Puo ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa e e ka ga Kgatelopele e e Dirilweng go Samagana le Leroborobo la COVID-19

MaAforika Borwa a gaetsho,

Jaanong e setse e le sebaka se se ka dirang dingwaga di le pedi fa labofelo ke ne ke le eme ka lefoko ke le itsise gore Aforika Borwa e tla tsena mo dikgatong tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng maitlhomo e le go thibela go anama ga mogare wa COVID-19.

Kgato eno e ne e le e e sa tlwaelegang e e iseng e ke e tsewe fa e sale.

Fela e ne ya dira tiro ya yona ya go fokotsa go anama ga mogare gore maokelo a rona - mmogo le setšhaba sa rona - ka bobedi ba kgone go nna le nako e e lekaneng go ka kgona go ipaakanyetsa go gakala ga ditshwaetso.

Go tloga ka ona motsi oo, re ne ra gapeletsega go fetola dikgato tsa rona tsa go samagana le leroborobo leno go nne le ne la tsamaya le fetogafetoga, ditshwaetso di ne tsa tsamaya di oketsega le go fokotsega, e bile gape le maokelo a rona a ne a goga boima.

E setse e le dingwaga di le pedi leroborobo leno le ntse le laola ka fao re tshelang matshelo a rona.

Aforika Borwa e nnile le batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jono ba feta dimilione di le 3.7 e bile e rekotile le maso a ka fitlha go 100 000 a batho ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya COVID-19.

Leroborobo leno le fetotse ka fao re dirang ditiro tsa rona, ka fao re tsayang maeto, ka fao re tsenang kereke ka gone le ka fao re tlhabang kgobe ka mmutla ka gone.

Le senyeleditse batho ba le bantsi ditsela tsa ka fao ba iphedisang ka teng mmogo le go dubakanya ikonomi ya naga ya rona, e leng se se dirileng gore dikgwebo di le dintsi di phutlhame le go latlhegelwa gape le ke ditiro tse di ka nnang dimilione di le pedi.

Fela le ne la dira gore maAforika Borwa a bontshe botho jwa bona ka go nna le kutlwelobotlhoko, ba thusana go inolana mo mathateng a ba neng ba le ka fa gare ga ona.

Re le maAforika Borwa fa puso e ne e re kopa gore re obamele melaokiletso e e ka ga go tsaya maeto, go bokana le e mengwe e e farologaneng e mentsi re ne ra e obamela, re tlhaloganya sentle gore re dira seno go tlhokomela boitekanelo jwa rona le matshelo a rona.

Mo dingwageng di le pedi tse di fetileng re tsere dikgato tse di iseng di tle di tsewe mo nakong e e fetileng go tlhabolola tiro ya maokelo a rona.

Re ne ra thapa batho ba le bantsinyana go thusa ka go lwantshana le leroborobo leno, ra aga maokelo le dilaboratori le go dira bonnete jwa gore balwetse ba COVID ba tlhokometswe ka tshwanelo mo maokelong.

Jaanong dinakong tse di masisi di gaufi le go re furalela.

Re malalaalaotswe jaanong go ka tsena mo kgatong e ntšhwa ya go samagana le leroborobo leno.

Morago ga gore re nne le makhubu a le mane a go gakala ga ditshwaetso, ke batho ba le mmalwanyana fela ba jaanong ba gatelelwang ke bolwetse jono mo ba tlhokang go ka robala kwa maokelong.

Palo ya batho ba ba tlhokafalang e kwa tlase thata fa e bapisiwa le ya mo malobeng.

Badiredi ba rona ba lephata la saense ba re tlhalosetsa gore seno ke ka ntlha ya gore mo baaging botlho ka fa nageng, ba ba ka dirang 60% go fitlha go 80% masole a bona a mmele a setse a ithutile go lwantshana le mogare ono, e ka tswa e le ka ntlha ya fa ba kile ba tshwarwa ke mogare ono mo malobeng kgotsa e le ka ntlha ya go tlhabela moento.

Ka ntlha ya maitemogelo a rona a mo dingwageng di le pedi tse di fetileng, ditirelo tsa naga ya rona tsa boitekanelo di ithutile go samagana le bolwetse jono ka tshwanelo.

Re setse re tlwaetse go apara dimaseke le go tlhapa matsogo gangwe le gape.

Se se botlhokwa go di gaisa, mo bagoding botlhe ka fa nageng, ba ba ka dirang 48% ke ba ba setseng ba kile ba tlhabela bonnye moento o le mongwe.

Re tsena mo ngwageng ono wa boraro leroborobo leno le ntse le le teng, re na le tsholofelo ya go feta ya mo malobeng.

Le fa leroborobo leno le santse le le teng, mme ka fa letlhakoreng le lengwe re tsweletse go itlhokomela, ka fa letlhakoreng le lengwe gona re bona botshelo jwa rona bo ntse bo boela sekeng.

Re bona ikonomi ya rona e boela go dira ka botlalo.

Re utlwa boima jwa letshogo le ketsaetsego jo re neng re bo jarile mo magetleng sebaka sa dingwaga di le pedi tse di fetileng bo fokotsega.

Ka ntlha ya fa re bona diphetogo mo leroborobong leno, mmogo le kgatelopele e re e dirileng ka go nna seoposengwe, jaanong re ikemiseditse go khutlisa tiriso ya Molao wa Maemo a Masetlapelo a Naga gang fela fa baagi ba sena go garela thulaganyo ya go ntsha se se mo mafatlheng a bona ka melaokiletso ya go tila ditshwaetsego e e phasaladitsweng ke Tona ya Boitekanelo.

Fa melawanakiletso eno e sena go konosediwa e tla tsena mo legatong la Melawanataolo ya Maemo a Masetlapelo mme e tla dirisiwa jaaka melao ya semmuso ya go samagana le leroborobo leno.

MaAforika Borwa otlhe a lalediwa go ntsha se se mo mafatlheng a bona ka sekwalwa sa ntlha se se santseng se tlhoka gore se sekasekwe sa melawanakiletso eno pele ga letlha la bofelo le ka konosela ka la bo 16 Moranang 2022.

Fela se se botlhokwa se batho ba tshwanetseng go se itse ke gore go khutlisiwa ga tiriso ya Molao wa Maemo a Masetlapelo a Naga ga go raye gore leroborobo le lona le fedile.

Go raya fela gore re fetola ditsela tsa ka fao re samaganang le leroborobo leno, mme ka jalo re tla dirisa melaokiletso ya go tila ditshwaetsego go na le go dirisa Melawanataolo ya Maemo a Masetlapelo.

Go raya gore jaanong re ithulaganyetsa go tshela mmogo le mogare ono.

Go raya gore jaanong re busetsa matshelo a rona sekeng ka fao re ka kgonang jaaka a ne a le pele leroborobo leno le goroga.

Go raya gore jaanong re bulela tse dingwe gape tsa ditiro tsa ikonomi ya naga ya rona, e bile gape re bulela le tse dingwe tse dintsi tsa ditiro tsa go tlhaba kgobe ka mmutla le tsa setso tse re nang le sebaka sa dingwaga di le pedi tse di fetileng re sa di keteke.

Fa e sale ngogola ka kgwedi ya Diphalane, naga ya rona e ntse e le mo Kgatong e e Tlhatlhobilweng Sešwa ya Bongwe, mme seno se raya gore tse dintsinyana tsa ditiro di ne tsa busediwa tirisong mme ka dinako tsotlhe batho ba ne ba tshwanelwa ke go ikobela dikgato tsa go tila ditshwaetsego.

Dikiletso tse di amang ikonomi bontsi jwa tsona bo setse bo fedisitswe.

Jaanong re ka kgona go repisa dikiletso tse dingwe gape tse dintsinyana.

Fa re tshwanetse go tsaya tshweetso ya gore ke dikiletso dife tse re tshwanelwang ke go di repisa le gore ke dife tse re tshwanelwang ke go tswelela go di dirisa – fela jaaka mo malobeng – le fano re sekegela tsebe Komiti e e Eletsang Ditona ka Merero ya COVID-19.

Re lebeletse gape le se se diragalang le kwa dinageng tse dingwe, mmogo le dinaga tseo mo go tsona go fedisitsweng dikiletso tsotlhe mme morago ga foo tsa itemogela koketsego ya ditshwaetsego le ya batho ba ba tlhokafalang.

Jaaka re ne re itse gore re tshwanetse go tsena mo kgatong e ntšhwa ya go samagana le leroborobo leno re ne ra tsaya nako go batla dikeletso tse di tswang kwa bannaleseabeng ba bantsi ba ba farologaneng, re bua ka ba dikereke le ba setso.

Mo mosong wa gompieno re ne ra tshwara kopano ya Lekgotla la Tsamaiso ya Dithulaganyo tsa Moporesitente, le mo go lona go nang le Ditonakgolo tsa Diporofense, Dimeyara tsa Diteropokgolo tsotlhe, Ditona le Batlatsatona, baemedi ba Mokgatlho wa Dipusoselegae wa Aforika Borwa (Salga) mmogo le baeteledipele ba merero ya setso.

Go latela dikeletso tsa Lekgotla la Naga le le Jarileng Maikarabelo a Mogare wa Corona (NCCC), Kabinete e tsere tshwetso ya gore e repise dikiletso di le dintsinyana mo Kgatong e e Tlhatlhobilweng Sešwa ya Bongwe.

Dikiletso tse di amanang le go bokana ga batho di fetolwa go utlwagala.

Mo melawanataolong e e fetileng di ne di gatelela thata ntlha ya go laola palo ya batho ba ba letleletsweng go ka bokana.

Jaanong kgato e e tsewang ke gore fa batho ba bokane e ka tswa e le gore ba bokane ka fa teng ga moago kgotsa kwa ntle ga ba tshwanela go feta halofo ya palo e lefelo le ba leng mo go lona e le metsang mme teng go tla tshwanelwa gore batho bao ba bo ba na le bopaki jwa gore ba tlhabetse moento kgotsa ba na le lekwalo le le senang sebaka sa matsatsi a le mararo le le bontshang gore ba dirile diteko tsa COVID mme ga ba na yona.

Fela fa e le gore lefelo leo ga le batle bopaki jwa gore ba tlhabetse moento kgotsa ba dirile diteko, go raya gore palo e e tla letlelelwang mo lefelong leo e tla nna yona e e itsegeng ga jaana – ya batho ba le 1 000 fa e le gore ba kopanela ka fa teng ga moago le ya 2 000 fa e le gore ba kopanela kwa ntle ga moago.

Phetogo eno e e ka ga go bokana ga batho e tla unngwela thata diintaseteri tsa metshameko, tsa setso, tsa boitapoloso le tsa mekete ya go tlhaba kgobe ka mmutla.

Seno se raya gore fa re tshwere bopaki jwa go tlhabela moento kgotsa jwa diteko tse di bontshang gore ga re na mogare ono, re tla kgona go tsena mo mabaleng a metshameko go bogela metshameko, dikonsarata tsa mmino, metshameko ya mo seraleng, dikhonferense le ditiragalo tse dingwe di le dintsi.

Batho ba ba letleletsweng go tsenela tirelo ya phitlho go letleletswe gore palo ya bona e tla okediwa go tloga mo go ba le 100 go fitlha mo go ba le 200.

Fela jaaka mo malobeng, meletelo, ditirelo tsa phimolakeledi tse di tshwarwang fa go tlhagiwa kwa diphupung di santse di ileditswe.

Go dirilwe diphetogo tse dingwe gape tse di botlhokwa mo melawanataolong ya go apara dimaseke.

Fela jaaka mo malobeng, ke segapeletsa gore batho botlhe ba tshwanetse go apara dimaseke fa ba le fa gare ga batho mo teng ga meago.

Fela ga e sa le segapeletsa go apara maseke fa batho ba le kwa ntle ga meago.

Seno se raya gore re tla tswelela go apara dimaseke fa re le kwa mabentleleng, dimolong, dikantorong, difemeng, dithekesing, dibeseng, ditereneng kgotsa gongwe le gongwe mo meagong e go tlalang batho.

Fela ga se segapeletsa go apara dimaseke fa re tsamaya mo mebileng kgotsa mo sebakabakeng, fa re ikatisa kwa ntle ga meago kgotsa fa re tsenetse ditiragalo tse di tshwarelwang kwa ntle mo go bulegileng.

Melawanataolo e e buang ka go katogana le yona e a fetolwa, mme jaanong e re ntle fela le kwa sekolong, batho ba tshwanetse go katogana ka mitara gotlhe mo ba leng.

Go na gape le diphetogo mo melawanataolong e e ka ga maeto a go tsena ka fa nageng go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle. Batho ba ba tlang ka fa nageng ya Aforika Borwa jaanong ba tla tshwanelwa ke go tlhagisa bopaki jwa gore ba tlhabetse moento kgotsa bopaki jo bo senang sebaka sa matsatsi a le mararo jwa gore ba dirile diteko tse di bontshang gore ga ba na mogare.

Batho botlhe ba ba tlang ka fa nageng mme ba sa tlhabela moento e bile ba batla go tlhabela moento ba tla tlhabelwa moento.

Diphetogo tseno tsotlhe di tla simolola go tsena mo tirisong go simolola ka moso, ka Laboraro 23 Mopitlwe 2022, fa melawanataolo e mentšhwa e sena go phasaladiwa mo lekwalong la semmuso le le gatisang melao ya puso.

Fa re bala le diphetogo tseno, jaanong go bonagala e kete bontsi jwa dikiletso tsotlhe tse di amanang le ikonomi le go tlhaba kgobe ka mmutla di setse di fedisitswe.

Fa re gatela pele, dilo tse di botlhokwa thata tse re ka itshireletsang ka tsona kgatlhanong le bolwetse jono, sa ntlha ke go tlhabela moento mme sa bobedi ke go latela dikgato tsa go itshireletsa tse di jaaka go apara dimaseke fa re le fa gare ga meago.

Fa re tswelela go repisa dikiletso tse di saletseng re tla tshwanela gore re oketse dipalo tsa batho ba ba tlhabetseng meento mo nageng ya Aforika Borwa.

Moento o ipontshitse gore o kgona go thibela gore batho ba se gatelelwe ke bolwetse.

Dipalopalo tse di tswang kwa maphateng a boitekanelo di tlhamaletse gore batho ba ba sa tlhabelang moento ke bona ba bontsi bo amogelwang kwa maokelong kgotsa ba ba tlhokafalang ka ntlha ya COVID-19.

Moento o ka kgona go fokotsa go tshelana ka bolwetse ka fa ntlong kgotsa kwa mafelong a a jaaka kwa dikolong le kwa diyunibesiting mo batho ba sa katoganeng go le kalo.

Ka jalo, le fa re itumedisiwa ke gore mo baaging botlhe ba ba nang le dingwaga di le 60 le go ya kwa godimo, ba ba ka fetang 68% ba setse ba tlhabetse moento, re tshwenngwa ke gore mo bathong botlhe ba ba nang le dingwaga di le 18 go fitlha go di le 35, ke fela batho ba le 35% ba ba setseng ba tlhabetse moento.

Go botlhokwa thata gore re dire gore ba bangwe ba le bantsi ba baagi ba ba nang le dingwaga di le 18 go fitlha go di le 35 le bona ba tlhabele moento, ke ka ntlha ya seno mo kgweding e e fetileng re neng ra thankgolola letsholo la #KeReady

Letsholo leno le tsenyeletsa le melaetsa e e dirilweng ke bašwa ba bangwe mme e tsepamisitse megopolo mo go fetoleng megopolo ya batho ba bangwe ba ba nang le dingwaga di le 18 go fitlha go di le 35 gore le bona ba tlhabele moento.

Mo godimo ga seno, re rata go ka rotloetsa bao ba tlhabetseng meento yotlhe gore ba boele ba ye go tlhabela moento wa go tsosolosa e ba e tlhabetseng.

Fa rotlhe re tlhabetse moento, re ka kgona jaanong go dirisa maatla a rona le didirisiwa tsa rona mmogo le matsapa a rona go tsosolosa ikonomi ya rona le go tlhola ditiro tse naga ya rona e di tlhokang.

Mo dingwageng di le pedi tse di fetileng, fa re ne re simolola go tsenya tirisong dikgato tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng, ke ne ka re mo go lona mo matsatsing a a tlang, mo dibekeng tse di tlang le mo dikgweding tse di tlang re tla lekiwa thata go feta le mo malobeng gore re le baagi re na le maikemisetso go le kanakang, re dira matsapa go le kanakang e bile re seoposengwe go le go kanakang.

Ke ne ka dira boikuelo mo go lona lotlhe go nna le seabe:

“Gore le nne digatlhamela masisi, le nne le pelotelele, mme sa botlhokwa go di gaisa tsotlhe, ke ne ka le lopa gore le nne le kutlwelobotlhoko.”

Baagi ba naga ya Aforika Borwa gangwe le gape ba ne ba tsibogela boikuelo jono.

Mme le jaanong le santse le lopiwa gore le nne le seabe - le tlhabele moento jaaka jaanong re simolola ka dikgato tse di tshepisang tse di re nayang matlhagatlhaga mo pakeng eno e ntšhwa ya go lwantshana le leroborobo leno.

Pula.

Share this page

Similar categories to explore