Puo ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa e e ka ga Kgatelopele e e Dirilweng mo go Samaganeng le Leroborobo la COVID-19

MaAforika Borwa a gaetsho,

Moporesitente wa rona wa mo malobeng Rre Nelson Mandela o kile a kwala a re:

“Ke kgaratlhetse kgololesego sebaka se se telele. Ke lekile gore ke se dire diphoso; ke tsamaile ke kgotšwa mo kgaratlhong eno.

“Fela ke itemogetse diphitlhela gore fa o sena go kgabaganya kgwetlho e e rileng e e namagadi, o iphitlhela o tobane le dikgwetlho tse dingwe gape tse dintsi tse o tshwanetseng go dikgabaganya”.

Mo nageng ya rona re iphitlhetse re tobane le makhubu a le mabedi a a setlhogo a ditshwaetso tsa mogare wa corona.

Fela re kgonne go kgabaganya mo makhubung ano ka go tsaya ditshweetso tse di gagametseng ka ponyo ya leitlho, le ka go diragatsa ditshweetso tseno mmogo gore re kgone go thibela go anama ga mogare ono mme re kgone go babalela matshelo a ba malapa a rona, a batho ba re tshelang mmogo le bona mmogo le matshelo a rona.

Gompieno re iphitlhela re tobane le e nngwe gape kgwetlho e e namagadi, kgwetlho e nngwe gape e re tshwanetseng go e kgabaganya.

Mo matsatsing a le lesomelebobedi a a fetileng, fa ke ne ke le eme ka lefoko, ke ne ke le lemosa gore lekhubu le lentšhwa la boraro le le setlhogo le setse le tlhasetse diporofense di le dintsinyana e bile le tsweletse go anama.

Ka nako eo palo ya batho ba ba neng ba tshwaetswa letsatsi le letsatsi e ne e setse e le kwa godimo ga ya go menagana gabedi, balwetse ba ba neng ba amogelwa kwa maokelong palo ya bona e ne e tlhatloga mme palo ya matshelo a batho ba ba lobetsweng dintshi ke COVID-19 e ne e oketsega ka palo e e ka dirang halofo.

Fa ke bua le lona mo maetsiboeng ano, kwantle kwa leroborobo leno le ntshitse ga tshwene.

Fela jaaka dinaga tse dingwe di le dintsi tsa Aforika, Aforika Borwa le yona e na le dipalo tse dintsi tsa batho ba ba tshwaetsegang ka ntlha ya go runyasešwa ga bolwetse jono.

Tikwatikwe ya Kontinente ya Aforika e e Mabapi le go Thibelaketegelo ya Malwetse e begile gore lekhubu leno la boraro le setse le simolotse go tlhasela kontinente.

Go fitlha gompieno Dinagaleloko tsa Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika di setse di begile gore batho botlhe ba ba tshwaetsegileng mo dinageng tsa bona ba kanaka 5.2 milione mme ba ba fetang 138 000 ke ba ba lobetsweng dintshi ke COVID-19.

Leru leno la mogare ono wa COVID-19, le le wetseng naga ya rona ka Mopitlwe ngogola, mogare wa teng o ntse o fetogafetoga, mme ka go dira jalo o tsamaya o ijala le go thuthusa mae a ona go itira megare e e farologaneng le ya pele.

Badiredi ba rona ba lephata la saense ba re tlhalosetsa gore mogare ono wa COVID-19 o na le dibopego tse dintsi tse di farologaneng.

Mo ngwageng o o fetileng re iphitlhetse re aparetswe ke mogare ono o o bidiwang wa Beta.

Mme jaanong re aparetswe ke o o bidiwang Delta.

Mogare ono wa Delta o simolotse kwa nageng ya India mo bokhutlhong jwa Mopitlwe monongwaga, mme jaanong o setse o aparetse dinaga di le 85.

Mogare ono wa Delta o ne wa anama ka lebelo le le tshosang kwa nageng ya India.

Jaanong mogare ono wa Delta o setse o aparetse diporofense di le tlhano tsa naga ya rona e leng ya Kapa Botlhaba, Foreisetata, Gauteng, KwaZulu-Natal mmogo le Kapa Bophirima.

Bopaki jo re nang le jona ga jaanong ke gore palo ya batho ba ba nang le mogare ono wa Delta e gaufi le go feta ya ba ba nang le wa Beta, o e neng e le ona o o neng o rena mo nageng ya rona pele ono o thuthusa.

Lebelo le mogare ono o anamang ka lona le a re tlhobaetsa.

Go nne sa ntlha ke gore, mogare ono o fetelana bonolo go gaisa ya mo malobeng, seno se re raya se re go bonolo go fetelana mo bathong ba ba atlanang.

Go akanngwa gore bogale jwa mogare wa Beta bo tsena gabedi mo bogaleng jwa mogare wa ga jaanong ka go fetelana.

Sa bobedi ke gore, ka ntlha ya fa go le bonolo gore batho ba tshwaetsege ka mogare ono, go na le kgonagalo ya gore mogare ono o ka tshwaetsa batho ba le bantsi thata.

Fela jaaka megare e mengwe ya mo malobeng, le mogare ono o ka tshela batho ba bangwe ka ona o sa itse gore o na le ona.

Sa boraro ke gore, jaanong go na le bopaki jwa saense jwa gore batho ba mo malobeng ba kileng ba tshwarwa ke mogare wa Beta masole a bona a mmele a ka se kgone go ba sireletsa gore ba se tshwarwe ke mogare wa Delta, mme ka jalo go na le kgonagalo ya gore ba ka tshwaetsega lekgetlo la bobedi.

Sa bone ke gore, ka ntlha ya gore mogare ono o fetelana bonolo, dikgato tse di leng mo tirisong ga jaana tsa go tila go anama ga mogare ono jaanong di setse di tlhaela go ka fokotsa ditshwaetsego.

Mo godimo ga seno, go santse go le go gontsi go re iseng re go tlhaloganye ka mogare ono.

Go naya motlhala, ga re ise re tlhaloganye gore ke ona o o tlisang matshwao a a bogale kgotsa jang.

Tshedimosetso e e tlhagisitsweng lantlha kwa dinageng tse dingwe e tshitshinya gore go na le kgonagalo ya gore ga se ona o o tlholang matshwao a a bogale.

Dipegelo go tswa kwa dinageng tse dingwe, mmogo le tse di leng mo kontinenteng ya rona, le tsona di re ditshwaetso tsa mogare ono wa Delta mmogo le mo baneng e ka nna tse dintsi, le fa e le gore palo ya bona e tla bo e le e e kwa tlase thata go gaisa ya bagodi.

Lebelo le mogare ono o anamang ka lona le kotsi thata.

Le fa e le gore mogare ono ga o bogale go le kalo, lebelo le mogare ono o tshwaetsang batho ba le bantsi ka lona le ka dira gore batho ba le bantsi ba iphitlhele ba bobola mme ba tlhoka go alafiwa ka nako e le nngwe.

Mme ka ntlha ya seno re tlhoka go tsaya dikgato tse dingwe gape tsa go ipabalela.

Go simolola gompieno palo ya batho ba ba tshwaetsegang mo matsatsing a le supa mo nageng yotlhe e setse e fetile ya mo nakong e e fetileng fa lekhubu la ntlha le ne le rotoga mo kgweding ya Phukwi ngogola, mme go ise go ye kae e tla bo e feta le e re fetileng mo go yona ya fa lekhubu la bobedi le ne le rotoga monongwaga ka Ferikgong.

Mo bathing botlhe b aba tshwaetsegileng ka mo nageng, 60% ya bona ke y aba kwa porofenseng ya Gauteng.

Ntle fela le porofense ya Kapa Bokone le ya Foreistata, ditshwaetso mo diporofenseng tse dingwe tsa naga ya rona di tlhatloga ka lebelo.

Re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng gonne fa leru leno la ditshwaetso le ka aparela porofense eno ya Kapa Bokone le Foreistata, di ka iphitlhela di na le ditshwaetso tse di tswileng mo taolong.

Se re se bonang se diragala mo pele ga matlho a rona rotlhe e tshwanetse go nna selo se se re tshwenyang.

Mongwe le mongwe wa rona o itse gongwe tsala, wa lelapa kgotsa lesika kgotsa modirimmogo yo a kileng a tshwaetsega.

Ga se ba bantsi fa gare ga rona ba ba iseng ba iphitlhele ba ile go fitlha wa lelapa kgotsa lesika, tsala kgotsa mongwe yo ba neng ba phela mmogo nae ka ntlha ya bolwetse jono.

Re tshwere phage ka mangana mme fa re sa itlhokomele e tla re kometsa.

Seemo se se rotogileng se re leng mo go sona sa lekhubu la boraro se bonagala se tla tla ka matlakadibe go gaisa sa makhubu a a fetileng a mabedi.

Lekhubu la ntlha le re aparetse sebaka sa dibeke di le 15. Lekhubu la bobedi lona le re aparetse sebaka sa dibeke di le robongwe.

Tota ga re itse gore la jaanong lona le tla re aparela sebaka se se kanakang, fela renagana gore leno le tla re aparela sebaka go gaisa a mangwe.

Ke a itse gore bontsi jwa lona ga se se le batlang go se utlwa.

Rotlhe botshelo bo ntse bo le boima mo sebakeng se se fetileng sa ngwaga le halofo.

Re ka tswa re ne re ipoleletse gore jaaka go ne go bonagala e kete botshelo bo tla boela sekeng ka iketlo, re ka nne ra simolola go se tseetsiya melawanakiletso ya go tila ditshwaetsego.

Gongwe re lapisitswe ke go apara dimaseke fa re le fa gare ga batho mo dipalangweng mme ka le lengwe la matsatsi ra itseela molao mo matsogong mme ra se apare maseke. Fa re bona go se ope yo a re kgalemang kgotsa yo a ngunangunang ka seno ra bona e le tšhono ya gore re tlogele go o apara ka gotlhelele.

Fa re ya menateng re tsamaya re apere dimaseke, mme fa re fitlha koo re e fothela kgakala.

Fa re kopana le ditsala le ba re tshelang le bona re a itebala mme re a atlana, re setlana ka ditladimothwana le go dumedisana ka go tshwarana ka diatla gonne re nagana gore ga re lwale le bona ga ba lwale.

Re santse re ya ko menateng kgotsa kwa meketeng fa re lalediwa le go laletsa batho go tla kwa meketeng ya rona.

Boammaruri ke gore ngwana magana go utlwa o tla utlwa ka letlalo, fa re ka itebala re tla lela sa khurano ya meno.

Ga re a tshwanela go itatlhela mo seretseng, re tswanetse go ntsha matlho dinameng ka dinako tsotlhe.

Re tshwanetse go ikobela melawanakiletso ya go tila ditshwaetsego e e leng teng go re sireletsa le go sireleba batho ba bangwe.

Gore re dise maokelo a rona gore a se tlale mo a tla tshologang fa ditshwaetso di tsweletse go tlhatloga ke selo se re tla se bayang kwa setlhoeng.

Mo diporofenseng di le mmalwa tsa naga ya rona maokelo a rona a puso a setse a tletse thii, mme le maokelo a poraefete le ona a setse a simolola go imelwa.

Le fa maokelo a rona a lekile tsotlhe tse a ka di kgonang gore a kgone go amogela balwetse ba bantsi, diphaposi tsa balwetse ba ba bobolang mo ba ka ikelang badimong di santse di tlhaela.

Se re se itemogelang ke gore dikiletso tse di leng mo tirisong ga jaana di a tlhaela go ka fokotsa lebelo le dipalo tse dintšhwa tsa batho ba ba tshwaetsegang.

Go re thusa go ipaakanyetsa dikgato tse re ka di tsayang re tsere malebela mo dinageng tsa boditšhabatšhaba le go keleka tshedimosetso e e leng teng mo lefatsheng ka bophara ya lephata la saense.

Se se kwa setlhoeng mo go rona ke gore mongwe le mongwe wa rona a nne le seabe mo go fediseng go tshwaetsana gore re kgone go fedisa ditshwaetso tse di renang.

Re lebile dikeletso go tswa mo lephateng la saense tse di tlileng le Komiti ya Dikeletso tsa Matona mmogo le go sekegela tsebe diporofense le diteropokgolo tsa rona mmogo le baeteledipele ba merero ya setso, mme Lekgotla la Naga le le Jarileng Maikarabelo a Mogare wa Corona (NCCC) mmogo le Kabinete ba laetse gore naga e tsenngwe mo Kgatong e e Tlhatlhobilweng Sešwa ya Bone.

Kabinete e tsere tshwetso ya gore dikiletso tse re tla di tsayang gore di nne maleba le tse di lekanetseng matsapa a re tobaneng le ona, e leng dikiletso tseno tse re tla di itsiseng maitseboeng ano, di tla tsenngwa mo tirisong sebaka sa matsatsi a le 14.

E tla re morago ga matsatsi a le 14 ra boela ra sekaseka fa dikiletso tseno di nnile le mosola kgotsa di tlhoka go tswelela go nna mo tirisong kgotsa le tsona di tla tlhoka go okediwa.

Ka jalo, dikiletso tse di latelang di tla tsenngwa tirisong mme tsa aparela naga yotlhe go simolola kamoso, Mosupologo wa la bo 28 Seetebosigo 2021 go fitlha ka Latshipi wa la bo 11 Seetebosigo 2021:

  • Mekete yotlhe e ileditswe, go sa kgathalesege gore e tshwarelwa ka fa gare ga meago kgotsa kwa ntle ga meago. Fano re bua ka mekete ya dikereke, ya dipolotiki, ya setso le ya menate.
  • Batho ba santse ba letleletswe go tshwara diphitlho tsa dipoloko kgotsa tsa go fisa ditopo mme diphitlho tseno ga di a tshwanela go tsenelwa ke batho ba feta ba le 50 mme mo go tsona diphitlho tseno batho ba tshwanetse go katogana le go ikobela dikgato tsa go tila ditshwaetso.
  • Mo ditirelong tsa phitlho meletelo le ditirelo tsa phimolakeledi tse di tshwarwang fa go tlhagiwa kwa diphupung di santse di ileditswe.
  • Mafelo a boitapoloso jwa baagi a a jaaka mawatle le diphaka ga a kitla a tswalelwa. Le fa go le jalo, batho ba ileditswe go bokana mo mafelong ao.
  • Dikiletso tsa go ebela masigo di tla ragoga ka ura ya borobongwe bosigo mme tsa khutla ka ura ya bone ka matsha, mme jaanong dikgwebo tsotlhe tse e seng tsa botlhokwa go le kalo di tla tshwanelwa ke go tswalela ka ura ya borobedi bosigo.
  • Thekiso ya notagi go nwelwa mo mafelong a thekisetso le go nwelwa kwa gae e ileditswe. Komiti ya Dikeletso tsa Matona e re butse matlho gore dikiletso tsa mo nakong e e fetileng di ne di se bogale go le kalo mme kiletso ya notagi e tla fokotsa matsapa a dipetlele tsa rona di leng fa gare ga ona ka ntlha ya balwetse ba ba tletseng kwa dipetlele ba ba nnileng le dikgobalo ka ntlha ya notagi.
  • Re lebeletse ditshwaetso tse di iphileng maatla mo Gauteng, maeto go tsena le go tswa mo porofenseng eno ka mabaka a go tlhaba mmutla kgobe a tla ilediwa. Fela mabaka a a ileditsweng ga a akaretse a maeto a a amanang le tiro, maeto a a amanang le kgwebo kgotsa maeto a a amanang le difofane ka mabaka a go tlhoka difofane mo diporofenseng tse dingwe, maeto a go rwala dithoto ka difofane kgotsa maeto a go tlisa kgotsa go ntsha dithoto ka dipalangwa.

Fa e le gore mo nakong e o tswile ka porofense ya gaeno, o tla letlelelwa go boela gae go tswa kgotsa go tsena ka Gauteng.

  • Go ileditswe go etela mafelo a a tlhokomelang batsofe, a a tlhokomelang batho ba ba tlhokang tlhokomelo le mafelo a mangwe a mo go ona batho ba nnang ka bontsi.
  • Mabentlelebojelo mmogo le a mangwe a a rekisang dijo tse di bothito a tla letlelelwa go rekisa dijo tse batho ba itatelang tsona kgotsa tse di isiwang ko beng ba tsona mme ba sa di jele mo mafelong ano a thekisetso. Seno ke ka ntlha ya gore fa motho a ja kgotsa a nwa a ka se apare maseke mo mafelong ano.

Dikolo le ditheo tsa thuto mo pakeng eno ya mariga di tla tswalela ka pele.

Dikolo di tla simolola go tswala ka Laboraro wa la bo 30 Seetebosigo 2021, mme dikolo tsotlhe di tshwanetse gore fa re tsena mo bokhutlong jwa beke ka Labotlhano wa la bo 02 Phukwi 2021 di bo di tswaletse.

Dithuto kwa ditheong tse dikgolwane tsa thuto di tla garela ka Laboraro wa la bo 30 Seetebosigo 2021, mme mo ditheong tseno ditirelo tse di tla nnang teng di tla bo di se kalo.

Le fa go le jalo, mafelo a baithuti ba nnang mo go ona kwa ditheong tseno ona ga a kitla a tswalelwa.

Tona ya Thuto ya Motheo mmogo le ya Thuto e Kgolwane, Saense le Boitshimololedi mo gautshwane ba tla neelana ka dintlha ka botlalo ka dithulaganyo tseno.

Dikiletso tse re di tsenyang tirisong ga jaana maitlhomo a tsona ke go thibela go anama ga mogare ono ntle le go kgoreletsa bontsi jwa ditiro tsa ikonomi.

Dikgwebo di le dintsi di tla tswelela go dira jaaka setlwaedi mme dikiletso tseno di ka se di ame go le kalo.

Se re tsepamisitseng mogopolo wa rona mo go sona ke go fokotsa go bokana le go atlana ga batho ntle le go kgoreletsana le ditiro tsa ikonomi.

Ke rata go ka le gakolola gape gore batho botlhe fa ba le fa gare ga batho ba bangwe ba tshwanetse go apara dimaseke tse di thibang nko le molomo.

Go se dire jalo o tla bo o tlola molao.

Balaodi le beng ba meago e e dirisiwang ke baagi, ditikwatikwe, mabentlele, mabentlelebojelo, dithekisi le dibese botlhe ke maikarabelo a bona go netefatsa gore batho botlhe ba ba leng ka fa gare ga meago ya bona kgotsa ba ba nametseng dijanaga tsa bona ba apere dimaseke.

Fa go kgonegang bathapi botlhe ba tshwanetse go letlelela badiredi ba bona gore ba ka dira ba le kwa malapeng a bona, mme maeto le dikopano tse di seng botlhokwa di tshwanetswe go sutedisiwa kwa pele go diragadiwa mo nakong e e tlang.

Ditheo tsa tirelo ya puso le tsona di tla fokotsa palo ya batlhankedi ba ba yang tirong mo letsatsing ntle le go kgoreletsa go le kalo ditiro le ditirelo tsa puso.

Fa ka fa letlhakoreng le lengwe re tsenya dikiletso tseno mo tirong, ka fa go le lengwe re samagane le go oketsa palo ya maokelo mo lephateng la boitekanelo.

Kwa Gauteng, go tlhaela ga maokelo ka ntlha ya go tswalelwa ga Sepetlele sa Charlotte Maxeke go imeditse dipetlele tse dingwe.

Re dira tsotlhe tse di leng mo matleng a rona go ka oketsa maokelo le go potlakisa dikgato tsa go bula Sepetlele sa Charlotte Maxeke.

Ga jaanong, Gauteng mo maokelong a yona e kgonne go bula diphatlha di le 830 tse di letetseng balwetse ba ba ka nnang teng ka go busetsa kwa morago matlha a a neng a rulaganyeditswe batho ba ba tlhokang go dira karo e e seng ya tshoganyetso mmogo le go bula diphatlha tse dingwe di le 400 mo meagong e mengwe e e seng ya maokelo e ga jaanong e tla simololang go dirisiwa.

Re ntse re buisana le batlhagisi ba metšhini ya go thusa balwetse go hema gore e kete ba ka dira e mentsinyana gore e kgone go re thusa fa dipalo tsa balwetse ba ba e tlhokang di ka oketsega.

Re tsweletse go tlhokomela ka leitlho le le ntšhotšho didirisiwa tsa go ipabalela (di-PPE) mmogo le melemo e re nang le yona gore fa e simolola go fokotsega re kgone go e bona ka bonako mme re kgone go ka tsaya dikgato tse di tlhokagalang.

Lefapha la Boitekanelo la Porofense ya Gauteng le setse le simolotse go thapa badiredi ba bangwe jaaka tiro e setse e simolotse go oketsega.

Letlole la Tshwaraganelo le setse le tlametse kgato eno ya go thapa le go tsenya tirong baoki bano mo dipetleleng tsa kwa Gauteng ka R16 milione gore ba thusane le ba sesole ba le bona ba setseng ba rometswe go ema nokeng tiro ya maokelo.

Go netefatsa gore re na le diphatlha tse di lekaneng tse di letetseng balwetse re tshwanetse go tlamela ditirelo ka bonako gore re kgone go lokolola balwetse mme re sale re na le diphatlha tse di lekaneng tse di letetseng balwetse ba ba ka tlang ba gatelegile ke mogare wa COVID-19.

Re gatela pele ka go potlakisa letsholo la rona la go tlhabela meento.

Letsholo leno le setse le okeditse lebelo la lona mme re fitlhelela le dipoelo tsa lona tse di botlhokwa fa re tsweletse go gatela pele.

Fa e sale go fitlha bosigogare ba maabane batho ba ka nna dimilione di le 2.7 mo nageng ya Aforika Borwa ba ne ba setse ba entilwe.

Mo bekeng e e fetileng palo ya batho ba ba entiwang ka letsatsi e ne e setse e fetile ba le 100 000.

Mo matsatsing a le mararo a a fetileng re amogetse meento e mengwe gape e le 1.2 milione ya setlamo sa Johnson & Johnson mmogo le e mengwe gape e le 1.4 milione ya setlamo sa Pfizer mo letsholong la COVAX.

Ka meento eno re tla kgona go tlhatlosa lebelo la rona la go tlhabela batho meento mo bekeng eno le mo dibekeng tse di tlang.

Re lebeletse leano la rona la go enta setšhaba, badiri ba le 950 000 mo lephateng la kalafo ba setse jaanong ba entilwe mo nageng yotlhe mme tiro ya go ikwadisa le go entiwa ya setlhopha seno e santse e tsweletse.

Kgato ya bobedi ya leano leno le yona e ntse e tsweletse ka tolamo mo bagodi ba ba nang le dingwaga di le 60 le go feta ba tswelelang go ikwadisa le go tlhabela moento ka thelelo.

Jaaka re tsweletse ka letsholo leno mo re batlang go enta batho ba ba welang mo setlhopheng seno ba le dimilione di le tlhano, porofense e nngwe le e nngwe jaanong e thankgolotse matsholo a go ngokela baagi ka go thusa batho ba bagolo go ikwadisa le gore ba entiwe.

Go fitlha mo motsing ono ke batho ba le 3.8 milione ba ba setseng ba ikwadisitse mo Sefalanatshedimosetsong sa Ikwadisetso ya go Tlhaba Moento sa Ileketeroniki (EVDS).

Letsholo la Naga la go Tlhabela Moento le tla diragadiwa ka go latela magato a le mararo.

Legato la ntlha ke le go lebelelwang baagi ka kakaretso go ya ka dingwaga tse ba welang mo go tsona.

Ka jalo, setlhopha se se tla latelang se se tla simololang go ikwadisa go tloga ka Labone wa la bo 01 Phukwi 2021 e tla nna sa batho ba ba magareng ga dingwaga di le 50 le 59 mme bona ba tla simolola go entiwa ka Labone wa la bo 15 Phukwi 2021.

Legato la bobedi le setse le simolotse mme lona ke la batho ba ba dirang mo lekaleng la thuto ya motheo, mo go setseng go rekotilwe gore go fitlha mo motsing ono ke batho ba le 184 000 mo lephateng leno ba ba setseng ba entilwe.

Legato la botlhano ke le le samaganang le go entiwa ga mapodisi le batlhankedi ba phemelo.

Setlhopha seno re tla simolola go se enta ka Mosupologo wa la bo 05 Phukwi 2021.

Legato la bone e tla nna la go entela batho kwa mafelong a bona a tirelo mo makaleng a a botlhokwa a ikonomi a a jaaka kwa meepong, kwa mafelong a tlhagisodikuno le kwa dithekesing.

Ke ikuela mo go botlhe ba ba nang le matshwanedi a go tlhabela moento go ikwadisa e ka tswa e le ka inthanete, ka SMS kgotsa ka go ikwadisa ka sebele.

Re tla tswelela go jarisana joko eno le badirisanimmogo ba rona mo mererong ya loago le baagi gore re kgone go ka enta bontsi jwa batho jo bo kgonegang ka lebelo le le kgonegang.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Go santse go na le tshedimosetso e ntsi e e fosagetseng ka meento ya COVID-19.

Go buiwa maaka ka yona mo WhatsApp, mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano, le fa batho ba itlolela ka yona, mme ga twe e kotsi, ga twe e ka go lwadisa, e bile ga twe ga e mosola.

Ga ke a bolo go bua ka ntlha eno mme le jaanong ke tla e boeletsa: ikakanye sentle ka selo se o se dirang pele o ka romela kgotsa gona go phasalatsa maaka ano.

Akanya ka tlhakatlhakano e selo seo se tla e dubang.

O tshosa batho, o dira gore ba nne le poifo le go dira gore ba se itse gore eng ke eng mo nakong eo re sa tlhokeng tlhakatlhakano ya mofuta ono.

Bopaki jwa lephata la saense jo bo leng fa pele ga matlho a rona bo bontsha sentle gore meento eno e a dira. E babalesegile. E mosola, e bile e boloka matshelo a batho.

Fa e le gore o na le dipotso ka moento ono, fa e le gore go na le sengwe se o sa se tshepeng, ka kopo lebelela tshedimosetso e Lefapha la Boitekanelo e abelanang ka yona mmogo le e e leng teng kwa dikantorong tsa dingaka.

O ka tswa gongwe o na le dipotso gore a moento ono o kgona go thibela malwetse a a bogale kgotsa gore a gongwe o kgona go thusa gore motho a se iphitlhele a tsene ka sepetlele ka ntlha ya mogare ono o montšhwa.

Go na le bopaki jwa gore meento e re e dirisang ga jaanong mo Aforika Borwa e kgona go thibela go tshwaediwa ke mogare ono o montšhwa wa Delta.

Komiti ya Keletso ya Ditona Mabapi le Merero ya Moento e tla tswelela go sekaseka tshedimosetso yotlhe e e leng fa pele ga yona mmogo le go loga maano a mangwe fa go nna le tshedimosetso e nngwe gape e ntšhwa.

Re tshwanetse go gakologelwa gape le gore batho bangwe ba ba setseng ba entilwe ba ka tshwaetsega, seno ke ka ntlha ya gore moento ga o dire gore motho e se tlhole a lwala.

Fa batho ba ba setseng ba entilwe ba tshwaetsega, bolwetse joo ga bo ba gatelele.

Se se botlhokwa ga jaanong ke gore meento yotlhe e re e dirisang e tla go thusa gore bolwetse jono bo se go gatelele, o se lwale mo o ka iphitlhelang o tsene ka sepetlele mme se sengwe gape sa botlhokwa ke gore o tla dira gore bolwetse jono bo se go lobele dintshi.

Ke batla gape go ka gakolola maAforika Borwa gore re tshwanetse go tswelela go ikobela dikgato tsa go tila ditshwaetsego le fa e le gore re entilwe.

Fa e sale leroborobo leno le nna teng, dikgato tsa naga ya rona tsa go samagana le lona di ntse di gogwa kwa pele ke batlhankedi ba lephata la kalafo, badiri ba lephata la tlhokomelo ya boitekanelo mmogo le batlhankedi ba lephata la saense.

Re leboga go menagane boineelo jo ba nang le jona mo tirong ya bona e e tswileng diatla.

Mme ke ka ntlha ya seno re tshwenyegang thata fa re bona baeteledipele ba mekgatlho ya dipolotiki ba tlhasela batho ba mothale ono mme ba ba tlhasela jalo ka ntlha ya fa ba dira tiro ya bona e ba e neilweng.

Re tshwanetse go gopola gore Bothati jwa Aforika Borwa jwa Taolo ya Melemo ya Boitekanelo (SAHPRA) ke bothati jo bo ikemetseng mme bona bo ikamanya fela le bopaki jo bo leng teng mo mererong ya saense go netefatsa gore maokelo a puso a babalesegile e bile a dira ka tshwanelo.

SAHPRA e tshwanetse go letlelelwa gore e dire tiro ya yona ntle le go tshosediwa kana go gapelediwa gore e sekamele ka fa letlhakoreng la dipolotiki gore fa e tlhomamisa gore meento e e rileng e letleletswe go ka dirisiwa baagi ba tlhoke pelaelo epe mme ba itse fa meento eo e bolokesegile, e na le boleng jo bo lekanetseng e bile e dira.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Fa e sale go begiwa molwetse wa ntlha mo nageng ya rona yo a nang le mogare ono o o kotsi, ga re a bolo go tlhaloganya sentle gore matlhaku go šwa mabapi.

Re ne re solofetse gore leroborobo le tla feta ka bonako mme ra lebaka ka lona, ka bomadimabe go go a ke ga nna jalo.

Re ka tswa re na le dipelaelo fa go tla mo taolong ya leroborobo leno, fela se re nang le bonnete jwa sona ke gore

Re ka itshireletsa e bile re tshwanetse go itshireletsa ka ditsela tsotlhe tse re di itseng.

Dikgato tse di sa bolong go tsengwa tirisong tsa go tila ditshwaetsego e santse e le tsona tse di ka re tswelang molemo mo go lwantshaneng le leroborobo leno.

Tsona ga di a tlhakatlhakana, ga di boima e bile ga di je go le kalo mo pataneng.

Le fa di re kgoreletsa, di botoka go na le go gatelelwa ke bolwetse mo motho a tlhokang go tsena ka sepetlele.

Ka jalo re tshwanetse go apara dimaseke ka dinako tsotlhe fa re le fa gare ga batho.

Re tshwanetse go tlhapa diatla tsa rona ka gale gongwe go di tsikitletsa ka sebolayamegare.

Re tshwanetse go katogana le batho ba bangwe ka gale.

Mme fa e le gore ga se lebaka le legolo go le kalo, kakopo se ebele le naga.

Fa e le gore o a lwala mme o na le matshwao a mannye a COVID-19, o tshwanetse go itlhopha, mme o se kopane le ope, ke raya le bona ba o o nnang le bona mo ntlung.

Fa e le gore o kile wa nna mo lefelong le le esi le motho yo a nang le COVID-19 o tshwanetse go se kopane le batho ba bangwe sebaka sa matsatsi a le lesome.

Fa e ka re o dira diteko tsa tlhaga di re o na le mogare ono, ikgolaganye le batho ba o kileng wa kopana nabo gore le bona ba tle ba tsaye dikgato tsa go ipabalela le go babalela matshelo a batho ba bangwe.

Rotlhe re na le maikarabelo a go tlhokomela boitekanelo e seng fela jwa rona, le jwa batho ba bangwe ba re tshelang le bona mmogo.

Le fa leroborobo leno le bonagala e kete le tla re ketefalela, go na le sengwe seo re ka se dirang go samagana le lona.

Ka go tsaya ditshweetso tse di maleba re ka kgona go le fedisa.

Kgakala ke ko re tswang. Re na le sebaka sa ngwaga le halofo re pitikolosana le leru leno le lentsho.

Re nnile le dikgwetlho le dipoelomorago di le dintsi.

Le fa go le jalo, e santse e le rona bano ka ntlha ya gore mo hisetoring ya rona re itse sentle gore re setšhaba se se itseng go kakatlela se se sutlhileng ditsuatsue tse dintsi tse dikgolo tsa go feta tse re leng fa gare ga tsona tseno.

Jaanong lekhubu la boraro le santse le tsaya maatla le go itotsetsa rona.

Fela jaaka mo malobeng, re iphitlhela go se ko re ka tshabelang teng ntwa eno ya go lwantshana le bolwetse jono.

Ka jalo, tla re diriseng maatla otlhe a re nang le ona, bogatlhamelamasisi jwa rona mme re kakatlele go fitlha lekhubu leno le lona le felela jaaka mouwane.

Re tla supoga mo dinganeng tsa phage eno.

Jaaka re kgonne go ikinola mo dikgwetlhong di le dintsi tse re fetileng mo go tsona, le eno kgwetlho le yona re tla ikinola mo go yona.

Re tla dira seno ka go tsamaisana tsela eno mmogo, jaaka re tlhole re dira.

Ke bua jaana ka ntlha ya gore ke a le itse maAforika Borwa a gaetsho.

Ke a itse gore le tla dira se se siameng le se se tshwanetseng go diriwa.

E bile ke a itse gore le fa go ka nna boima jang kapa jang, ga re kitla re itlhoboga.

A Modimo a tshegofatse naga ya Aforika Borwa le go boloka setšhaba sa yona.

Pula.

Share this page

Similar categories to explore