Puo ka Moporesitente Cyril Ramaphosa ka ga Tswelopele mo Maitekong a Bosetšhaba a go Laola Leroborobo la COVID-19 

Maaforika Borwa a a rategang,

Mo maitsiboeng a, ke rata go simolola ka go lo bolelela ka maitemogelo a re nnileng nao jaaka naga mo bekeng e le nngwe tebang le tiro e re e dirang mo tsamaisong ya tlhokomelo ya boitekanelo kwa go nngwe ya diporofense tsa rona. 

Go tloga ka la 14 go fitlha go la 20 Phatwe monongwaga, Lefapha la Boitekanelo la Kapa Bophirima le ne la kgobokanya dipalo tsa batho ba dingwaga tse di kwa godimo ga 60 ba ba neng ba tshwaediwa ke COVID-19.

Ke batho ba le 30 fela ba ba neng ba entilwe go tswa go ba le 729 ba ba neng ba amogelwa kwa bookelong ka ntlha ya COVID-19 mo bekeng eo. 

Se se kaya gore ba le 699 ba bona ba ne ba sa entiwa. 

Mme mo bathong ba le 292 ba dingwaga tse di kwa godimo ga 60 ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya COVID-19 mo bekeng eo, ba le 287 ba bona ba ne ba sa entiwa, e leng se se kayang gore ke diperesente tse tlhano fela tse di neng di entilwe. 

Ka mafoko a mangwe, diperesente tse 96 tsa batho ba dingwaga tse di fetang 60 ba ba neng ba amogelwa kwa bookelong mo porofenseng e, gammogo le 98% tsa batho ba dingwaga tse di kwa godimo ga 60 ba ba tlhokafetseng, ba ne ba sa entiwa. 

Seemo se, se aname go ralala maokelo a mo nageng. 

Re a itse gore motho yo o entilweng o santse a ka tshwaetsega le go fetisetsa mogare o go ba bangwe. 

Fela se re se lemogang ke gore ke batho ba le mmalwa fela ba ba entilweng kgatlhanong le COVID-19 ba ba gatelelwang ke bolwetse mme ke ba ba ka tlalang seatla fela ba feleletsang ba le kwa ICU kgotsa ba tlhoka thuso ya khemo. 
Sa botlhokwa go gaisa, batho ba ba entilweng kgatlhanong le COVID-19 ga go bonolo gore ba bolawe ke bolwetse jo. 

Aforika Borwa e tswelela go nna lefelo la go enta ka lebelo. 

Go feta kwatara ya bagolo botlhe ba Aforika Borwa ba setse ba amogetse bonnye moento o le mongwe mme batho ba feta dimilione tse 7 ba setse ba entilwe ka botlalo. 
Kwa Kapa Botlhaba, Limpopo le Kapa Bophirima, mogolo a le mongwe go ba le 5 o entilwe ka botlalo. 

Palogotlhe ya meento e e setseng e tlhabilwe go ralala naga ga jaana ke dimilione tse 14.6. 

Ga jaana re tlhaba meento e le milione mo matsatsing a le 4 go ya go 5. 

Puso e na le meento e e lekaneng go ka enta bagolo botlhe mo nageng, e bile tlamelo ya meento ga e tlhole e le sekgoreletsi. 
Le fa go le jalo, re tlhoka go dira go feta fa. 

Mme re dira go le gontsi jaaka re tokafatsa ditsela tse re dirang ka tsona. 

Re oketsa seelo sa go enta go netefatsa gore re fitlhelela ba ba leng mo kotsing ya go gatelelwa ke bolwetse thata. 

Le fa tota botlhe ba dingwaga tse 18 le go feta ba siametse go ka entiwa, re tsepamisa maiteko le metswedi ya rona mo go ba dingwaga tse di kwa godimo ga 60 le ba ba nang le malwetse a a iphitlhileng. 
Go fitlha ga jaana, 57% tsa batho ba dingwaga tse di kwa godimo ga 60 ba setse ba entilwe. 

Eno ke phitlhelelo e kgolo, fela re tlhoka go ba fitlhelela botlhe. 

Re lemogile gore palo ya basadi ba ba entiwang kgatlhanong le COVID-19 e kwa godimo fa ba bapisiwa le banna. 

Le fa tota dipalo di tokafala, banna ba santse ba goga maoto fa go tla mo go entiweng. 

Re phasalatsa molaetsa o ka dipuo tse di farologaneng go netefatsa gore batho ba tlhaloganya gore meento e, e babalesegile, e nonofile e bile ga ba e duelele.

Batho ba bantsi go ralala lefatshe ba a entiwa, mme go fitlha ga jaana go setse go tlhabilwe meento e feta dibilione tse tlhano le halofo go ralala lefatshe. 

Ga jaana go na le bopaki bo bo tletseng go tswa go makgolo a dinaga gore meento e babalesegile e bile e tlamela ka tshireletso e e maatla. 
Re tsere dikgato go dira gore go nne bonolo gore batho ba fitlhelele meento e gotlhe kwa ba leng teng. 

Ga jaana re na le mafelo a go entela a puso le a poraefete a feta 3 000 go ralala naga, mme bontsi jwa mafelo a poraefete a tla enta motho mang le mang ntle le tuelo go sa kgathalatsege gore a o na le medical aid kgotsa nnyaa. 
Ke rata go gatelela gore lenaneo la go enta le buletswe batho botlhe mo Aforika Borwa, e ka tswa e le baagi ba Aforika Borwa kgotsa nnyaa. 

Go botlhokwa go tlhaloganya gore se ke mogare o mošwa o lefatshe le iseng le ke le o bone. 

Le fa tota go sena yo o ka bolelelang pele gore mogare o o tla tswelela go fetoga jang, ba lekala la saense ba tlhomile ditsela tse di matsetseleko tsa go disa go runya ga mefuta e mešwa. 

Fa batho ba bantsi ba sa entiwa mme ba tswelela go nna mo kotsing ya go ka tshwaetsega, kgonego ya go runya ga mefuta e mešwa e bile e le bogale thata e santse e le kgolo. 
Ke ka moo ga jaana meento e leng sebetsa se se maatla go gaisa mo ntweng kgatlhanong le leroborobo le. 

Go entiwa ga rona rotlhe ka bonako, go tla dira gore re bulele babogedi kwa mafelong a metshameko ka bonako. 
Go entiwa ga rona rotlhe ka bonako, re ka amogela baeng ka bonako mo nageng e ntle e ya rona. 

Fa rotlhe re entilwe, re ka kgona go bona ditsala le ba malapa a rona, le go boela kwa dikantorong tsa rona le kwa mafelong a mangwe a tiro. 

Fa re entile, re tla kgona go busetsa ikonomi ya rona sekeng gore e dire ka botlalo le go tlhola ditiro tse naga ya rona e di tlhokang. 

Sa botlhokwa, fa rotlhe re entilwe, re tla kgona go busetsa mannong ditsereganyo tse dingwe tse di botlhokwa tsa boitekanelo le go fokotsa kgatelelo mo batlhankeding ba boitekanelo. 

Go mo go mongwe le mongwe wa rona go lemosa ba malapa a rona, ditsala le badirammogo gore go enta go babalesegile le gore go ka boloka matshelo. 

Fa ke ne ke eme setšhaba ka lefoko la bofelo, re ne re lebile setlhoa sa lekhubu la boraro la ditshwaetso, le le neng le kgweediwa ke mofuta wa Delta wa mogare o. 

Mofuta o wa Delta o fetela go gaisa mefuta ya go sa le gale e bile, ka ntlha ya fa o tshwaetsa batho ba le bantsi thata, o ne wa baya maokelo a rona ka fa tlase ga kgatelelo. 

Ka nako eo, re rile lekhubu la boraro le tla nna masisi le go tsaya sebaka go na le makhubu a mabedi a a fetileng, mme se se itshupile e le boammaaruri. 

Le fa lekhubu la boraro le ise le fele, re bone kwelotlase e e tswelelang go ralala naga mo dibekeng di le mmalwa tse di fetileng. 
Palogare ya ditshwaetso tse dišwa tsa letsatsi le letsatsi mo bekeng e e fetileng ke diperesete tse 29 kwa tlase ga ya matsatsi a le 7 pele ga moo, mme ke 48% kwa tlase ga matsatsi a le supa pele ga moo.

Le fa lekhubu la boraro mo Gauteng le fitlheletse setlhoa le kwelotlase pele ga diporofense tse dingwe, ga jaana go na le kwelotlase e e bonalang mo diporofenseng tsotlhe. 

Diporofense tse di farologaneng le tse dingwe ke Kapa Bokone le Foreisetata, kwa palo ya ditshwaetso e tsweletseng go nna kwa godimo fa e bapisiwa le palo ya batho mo dikgweding di le mmalwa. 

Ka jalo, re tsepamisa maiteko a rona mo diporofenseng tse go tlhaloganya gore ditshwaetso tse di kgweediwa ke eng le gore re tlhoka ditsela dife go di isa kwa tlase. 

Ka kwelotlase e ya ditshwaetso go ralala diporofense tsotlhe, Komitikgakololo ya Ditona ka ga COVID-19 e neseditse pula dikgato tsa go repisiwa ga dikiletso tsa go ebela le go kokoana. 

Dikatlenegiso tse di sekasekilwe kwa Lekgotleng la Bosetšhaba la Taolo ya Mogare wa Corona le Ditona, bommeyara le baeteledipele ba setso mo Lekgotleng la Momaganyo la ga Moporesitente. Di buisanetswe gape le baeteledipele ba makoko a sepolotiki a a nang le kemedi kwa Palamenteng le mekgatlo ya sedumedi. 

Go ikaegilwe ka dipuisano tse, Kabinete e sweditse gore naga e tlosiwe mo Maemong a 3 a Tsiboso go ya go Maemo a Tsiboso a 2 go simolola ka moso, Mosupologo, 13 Lwetse 2021. 
Se se kaya gore:

  • Dinako tsa taolomotsamao wa batho e tla nna go tloga ka ura ya lesomelebongwe bosigo go fitlha ka ura ya bone mo matsheng.
  • Dikgwebo tse e seng tsa tshoganyetso jaaka mabenkele a go jelwang kwa go ona, dibara, mafelo a ikatiso, di tla tshwanelwa ke go tswala ka ura ya lesome bosigo go letla bareki le badiri ba bona go boela magaeng pele ga nako ya kganelomotsamao. 
  • Dikokoano tsotlhe di tla lekanyetswa go batho ba ba sa feteng 250 mo teng ga kago le ba ba sa feteng 500 kwa ntle. 

Fa lefelo leo le le lennye go ka kgontsha palo ya batho e e beilweng go nna mo teng ga lefelo leo ba katogane, gone go tshwanetswe go dirisiwe halofo ya palo e e tlatsang lefelo leo. 

Se se akaretsa ditirelo tsa sedumedi, ditiragalo tsa sepolotiki le dikokoano tsa loago, gammogo le mabenkele a go jelwang kwa go ona, dibara, dithafene le mafelo a a jalo.

  • Thekiso ya nnotagi kwa mafelong a go sa nwelweng kwa go ona, e tla letlelelwa go tloga k aura ya lesome mo mosong go fitlha ka ura ya borataro mo maetsiboeng go tloga ka Mosupologo go fitlha ka Labotlhano.
  • Thekiso ya nnotagi kwa mafelong a go nwelwang kwa go ona e tla letlwa go ya ka dipeelo tsa laesense go fitlha ka ura ya lesome bosigo. 


Go nwa nnotagi mo mafelong a botlhe jaaka mabopo le diphaka go ileditswe gotlhelele.

Dikiletso tseno di tla sekwasekwa gape mo pakeng ya dibeke tse pedi go ikaegilwe ka seemo sa leroborobo le. 

Re tla tlamela gape ka tshedimosetso e nngwe tebang le ‘diphasepoto tsa meento’, tse di ka dirisiwang jaaka bopaki jwa gore o entilwe fa di tlhokega mo mabakeng kgotsa mo ditiragalong tse di farologaneng. 
Dikiletso tse dingwe di le mmalwa di santse di saletse mo tirisong.

E santse e le segapeletsa gore motho mongwe le mongwe a apare mmaseke o o tswalelang nko le molomo wa gagwe ka gale fa a le fa gare ga batho. 
Ke tlolomolao go se dire jalo, mme balaodi ba mabenkele le mabenkele a go jelwang mo go ona, bakgweetsi ba dithekisi le dibese ba na le maikarabelo a go netefatsa gore batho mo mafelong a bona kgotsa mo diroring tsa bona ba apere dimmaseke, e bile ba katogane ka mo go tshwanetseng. 

Diphitlho di santse di lekanyeditswe go tsenelwa fela ke batho ba ba sa feteng 50, fela jaaka pele, ditebelelo le dikokoano tsa morago ga phitlho di santse di sa letlelelwa.

Re kgona go repisa dikiletso tse ka ntlha ya maiteko a maAforika Borwa otlhe a go ikobela melawana le mekgwathibelo ya botlhokwa ya boitekanelo. 
Re leboga makala a baagi a a itshokileng sebaka a itshoketse dikiletso tseno mo ditirong tsa ona. 

Ke bua ka bakereki ba ditumelo tsotlhe ba ba ntseng ba sa kgone go ya dikerekeng le go rerela phuthego ya bona jaaka ba tlwaetse. 

Ke bua ka bataki, bagwebisi, badiragatsi le badiri ba tsa setso ba ba neng ba tshwanelwa ke go batlela ditiro tsa bona mafelo a mangwe, e bile ba itshoketse tshokolo e e seng kana ka sepe.  
Ke bua ka beng ba mabenkele a go jelwang mo go ona, dibara, dithabene, dihotele, mafelo a dikhonferense le ba bangwe mo lekaleng la kamogelo ya baeng ba ba boneng phutlhamo e e boitshegang mo dikgwebong tsa bona.

Re tlhaloganya mathata a, mme re tla tswelela go batla ditsela tse re ka di dirisang tsa go tshegetsa makala a le go tsaya dikgato go di tsosolosa. 
Letsholo la go enta le neela tšhono ya go bula bontsi jwa mafelo a rona a a ntseng a tswetswe, mme re tswelela go dira le balekane botlhe go batla ditsela tse di babalesegileng mme di le bonako go dira se. 

Re tshwanetse go gatelela ntlha ya gore lekhubu la boraro ga le ise le fele, mme ke ka maitsholo a rona – motho ka esi le fa re le mmogo – re ka kgonang go tswelela re fokotsa palo ya ditshwaetso tse dišwa. 

Fa re sena go dira jalo, maitlhomomagolo a rona e tshwanetse go nna a go thibela go runya gape ga ditshwaetso.
Tiro ya rona ya botlhokwa ke go enta setšhaba sa rona gore batho ka bontsi jo bo kgonegang ba sireletsege kgatlhanong le bolwetse jo bo masisi kgotsa loso pele go nna le go runya gape ga ditshwaetso. 

Fa batho ba bantsi ba ka entiwa pele ga Sedimonthole, go ka diragala gore re se itemogele lekhubu la bone le le ka re sulafaletsang paka ya maikhutso. 

Ke lona lebaka le legolo la gore botlhe ba rona ba ba iseng ba entiwe, ba dire jalo mme ba sireletsege. 
Re tshwanetse go tsaya tsia ntlha ya go dira gore mafelo a re leng mo go ona a tsenelwe ke mowa o o phepa mo magaeng a rona, kwa ditirong le kwa mafelong afe fela a batho ba kokoanang kwa go ona. 

COVID-19 e fetelana ka mowa, mme ka jalo re tshwanetse go tshwenyega fa re iphitlhela re le mo mafelong a a tswetsweng mme go se na fa mowa o ka tsenang teng. 
Ba ba rweleng maikarabelo a go rulaganya dikokoano tsa mo teng ga dikago ba tshwanetse go netefatsa gore mafelo ao a tsenelwa ke mowa. 

Mo matsatsing a a tlang a le 50, Aforika Borwa o tla bo a ya ditlhophong tsa dipusoselegae. 
Go botlhokwa gore jaaka re diragatsa tiro e kgolo e ya temokerasi, re dire ka bojotlhe jwa rona go thibela go runya gape ga ditshwaetso tsa COVID-19. 

Le fa go le jalo, re tshwanetse go netefatsa gore leroborobo le ga le kganele bokgoni jwa maAforika Borwa go diragatsa tshwanelo ya bona ya temokerasi go tlhopha bakhanselara ba metse ya bona ba selegae. 
Seno ke ntlha e ke ntseng ke e buisanela le baeteledipele ba makoko a dipolotiki go sale gale mo bekeng e, mme re utlwane ka le le reng letsholo la ditlhopho le tshwanetse go ikobela melawana ya maemo a matlhotlhapelo le mekgwathibelo yotlhe ya go thibela ditshwaetso. 
Re ikuela go maAforika Borwa otlhe go diragatsa tshwanelo ya bona ya go bolotsa matsholo a ditlhopho ka maikarabelo le go tlhokomela boitekanelo jwa bona le jwa batho ba bangwe. 

Jaaka re gagamatsa ntwa kgatlhanong le COVID-19, re ka se itlhokomolose leroborobo le lengwe le le bakang kutlobotlhoko le tshenyo mo setšhabeng sa rona. 
Re sa tswa go konosetsa Kgwedi ya Basadi, mo re neng re rulagantse go keteka katlego ya basadi mo makaleng a a farologaneng. 

Boemong jwa seo, naga ya rona e itemogetse ditlhaselo tse di setlhogo tsa banna mo basading. 
Mo kgweding e fela, go setse go nnile le ditiragalo tsa go tlhasela basadi le basetsana.

Go ne go na le moithuti wa dirutwa tsa molao, Mohumagatsana Nosicelo Mtebeni, yo o neng a bolawa mme mmele wa gagwe wa retliwa kwa East London; morutwana wa Mophato wa Ntlha kwa Khensani Primary School kwa Soshanguve, yo a beteletsweng kwa ntlwanaboithusetsong ya sekolo; Mme Palesa Maruping yo a fitlhetsweng a kaletse mo marulelong a ntlo kwa Lekeišeneng la Khuma kwa Bokone Bophirima; le Mme Pheliswa Sawutana, yo a kgamilweng go fitlha a neela mowa kwa megoafatsheng ya kwa Kosovo kwa Motse Kapa. 

Tse ke dikgetse fela tse di neng di le mo bobegakgannyeng; mme go na le tse dingwe tse di sa begiwang. 
Ditiragalo tse di setlhogo tse tsa tirisodikgoka di ka se tlogelwe fela ntle le kotlhao. 

Di tshwanetse go matlafatsa maikemisetso a rona a go khutlisa tirisodikgoka ya mefuta yotlhe mo bathong ba bong jo bo rileng. 

Re tshwanetse go matlafatsa maiteko a rona mo go thibeng matlhakore otlhe a ditiragalo tseno di diragalang mo go ona. 
Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba e fetisitse melao e meraro e e botlhokwa e e tla tswelelang go matlafatsa tsamaiso ya bosiamisi ba bosenyi le go netefatsa gore ba ba bonwang molato wa tirisodikgoka mo bathong ba bong jo bo rileng ba newa dikotlhao tse di bokete. 

Dikgotlatshekelo di tswelela go neela dikatlholo tsa botshelo botlhe kwa kgolegelong mo petelelong ya bana, kgothoso e e patilweng ke maemo a a masisi a a akaretsang petelelo. 

Re tswelela go tsenya tirisong dipilara tsotlhe tsa Leano la Bosetšhaba la Togamaano kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Bathong ba Bong jo bo Rileng le Polao ya Basadi. 

Kwa bofelong, katlego ya tiro e, e ikaegile ka dikgato tse rotlhe re di tsayang go khutlisa leroborobo la tirisodikgoka mo basading le mo baneng. 

Ke rata gape go ikuela go banna ba naga e go tlhaloganya gore ditshwanelo tsa kgololosego tse di netefaditsweng mo teng ga Molaotheo wa rona, ke tsa batho botlhe, banna le basadi ka go lekana. 

Re tswelela go tsenya tirisong mekgwa ya go thusa malapa, badiri le dikgwebo tse di amilweng ke leroborobo le dikhuduego tse di diragetseng kwa dikarolong dingwe tsa KwaZulu-Natal le Gauteng ka Phukwi. 

Fa e sale re bulela gape dikopo tsa Megolo ya Puso ya go Rola Baagi Boima jo ba bo Rweleng ka ntlha ya ditlamorago tsa COVID-19 mo bekeng ya ntlha ya Phatwe, re amogetse dikopo di ka nna dimilione tse 13. 
Dikopo di le dimilione tse 8.3 tsa tsona di letleletswe, mme batho ba ba setse ba simolotse go amogela dituelo. 

Dikopo di le kwa godingwana ga dimilione tse 3.7 di gannwe, ka ntlha ya fa badirakopo ba na le metswedi e mengwe ya lotseno kgotsa ba kwadiseditswe thuso e e jaaka UIF le NSFAS. 
Dikopo di ka nna 845 000 di santse di le mo dikgatong tsa go tlhomamisiwa. 

Mmogo le mekgwa e mengwe e re e tsentseng tirisong, megolo eno e tlamela ka thuso ya botlhokwa go maAforika Borwa a a senang ditiro mo pakeng e e bokete e. 

Maaforika Borwa a a rategang, 

Fa e sale go runya ga leroborobo le, re ntse re tlhokomelane, e bile re ntse re sireletsana. 

Ka dimilione tsa batho di setse di entilwe e bile re na le dimilione tsa meento, re ntse re nna gaufi thata le go laola leroborobo le. 

Letsatsi le tla goroga mo re tla kokoanang gape ntle le dikganelo, ra tlatsa Mabala a metshameko le mafelo a mmino, ra ja nala le go tsamaya ntle le go tshaba go lwala kgotsa go latlhegelwa ke ba re ba ratang. 
Gore letsatsi leo le goroga ka bonako go le kae, go ikaegile ka ntlha e le nngwe: ke ba bakae ba rona ba ba entiwang le gore ba entiwa ka bonako jo bo kana kang. 

Re fentse makhubu a le mararo a ditshwaetso ka ntlha ya boineelo jwa rona jo bo momaganeng le go ikobela mekgwathibelo ya go tshwaetsega. 

Tlaa re direng mmogo go enta batho ka bontsi jo bo kgonegang, gore re kgone go tswelela ka tiro ya go aga sešwa ikonomi le matshelo a rona. 

A Modimo a tshegofatse Aforika Borwa le go sireletsa batho ba gagwe. 

Ke a lo leboga.

Share this page

Similar categories to explore