Puo ka Moporesitente Cyril Ramaphosa ka ga Tswelopele mo Maitekong a Bosetšhaba a go Laola Leroborobo la COVID-19

MaAforika Borwa a a rategang,

Dumelang,

Re tsere tshwetso ya go diegisa tshimololo ya puo e go setšhaba ka halofo ya ura ka ntlha ya fa mogaka wa kgaso mo Aforika Borwa, Mme Noxolo Grootboom, a ne a buisa dikgang tsa puo ya Sethosa la bofelo mo Dikgannyeng tsa SABC ka ura ya bosupa maitseboeng ano.

Ke rata go akgola Mme Grootboom jaaka mmegadikgang yo o manontlhotlho yo mo pakeng yotlhe ya tiro ya gagwe, a neng a tlisa ditiragalo tsa hisetori mo nageng ya rona le go ralala lefatshe mo matlong a setšhaba sa rona.

Re eleletsa Mme Grootboom nala, le go mo lebogela tirelo ya gagwe ya dingwaga tse dintsi tse.

Re rata gore, ntlo le ntlwana, re a go rata.

E setse e le sebaka se se kwa godingwana ga ngwaga fa e sale re goeleditse Maemo a Bosetšhaba a Matlhotlhapelo go tsibogela leroborobo la COVID-19 mme ra tshwanelwa ke go tsaya dikgato tse di rileng go laola kanamo ya bolwetse jo.

Fa e sale ka motsi oo, rotlhe re ne ra tshwanelwa ke go itshokela dikiletso mo matshelong a rona.

Se se nnileng bokete go gaisa tsotlhe ke ka moo leroborobo le le amileng dikamano tsa loago tse di dirang gore re ikutlwe re le karolo ya setšhaba.

Re tlhoafalela dilo di le dintsi tse tota re neng re sa di tsee tsia, jaaka go etela ba re ba ratang, go ya meletlong le go tsenela ditirelo tsa sedumedi.

Morago ga ngwaga, re iphitlhela re setse re nnile le tswelopele e e bonalang go tlisa leroborobo le ka fa tlase ga taolo.

Maiteko a a tlhomameng a badiredi ba rona ba boitekanelo a bolokile diketekete tsa matshelo a batho, le tiro e e manontlhotlho ya borasaense ba rona e nnile le seabe se segolo mo go tlhaloganyeng mogare o.

Ka diphetogo tse rotlhe re di dirileng mo maitsholong a rona, re itshireleditse mmogo le bamalapa a rona le setšhaba sa rona.

Mo Aforika Borwa, fela jaaka kwa dinageng tse dintsi go ralala lefatshe, ga re ise re siamele go boela kwa maemong a botshelo jo bo tlwaelegileng.

Ke ngwaga wa bobedi ka tatelano, mo re tlileng go tshwanelwa ke go fokotsa dikamano tsa rona, segolo mo pakeng e ya Tsogo ya Morena.

Go jalo gonne re santse re le mo teng ga leroborobo la mogare wa corona.

Mo sebakeng sa ngwaga o o fetileng, naga e setse e nnile le batho ba fetang milione le halofo ba ba tshwaeditsweng ke mogare wa corona.

Go setse go nnile le ba ba fetang 52 000 ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya COVID-19.

Mo khutsafalong e re leng mo go yona re gopola botshelo jwa yo mongwe le yo mongwe wa batho ba ba hulereng.

Jaaka ke begile fa ke ne ke lo eme ka lefoko labofelo, Aforika Borwa e dule mo lekhubung la bobedi la ditshwaetso.

Mo dibekeng tse pedi tse di fetileng, palo ya dikgetse tse dišwa e ntse e tlhomame ka dikgetse di ka nna 1 200 tse dišwa ka letsatsi.

Palo ya ba ba amogelwang kwa maokelong e ntse e fokotsega fela jaaka palo ya dintsho.

Dipalo tsa naga ya rona tsa ba ba folang di kwa godingwana ga 95%.

Se ke ka ntlha ya maiteko a a tlhakanetsweng a maAforika Borwa otlhe a a ntseng a ikobela dikiletso tse di ntseng di dira fa e sale ka Mopitlwe ngogola go boloka matshelo a batho.

Sengwe gape ke maemo a a kwa godimo a tlhokomelo a re tsweletseng go a ikobela mo nageng tebang le go ela tlhoko, go dira diteko, le go tsoma ba ba ka tswang ba tshwaetsegileng gammogo le mekgwathibelo.

Godimo ga moo, letsholo la rona la go enta le simolotse e bile le tla tswelela go anama.

Mo bogareng jwa Tlhakole, re simolotse ka Kgato ya Ntlha ya lenaneo la rona la meento le le entang badiredi ba boitekanelo.

Kgato e e tsamaya sentle mme e ka konosediwa mo dikgweding di le tharo.

Badiredi ba boitekanelo ba feta 250 000 go fitlha ga jaana ba setse ba entilwe ka moento wa Johnson & Johnson ka letsholo la diteko tsa Sisonke.

Re setse re rekile meento e le dimilione tse 11 ya Johnson & Johnson, e re itseng e nonofile kgatlhanong le mefuta ya mogare e e tletseng mo nageng ya rona.

Re rekile gape le meento e le dimilione tse 20 mme re konosetsa tumalano le Johnson & Johnson.

Re konosetsa gape le tumalano ya meento e le dimilione tse 20 ya Pfizer, e e tlhokang go entiwa gabedi.

Meento eno yotlhe e tla re thusa gore re kgone go ente batho ba le dimilione tse 51.

Re tla neela dipegelo tse dingwe fa ditherisano tse di sena go konosediwa.

Re setse re le mo dikgatong tse di farologaneng tsa ditherisano le batlhagisi ba meento e mengwe jaaka Sinovac, Sinopharm le Sputnik V. Bangwe ba batlhagisi ba, re setse re le mo dikgatong tsa bofelo tsa go garela tetlelelo ya tiriso ya meento e mo Aforika Borwa.

Godimo ga meento e re tlileng go e amogela ka tlhamalalo go tswa go batlhagisi ka ditumalano tse re nang natso le batlhagisi, re tlile go amogela gape meento e mengwe ka maiteko a Dinagatshwaraganelo tsa Aforika (AU) a re a tlhomileng fa re ne re santse re le mo maemong a Bonnasetilo ba AU.

Le fa tota go nnile le tiego mo go amogeleng meento, re santse re na le tsholofelo ya gore re tla fitlhelela maitlhomo a rona a go enta.

Tlhokego ya meento go ralala lefatshe e tswelela go etegele fela re dira ka natla go reka meento e e lekaneng batho ba Aforika Borwa le kontinente ya Aforika.

Re ne ra tshwanela ke go itlwaetsa mokgwa wa phetogo ya mogare o gammogo le bopaki jo bo tlhagelelang ka ga nonofo ya meento e e farologaneng.

Re tla netefatsa gore re na le meento e e nonofileng e e lekaneng go fitlhelela tshouto ya setšhaba mo nakong e khutshwane ka moo go kgonegang.

Kgato ya Bobedi e rulaganyeditswe go simolola mo gare ga Motsheganong.

Re dumela gore methamo e e lekaneng go tswa go batlhagisi e tla bo e goroga ka dipalo tse re dumalaneng ka tsona mo ditumalanong tsa rona le bona.

Mo Kgatong ya Bobedi, re solofela go enta batho ba le bantsi ba naga ya rona mo dikgweding tse thataro.

Go nyalana le maemo a a amogelegang a boditšhaba, re tla bo re lebile ba ba leng mo kotsing e e kwa godimo ya go amogelwa kwa maokelong le loso, jaaka batho ba bogolo jwa dingwaga tse di kwa godimo ga 60 le batho ba ba tshelang ka malwetse a mangwe.

Kgato ya bobedi ya lenaneo la meento ya COVID-19 e lebile go netefatsa gore re sireletse setšhaba sa rona, ditirelo tsa rona tsa boitekanelo ga di imelwe le go fokotsa tlhokego ya go tsaya dikgato tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng tse tota di kgoreletsang thuto, ikonomi le matshelo a rona botlhe.

Kwadiso ya go entiwa e rulaganyeditswe go simolola ka Moranang.

Batho ba tla rotloediwa go ikwadisa ka inthanete, fela ba ba se nang ditirelo tsa inthanete ba ka ikwadisa ka sebele.

Go netefatsa gore re na le mafaratlhatlha a a lekaneng go setse go tlhomilwe mafelo a go entela a feta 2 000 go ralala naga.

Ona a akaretsa diphaposi tsa dingaka, ditliliniki tsa setšhaba le dikhemisi, marekelo, mme mo mabakeng a mangwe, mafelo a magolo jaaka ditediamo le ditikwatikwe tsa dikhonferense.

Sefalanatshedimosetsong sa go Ikwadisetsa go Tlhaba Moento se tlhomilwe go tsamaisa thebolelo ya meento le go kaela batho kwa mafelong a meento a a gaufi le kwa ba nnang teng.

Sefalana seno se tla go kgontsha go ikwadisa, go amogela letlha la peelano le lefelo, mme wa amogela gape le setifikheiti sa dijithale kgotsa sa pampiri se se netefatsang kemo ya gago ya moento fa o sena go entiwa.

Mongwe le mongwe yo o tla entiwang o tla tshwanelwa ke go ikwadisiwa pele mo sefalaneng seno, mme o tla lalediwa go tla go ikwadisa ka motsi o o maleba.

Re tla dira ka ditheo tsa rona tsa diporofense le tsa didika le mekgatlo ya baagi go kwadisa baagi ba ba senang thekenoloji e e maleba.

Re dira ditsela tsa go itse le go kwadisa batho ba ba senang ditokomane tse di maleba gore le bona ba entiwe.

Re tswelela ka maikemisetso a go neela setšhaba sa rona tshedimosetso ka kgato nngwe le nngwe ya letsholo la go enta.

Maabane, nna le Motlatsa Moporesidente re ne re etetse polante ya tlhagiso ya Aspen kwa Kaba Botlhaba, e e tla nnang le seabe mo go tlhagiseng meento ya Johnson & Johnson.

Se ke setheo sa maemo a boditšhaba sa go tlhagisa meento se se balwang le tse dingwe tse di gaisang mo lefatsheng.

Se ke phitlhelelo e kgolo go Aforika Borwa, e e supang bokgoni ba rona mo tlhagisong ya maemo a a kwa godimo.

Ke rata go akgola Aspen ka go nna le ponelopele ya go beeletsa mo setheong se, le ka bonako jo se ipaakantseng ka teng go ka simolola tlhagiso.

Go feta halofo ya mothamo wa polante e – e e ka tlhagisang meento e le dimilione tse 300 ka ngwaga – e beetswe thoko go tlamela Aforika.

Go sa le gale mo bekeng e, Terasete ya Aforika ya Theko ya Meento e ne ya saena tumalano ya theko ya meento e le dimilione tse 220 ya Johnson & Johnson mo boemong jwa ditokololo tsa AU.

E ka nna ya oketsa ka meento e mengwe e le dimilione tse 180.

Tumalano e e botlhokwa gape go Aforika e seng fela ka gore e diragatsa maikemisetso a rona a gore ga go naga e e tshwanetseng go tlogelwa kwa ntle, mme gape ka gonne meento e e tlile go tlhagisiwa mo kontinenteng ya rona.

Tirisanommogo e kgolo magareng ga puso, kgwebo, badiri le setšhaba e botlhokwa thata mo katlegong ya letsholo la thebolo ya meento.

Lekala la poraefete le tswelela go nna le seabe se se botlhokwa go tshegetsa maiteko a a bosetšhaba.

Re rotloediwa segolo ke boineelo jwa lekala la poraefete la boitekanelo go dirisana le puso go atlegisa letsholo la go enta, ka tiriso ya bokgoni jo bo tletseng jo re nang nabo mo lekaleng le.

Re leboga gape le ditlamo tse dintsi tse di dirisang Mokgatlho wa Letlole la Tshwaraganelo go thusa ka matlole a theko le letsholo la go enta.

Re akgola Vodacom Group le Vodafone Foundation, tse di solofeditseng R87 milione mo dinageng tsa Aforika tse di dirang kwa go tsona go tlamela mafelo a ditsidifatsi le mafaratlhatlha gore meento ya COVID-19 e tsamaisiwe ka tsheireletsego.

Godimo ga moo, Vodacom e tla bo e tlhoma serala sa maemo a a kwa godimo sa go ikwadisetsa go tlhaba meento go dinaga tse e leng ditokololo tsa AU, morago ga go thankgololwa ka katlego ga serala sa mothale ono mo Aforika Borwa.

Ke rata go ikuela go balekane botlhe ba lekala la poraefete go tshegetsa kgato e ntšhwa e fa re tsweletse go lwantshana le leroborobo le.

MaAforika Borwa a a rategang,

Mo matsatsing a le mmalwa, naga e tla bo e simolola matsatsi a boikhutso a Tsogo ya Morena.

Go ba le bantsi, se e tla bo e le motsi o o itumelelwang wa go ikhutsa le go repa, e ka tswa e le go tswa mo tirong kgotsa mo dithutong, le mo dikgatelelong tsa dikgwedi tse di fetileng.

Bontsi ba rona re logile maano a go keteka mafelo a maleele a beke a a tlang.

Bangwe ba rona ba tla bo ba etela mafelo a a rileng, fa ba bangwe ba tla etela ditsala le ba malapa.

Bontsi ba rona re tla tsenela dikokoano le meletlo.

Go dimilione tsa batho, e ke nako gape ya ditirelo tsa sedumedi.

Le fa seelo sa tshwaetso se tswelela go tsepama, ga re a tshwanela go itebala.

E ke nako e re tlhokang go itlhokomela thata go gaisa mo nakong e e fetileng.

Nnete ke gore motsamao o montsi wa batho, go kgabaganya diporofense, tiriso e e kwa godimo ya dipalangwa tsa botlhe le dikokoano di baka kgonego ya koketsego ya ditshwaetso.

Mo matsatsing a le mmalwa a a fetileng, re ne ra lopa kgakololo ya baitseanape mme ra nna le ditherisano gape le dipuso tsa diporofense le tsa selegae gammogo le baeteledipele ba setso tebang le mekgwa e e ka tsenngwa tirisong mo mafelong a maleele a beke a a tlang go thibela go runya sešwa ga ditshwaetso.

Re ne ra leba dintlha di le mmalwa go akaretsa dikopo tsa lekala la sedumedi ka ga mekgwathibelo e e tsentsweng tirisong tebang le dikokoano tse di tla nnang teng.

Ka ntlha ya maemo a a kwa tlase a tshwaetsano, re sweditse go tlogela naga e le mo Maemotsibosong a Ntlha a mogare wa corona.

Le fa go le jalo, ka ntlha ya mabaka a a rileng a paka e, re tlhoka go dira diphetogo di le mmalwa.

Mekgwathibelo e mengwe e tla tswelela e sa fetoga jaaka:

Kganelomotsamao e tla nna e le bosigogare go fitlha ka ura ya bone mo matsheng.

Mafelo a boitapoloso a botlhe jaaka mabopo, diphaka le matamo a tla nna a butswe.

Le fa go le jalo, se se tla tswelela go ikobelwa melawana e e gagametseng ya boitekanelo, jaaka katologano magareng ga batho le go rwala dimmaseke.

Diphitlho di tswelela go dumelelwa ka palogodimo ya batho ba le 100 le tirelo ya nako e e sa feteng diura tse pedi.

Motsamao go ralala diporofense o santse o dumeletswe.

Le fa go le jalo, ke ikuela go maAforika Borwa otlhe go fokotsa maeto a bona ka moo go kgonegang le go ikobela melawana yotlhe ya boitekanelo fa e le gore ke segapeletsa gore ba tsee maeto.

Le fa go le jalo, ka ntlha ya fa nnotagi e tlhotlheletsa maitsholo a a makgwakgwa, re tlile go tsenya dikiletso tse di rileng mo mafelong a beke ya Tsogo ya Morena.

Go kaya gore thekiso ya nnotagi e e sa nwelweng kwa marekelong ao, e tla ilediwa mo matsatsing a a tlang ka Labotlhano, Lamatlhatso, Latshipi le Mosupologo.

Thekiso mo mafelong a go nwelwang mo go ona jaaka mabenkele a go jelwang kwa go ona, dišebini le dibara e tla letlelewa go ya ka dipeelo tsa dilaesense tsa ona go fitlha ka ura ya bolesomelebongwe bosigo.

MaAforika Borwa a a rategang,

Mafelo a beke a Tsogo ya Morena ke paka e e botlhokwa ya semowa, mme go tsenela dikopano tsa sedumedi go botlhokwa thata go dimilione tsa batho.

Go Bakeresete, go tshwara kereke e le phuthego ke selo sa botlhokwa thata mo go ketekeng paka ya Tsogo ya Morena.

Setšhaba sa Bajuta ga jaana se keteka Paseka, mme setšhaba sa tumelo ya Moseleme se tla bo se simolola kgwedi ya Ramadan.

Mo dibekeng tse di sa tswang go feta, re nnile le ditherisano le mekgatlo ya sedumedi go batla ditharabololo tse re ka dumalanang ka tsona tsa go samagana le dikgwetlho tsa taolo ya matšhwitšhwiti kwa ditirelong tsa sedumedi.

Go latela ditherisano tse, go sweditswe gore dikopano tsa sedumedi mo pakeng e di tla lekanyediwa go palogotlhe ya batho ba le 250 mo teng ga kago le 500 kwa ntle.

Fa lefelo le le lennye go ka tshola dipalo tse ka katologano ya batho e e maleba, gone batho mo lefelong leo ga ba tshwanela go feta halofo ya mothamo wa lefelo leo.

Baphutego ga ba tshwanela go kokoana ka fa ntle ga mafelo a ba rapelang mo go ona, mme ba tshwanetse go ya gae morago ga ditirelo e seng go robala koo.

Ke rata go leboga baeteledipele ba sedumedi ka go rerisana le rona ka mowa o o edileng re le puso.

Rotlhe re dumalana gore re tshwanetse go dira ka bojotlhe go tshegetsa batho ba rona go diragatsa kgololosego ya bona ya sedumedi le go tshola naga ya rona e babalesegile.

Tebang le dikokoano tse dingwe, le tsona di tla letlelelwa go nna le palogodimo ya batho ba le 250 mo teng ga kago le 500 kwa ntle.

Jaaka pele, fa lefelo le le lennye go ka amogela dipalo tse ka katologano ya batho e e maleba, gone batho mo lefelong leo ga ba tshwanela go feta halofo ya mothamo wa lefelo leo.

Re tswelela go ikuela go maAforika Borwa otlhe go tila dikokoano fa ba le mo setlhopheng sa ba ba bokoa, jaaka bagolo le ba ba nang le malwetse a mangwe.

Re ikuela gape gore dikopano di tshwarelwe mo mafelong a a kwa ntle, gonne a babalesegile go gaisa dikokoano mo teng ga dikago.

Re tla sekaseka dikiletso tseno tebang le bogolo jwa dikokoano mo matsatsing a le 15 a a tlang re lebeletse seemo sa leroborobo leno gammogo le go ikobela melawana ya boitekanelo.

Re tswelela go latela ntlha ya gore dikiletso ga di a tshwanela go gagamala go feta ka moo go tlhokegang ka teng go laola kanamo ya mogare o.

Re tswelela go kaelwa ke tshedimosetso ya maemo a thutokanamo ya malwetse le dikgakololo tsa baitseanape gammogo le ditherisano tse di anameng le balekane ba loago.

Re tla nna re disitse maemo le go tsibogela ka bonako matshwao a a ka tlhagelelang a go runya sešwa ga bolwetse jono.

MaAforika Borwa a a rategang,

Leroborobo le le santse le na le rona.

Re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng, e seng fela mo mafelong a a tlang a beke, fela le mo matsatsing, dibekeng le dikgweding tse di tlang.

Ga re itse gore leroborobo le la mogare wa corona le tla re tlogela leng, fela rotlhe re itse se re tshwanetseng go se dira.

Rotlhe re a itse gore go apara mmaseke ka gale fa re le fa gare ga batho, go tlhapa diatla kgotsa go di tsikitletsa ka sanithaesa, go ikobela katologano ya sekgala magareng ga batho le go tila go ya kwa mafelong a a tletseng batho e sa ntse e le tsona ditsela tse di nonofileng go gaisa kgatlhanong le mogare o.

Kgato nngwe le nngwe e e ka tsenyang rona le ba bangwe mo kotsing e tshwanetse go tilwa ka gale.

Dikiletso tse di leng teng tsa boitekanelo le pabalesego ya botlhe di tshwanetse go ikobelwa.

Tlaa re nne setšhaba se se maikarabelo se se itseng gore mogare o o santse o le teng.

Tlaa re nneng kwa magaeng a rona kgotsa re nne re le ditlhotshwana tsa batho ba le bannye.

Tlaa re tileng go nna mo ditlhopheng tse di nang le batho ba le bantsi le mo mafelong a a senang kelelo e e lekaneng ya mowa o o phepa.

Re se ye kwa diphitlhong ntle fela fa re le ba lelapa mme gape re se etele malapa a ba ba tlhokafaletsweng.

Rotlhe re na le seabe mo maitekong a magolo a naga a go fedisa COVID-19.

Tlaa re rwaleng maikarabelo a rona.

Mo pakeng e, fa molaetsa wa Tsogo ya Morena wa tsholofelo tsalosešwa le tsosoloso o tlhagelela mo matshelong a ba le bantsi ba rona, tsweetswe tlaa re tsweleleng go itlhokomela.

A Modimo a tswelele go tshegofatsa Aforika Borwa le go babalela batho ba gagwe.

Ke a lo leboga.

Share this page

Similar categories to explore