Molaetsa wa ga Moporesitente Cyril Ramaphosa ka ga leuba la COVID-19

MaAforika Borwa a gaetsho,
Dumelang,

Gompieno ke letsatsi la bone fa e sale re simolola ka go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nageng e leng lwa ntlha fa e sale re bona temokerasi.

Eno ke kgato e e boima e re neng re gapeletsega go e tsaya mo go samaganeng le leuba la COVID-19.

Jaaka puso, re itse sentle gore go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nageng go bakile dikgoreletsi tse di seng kana ka sepe mo matshelong a rona rotlhe le go tlhola matsapa a magolo mo ikonoming ya rona. 

Fela rotlhe re a itse e bile re a dumelana gore go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nageng ke selo se re neng re tshwanelwa ke go se dira go boloka matšhwititšhwiti a batho, go akaretsa le diketekete tsa matshelo a batho. 

Dinaga di le dintsi mo kontinenteng ya rona le mo kgaolong ya rona ya Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) le tsona di rebotse dikgato di tshwana le tseo re di tsereng.

Bolwetse jono bo gasagana ka lebelo mo dinageng di le dintsi mo lefatsheng mo batho ba le kanaka 740 000 mo lefatsheng ba tshwaetsegileng. 

Batho ba feta ba le 35 000 ba latlhegetswe ke matshelo a bona.

Maokelo a le mantsi a dinaga, go tsenyeletsa dipetlele le ditleliniki, di goga boima ka di samagana le leuba leno.

Babatlisisi le borasaense ba rona ba re boleletse gore re tsere tshwetso e e nepagetseng go bo re sweditse go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng. 

Ba re ba ne ba tshwenyegile gore fa re sa tseye dikgato ka bonako re ne re tla bo re saletswe fela ke dibeke di se kae gore re tshwane fela le dinaga tse dingwe tse ga jaana di aparetsweng ke leru le le seng kana ka sepe.

Ke ka ntlha ya seno re sweditseng go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng matsatsi a le 21.

MaAforika Borwa, mo dintlheng di le dintsi, a tsibogetse tshwetso eno ka diatla tsoopedi, ka go nna kwa magaeng a bona, ka go obamela melawanataolo le go itlhokomela thata. 

Ke rata go ka leboga baagi ba Aforika Borwa go bo ba itshwere sentle mo nakong eno e e boima.

Le fa go le jalo, re santse re tshwenngwa ke bao ba iseng ba lemoge gore bolwetse jono bo kotsi go le kanakang.

Re le naga, re utlwisitswe botlhoko tota ke go thula botala ka tlhogo, mo matsatsing a le mmalwa a a fetileng, ga maAforika Borwa a le mararo a bolwetse jono bo fetileng ka bona.

Re lebisa kutlwelobotlhoko ya rona mmogo le matshediso kwa ba malapa a bona mmogo le ditsala le ditšhaba tsa bobona.

Palo ya bao ba tshwaeditsweng e tswelela go oketsega mme ga jaanong re na le dikgetse di le 1 326 tse di totobaditsweng mo nageng ya Aforika Borwa.

Ka jalo, ke ikuela gape gape mo go moAforika Borwa mongwe le mongwe go nna gae mo matsatsing a le 17 a a setseng. 

E tswa ka ntlo fa fela o tlhoka go reka dijo le dilwana dingwe tse di botlhokwa, fa o tlhoka go lata megolo ya loago, fa o tlhoka go reka melemo kgotsa o tlhoka thuso ya kalafi ya tshoganyetso. 

Batho fela ba ba letleletsweng go ya tirong ke badiredi ba tsa boitekanelo, ba tshireletsego le ba ditirelo tsa tshoganyetso, bao tiro ya bona e leng go netefatsa gore tlamelo ya dijo, melemo le ditlhagisiwa tse di botlhokwa ga e kgaotse mmogo le ba ditirelo tse dingwe tse di botlhokwa jaaka di tlhalositswe mo melawanataolong e e leng teng.

Fa tota o gapeletsega gore o tswe ka ntlo, netefatsa gore o dira ka fao o ka kgonang go iphemela gore o se fetelwe kana wa fetetsa ba bangwe.

Batho ba bangwe ba ka tsaya gore bolwetse jono ga bo ba ame ka gope mme e bile ba nagana le gore ga bo kitla bo ba ama.

Ba tsaya gore bolwetse jono ba buisa fela ka bona mo makwalodikganyeng kgotsa go bona go buiwa ka bona mo dithelebišeneng.

Fela nnete ke gore bolwetse jono bo teng ka nnete e bile bo kotsi mo go rona rotlhe le mo setšhabeng sa rona.

Bo tshwaetsa mohumi le mohumanegi, ngwana le mogolo, mothomotsho le mosweu, bao ba nnang kwa diteropong le bao ba nnang kwa magaeng. 

Tla re se direng phoso e tona ya go tsaya gore bolwetse jono ke bothata jwa motho yo mongwe e seng rona. 

Gangwe le gape fa o tlola melawanataolo e puso e e rebotseng kgotsa fa o leka go ka kukunela melao e e leng teng, o baya botshelo jwa gago le jwa batho ba bangwe mo kotsing le go thusa gore mogare ono o bone phatlha ya go anama.

Matsatsi a le 17 a a tlang a tla nna bokete mo moaging yo mongwe le yo mongwe.

Batsadi ba tshwenyegile go le maswe ka tshireletsego ya bana ba bona. 

Beng ba dikgwebopotlana le bagwebipotlana ba mo mebileng ba latlhegelwa tota le go latlhegelwa gotlhe ke letseno la bona.

Badiri ba tshogetse ditiro tsa bona.

Bagodi le babobodi ba tlhoka mongwe yo a ka ba okang le go ba tlhokomela. 

Ba bangwe ba batho ba borona ba ba nnang kwa mebileng ga ba na mo ba ka itshubang gone kana le tsona diyamaleng.

Baithuti ba palelwa ke go ya dikolong mme ba tshogetse bokamoso jwa bona.

Mo nakong eno rotlhe re a etsaetsega tota e bile re rwele boima e le ruri. 

Re tsamaile re kgopiwa ke dikgwetlho di gana go fela tse di baketseng batho ba borona matsapa a magolo. 

Ke ka ntlha ya seno re tsayang dikgato tse di farologaneng go tshegetsa dikgwebo tse di leng mo mathateng, go thusa badiri bao ba leng gaufi le go latlhegelwa ke ditiro ka go tlamela dikgwebopotlana ka matlole.

Re naya batho ba ba latsang tlhogo mo mebileng mafelo a ba ka itshubang mo go ona. 

Re tsweletse go tlamela ka metsi mafelong a a senang metsi gore batho ba borona ba kgone go tswelela go itlhokomela ka go iphepafatsa.

Re tshwenngwa bogolosegolo ke seabe seo se tla tlhodiwang ke go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nageng mo bathong bao ba itiretseng ditiro le mo bagwebipotlaneng ba mo mebileng.

Re samagane ka lepotlapotla le dikgato tse dingwe tse di tla thusang go ba rola boima jo ba bo rweleng mo nakong eno e e retelang.

Re a itse gore go maAforika Borwa a mangwe a a gaelegileng kwa dinageng tsa kwa ntle mme ba batla go boela gae. 

Re samagane le ntlha eno mme re tla ba tswa thuso fa go tlhokagalang ntswa metswedi ya rona ya thuso e goga ka boima.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Jaanong re tsena mo kgatong e ntšhwa mo go lwantshaneng le leuba la COVID-19.

Mo matsatsing a a sa fediseng pelo puso e tla thankgolola matsholo a le mantsi a magolo a tlhatlhobo, a go dira diteko, a go gata motlhala wa bao go belaelwang ba tshwaetsegile le a kalafo.

Badiredi ba boitekanelo ba ba tsenang mojako le mojako ba ka nna 10 000 ba tla tsena lapa le lapa kwa metseng e e leng kwa magaeng, kwa makeišeneng, kwa diteropong le kwa diteropokgolong go lekola fa baagi ba na le matshwao a COVID-19.

Baagi ba ba fitlhelwang ba na le matshwao ba tla romelwa kwa ditleliniking tse di gaufi le bona kgotsa kwa ditleliniking tse di direlang mo dijanageng gore ba diriwe diteko.

Batho ba ba tshwaeditsweng ke mogare wa corona, fela ba sena matshwao kgotsa matshwao a le mannye ba tla bewa kgakala le batho kwa malapeng a bona kgotsa kwa mafelong a puso e tla a nopolang mme bao ba nang le matshwao a a a bogale ba tla romelwa kwa dipetleleng.

Ka go dirisa thekenoloji ya megala ya seatla, thulaganyo e e namagadi ya go gata motlhala batho bao go belaelwang ba tshwaetsegile e tla dirisiwa ka lepotlapotla go gata motlhala batho bao go belaelwang gore ba kile ba kopana le batho ba ba netefaleditsweng fa ba na le mogare wa corona mmogo le go baya leitlho mafelo ao go supogang dikgetse tse dintšhwa mo go ona ka motsi ona oo.

Letsholo leno le na le mosola o mogolo thata, le botlhokwa e bile bogolo jwa lona ga bo ise bo ke bo bonwe.

Thulaganyo eno e e namagadi ya ditirelo tsa tshoganyetso tsa boitekanelo e diragala mo nakong eo maemo a ikonomi ya rona a leng ka fa tlase ga kgatelelo e e seng kana ka sepe.

E rile fa re sena go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng, ke fa re begelwa gore setheo sa go sekaseka maemo a go beeletsa mo dinageng sa Moody’s se re folositse mo maemong a re neng re le mo go ona mme sa baya naga ya rona ya Aforika Borwa mo maemong a a kwa tlase go ka beeletsa mo go ona.

Dipoelo tsa seno di tla re ama bobe bogolo mo go tlhatloseng dinamane mo mading a re a adimang go tlamela puso ka matlole go e kgontsha go dira tiro ya yona mmogo le go nna le seabe se se sa itumediseng mo ikonoming ya rona.

Fela kgang eno ga e kitla e re nyemisa mooko leeseng gore re samagane le leuba leno la COVID-19.

Re gatela pele go tsenya tirisong dikgato tse di tlhokagalang go samagana le boitekanelo le maemo a ikonomi mmogo le a loago gore re kgone go thibela go anama ga bolwetse jono le go rola boima jwa jone mo magetleng a batho ba borona.

Le fa re tobane le mathata a a leng teng ga jaana, re tswelela go tsenya tirisong dithulaganyo tsa go aga sešwa ditheo tsa ikonomi go samagana le kgolo e e bokoa ya ikonomi, matlole a puso a a leng ka fa tlase ga kgatelelo e e seng kana ka sepe mmogo le dikgwebo tsa puso tse di santseng di kgaratlha.

Re semeletse mmogo le badirisanimmogo ba rona mo mererong ya loago go nopola dikgato tse dingwe tse re ka di tsayang go fokotsa ditshenyegelo tse di aparetseng ikonomi ya rona, le go netefatsa gore fa re supoga mo dinaleng tsa leuba leno re kgona go mekamekana le ikonomi ya rona gore e tsamaye ka tolamo.

Le fa naga ya rona e tobane le dikgwetlho tse dikgolo tse di botlhokwa mo dikarolong di le mmalwa, ga ke na pelaelo epe gore re tla falola.

Seno ke ka ntlha ya gore maAforika Borwa ga jaanong a tshwaragane go gaisa mo malobeng mme ba ribolotse letsholo la go subukana le mogare ono.

Dikgwebo di le dintsi mmogo le batho ba le bantsi ba tsweletse go tsenya seatla mo potaneng le go fana ka dithuso tse dingwe tse di rileng go ka samagana le ntwa eno.

Mo godimo ga maikano a a dirilweng mo bekeng e e fetileng a go tlamela ka matlole, re leboga maikano a a dirilweng ke ba ga Motsepe Foundation a go tlamela ka R1 bilione mmogo le a setlamo sa Naspers a go tlamela ka R1.5 bilione go lwantshana le mogare wa corona.

Re leboga thata gape le Rre Jack Ma, yo e leng mong wa setlamo sa naga ya China sa Alibaba, yo a tlametseng naga ya Aforika Borwa mmogo le dinaga tse dingwe go ralala le kontinente ya Aforika ka melemo e e botlhokwa.

Re rata go ka leboga baoki ba rona, dingaka tsa rona tsa kwa maokelong mmogo le badiredi ba bangwe ba tsa tlhokomelo ya boitekanelo, badiredi ba go thoba maikutlo mmogo le badiredi ba puso ba ba direlang kwa mafelobogorogelong, batho ba ba ithaopileng go thusa mmogo le Mekgatlho e e Seng ya Puso (di-NGO) bao ba gogang kwa pele ntwa eno ya go lwantshana le bolwetse jono.

Re leboga badiredi ba tshireletsego le pabalesego ba le 18 000, bao ba tserweng go tswa kwa ditirelong tsa sepodise, kwa masoleng, kwa mapodising a masepala a a dirang mo mebileng ka pharakano le ba bangwe bao ba tserweng kwa ditheong tse dingwe tseo di netefatsang fa go na le pabalesego.

Re totobaditse gore tiro ya batlhankedi ba rona ba tshireletsego ke go tshegetsa, go netefaletsa le go gomotsa batho ba borona, le go netefatsa gore go rena khutso le kagiso.

Ba itse sentle gore ka dinako tsotlhe ba tshwanetse go obamela molao le gore ga ba letlelelwa go utlwisa batho ba borona botlhoko. 

Mme palo eno e tsenyeletsa gape le yo mongwe le yo mongwe wa lona, baagi botlhe ba le dimilione di le 58 ba Aforika Borwa bao le bona ba kgotlhaganeng go nna ngatana e le nngwe mo go sugagantsheng bolwetse jono jo bo tshoganyeditseng boitekanelo ka fa nageng. 

Gare ga rona rotlhe go banna le basadi ba ba ragogang ka makuku letsatsi le lengwe le le lengwe, le go semelela bosigo jotlhe go kgontsha naga ya rona go gatelapele.

Ke bua ka modiredi wa kwa dipolaseng yo a thusang go netefatsa gore ga re tlhaele dijo.

Ke bua ka modiredi wa setegeniki kwa bodutelong jwa motlakase yo a tsenang a sa khutse go netefatsa gore ga re timelwe ke mabone.

Ke bua ka modiredi yo a tlhokomelang batho kwa magaeng a tlhokomelo ya bagodi, kwa mafelong a a tlhokomelang bana le kwa mafelong a go tlhokomelwang batho ba ba gateletsweng ke bolwetse mo ba retelelwang ke go tsoga mo malaong, yo a tlang tirong letsatsi le lengwe le le lengwe go lekola baagi ba naga ya rona ba ba leng mo tlalelong thata.

Ke bua ka bakganni ba dithekisi, badiredi ba ba rwalang ditlakala, badiredi ba kwa mabentleleng a magolo a dijo, badiredi ba ba phepafatsang kwa dipetlele, badiredi ba ba direlang mabentlele a leokwane le badiredi botlhe ba ba samaganeng le ditirelo tse di botlhokwa, kere ke lona bagale ba rona ba gole gantsi ba sa babatsiweng, mme jaanong re le naya tlotla.

Mo setsuatsueng seno se re sa itseng gore a re ya kwa pele kgotsa kwa morago, go kgang e e re nayang tsholofelo le go re rotloetsa. 

Maabane ke ne ka ya go bona maAforika Borwa a le 114 a a ntshitsweng ka lepotlapotla kwa Wuhan kwa nageng ya China mme ga jaanong ba siametse go ka lokololwa go leba kwa magaeng a bobona go latela dibeke di le pedi tse di fetileng fa ba ntse ba lekolwa kwa Polokwane gore ga ba na tshwaetso epe na.

Ke setlhotshwana sa maAforika Borwa a a siameng tota a a nang le dingwaga tse di farologaneng, a merafe e e farologaneng, a bong jo bo farologaneng mme e bile gape ba tswa kwa mafelong a a farologaneng.

E setse e le dikgwedi ba ntse ba sekegilwe nakwana, kwa tshimologong e ne e le kwa Wuhan mo ba neng ba sekegilwe sebaka sa matsatsi a le 51 mme ya nna gape kwa Polokwane mo ba ntseng matsatsi a le 14. 

Mme ga jaanong ba santse ba saletswe ke matsatsi a le 17 a go nna gae a a setseng a naga ya rona e tla tswelelang go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng.

Rotlhe re tshwanetse go duduetsa gobo batho bano botlhe ba fitlhetswe ba se na mogare ono mme e bile ba santse ba itekanetse. 

Ba lokologile mo moweng mme e bile gape ba lebogile naga go tswa kwa boteng jwa dipelo tsa bona ka ga seo naga eno e se ba diretseng ka go ba lata le go ba busetsa gae ka fa nageng. 

Ba bangwe ba bona ke baithuti, ba bangwe ke barutabana, mme ba bangwe ba ne ba iponetse ditiro kwa nageng China. 

Re leboga go menagane badiredi ba Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa (SAA), setlhopha sa badiredi ba boitekanelo mmogo le mapodisi le masole le badiredi le batsamaisi ba Ranch Hotel ba ba dirileng gore letsholo leno le atlege thata.

Maitemogelo a maAforika Borwa ano a a boileng kwa Wuhan a re naya maatla jaaka re tobana le dikgwetlho tse di santseng di tla.

Ano ke maitemogelo a re iseng re tsamaye re itemogela ona mo go rona rotlhe.

Ga re ise re mekamekane le seemo sa mothale ono mme ka jalo re tla tsamaya re kgopiwa, mme fa go le jalo re kopa batho ba borona ba re inele diatla metsing gonne go kgopiwa le ya maoto mane mme ba tlhaloganye gore tsotlhe tse re di dirang re di dira e le go tswela batho botlhe molemo. 

Re tla tswelela go phosolola diphoso tse re di dirang.

Le fa go le jalo ga ke na pelaelo gore go atlega gona re tla atlega, ka ntlha ya gore re tla lemoga gore kgang eno ya mogare wa corona ga se motshamekwane, re tla iphuta le malawana re le baagi, mme re tla tsaya dikgato ka maikarabelo.

Fa re ka dirisana mmogo sentle, fa re ka tswelela ka leano la rona le re itseng gore le tshwanetse go diragadiwa, bolwetse jono re tla bo bontsha dibi tsa tshwene.

Ke na le tshepo e e tletseng gore re tla fenya.

Robadiwang.

A Modimo a tshegofatse naga ya Aforika Borwa le go boloka setšhaba sa yon

Share this page

Similar categories to explore