Moporesitente Cyril Ramaphosa: Puo ya Maemo a Setšhaba 2018

Puo ya Maemo a Setšhaba ka Mopresidente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, Rre Cyril Ramaphosa

Mmusakgotla wa Kokoanobosetšhaba (NA), Mme Baleka Mbete,
Modulasetilo wa Lekgotla la Bosetšhaba ya Diporofense (NCOP), Mme Thandi Modise,
Motlatsammusakgotla wa NA le Motlatsamodulasetilo wa NCOP,
Moporesidente wa Maloba Thabo Mbeki,
Motlatsamoporesidente wa Maloba FW de Klerk,
Moatlhodimogolo Mogoeng Mogoeng le ditokololo tse di tlotlegang tsa Boatlhodi,
Ditona le Batlatsatona,
Ditonakgolo le babusakgotla ba Makgotlapeomolao a Diporofense,
Modulasetilo wa Mokgatlho wa Pusoselegae wa Aforika Borwa le Boratoropo ba ba leng fano,
Ditlhogo tsa ditheo tsa Kgaolo 9,
Modulasetilo wa Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso,
Baeteledipele ba mekgatlho ya sedumedi,
Mmusakgotla wa maloba Ng Frene Ginwala,
Mmusakgotla wa maloba Rre Max Sisulu,
Baeng,
Bagaka ba balwelakgololosego,
Ditokololo tsa mephato ya sedipolomatiki,
Maloko a a tlotlegang,
MaAforika Borwa a gaetsho.

Ke tlotla e kgolo mo go nna go bona tšhono go neelana ka Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA).
Puo eno e ne e tshwanetse go bo e ne e neetswe mo bekeng e e fetileng, mme re ne ra diega gore re kgone go tsamaisa dintlha tsa phetogo tsa sepolotiki sentle le ka kelotlhoko.

Ke rata go lebogela bopelotelele le boitshoko jwa Maloko a a tlotlegang le batho ba Aforika Borwa.

Gape, ke rata go leboga Moporesidente wa maloba Poresidente Jacob Zuma ka mokgwa oo a lebaganeng le tsamaiso eno e e popota e bile e le masisi ka yona.

Ke rata go mo lebogela tirelo ya gagwe go setšhaba mo ditlheng tsa gagwe tse pedi jaaka Moporesidente wa Rephaboliki, tseo naga e boneng kgatelopele e kgolo mo maphateng a a mmalwa a tlhabololo. Ke buile le Moporesidente Jacob Zuma maabane mme o re eleleditse masego go SoNA.

MaAforika Borwa ka nna,

Mo malatsing a a ka fetang a le 150 go tloga jaanong, batho lefatshe ka bophara ba tla kopana go keteka ngwaga wa bo 100 wa letsatsi la matsalo a ga Nelson Rolihlahla Mandela.

Ke letsatsi leo rona, jaaka maAforikaborwa, re tla gopolang botshelo jwa mongwe wa baeteledipele bao ba tlotlometseng ba naga eno le kontinente eno -totatota le lefatshe- e kileng ya mo itse.

Re tla nna le tšhono go gopola loeto lo telele lwa kgololosego la Madiba, botlhale jwa gagwe, botho, le kutlwelobotlhoko, segolobogolo boammaruri jwa gagwe.

Re kgethile ngwaga wa 2018 go mo gopola mme tiro nngwe le nngwe, maiteko mangwe le mangwe, puo nngwe le nngwe e tla nna go lemoga ponelopele ya gagwe ya temokerasi, setšhaba sa tshiamo le tekatekano.

Re kaelwa ke ene jaaka sekao, re tla tsaya ngwaga ono go matlafatsa maitlamo a rona a boeteledipele le maitsholo a a siameng.

Mo ketekong ya ngwagakgolo wa ga Nelson Mandela ga re tlotle fela tse di fetileng, re aga bokamoso, bogolosegolo jo Mandela a neng a bo bonetsepele.

Re tsweletsa tselakgopo e a e simolotseng, go aga setšhaba seo rotlhe re tlileng go gogolosega, re lekalekana fa pele ga molao, fao rotlhe re tla arolelanang khumo ya lefatshe la rona mme re nne le botshelo jo bo botoka.

Re aga naga eo kgatelopele ya motho e tla kaelwang ke maiteko le go dira ka thata, mme eseng ka mmala, lefelo la tsalo, bong, puo kgotsa lotseno la batsadi ba gagwe.

Ke batla go e bua sentle ka Afrikaans.

[Ek wil dit ook in Afrikaans se:

Ons bou ’n land waarin ’n persoon se vooruitsigte bepaal word deur sy eie inisiatief en harde werk, en nie deur sy velkleur, geboorteplek, geslag, taal of sy ouers se inkomste nie.]

Gape, monongwaga, re keteka ngwagakgolo wa mogaka le molwelakgololosego yo mongwe, Albertina Nontsikelelo Sisulu.

Ka botshelo jwa gagwe jo bo tlotlometseng le tseokarolo e e tlhageletseng ka magetla, o tlhalositse gore molwelakgololosego o kaya eng, moeteledipele le modiredi wa batho yo o dirang ka thata e bile a itlhaloganya.
Ka boeteledipele jwa gagwe, o atlaretse kgolagano magareng ga kgololosego ya bosetšhaba le ya bong. Fa re tsaatsia ngwagakgolo wa gagwe, re dumela gore ga gona ka fao kgololosego e ka konosediwang e bile ga gona setšhaba se se ka gogolosegang go fitlhelela basadi ba gololosega.

Re tlotla mosimane yo, Nelson Rolihlahla Mandela le mosetsana yo – maAforika- Albertina Sisulu, mo ngwageng wa phetogo, ngwaga wa ntšhwafatso, ngwaga wa tshepo. Ga re ba tlotle fela ka mafoko, re dira go fitlhelela ponelopele ya bona ya setšhaba se se botoka.

Re tshwanetse go tlotla Madiba ka go lebala nako ya tlhokatirisanommogo, kgaogano le ketsaetsego. Re tshwanetse go lebala nako eno ya  tshepo e e nyelelang mo ditheong tsa sešhaba le tshepo e e bokoa mo baeteledipeleng ba naga ya rona. Re tshwanetse go lebala tsotlhe tse di sa siamang tseo di farafereng naga ya rona gonne motsi o mošwa o fitlhile, motsi o montle.  

Ke motsi o mošwa o o rotloeditsweng ke kgopolo ya rona ya Nelson Mandela le diphetogo tse di diragalang. Fa re tlosa tse di sa siamang mo megolopong ya rona, re tshwanetse go tsepamisa tumelo ya rona ya gore Aforika Borwa ke ya botlhe bao ba nnang mo go yona.

Le fa re le batho ba ba farologaneng, re setšhaba se le sengwe.

Re dimilione di 57, mongwe le mongwe ka hisetori, setso, maitemogelo, kgopolo le dikgatlhego tse di farologaneng.

Fela re golagantswe mmogo ke kwa re yang gona re le maAforikaborwa.

Ka seno, re kolota mabulatsela a rona – batho ba ba jaaka Pixley ka Seme, Charlotte Maxeke le Kgosi Albert Luthuli – bao ba tlhalogantseng botlhokwa jwa kopano le go tshedisana le batho botlhe ba lefatshe leno le lentle.

Re setšhaba se le sengwe.

Re batho ba le bangwe, re ikaeletse go dira mmogo go bonela bašwa ba rona ditiro, go aga difaboriki le ditsela, dintlo, le ditliniki; go baakanyetsa bana ba rona lefatshe la phetogo le tswelelopele; go aga ditoropokgolo le ditorotswana fao malapa a tla bolokesegang, a ungwe le go iketla.

Re ikaeletse go aga setšhaba se se nang le seriti mme se sa utlwisise tshenyo ya didiriswa tsa setšhaba, kgotsa bogodu jwa dipoloko tseo di diretsweng ka thata ke batho ba rona ke disenyi tsa dikgwebo.

Le fa re na le dintlha tseo re farologanang mo go tsona, fela mo dintlheng tseno tsa motheo, re ngata e le nngwe.

Re a itse gore go santse go na le go le gontsi thata go go re kgaoganyang.

Re santse re le setšhaba se se sa lekalekaneng, seo bohuma le kgatelopele di santseng di laolwa ke lotso le bong.

Jaaka maAforika Borwa, re neetswe maikarabelo a go aga setšhaba, go gwetlha ditshiamololelo tse di fetileng le go sa lekalekaneng ga ga jaana.

Re biditswe go dira jalo ka fa tlase ga maemo a a bokete.

Maemo ao re leng mo go ona jaaka setšhaba ke gore le fa bohuma bo ne jwa fokotsega tota morago ga 1994, re boetse morago mo dingwageng tse di sa tswang go feta.

Maemo a bohuma a tlhatlogile ka 2015, botlhokatiro bo oketsegile mme go sa lekalekaneng go tsweletsepele.

Dingwaga di le mmalwa, ikonomi ya rona e ntse e sa gole ka lebelo lo lo tlhokegang go tlhola ditiro tse di lekaneng go ntsha batho ba rona mo bohumeng.

Ditšhelete tsa setšhaba le tsona di ntse di sa kgontshe puso go atolosa peeletso ya yona go tlhabololo ya ikonomi le loago.

Dikgwetlho tsone di le gona, re dira mmogo- re kgonne go fitlhelela kgatelopele go tokafatsa matshelo a batho ba rona.

Le ka fa tlase ga maemo a kgolo e e bokoa, ikonomi ya rona e tlhodile ditiro mme e seng ka lebelo le le tlhokegang go monyela badiri ba ba ntšhwa mo mmaketeng wa bodiri.

Seno se kaya gore jaaka re semeletse go bona maemo a a kwa godingwana a kgolo ya ikonomi le peeletso, re tlhoka go bona mekgwa tlaleletso go fokotsa bohuma le go fitlhelela ditlhoko tsa batlhokatiro ba naga ya rona.

Fa e sale tshimologo ya Palamente eno, manaane a rona a tiro ya setšhaba a tlhodile ditšhono tsa ditiro di feta dimilione di le 3,2.

Mo kgopolong ya botlhokatiro jo bo anameng, ditšhono tseno di tswelela go neelana ka lotseno lo lo tlhokegang, boitemogelotirong le katiso.

Re tsentse tirisong mekgwa go fokotsa tlhotlhwa ya botshelo go batho ba rona, segolobogolo bahumanengi. Tlhotlhwa ya go tshela e tsweletse go ya godimo.

Ga jaana, Lanaane la Puso la Ditirelo tsa Motheo tse di sa Duelelweng le tshegetsa malapa a a humanegileng a feta dimilione di le 3,5.

Go feta dimilione di le 17 tsa dithuso tsa loago di duelwa kgwedi le kgwedi, di thusa go ya go tharong ya setšhaba. Dithuso tseno tsa loago di tokafaditse matshelo a batho ba rona mme di mosola tota go batho ba rona.

Re a itse gore fa re batla go fedisa bohuma, re tlhoka go ruta bana ba bahumanegi.

Re gapeleditse gore seno se simolole mo bongwaneng.

Gompieno, re na le bana ba ba ka nnang go ya go milione bao ba leng go ditheo tsa tlhabololo ya bana.

Re bona tokafalo go diphitlhelelo tsa tsamaiso ya thuto ya motheo.

Kelo ya phalolo ya marematlou e tlhatlogile go tloga go 60,6% ka 2009 go ya go 75,1% ngwagola.

Ga jaana, go na le bokana ka milione ya baithuti bao ba tsenetseng thuto e kgolwane, e le go tloga go 500 000 ka 1994. Seno se bontsha kgatelopele.
    
Jaaka re tsena mo nakong e ntšhwa, re ikaeletse go agelela mo diphitlhelelong tseno, go lebagana le dikgwetlho tse di leng teng le go itlhaganedisa kgatelopele go aga setšhaba se se tsweletsengpele, se lekalekana.

Re iponetse kgolo e e magareng ya ikonomi ya rona, le kgolo e e tsweletseng ya ikonomi ya lefatshe ka kakaretso.

Tlhotlhwa ya ditlhagisiwa e tokafetse, mme e tswelela go tokafala mme difaboriki di bona theko di le dintsi, mmarakathoto o tlhatlogile, ranta e matlafetse mme go bonagala tshepo ya babeeletsi e gola.

Re tsere kgato go lebagana le ketsaetsego ya sepolotiki mme re ikaelela go netefatsa tumelano le tsepamo go pholisi.

Go na le mowa wa boitumelo mo gare go batho ba rona.

Batho ba rona ba na le tshepo go bokamoso.

Tshepo go dikgwebo magareng ga dikhampani tsa maAforikaborwa e tokafetse mme babeeletsi ba dinaga di sele ba bona ditšhono tse di šwa mo nageng ya rona.

Dingwe tsa ditheo tsa ditšhelete di supile Aforika Borwa jaaka nngwe ya dimmaraka tse di tlhagelela tsa 2018.

Tiro ya rona jaaka maAforikaborwa ke go tsaya motsi ono wa tshepo le tsosoloso mme re dire mmogo go netefatsa gore re tlhola pharologanyo e e nang le bokao mo matshelong a batho ba rona.

Monongwaga, re tlile go simolola mekgwa go baya naga mo tseleng e ntšhwa ya kgolo, ditiro le phetogo.

Re tlile go dira seno ka go dira botsalano ba loago mo nageng ya rona mme mmogo re age loagokgotlhagano leo re tla tlholang dikgweetsi tse di tla tokafatsang ikonomi.

Re tshwanetse go tswelela ka go aga go tirisanommogo le dikgwebo le bodiri go nna gape le tshepo le go thibela kwelotlase  ya peeletso gape.

Ditshwetso tse di popota di tshwanetse go tsewa go tswala phatlha go matlole a rona, go tsepamisa sekoloto le go busetsa dikgwebo tsa  puso go maemo a a siameng.

Kwa mokong wa lenaneo la rona la bosetšhaba la 2018 ke go tlhola ditiro, segolobogolo tsa bašwa.

Re tlile go dirisa mekgwa e le mmalwa go lebela kgwetlho ya botlhokatiro.

Maikaelelo a mangwe e tla nna go tshwara Samiti ya Ditiro mo dikgweding tse di latelang go bapantsha maiteko a lephata lengwe le lengwe le baamegi bangwe le bangwe ba ba tshegetsang go tlhola ditiro.

Samite e tlile go lebelela gore go tlhokega eng go netefatsa kgolo ya ikonomi ya rona le gore e ungwe go feta, gore dikhampani di beeletse go feta, le gore badiri ba nne le dikgono, le gore dikago tsa ikonomi di a atolosiwa.

Re lebeletse gore samite eno e tle ka ditharabololo tse di kgonegang mme di tsenngwe tirisong.

Re tlile go dira ka natla go rotloetsa peeletso tse di ntšhwa go ikonomi ya rona.

Go fitlha ga jaana, re tla rulaganya khonferense ya peeletso mo dikgweding di le tharo tse di latelang, re lebeletse babeeletsi ba fa gae le ba boditšhabatšhaba mmogo go rekisa ditšhono tse di gogelang tsa peeletso tseo di bonwang mo nageng ya rona. Ditšhono tsa go nna jalo di gona.

Re tlile gape go lebelela kwelotlase ya dingwaga di le dintsi go bokgoni jwa marekelo eo e amileng ditiro le dintshetswantle tota.

E tla tlhoka go fetoga ka kelo le lobelo leo le ka gogelang babatlatiro go ikonomi.

Re tlile go godisa peeletso e kgolwane go maphatamagolo a marekelo ka tiriso ya thotloetso le mekgwa e mengwe eo puso e nang le yona.  

Go tsosolosa marekelo go feta, re tlile go tsweledisa lenaane la kgobokanyo leo dikuno di tshwana le masela, diaparo, fenishara, thoto e e tlang ka seporo le dimmetara tsa metsi di tlileng go senkelwa  selegae.  

Re setse re dirisitse go feta di le R57 bilione go thoto e e tlhagisitsweng fa gae eo e ka bong e tswa go tsewa kwa dinageng tse dingwe. Seno ke go tlhola ditiro ka dintshetswantle le diromelwateng.

Karolo e e Kgethegileng ya Ikonomi e santse e le sediriswa se se botlhokwa seo re tla se dirisang go ngoka peeletso ya togamaano ya boditšhaba le ya fa gae, le go aga bokgoni jwa marekelo le go tlhola motswedi o mošwa wa marekelo go ralala naga ya rona.

Tsamaiso eno ya marekelo e tshwanetse go laolwa ke phetogo.

Ka mekgwa ya tshenkelo akanyetsopele le lenaneo la boradiintaseteri ba bantsho, re aga lotso lo lošwa la banna le basadi ba batlhagisi ba batho bantsho bao ba kgonang go aga dikgwebo tsa kelo e kgolo tse di nang le bokgoni.

Re tla tokafatsa boleng jwa tshegetso go baporofešenale ba bantsho, re emelane le dikhampani tseo di ganang phetogo, re dirise pholisi ya Kgaisano go bulela bantsho dimmaraka lwa ntlha, le go beeletsa go tlhabololo ya dikgwebo go mafelo a kwa makeišeneng le kwa metseselegaeng.

Phetologotlhe ya Ikonomi e tlhoka gore re tokafatse maemo a basadi ba bantsho le baagi mo ikonoming, re netefatse gore ke beng, batsamaisi, batlhagisi mme kwa bofelong, bangwe ba bona e nne bommadibanka.
 
Kgwetlhokgolo eo e leng tlhobaboroko ke botlhokatiro go bašwa.  

Ka jalo, go botlhokwa thata  go gogela bašwa ka bontsi go tiro ya ikonomi e e ungwang mo nageng ya rona

Bašwa ba maAforikaborwa ba tla bewa kwa mookong wa lenaneo ya ikonomi.

Ba setse ba na le kabelo e kgolwane go bodiri mo diporojekeng tsa rona tsa mafaratlhatlha mme ke batlhagisi potlana ba mananeo a a jaaka kgologanyo ya dithutafatsi tsa metsi tsa solara le go lwantsha diphatlha. Re tsaya dikgato go tsenyeletsa bašwa ba rona go lwa le dikgwetlho tseno.

Re tsweletse go gogela bašwa ka bontsi go tirong e e tla ba ungwelang ya ikonomi ka mananeo a a jaaka Lekgetho la Thotloetso Thapo.  

Go dira mmogo le ba dikgwebo, bodiri le kemedi ya baagi, re tlhola ditšhono gore bašwa ba tlhagelele go lefatshe la ditiro ka katisotirong, ipaakanyetsotiro, thotloetsotiro le dikgwebo.

Mo kgweding e e tlang, Itshimololelo ya tirelo ta Tiro ya Bašwa e tla tlhongwa, eo e tla tsenyang bašwa bao ba sa direng go dikatisetsotirong tse di duelelwang mo dikhampaning go ralala naga.

Mmogo le balekane ba rona go kgwebo, re dumalane go tlhola milione ya dikatisetsotirong tse di jalo mo dingwageng di le tharo tse di latelang.

Gore re arabele ditlhoko tsa bašwa sentle, go botlhokwa gore bašwa ba tlhagise dikakanyo tsa bona mme ba kgone go ikgolaganya le puso kwa maemong a a kwa godimo.

Go fitlha fano, ke tla tlhama Setlhophatiro sa Bašwa seo se tla emelang bašwa botlhe ba maAforika Borwa go netefatsa gore dipholisi le mananeo a rona a tsweletsa dikgatlhegelo tsa bona.

Peeletso go mafaratlhatlha ke ya maemo a ntlha go maiteko a rona a go godisa ikonomi, go tlhola ditiro, go matlafatsa dikgwebopotlana le go neelana ka ditirelo go batho ba rona.
 
Re beeleditse thata go ditsela tse dintšhwa, diteišene tsa matla, dikolo le dikago tse dingwe.
 
Jaaka dingwe tsa diporojeke tsa rona di tsaya lobaka simolola mme  go thusa oketsa maiteko a rona, ke tla tlhama setlhopha go itlhaganedisa go tsenngwa tirisong ga diporojeke tse di ntšhwa, segolobogolo dipororojeke tsa metsi, didiriswa tsa boitekanelo le tlhokomelo ya ditsela. Setlhopha se tla tlhangwa mme se tla bo se dira bontsi ba tiro.

Re ithutile go le gontsi go tswa mo maitemogelong a rona a go aga mafaratlhatlha a mašwa, ao a tla laelang kwa re yang gona.

Re tlile go tsepa go tlhabololo ya ditsamaiso tsa rona tsa tekanyetsokabo le go elatlhoko, go tlhabolola tomagano ya diporojeke le go aga kamaganyo ya mafaratlhatlha le dikgwebo le mekgatlho ya badiri.

Meepo ke lephata le lengwe le le nang le bokgoni jwa go gola le go tlholaditiro mme ga le lemogiwe.

Re tlhokago lebelela  meepo jaaka marekelo tshimololo go na le marekelo phirimo.

Ka tsosoloso ya tlhotlhwa tsa ditlhagiswa, re ikaeletse go dirisana le dikhampani tsa meepo, mekgatlho ya badiri le baagi go godisa lephata, go ngoka peeletso e ntšhwa, go tlhama ditiro le go baakanyetsa intaseteri tsela e ntšhwa ya phetogo le tsweletsopele.

Monongwaga re tlile go natlafatsa dipuisano tsa rona le baamegi botlhe ba Tšhata ya Meepo go netefatsa gore e le ruri ke yona sediriswa se se nonofileng go tsweletsa phetogo go meepo mo Aforika Borwa.

Go dira mmogo, ka bolekane jwa nnete, re tshegeditswe ke go tshepana le ponelopele e e arolelanelwang, ke na le bonnete jwa gore re tla kgona go rarabolola bothata jwa gajaana mme re dumalane ka tšhata gore mmogo re itlhaganedise phetogo le go godisa lephata leno le le botlhokwa la ikonomi ya rona.

Go mekamekana le Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Metswedithuso ya Petoroliamo le Diminerale ke dintlo tsa palamente ka bobedi di setse di ile magoletsa, le  Palamente e supa gore Molaotlhomo o tla konosediwa mo kotareng ya ntlha ya 2018.

Molaotlhomo, fa o setse o fetoletswe go nna molao, o tla tlhama netefaletso ya taolo e e leng gona, o neelana ka tshireletsego ya tumalano le go tsweledisa dikgalhegelo tsa ikonomi-loago tsa maAforika Borwa otlhe.

Re tshwentswe thata ke koketsego ya dintsho kwa meepong, segolobogolo mo ngwageng o o fetileng.

Re gwetlha dikhampani tsa meepo go dira mmogo le baamegi botlhe go netefatsa gore dikotsi tsa kwa meepong di fokotsega tota.

Loso lo lo lengwe la kwa mmaeneng, ke a mangwe a mantsi.

MaAforika Borwa ka nna,

Kwa bokhutlong, kgolo ya ikonomi ya rona e tla tswelediswa ke dikgwebopotlana jaaka go diragala mo dinageng tse dintsi.

Ke maikaelelo a rona mmogo go godisa lephata leno le le botlhokwa la ikonomi.

Re tla dira mmogo le balekane ba rona ba loago go aga tikologo e e tshegetsang dikgwebopotlana go thusa, nonotsha le go tsweledisa borakgwebo.

Puso e tla tlotla maitlamo a yona a go beelathoko bonnye 30% ya tshenkelo ya setšhaba go dikgwebo tse dinnye, magareng le tse dinnyetota, matsema, le dikgwebo tsa kwa makeisheneng le tsa kwa magaeng.

Re tla tswelela go beeletsa go kgodisong ya dikgwebopotlana.

Re rotloetsa dikgwebokgolo go dira fela jalo. Go bona tsela go godisa dikgwebopotlana.

Go tlhamiwa ga Boitshimoledi jwa diCEO jwa letlole la dikgwebopotlana – e gajaana e emeng go R1,5 bilione  – ke sekao se se manontlhotlho sa karolo eo lephata la poraefete le ka e tshamekang.

Puso e feleletsa leano la letlole la dikgwebopotlana le thotloetso leo le tlileng go thusa dikgwebo tse di simolola.

Re tlile go fokotsa dikgoreletso tsa taolo go dikgwebopotlana. Ke tlile go netefatsa gore dikgoreletsi tsa taolo di fokoditswe.

Re tlile gape go atolosa ditšhono tsa ikonomi go batho bao ba nang le dikgwetlho.

Gareng ga tse dingwe, Setheo sa Matlole a Kgwenopotlana se simolotse sekema go tlhabolola le go thusa borakgwebo ba ba nang le dikgwetlho tsa mmele ka matlole, se se bidiwang Amavulandlela Funding Scheme.

Temothuo e tlhagisa nngwe ya ditšhono tse dikgolo go godisa ikonomi le go tlhola ditiro.
[Tsena tsa temo ke tsona tse bohlokwa le ho feta, ka hobane ke moo batho ba rona ba tla fumanang menyetla e metle ya hore ba kene kgwebong ena ya tsa ho lema. Ke moo re shebileng hore re ka kgona ho aha mesebetsi. Bane ba National Planning Commission ba ile ba re ho rona re ka kgona ho aha mesebetsi e lekanang milione ha re tla ho ena ya Agriculture.]

[Tseno tsa temo ke tsona tse di botlhokwa go gaisa, gonne ke fao batho ba rona ba tla bonang ditšhono tsa go tsena mo kgwebong eno ya go lema. Ke fao re lebeletseng gore re ka tlhola ditiro. Ba Khomišene ya Thulaganyo ya Bosetšhaba ba re itsisitse gore re lephata la Temothuo le ka kgona go tlhola ditiro tse di ka nnang milione o le mongwe.]

Temothuo e thusitse go bonala, go tokafatsa ikonomi ya rona mo kotareng ya bobedi le ya boraro ya 2017.

Monongwaga, re ikaelela go lemoga bokgoni jwa ikonomi go temothuo.

Re tla itlhaganedisa lenaneo la rona la kabo lefatshe e seng fela go baakanya ditshiamololelo tsa hisetori, mme e le go tlisa batlhagisi ka bontsi go lephata la temothuo le go dira gore go nne le lefatshe le legolo la temothuo.

Re tla latela mokgwa o o tletseng o o tla netefatsang tiriso e e nonofileng ya didiriswa tse di leng gona.

Re kaela ke Ditshwetso tsa Konferense ya Bosetšhaba ya bo54 ya lekoko le le busang, mokgwa ono o tla tsenyeletsa go tsewa lefatshe ntle le tlhatswadiatla.

Re ikaeletse gore go tsewa ga lefatshe ntle le tlhapisa diatla e tsenngwetirisong ka tsela eo e tla oketsang kungo ya temothuo, e tokafatse tshireletsego le go netefatsa gore lefatshe le busediwa go bao ba le amogilweng ka nako ya bokoloniale le tlhaolele.

Puso e tla etelelapele tsamaiso ya bogakolodi go swetsa ka mekgwa ya go tsenyatirisong tshwetso eno.

Re dira boikuelo jo bo kgethegileng go ditheo tsa ditšhelete tsa naga ya rona go dira mmogo le rona ka didiriswa go itlhaganedisa lenaneo la ka boya  lefatshe ka fa go tla tlhokega peeletso e e oketsegileng mo lephateng leno. Gore re tshole temothuo jaaka moregolodi wa ikonomi ya naga ya rona.

Bojanala ke karolo nngwe eo e tla neelang naga ya rona ditšhono tse di ntle tota go galalela.

Gajaana Bojanala go tsweletsa ditiro di le 700 000 mme bo dira botoka go na le bontsi jwa maphata a mangwe a kgolo.

Ga rena lebaka go se e godise gabedi ka bogolo

Re na le naga e ntle go ga isa mo lefatsheng e bile re batho ba ba botho e le ruri. MaAforikaborwa a tshwanetse go bulela bajanala dipelo, dintlwana le dirantabole tsa ona.

Monongwaga, re tlile go oketsa tshegetso go tsweletso ya lefelokgorogelo mo dimmarakeng tsa bojanala le go nna le mekgwa go fokotsa dikgoreletsi tsa taolo le go tlhabolola dikgwebo tse di tlhagelelang tsa bojanala.
    
Re kopa maAforikaborwa otlhe go bulela lefatshe dipelo le dintlo tsa bona.

Kgatelopele ya rona jaaka setšhaba e ikaegile ka bokgoni jwa rona jwa go tsaya tšhono ya thekenoloji e e fetogang ka bonako.

Seno se kaya gore re tlhoka go tlhabolola bokgoni jwa rona ka bonako go maphata a saense, thekenoloji le boitlhamedi.

Gautshwane re tlile go tlhoma Khomišene ya Phetogo ya Intaseteri ya Dijitale, eo e tla tsenyeletsang lephata la poraefete le baagi, go netefatsa gore naga ya rona e mo boemong jwa go dirisa ditšhono le go laola dikgwetlho tsa tlhabololo ya tshedimosetso le thekenoloji ya puisano.

Kgato go phetogo ya intaseteri ya dijitale e tla laolwa le ke go nna teng ga mafaratlhatlha a a tlhokegang

Re tla digela dipuisano tsa rona le ba intaseteri ya ditlhaeletsano le baamegi ba bangwe go netefatsa gore kabelano ya tlhokego e fokotsa dikgoreletsi go tsena, e tlhatlosa kgaisano e bo e fokotsa ditshenyegelo go badirisi.

Aforika Borwa e fitlheletse tumalano ya Karolo ya Kgaolotharo ya Kgwebisano e e sa Duelelweng eo e tlisang mmogo Dinaga Tlhabololo tsa Aforika o o Borweng, Mmaketekopanelwa wa Aforika Botlhaba le Aforika o o Borweng le Baagi ba Maaforika a Botlhaba.

Karolo ya kgwebisano e e sa duelelweng e tla kopanya dimmaraka tsa dinaga di le 26 ka boagi jo bo kana ka 625 milione.

E tla bula ditšhono go fitlhelela ditlhagiso tsa dintshetswantle tsa maAforikaborwa, le go nna le seabe go tlhama ditiro le go godisa lephata la Aforika Borwa la marekelo.

Dipuisano mabapi le Tumalano ya Konitinente ya Kgwebisano e e sa Duelelweng e tsweletse ka lebelo mme go lebeletswe gore letlhomeso la tumelano le tla digelwa mo nakong e e sa fediseng pelo.  

Monongwaga, Aforika Borwa e tlile go tsaya setilo sa setlhopha sa dinaga tse di latelang Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa (BRICS), mme e tla nna le tšhono ya go atolosa kgwebisano e e nang le boleng le peeletso ka fa garega-BRICS go maphata a a nang le tlhagiso.

MaAforika Borwa ka nna,

Ka di 1 Motsheganong, monongwaga, re tla itsise Bonnye jwa Megolo jwa Bosetšhaba lwa ntlha mo Aforika Borwa.

Phitlhelelo ya hisetori – temogo ya nngwe ya ditlhoko tsa Tšhata ya Kgololosego – e solofetse go oketsa megolo ya maAforikaborwa a a dirang a a fetang dimilione di le thataro le go tokafatsa maemo a malapa go ralala naga.

Go itsisiwe ga Bonnye jwa Megolo ya Bosetšhaba e kgontshitswe ke boikemisetso jwa balekane botlhe ba loago go fokotsa go sa lekalekaneng ga megolo fa ba ntse ba tshegeditse kgolo ya ikonomi le go tlhola ditiro.

E ema jaaka sekao se sengwe go bontsha gore go a kgonagala fa maAforikaborwa a buisana go rarabolola dipharologanyo, mathata le go emelelana le dikgwetlho.

Go netefatsa go tlhaloganyesega le tlhomamo  mo go tsenngwengtirisong ga pholisi ya ikonomi – le go netefatsa gore re ipaakantse sentle go arabela maemo a a tsweletseng go fetoga a ikonomi – ke tla thapa Khansele ya Moporesitente ya Kgakololo ka Ikonomi.

E tla ithuta go tswa go bokgoni le dikgono tsa tse di leng gona go bodiri, dikgwebo, baagi le barutegi.

Naga e santse e gateletswe ke lešekere le le botlhoko mo ngwagaketeng, leo le amileng ikonomi mo go maswe e bile le tla ama ditirelo tsa loago le tlhagiso ya temothuo.

Maemo a komelelo mo Kapa Bophirima, Kapa Botlhaba le Kapa Bokone a tlhatloseditswe go nna a maemo a bosetšhaba a matlhotlhapelo.
Seno se neela puso ya bosetšhaba dithata tsa go laola le go golaganya tsibogo ya rona ya bosetšhaba le tshegetso go tswa kwa diporofenseng.

Seno se tla netefatsa gape gore re oketsa mekgwatshwaraganelo go tshegetsa diporofense tse di amegileng go feta.

Re lebeletse go tsenyatirisong mekgwa e e sa tlwaelegang fela e letlelesega go ya ka molao.  

Ke leboga baagi ba MotseKapa le Kapa Bophirima yotlhe ka go tsenyatiriosng mekgwa go boloka metsi ka bopelokgale.

Re kopa botlhe mo nageng go somarela metsi jaaka re le naga e e tlhokang metsi mme e ikaegile ka motswedi ono o o botlhokwa go itemogela tlhabologo ya ona.

Maloko a a tlotlegang,

Ka Sedimonthlole ngogola, Moporesitente wa maloba Jacob Zuma o itsisitse gore mo sebakeng sa dingwaga di le tlhano puso e tla simolola go neela ka thuto e kgolwane le katiso tse di sa duelelweng go bahumanegi le badiri ba maAforikaborwa.

Go simolola ngwaga ono, thuto e kgolwane le katiso e e sa duelelweng e tla neelwa baithuti ba ngwaga wa ntlha go tswa kwa malapeng ao megolo fa e  tlhakane e fitlhang go R350 000.

Tona ya Thuto e Kgolwane le Katiso o tla etelela pele go tsenngwatirisong ga pholisi eno, fa Tona ya Matlole a tla tlhalosa dintlha tsotlhe tsa dituelo tsa lenaane leno ka nako ya Puo ya Tekanyetsokabo mo bekeng e e tlang.

Mo godimo ga go tsweletsa ditshiamelo tsa loago, peeletso ya bogolo jono go thuto e kgolwane e lebeletswe go thusa kgolo ya ikonomi le gape ka go fokotsa bohuma, go fokotsa go sa lekalekaneng, go tokafatsa lotseno le go oketsa nonofo go ikonomi ya rona.

Puso e tla tswelela go atolosa phitlhelelo go thuto ya motheo le go tokafatsa dipoelo go dikolo tsa setšhaba.

Lenaneo la Basari la Funza Lushaka le ikaeletse go neelana ka dibasari di le 39 500 go Thuto ya Borutabana mo dingwageng di le tharo tse di latelang.

Lwa ntlha mo hisetoring, go simolola ngwaga ono, dikolo tsotlhe tsa setšhaba di simolotse go ruta dipuo tsa Aforika.

Gape se se botlhokwa ke go tsenngwatirisong lwa ntlha ga tlhatlhobo ya Lokwalo lwa Marematlou la Bosetšhaba ka Puo ya Diatla, eo e tla neelwang baithuti ba disusu kwa bokhutlong ba 2018.  

Lenaane la Neelo e e Ithaganedisitsweng ya Dikago tsa Dikolo e tswelela go neelana ka didiriswa tse di tlhabologileng go dikolo kwa magaeng le ditoropo tse di senang tsona go ralala naga, gajaana dikolo di le 187 di digetswe.

Lenaneo le tla digela diporojeke tsotlhe tse di saletseng kwa morago kwa bokhutlong jwa ngwana o o latelang wa ditšhelete.

Dithuso ka madi e santse e le selo se se botlhokwa tota go batho bao ba tshelelang mo lehumeng.

Re tlile go dira ka bonako go diragatsa ditaelo tsa Kgotlhatshekelo ya Molatheo.

Ke tla netefatsa gore neelano ya tirelo eno e e botlhokwa ga e kgoreletsege ka sebele, mme ke tla netefatsa gape gore ga go ope mo pusong yo o tla nyatsang letlha la bofelo jaaka go kaile kgotla.  

Re tla digela tiro go mmotlele o o kopantsweng o eteletsweg pele ke lephata la puso, o o tla letlang baneeladitirelo ba puso le ba poraefete go neela baamogeladitshiamelo itlhophelo, phitlhelelo le ka bonolo.

Monongwaga, re tlile go tsaya dikgato tse di botlhokwa go fokotsa HIV magareng ga rona.

Ka go godisa matsholotlhotleletso a teko le kalafo, re tla simolola ka batho ba le dimilione di le pedi ba tlaleletso ka kalafi ya di anthireterofaerale ka Sedimonthole 2020.

Gape re tlile go tlhoka go mekamekana le malwetsi a mokgwa wa go tshela a a jaaka kgatelelo ya madi, sukiri, kankere le malwetsi a pelo.

Mo dikgweding di le tharo tse di latelang, re tla simolola ka letsholotlhotleletso le legolo la kankere leo le tshwanang le letlholotlhotleletso la kgakololo le teko ya HIV leo re le simolotseng.

Re tlile go tsenyeletsa le lephata la poraefete ka fa re tlhoka go nna le didiriswa tsotlhe go lwantsha bolwetse jono.

Jaanong ke nako go tsenyatirisong phitlhelelo ya kalafi ya lefatshe ya boitekanelo ka Inšorense ya Boitekanelo ya Bosetšhaba. (NHI).

Molaotlhomo wa NHI o siametse go tsenngwatirisong ke puso mme o tla neelwa go Palamente mo dibekeng di le mmalwa tse di latelang

Diporojeke tse di rileng tsa NHI tse di lebeletseng thata batho ba ba ka se ithuseng mo setšhabeng di tla simolola ka Moranang monongwaga.

Mo go tokafatseng matshelo a maAforikaborwa, re tshwanetse go oketsa matla a rona go lwantshana le bosenyi go aga setšhaba se se bolokesegileng.

Mo tsamaong ya ngwaga ono, Togamaano ya Sepodisi sa Baagi e tla tsenngwatirisong, ka maikaelelo a go aga tshepo go baagi le go bona botsaakarolo jo bo tletseng le tirisanommogo mo ntweng kgatlhanong le bosenyi.

Tshimololo ya Togamaano ya Thibelo ya Bosenyi jwa Bašwa e tla matlafatsa le go tshegetsa bašwa go nna ba ba ikemetseng le go tsaakarolo mo itshimololelong ya go lwantsha bosenyi.

Tsepokgolo monongwaga e tla nna go neelana ka didiriswa kwa diteišeneng tsa mapodisi.

Seno se tla tsenyeletsa didiriswa le tse dingwe, go boloka bokgoni le maitemogelo kwa boemong jo bosenyi bo ka lwantshiwang gona.

Mo go lemogeng karolo e e botlhokwa ya mekgatlho eo e seng ya puso (NGOs) le mekgatlho ya baagi (CBOs), di e tshamekang go lwa le bohuma, go sa lekalekaneng le mathata a a maleba a loago, re tla tshwara samite mo tsamaong ya ngwaga

Gare ga tse dingwe, samite e batla go tlhabolola kgolagano magareng ga naga le baagi le go bua ka dikgwetlho tseo di NGO le CBO di lebaganeng le tsona.

MaAforika Borwa ka nna,

Go tlhola kgolo, tlhabololo le phetogo go ikaegile go naga e e nang le bokgoni le matla.

Go botlhokwa gore popego le bogolo jwa puso di nne ka fao di tla kgonang go fitlhelela tlhoko tsa batho le go netefatsa kabelano e e nonofileng ya didiriswa tsa setšhaba.

Re tla simolola tsamaiso go lebagape popego, palo le bogolo jwa mafapha a bosetšhaba.

Bontsi jwa dikgwebo tsa puso (SOEs) di itemogela dikgwetlho tse di tseneletseng tsa matlole, tiro ya letsatsi le letsatsi le tsamaiso, tseo di amileng maemo a bokgoni go ikonomi mme di beile kgatelelo mo matloleng.

Re tlile go tsereganya le go tsosolosa dikgwebo tsa  puso.

Kgato e re sa tswang go e tsaya kwa Eskom go matlafatsa tsamaiso, go manolola bonweenwee le go tsosolosa maemo a yona a tsa matlole ke tshimololo fela ya ditsamaiso tseo re tlieng go tsena mo go tsona.

Puso e tla netefatsa gore dikhampani tsotlhe tsa puso di fitlhelela ditaolelo tsa tsona tsa ikonomi le tlhabololo.

Re tshwanetse go lebagana le nnete ya gore dikgwetlho dingwe kwa diSOE tse dingwe ke tsa dikago – ga ba na motswedi wa lotseno o o lekaneng go duelela ditshenyegelo tsa tiro ya letsatsi ka letsatsi.

Di SOE tseno ga di kake tsa adima go tswa mo mathateng a ditšhelete, mme ka jalo re tla tsaya tsamaiso ya go buisana le baamegi botlhe go lebasešwa mokgwa wa go neela di SOE matlole le mekgwa e mengwe.

Re tla fetola tsela e diboto di thapiwang ka ona gore batho ba ba nang le bokgoni, maitemogelo le boleng e nne bone fela ba ba dirang mo maemong ano a a botlhokwa.

Re tla tlosa maloko a boto go tswa mo dikarolong tsa tshenkelo le go dira le Moruni-Kakaretso go matlafatsa ditsamaiso tsa kwa ntle tsa go runa.

Fa re arabela dikgwetlho mo dikhamphaning tse di rileng, tiro e tla tswelela mo maphateng a a anameng a dikgwebo tsa puso go fitlhelela kgolagano, kobamelo le tswelopele e e botoka.

Ngwaga ono ke oo re tlileng go fetoga kelelo ya bonweenwee mo ditheo tsa rona setšhaba.

Ditheo tsa bosiamisi jwa bosenyi di ntse di dira maiteko a a tla re kgontshang go emelana le bonweenwee.

Khomišene ya Dipatlisiso mo go go Bogapapuso e eteletswe pele ke Motlatsa Moatlhodimogolo, Moatlhodi Raymond Zondo, e solofetswe go simolola tiro ya yona mo bogautshwaneng.

Khomišene e botlhokwa thata mo go netefatseng gore bogolo le mokgwa wa bogapapuso bo a tlhomiwa, gore botshepegi mo ditheong tsa puso bo a busediwa le gore bao ba rweleng maikarabelo a diphoso dingwe le dingwe ba tshwanetse go supiwa.

Khomišene ga e a tshwanela go kgapela kwa thoko tiro ya ka gale ya go batlisisa le go sekisa mofuta mongwe le mongwe wa bonweenwee ya ditheo tsa naga tse di tsenyang molao tirisong.

[Amasela aba imali kaRhulumente mawabanjwe.]

[Magodu a a utswang madi a setšhaba a tshwanetse go tshwarwa le go sekisiwa]

Re tshwanetse go lwantsha bobodu, bonweenwee le tsietso mo seketareng ya poraefete ka maikaelelo a a tshwanang ebile a tseneletse.

Re tshwanetse go gakologelwa gore nako nngwe le nngwe fa mongwe a amogela pipa molomo go na le mongwe yo o nang le maikaelelo a go e duelela.

Re tla netefatsa gore re mekamekana le bona ka bobedi ka tsela e e maleba.

Re kopa mekgatlho ya porofešenale le bothati ba bolaodi go tsaya kgato kgatlhanong le maloko ao a fitlhelwang a dira ka mokgwa o o sa siamang ebile a sa tshepagale.

Seno se tlhokega gore re matlafatse ditheo tsa rona tse di tsenyang molao tirisong le gore re di sireletse go tswa go matsenela kgotsa tiriso ya kwa ntle.

Re tla tsenela dintlha tsa boeteledipe ka gangwe kwa Bothating Jwa Bosetšhaba jwa Botšhotšhisi go netefatsa gore setheo se se botlhokwa seno se nna mo maemong le go kgona go dira tiro ya yona e sa kgorelediwe e sena letshogo,

Gape re tla tsaya dikgato go baya mo maemong le go matlafatsa ditheo tse di botlhokwa tse di jaaka Tirelo ya Lokgetho ya Aforika Borwa (SARS).

Re tshwanetse go tlhaloganya gore metheo ya lokgetho e ikaegile ka konteraka e e tlhaloganyesegang magareng ga baduela lokgetho le puso gore ditshenyegelo tsa puso di neelana ka boleng jwa madi mme di sena bonweenwee.

Ka kopo ya Tona ya Matlotlo, mo nakong e e sa fediseng pelo ke tla tlhama Khomišene ya Dipatlisiso go Botsamaisi jwa Lokgetho le Bolaodi jwa Sars, go netefatsa gore re busetsa boleng jwa tirelo le go matlafatsa bokgoni jwa yona go fitlhelela maikaelelo a yona a lokgetho.

Puso ya rona e thapile badiredipuso ba le milione o le mongwe.

Bontsi jwa badiredipuso ba rona ba direla batho ba rona ka botswerere le maitlamo.

Re ba opela diatla ka tiro e ntle e ba e dirang.

Le fa go le jalo, re itse dikgwetlho tse batho ba rona ba lebaganeng le tsona fa ba dirisana le puso.

Mo dikgetseng di le dintsi, go le gantsi ba bona tirelo e e kwa tlase kgotsa ga ba e bone le eseng.

Re batla badiredipuso ba rona go latela motheo wa Batho Pele, wa go baya batho ba rona pele.

[Hi ri lava va hi tirhelaka hinkwerhu, hi lava ku ri loko va hi tirhela va tiva ku ri vanhu va lava ku ri va va tirhela kahle. Va endla swilo swa khwatsi. Swi vonaka ku ri vona vanhu lava va tirhelaka gavhumende ya hina va tirha mitirho ya kahle. Swi voniwa hi vanhu hinkwavo.]

[Re le puso re a re, badiredipuso ba tshwanetse go neelana ka ditirelo ba itse gore batho ba rata go direlwa ka botlhaga. Ba tshwanetse go neelana ka tirelo e e boleng. Mongwe le mongwe o tshwanetse go bona gore badiredipuso ba neelana ka tirelo e ntle. Mongwe le mongwe o tshwanetse go paka boineelo jwa badiredipuso.]

Re ikaeletse gore mongwe le mongwe yo e leng modiredipuso a tseye maikarabelo a bona ka bokgoni, botswerere, le ka seriti.

Re batla go tsenya maikarabelo a mašwa, go dira dilo ka tshwanelo, go di feleletsa le go di fetsa ka nako.

Re kopa badiredipuso botlhe go nna badiri ba phetogo.

Mo nakong ya dikgwedi di le mmalwa tse di latelang, ke tla etela mafapha a bosetšhaba otlhe a puso go buisana le baetedipe bagolo ba mafapha otlhe a puso go netefatsa gore tiro ya puso e direga ka nonofo.

Gape ke tla dira nako go kopana le baeteledipe ba puso ya porofense le ba selegae go netefatsa gore puso, e feleletsa e arabela ditlhoko tse di kwa godimo tsa batho ba rona.  

MaAforika Borwa ka nna,

Ke dumela gore naga ya rona e tsene mo nakong ya phetogo.

Le fa phetogo e ka tlhagisa ketsaetsego, tlhobaetsego, e neelana gape ka ditšhono tse dikgolo tse di malebana le ntšhwafatso le tsosolotso, le tswelolopele.

Mmogo re ya go dira hisetori mo nageng ya rona.

Re kile ra e dira mme re tla e dira gape- re tshwaragantswe ke lerato la rona go naga ya rona, re tsepame mo maikaelelong a go fenya dikgwetlho tse di fa pele le go itse gore ka go dira mmogo re tla aga setšhaba se se sa gobeleleng le go nna maleba seo Nelson Mandela a neetseng botshelo jwa gagwe mo go sona.

Kwa bokhutlong, ntetle go gakologelwa mafoko a moswi Bra Hugh Masekela.

Mo pineng ya gagwe, ‘Thuma Mina’, o ne a bonelapele letsatsi la ntšhwafatso, tshimologo e ntšhwa.

O ne a opela:

 “I wanna be there when the people start to turn it around
When they triumph over poverty
I wanna be there when the people win the battle against AIDS
I wanna lend a hand
I wanna be there for the alcoholic
I wanna be there for the drug addict
I wanna be there for the victims of violence and abuse
I wanna lend a hand
Send me.”


Re mo motsing wa hisetori ya setšhaba sa rona fao batho, ka maikaelelo a bona, ba simolotseng go fetola naga.

Re bonelapele phenyo kgatlhanong le bohuma, re kgona go bona bokhutlo jwa ntwa kgatlhanong le AIDS.

[Vhathu vha hashu vha ri vha khou ṱoḓa shango heḽino ḽi tshi vha shango ḽiswa, ḽi tshi vha shango ḽavhuḓi. Ḽi tshi vha shango ḽine ḽa ḓo ḓisela vhathu vhoṱhe vha hashu zwavhuḓi.]

 [Batho ba rona ba re ba batla naga eno go nna naga e ntšhwa, naga e ntle eo e tlisang bontle go batho botlhe ba rona.]

Ke nako go thusana.

Jaanong ke nako ya gore mongwe le mongwe wa rona a re “roma nna”.

[Sifikile isikhathi sokuthi sisebenze soke sibeke izwe lakithi phambili]

 [Jaanong ke nako ya gore botlhe re dire mmogo gore re tle re ise naga ya rona kwa pele]

Jaanong ke nako ya gore re dire mmogo, go tlotla Nelson Mandela, go aga Aforika Borwa e ntšhwa, e e botoka ya botlhe.
Ke nako.

Ke a leboga.

Share this page

Similar categories to explore