molao o obamelwa ka ditlhokwa di tshwana le go thapiwa ga batho le tsa matlole e leng tseo ba di tlhokang go samagana le bonweenwee, go matlafatsa dikgotlatshekelo tse di samaganang le dikgetse tse di itlhophileng mo dikgwebong e leng seo se tla thusang go potlakisa dikgetse tse di amanang le tsa COVID-19, mmogo le go konosetsa Togamaano e ntšhwa ya Naga ya go Ema Kgatlhanong le Bonweenwee.

Re tota re ikemiseditse go netefatsa gore tsotlhe tse di sa itumediseng ka leroborobo leno re di fedise.

Re ka se kgone go itemogela go runya ga mogare ono lekgetlo la bobedi ka fa nageng ya rona.

Gore leroborobo leno le runye lekgetlo la bobedi le tla tlhakatlhakanya naga ya rona, mme ebile le tla kgoreletsa gape matshelo a rona le ka fao re iphedisang ka teng.

Ke maikarabelo a moAforika Borwa yo mongwe le yo mongwe go netefatsa gore seno ga se diragale.

Jaaka re tsena mo kgatong e ntšhwa e e tla nnang seomodiro mo matshelong a rona le fa re ithuta go tshela le mogare ono fa gare ga rona, re tshwanetse go tswelela go tsaya kgato e nngwe le e nngwe ya pabalesego gore re seke ra tshwaetsa ba bangwe.

Tsela eno ke yona e ka yona re tla kgonang go tshela re babalesegile le ikonomi ya rona e tsweletse go dira:

Sa ntlha, re tshwanetse gore re apare dimaseke ka gale fa re le fa gare ga batho le go netefatsa gore dimaseke tseno di khurumetsa nko le molomo.

Sa bobedi, ka gale re tshwanetse go katoga batho ba bangwe ka sekgala sa mitara le halofo le go netefatsa gore re mo mafelong ao a tsenelwang ke mowa ka tshwanelo.

Sa boraro, re tshwanetse go tswelela go tlhapa diatla kgotsa go dirisa sebolayamegare nako le nako.

Sa bone, re tshwanetse go taonelouta le go tsenya mo megaleng ya rona ya seatla epe ya COVID-19 Alert South Africa, mme re kgone go babalela balelapa la rona le metse eo re nnang kwa go yona.

Beke go tloga mo motsing ono, maAforika Borwa a tla bo a keteka Letsatsi la Ngwaobošwa mme mo motsing oo maemo a tla bo a le botoka go gaisa mo dikgweding di le thataro tse di fetileng.

Ke ikuela mo go botlhe gore ba dirise letsatsi leno go iketla le ba malapa a bona, gosekaseka loeto lo lo boima lo rotlhe re leng mo go lona, go ikgopotsa botlhe ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona, mmogo le go keteka ka boiketlo dingwaobošwa tse di farologaneng tseo re nang le tsona ka fa nageng.

Mme jaaka maAforika Borwa ga go na tsela e nngwe gape ya go keteka borona go tshwana le ya ditiragalo tse di diragalang lefatshe ka bophara tsa go phadisana ka go binela pina ya Jerusalema.

Ka jalo ke ikuela mo go lona lotlhe gore e re fa le keteka Letsatsi la Ngwaobošwa le phadisane le ka go binela pina eno mme le bontshe lefatshe gore lona le na le bokgoni jo bo kanakang.

Fela jaaka re kgonne go fenya mogare ono mmogo, re tlhoka go mena dihempe tsa rona mme re dubane le thankga ya go aga sešwa ikonomi ya rona.

Re na le tiro e e seng kana ka sepe e e re letileng.

Go tla tlhoka gore moAforika Borwa mongwe le mongwe a tshwarisane le yo mongwe mo matsapeng a bona gore re busetse naga ya rona mo maemong a katlego le tlhabololo.

Eno jaanong ke tiro ya bao ba leng teng mo lefatsheng gompieno mme e bile tiro ya rona e simolola gona jaanong.

Re kgonne go fedisa ketsaetsego le go se nne le tshepo le go tobana le matshosetsi a magolo mo maokelong a puso fa e sale re nna teng.

Re ipontshitse gore re le maAforika Borwa re ka dira dilo tse dikgolo fa fela re utlwana.

Tla re tshwareleleng mo go tshwaraganeng le mo go nneng seopo sengwe.

A jaanong re gateleng pele ka maikemisetso le mafolofolo.

A Modimo a tshegofatsa naga ya Aforika Borwa le go boloka setšhaba sa yona.

Ke a leboga.

Share this page

Similar categories to explore