Moporesitente Cyril Ramaphosa: Puo ya Maemo a Setšhaba

Puo ya Maemo a Setšhaba ka Moporesitente Cyril Ramaphosa

Mmusakgotla wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba (NA), Mme Thandi Modise,
Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP), Rre Amos Masondo,
Motlatsamoporesitente Rre David Mabuza,
Moatlhodimogolo Rre Mogoeng Mogoeng le ditokololo tsotlhe tse di tlotlegang tsa bosiamisi,
Moporesitente wa maloba Rre Kgalema Motlanthe,
Moporesitente wa maloba Rre Thabo Mbeki,
Mmusakgotla wa maloba wa NA, Ngaka Frene Ginwala,
Mmusakgotla wa maloba wa NA, Rre Max Sisulu,
Mmusakgotla wa maloba wa NA, Mme Baleka Mbete,
Moporesitente wa Palamente ya Lekgotla la Aforika, Rre Roger Nkondo Dang,
Bagale ba kgaratlhelo ya tokololo,
Ngaka Dennis Goldberg,
Ngaka Andrew Mlangeni,
Moatefokata Priscilla Jana,
Mme Joyce Dipale,
Mme Lillian Keagile,
Mme Smally Maqungo,
Ditona le Batlatsatona,
Ditonakgolo le Babusakgotla ba Dikgotlapeomolao tsa Diporofense,
Modulasetilo wa Mokgatlho wa Dipusoselegae wa Aforika Borwa (Salga) le bomeyarabagolo,
Mmusisi wa Banka ya Risefe ya Aforika Borwa, Rre Lesetja Kganyago,
Ditlhogo tsa Ditheo tse di Sireletsang Molaotheo wa Temokerasi,
Baeteledipele ba mekgatlho ya bodumedi,
Baeteledipele ba ditheo tsa thuto le tsa dipatlisiso,
Ditokololo tsa ditheo tsa sedipolomate,
Baeng ba ba laleditsweng,
Ditokololo tse di tlotlegang tsa NA,
Ditokololo tse di tlotlegang tsa NCOP,
MaAforika Borwa a gaetsho,

Re kokoane fano mo tshimolong ya Palamente ya Temokerasi ya bo rataro, morago ga dingwaga di le 106 ka letsatsi la go tsenngwatirisong ga Molao wa Mafatshe a Bathobatsho – e leng o mongwe wa melao e e tlhodileng matlhotlhapelo ka go amoga bathobatsho mafatshe a bona, wa tlhola kutlobotlhoko e e seng kana ka sepe le go sotla batho – ka go tsenngwa tirisong.

Re gopola mafoko a ga Sol Plaatje motsing oo o o dirileng gore batho ba rothise kgodu e khibidu, fa a ne a re:

“Re tsoga moso e le wa Labotlhano, Seetebosigo 20, 1913, mothomotsho wa naga ya Aforika Borwa o iphitlhela e se lekgoba, fela a apotswe naga e bile e le motlhokalegae mo nageng ya gaabo.”

Batho ba borona ba sotlegile e le ruri e bile ba bogile fa go utlwisang botlhoko ka ntlha ya go tsenngwa tirisong ga Molao wa Mafatshe a Bathobatsho. Matsadi a molao ono a a tsentsweng tirisong gompieno dingwaga di le 106 tse di fetileng le gompieno a santse a re aparetse.

Morago ga dingwaga di feta di le lekgolo tsa tshotlego eno, re romiwa go aga Aforika Borwa eo mo go yona go seng ope yo e tla tsogang e le lekgoba kgotsa motlhokalegae, moo botlhe ba tla nnang le kgololesego le go lekalekana mmogo le go tlotlana.

Re kokoane fano mo nakong ya dipharagobe tse di bokete e bile go le dikgwetlho tse di seng kana ka sepe mo temokerasing ya rona e e santseng e le potlana.

Le fa go le jalo, re mo motsing o mo hisetoring ya rona o re rwaletseng tsholofelo e e seng kana ka sepe.

Mo dingwageng di le 25 tsa temokerasi ya rona re gatetse pele go utlwagala mo go ageng setšhaba se se ntšhwa moo maAforika Borwa otlhe a nang le ditshwanelo ka go lekalekana le ditšhono tse di oketsegang.

Mo dingwageng di le 25 tse di fetileng re dirile go tlala seatla go ka fitlhelela ditlhokwa tse di botlhokwa tsa baagi, ka go fokotsa lehuma le go fetola taolo ya ikonomi e e neng e kgwetlha e e neng e tlhamilwe gore e thuse fela batho ba le mmalwa.

Ka go dirisana, re tlhomile motheo o o tsetsepetseng o re ka agang naga mo go ona 
o mo go ona botlhe ba tla itharabologelwang kagiso le tigelo ya matswalo mmogo le go kgotsofala ka bojotlhe.

Le fa go le jalo, re kokoane mo nakong eo naga ya rona e tobaneng le dikgwetlho tse di seng kana ka sepe.

Maemo a ikonomi ya rona ga a tlhabologe le go gola ka fao go neng go solofetswe. Ga re kgone go tlhola ditiro tse di lekaneng mo nageng ya rona.

Eno ke tlhobaboroko e e di fetang tsotlhe.

E ama mang le mang. 

E ama wena, lekau la kwa eMzimhlope kwa Soweto, fa o sale o konosetsa dithuto tsa gago dingwaga di le tlhano tse di fetileng le gompieno tiro ga o ise o e bone.

E ama wena, mmemotsadi wa kwa Delft yo o godisang bana kanosi, yo mogolo wa gago wa botsofe o go tlhokomelang mmogo le ditlogolo tsa gago.

E ama gape le wena, modiredi yo o thapilweng kwa Nelson Mandela Bay, yo le fa o amogela mogolo wa gago o santseng o sokolela go ka iphedisa.

Go bokete thata mo go wena, wena mošwa yo a tsenang kwa Yunibesiti ya Sol Plaatje e e kwa Kapa Bokone, yo a santseng a tlhoka bonnyane jo a ka bo amogelang mo batsading ba gagwe jwa madi go ka ithekela diyamaleng.

Maitemogelo a bagaetsho ke ona ao ke sa tswang go a tlhalosa ao ba itemogelang ona letsatsi le letsatsi.

Tseo ke dikgwetlho tseo baagi ba naga eno ba itemogelang tsona

Re utlwile dilelo tsa lona, mmogo le tsa ba bangwe ba lona ba bantsi.

Bontsi jwa rona fano jaaka re le baemedi ba ba tlhophilweng mo ditlhophong go tla go emela batho ba borona fano, ba ne ba rebotse matsholo sebaka sa dikgwedi di le mmalwa ba sutlhana le naga ba reetsa maikutlo le seo baagi ba naga ya rona ba neng ba se bua.

[Sibezwile abantu bakithi, bekhuluma nathi, singena siphuma ezindlini zabo].

[Ro vha pfa hoṱhe hoṱhe he ra tshimbila hone. Ndi amba na he ha tshimbila Vho Maimane na Vho Julius Malema].

Lapho kuhambe khona uMhlonishwa uButhelezi naye uzwile ukuthi abantu bathini.

Le moo Rre Groenewald a fetileng jaaka re ne re mo bona le ene a putla naga, [hey kan ook se dat hy het die mense gehoor].

Sinizwile. Hi swi twile. Ro ni pfa. Re le utlwile.

Mo ditlhophong tseo di neng di tshwerwe ka kgwedi ya Motsheganong, batho ba borona ba re rwesitse maikarabelo a a sa potapoteng a kgolo le go ikaga sešwa. 

Rona rotlhe fano re le utlwile – Nna, Motlotlegi Maimane, Motlotlegi Malema, Motlotlegi Buthelezi, Motlotlegi Groenewald, Motlotlegi Meshoe, Motlotlegi Holomisa, Motlotlegi Zungula, Motlotlegi De Lille, Motlotlegi Magwaza-Msibi, Motlotlegi Galo, Motlotlegi Lekota, Motlotlegi Nyhontso le Motlotlegi Hendricks.

Leru leno le letsho la puso ya tlhaolele le le tsweletseng le gompieno le tlhodile matsapa a a seng kana ka sepe – mo mererong ya ikonomi le mo mererong ya loago. 

Mo godimo ga fao, re tshwanelwa ke go mekamekana le diphetogo tsa thekenoloji tse di potlakileng tse di tlang ka diphetogo mo mafelong a tirelo, tse di fetolang maemo a ikonomi ya lefatshe le tseo di fetolang dikgolagano tsa loago.

Naga ya rona mmogo le tse dingwe tsa boditšhaba, di tobane le diphetogo tse di seng kana ka sepe mo maemong a tlelaemete ya lefatshe fa e sale mo hisetoring ya phologolo motho.

Maemo a a tšhakgetseng a bosa a go tsewang e le a go ruthufala ga loapi a baya ikonomi ya rona mo matshosetsing a magolo, a baya matshelo a batho le seo motho e leng sona mo kotsing e bile gape – fa re sa tseye dikgato gona jaanong jaana – a ka feletsa ka go fedisa matshelo a batho go ya go ile mo lefatsheng.

Re utlwile bašwa ba rona fa ba ne ba gwantetse kwa Union Buildings mo bekeng e e fetileng ba ikuela gore re tseye dikgato go boloka lefatshe la rona.

Kana e ne e le ka ntlha ya dikgwetlho tseno tse kgolo fa re ne re swetsa go tsenya Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) ka ngwaga wa 2012 mo legwafeng la rona gore le re fatlhose le go kaela matsapa a rona a re a tsayang a bosetšhaba a go fedisa lehuma, botlhokatiro le tlhokotekatekano. 

Le fa go le jalo, re saletswe fela ke dingwaga di le 10 pele re ka goroga mo ngwageng wa 2030, mme ga gona tema e le kalo e re setseng re e dirile go ka fitlhelela dipeelo tsa NDP.

Fa re sa tseye dikgato tse di gagametseng, ga re ka ke ra fitlhelela Ponelopele ya 2030.

Seno se raya gore re tlhoka go rulaganya dintlha tsa rona ka lenaneo la tatelano ya botlhokwa jwa tsona.

Re tshwanetse go tsepamisa mogopolo mo dikgatong tse di tla nnang le mosola o mogolo, dikgato tse di tla potlakisang kgatelopele, mo pakakhutshweng le mo pakateleleng ya dingwaga tse re di lebileng di le 10.

Go botlhokwa go ela tlhoko gore Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng le nnile le ditlamorago di feta di le 1 100 tseo mo go tsona re neng re tshwanetse go ela tlhoko maemo a kgatelopele fa re tsenya tirisong NDP.

Jaanong ke nako ya go tsepamisa mogopolo mo go diragatseng.

Jaanong ke nako ya go tsaya ditshwetso.

Tse dingwe tsa ditshwetso tseno di tla re kokonela mme tse dingwe di ka nne tsa se itumedise batho botlhe.

Mo maemo a ikonomi a sa goleng, mo matlole a puso a sonagiwang, ga re kitla re kgona go diragatsa dilo tsotlhe ka nako e le nngwe.

Jaaka re amogela Tsamaiso eno e ntšhwa, re tla tsepamisa mogopolo mo dintlheng di le supa tse di botlhokwa:

  • Phetolo ya thefosano ya boeteledipele mo makaleng a ikonomi le go tlhola ditiro
  • Tlhabololo ya thuto, tlamelo ka bokgoni le boitekanelo
  • Go golaganya mogolo wa loago ka go tlamela ka ditirelo tse di botlhokwa tsa motheo tse di tshepagalang le tse di nang le boleng ke e nngwe ya dintlha tse di botlhokwa
  • Kopanyo ya mafelo a a farologaneng a bodulo, mafelo a go nnang batho mmogo le pusoselegae
  • Go nna seopo sengwe le go nna le ditšhaba tse di babalesegileng ke e nngwe ya dintlha tse di botlhokwa
  • Go aga puso e e nang le bokgoni, e e nang le mekgwa e mentle e bile e tlhabologa
  • Mmogo le go aga Aforika yo o botoka le lefatshe le le botoka.

Manaane otlhe a rona mmogo le dipholisi tsotlhe go ralala le mafapha otlhe le ditheo tsotlhe tsa rona di tla laelwa gore di samagane le tiro eno e kgologadi e re dumelang gore e tla kgona go abela maAforika Borwa otlhe botshelo jo bo botoka.

Mme go ntse go le jalo, re tshwanetse go busetsa serodumo sa NDP mo maemong a sona mo boteng jwa medi ya matsapa a naga ya rona, go e tsosa mo borokong, go dira gore e nne karolo ya matshelo a baagi ba Aforika Borwa.

Kwa moletlong wa go tlhomiwa mo setilong ga Moporesitente, re buile gore eno ke nako ya diphetogo mo nageng ya rona e nnye.
Naga e e tobaneng le dikgwetlho tse di seng kana ka sepe. Naga e e nang le batho ba le dimilione di le 57 ba mo dingwageng tse di fetileng ba emeng kgatlhanong le go fenya tsamaiso e nngwe ya tse di busula go gaisa e e tlhodilweng ke batho, tlhaolele. Naga ya batho ba ba nang le sebete. Naga ya batho ba ba nang le maikemisetso a magolo.

Re buile gape le gore ke ditiro tsa rona jaanong tse di tla re baakanyetsang bokamoso jwa rona.

Jaaka Aforika Borwa e tsena mo dingwageng di le 25 e le mo temokerasing, mmogo le go tebelana le dipeelo tsa NDP, tla re totobatseng maikemisetso a magolo a a nang le seriti, maikemisetso a go tshwaragana, mo re tla dirisang matla le tsotlhe tse re nang le tsone.

Jaaka re tsena mo ngwagasomeng yo o setseng wa Ponelopele ya 2030, tla re tlhaloseng ka tlhamalalo Aforika Borwa yo re o batlang mme re utlwanele dikgato tse di gagametseng tse re tshwanetseng go di tsaya gore re fitlhelele dipeelo tseno.

Go netefatsa gore matsapa a rona a a diragadiwa, ke tshitshinya gore, mo dintlheng tse di botlhokwa tsa tsamaiso eno, re dumelaneng ka dipeelo di le tlhano tse di botlhokwa tse re tshwanetseng go di fitlhelela mo ngwagasomeng yo re o lebileng, mme di tshwanetse go nna karolo ya dintlha tseno tsotlhe di le supa.

Jaaka naga tla re utlwaneng gore jaaka re le baagi ba re tshwaraganeng ka ntlha ya maikaelelo a rona, mo dingwageng di le 10 tse re di lebileng re tla bo re gatetse kwa pele mo go lwantsheng lehuma, tlhokotekatekano le botlhokatiro, mme:

  • Ga go kitla go nna le ope mo nageng ya Aforika Borwa yo a tla bolawang ke tlala. Leno ke leano le legolo leo ke dumelang gore re ka le diragatsa. 
  • Ikonomi ya rona e tla gola ka lebelo le le fetang leo setšhaba sa rona se atang ka lona.
  • Bašwa ba bangwe gape ba le dimilione di le pedi ba tla thapiwa.
  • Dikolo tsa rona di tla nna le dipoelo tse di botoka mo morutwana mongwe le mongwe wa dingwaga di le 10 a tla kgonang go buisa le go tlhaloganya bokao jwa seo a se buisang.
  • Bosenyi jo bo tsenyeletsang tirisodikgoka bo tla fokodiwa ka halofo fa e le gore re tla bo re reteletswe ke go bo fedisa ka gotlhelele.

Tla re direng maikano ano gona jaanong – re ikane ka borona le go ikana fa pele ga nna le wena – le fa re itse sentle gore dikgato tseno di tla nna bokete mo metsweding ya rona le mo bokgoning jwa rona, fela re tlhaloganya sentle gore fa re ka be ra kgona go fitlhelela dipeelo tseno di le tlhano, re tla bo re kgonne go fetola le go tokafatsa setšhaba sa borona.

Re tlhomile dipeelo tseno tse kgolo, e seng gore re sa elelwe dikgwetlho tse kgolo tse re tobaneng le tsona, fela e le ka ntlha ya tsona.

Re tlhomile dipeelo tseno gore ditshwetso tse re di tsayang gona jaanong e nne tse dikgolo mme e bile gape re tshwanetse go di tsaya ka lepotlapotla le le seng kana ka sepe.

Maikemisetso a rona a gore pele dingwaga di le 10 di feta go tla bo go se ope mo nageng ya Aforika Borwa yo a bolawang ke tlala a botlhokwa thata mo matsapeng a rona a go fedisa lehuma le mo go fokotseng tlhokotekatekano.

Mo godimo ga go tlhola ditiro le ditšhono tse dingwe tsa ikonomi, seno se raya gore re tshwanetse gape gore re oketse mogolo wa loago mmogo le go fokotsa tlhwatlhwa ya madi a motho a a tlhokang go iphedisa.

Go raya gore re tshwanetse go tokafatsa madi a a duelelwang, maemo a pabalesego mmogo le go golaganya dipalangwa tsa setšhaba go ka tshegetsa malapa a a iponelang megolo e e kwa tlase.

Le fa re nnile le kgatelopele e kgolo mo go tlameleng batho ka dintlo, maAforika Borwa ka bontsi a santse a tlhoka dinaga gore ba iphedise ka tsona le gore ba ikagele dintlo.

Mo dingwageng di le tlhano tse re di lebileng, re tla potlakisa tlamelo ya dintlo le dinaga tse di leng mo mafelong a a siameng go di neela maAforika Borwa a a humanegileng.

Gore re tokafatse boleng jwa matshelo a maAforika Borwa, go fokotsa bogale le mefuta ya bohuma le go matlafatsa ikonomi ya rona, re tla tshwanelwa ke go tokafatsa boitekanelo jwa batho ba borona.

Re tshwanetse go samagana le dipetlele le ditleliniki tsa rona.

Go phoso e bile ga go a tshwanela gore koko wa dingwaga di le 80 a tlhole letsatsi lotlhe kwa sepetlele kgotsa kwa tleliniking a fodile mola wa gore a tle go tsaya melemo.

Go phoso gore molwetse yo a bobolang a busediwe gae ka ntlha ya gore ga gona dingaka kgotsa baoki.

Go phoso gore mme yo a leng gaufi le go belega, botshelo jwa leseanyana la gagwe bo bewe mo kotsing ka ntlha ya gore sejanaga sa pholoso se tsere nako e telele gore se goroge go tla go mo rwalela bookelong.

Jaaka karolo ya tiro e re tshwanetseng go semelela mo go yona go tokafatsa boleng jwa tsamaiso ya boitekanelo, re garela Tokomane ya Tumelano ya Samiti ya Boitekanelo ya ga Moporesitente, e e tlhalosang maitemogelo a le mantsi mme e tla bokeletsa bannaleseabe botlhe mo lephateng leno go mekamekana le matsapa otlhe ano a re a bonang kwa ditleliniking le kwa dipetleleng tsa rona.

Re setse re gatetse pele go utlwagala mo go kwaloleng leano le le tseneletseng la Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI) le le ka ga go tsenya tirisong, go akaretsa le mo go potlakiseng matsholo a boleng jwa tlhokomelo ya boitekanelo mo maokelong a puso, mo go thapeng badiredi, mo go tlhomeng setheo sa Letlole la NHI mmogo le go rulaganya madi a a tla tlhokegang mo tsamaisong ya Letlole la NHI.

Re santse re tshwenngwa ke bontsi jwa ditshwaetso tsa Mogare wa Lebolelamading (HIV), bogolosegolo tse re di bonang mo makgarebeng, mmogo le palo e e kwa tlase thata e re e bonang ya makau a a dirang diteko tsa HIV le ya bao ba simololang go tsaya kalafi.

Re tla gagamatsa tiro ya rona gore ka 2020 re kgone go tsenya tirisong Togamaano ya rona ya 90-90-90 (Moo 90% ya batho ba ba tshelang ka HIV ba tla bong ba itse maemo a bona a boitekanelo ka ga HIV. Moo 90% ya batho ba ba tshelang ka HIV ba tla tlamelwang ka kalafi e e sa kgaotseng ya melemo ya dianthiretrobaerale mme gape moo, 90% ya batho ba ba tlamelwang ka kalafi ya melemo ya dianthiretrobaerale kokwanatlhoko ya bona e tla bong e fokotsegile bogale) gore re kgone go fedisa HIV jaaka e le seo se tshosetsang boitekanelo jwa setšhaba, mme seno se tla tsenyeletsa go okediwa ga palo ya batho ba ba nwang melemo ka palo e e ka nnang dimilione di le pedi pele kgwedi ya Sedimonthole 2020 e goroga.
 
Fa e le gore re batla go samagana le dikgwetlho tsa lehuma ka katlego mo setšhabeng sa rona sotlhe, re tshwanelwa ke go tlamela batho ba ba nang le bogolofadi ka bokgoni le go ba bulela ditšhono tsa ikonomi.

Ka jalo, re tshwanetswe go tlhobiwa boroko ke ntlha ya gore go na le bana ba le halofo ya milione ba ba tshelang ka bogolofadi bao ba ka bong ba le kwa sekolong mme ba se kwa sekolong.

Mo go tsibogeleng dikgwetlho tseno, re isitse tirelo ya taolo ya matsholo a bogolofadi kwa lekaleng le le botlhokwa la puso, kwa Kantorong ya Moporesitente.

Re tsosolositse Setlhophatiro sa Moporesitente sa Merero ya Bogolofadi, mme re tla romela Molao wa Ditshwanelo tsa Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi mo Aforika kwa Palamenteng monongwaga gore o sekasekiwe le go atlenegisiwa go nna molao.

Go samagana le matsapa a batho ba ba dirang fela ba le mo khumanegong, Molao wa Mogolo o o kwa Tlase wa Bosetšhaba (NMW) o setse o tsentswe tirisong mme o na le dikgwedi di le thataro o le mo tirisong mme seo se bonagetseng go sa le gale ke gore ditlamo di le dintsi di a o obamela.

Go solofetswe gore Khomišene ya NMW e tla konosetsa dipatlisiso tsa yona ka ga seabe sa NMW mo ditirong, mo go thibeleng lehuma, tlhokotekatekano mmogo le mo go se lekalekaneng ga megolo kwa bokhutlhong jwa kgwedi ya Lwetse 2019.

Ga re kitla re kgona go fetola maemo a rona fa re sa tsepamise mogopolo mo kgolong ya ikonomi.

Mo dingwageng di le 10 tse re di lebileng, maikemisetso a rona ke gore ikonomi ya rona e tshwanetse go gola ka lebelo le le fetang leo setšhaba sa rona se atang ka lona.

Fa kgolo ya ikonomi ya rona e ka fitlha ka tolamo kwa mankaleng, re tla kgona go baakanya diphoso tse di nnileng teng mo ikonoming ya rona tsa mo nakong e e fetileng.

Re bua jaana nako e le ya dipharagobe ka sebopego sa ikonomi se le bokoa tota.

Go latela kgaratlho ya kgolo mo kgweditharong ya ntlha, Bankakgolo ya Aforika Borwa e bonelapele kgolo e e tla gogang dinao thata mo ngwageng wa 2019 go feta ka fao go neng go solofetswe jaaka go ne go setse go tlhalositswe mo Puong ya Tekanyetsokabo e e rebotsweng ka kgwedi ya Tlhakole monongwaga.

A mangwe a mabaka a a tlhodileng kgolo eno ya ikonomi e e gogang maoto e nnile kgaolo ya motlakase kwa tshimologong ya monongwaga, mmogo le ketsaetsego e e neng e le teng ka ga tlamelo ya motlakase kwa Eskom.

Se re se ithutileng mo ntlheng eno se totobetse: gore go nne le kgolo, re tlhoka motlakase o o tshepagalang o o sa kgaolweng.

Eskom e tobane le dikgwetlho tse di masisi tsa matlole, tsa tirelo le tsa mafaratlhatlha.

Fa e sale go nna le kgaolo ya motlakase kwa tshimologong ya monongwaga, Eskom e nnile le kgatelopele mo go tsennyeng tirisong Leano la yona la Dintlharobongwe, mo go netefatseng gore go nna le tlhokomelo e e lekaneng ya dijenereitara tsa yona, mo go fokotseng madi a ditshenyegelo tsa yona le mo go netefatseng gore e nna le malatlha a a lekaneng a a emetsing motsing wa tlala.

Go latela ditshitshinyo tsa ditlhopha ka bobedi Setlhophatiro sa Tshomarelo ya Eskom mmogo le Setlhopha sa Tshekatsheko ya Botegeniki, Eskom e tla romela badiredi ba yona ba ba diphatsa e bile ba na le maitemogelo a a seng kana ka sepe kwa dikarolong tseo ba tlhokegang thata kwa go tsona.

Maemo a ditšhelete a setlamo seno e santse e le tlhobaboroko.

Ka matlole a ga jaana a puso e ipofileng go a ntsha, jaaka go tlhalositswe mo Puong ya Tekanyetsokabo ya 2019, ga jaana Eskom e santse e na le madinyana a e ka a dirisang go fitlha mo kgweding ya Diphalane 2019.

Fa Eskom e ka retelelwa ke go duela madi a e a adimileng seno se tla tshela peterole mo molelong ka se tla ama dikoloto tse dingwe tseo setheo seno se nang le tsona mme seno se tla tlhola mathata a magolo mo setheong seno se se tsweletseng go tsena ka tlhogo mo dikolotong ka ntlha ya fa madi a sona a se kalo.

Ka jalo re tla tshwanelwa ke go samagana le ntlha eno ka go loga leano la go kwala Molaotlhomo o o Itlhophileng wa go Thopa Dithoto ka bonako gore re kgone go duela madi a tshegetso a le kanaka R230 bilione a Eskom e tla a tlhokang mo dingwageng tse re di lebileng di le 10 tse di tlang.

Re tshwanetse go dira seno gonne Eskom e botlhokwa thata mo ikonoming ya rona mo re ka e tlogelelang fela gore e phutlhame. Eskom e mo diatleng tsa rona rotlhe jaaka naga mme ke maikarabelo a rona rotlhe go netefatsa gore re e naya tshegetso e e e tlhokang. 

Dintlha ka botlalo ka kgang eno di tla tla le Tona ya Matlole mo tsamaong ya nako.

Re tla boa gape re rebola leina la Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) yo mošwa wa Eskom go latela tsiboso ya ga Rre Phakamani Hadebe ya go rola tiro. Rre yono o gorogile kwa Eskom dinta di fuduga mme ene le ditokololo tsa boto tse di neng di eteletswe kwa pele ke Rre Jabu Mabuza ba dirile go tlala seatla go dira gore setlamo seno se se nwele.

Re tla boa gape re tsibosa ka go thapiwa ga ga Motlhankedikhuduthamaga wa Phetolomaemo (CRO), yo a tla fetolang maemo kwa matloleng a Eskom a etse tlhoko lekala la matlole a lekgetho, lekala la matlole a dikoloto le lekala la matlole a madi a a tlhokagalang mo setlamong.

Eskom e dirisana gape le puso le bannaleseabe ba yona go samagana le leano la yona le legolo le le ka ga maemo a yona le a dikoloto tsotlhe tsa yona mmogo le dikoloto tseo dimasepala di di kolotang Eskom mmogo le tseo batho ba ba dirisang motlakase ba di kolotang Eskom.

Re le naga re tshwanetse go tlwaetsa batho gore fa ba dirisa motlakase ba tshwanetse go o duelela.

Fa ba sa duele seo se baya motlakase otlhe mo kotsing, go akaretsa le ikonomi le matsapa a rona a go tlhola ditiro.

Nako ya go rebola ditshupetso tsa go gana go duela motlakase e fedile. Jaanong ke nako ya go baakanya, ke nako ya gore yo mongwe le yo mongwe a nne le seabe.
Ka jalo, re ikuela mo baaging botlhe ba rona ba ba dirisang motlakase go o duelela gore Eskom e kgone go dira tiro e e e romilweng.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Gore re fitlhelele dipeelo tsa rona tsa kgolo, re tla aga sešwa motheo wa ikonomi ya rona ka go tsosolosa le go atolosa makala a tlhagisodikuno.

Seno se tlhoka gore re akanye sešwa leano la rona la diintaseteri, go rebola dipeeletso mo makaleng a poraefete mmogo le go tlhotlheletsa puso gore e tshegetse ikonomi e botlhe ba nang le seabe mo go yona.

Seno se tlhoka gore puso e tshameke karolo ya yona e e botlhokwa ka go nna mobuladikgoro ka go tlamela ka ditirelo tsa motheo le mafaratlhatlha a a botlhokwa, go nna motlhamamelawanataolo ka go tlhama melawana e e laolang ditšhono ka go lekalekana mo bannaleseabeng botlhe, mmogo le go nna moabi yo a netefatsang gore bao ba leng mo tlalelong mo setšhabeng sa rona ba sireleditswe mmogo le go neelwa ditšhono tsa gore ba ntshe bokgoni jwa bona jotlhe.

Go na gape le karolo e nngwe e re batlang gore puso e e tshameke, yona ke ya go tlhama dikgwebo. Karolo eo puso le yona e kgonang go iteka lesego mme e thuse ikonomi gore e kgone go gola.

Re tla lebelela thata makala a ikonomi a a nang le ditšhono tse dintsi tsa kgolo.

Ka ntlha ya katlego ya rona mo lekaleng la dijanaga, re tla tsenya tirisong maano a magolo a re a tlhagisitseng mmogo le makala a kgwebo le a badiri a a jaaka a diaparo le masela, a leokwane, dikhemikhale le dipolasetiki, a motlakase wa ntšhwafatso, mmogo le a tshipi le go betliwa ga yona.

Re tla atolosa thata lekala la temothuo le tlhagiso ya dijo ka go tshegetsa dithulaganyo tse di botlhokwa tsa tlhagiso mmogo le ditlhagisiwa tse di botlhokwa, ra tshegetsa dimaraka tse dintšhwa mmogo le go fokotsa palo ya ditlhagisiwa tsa temothuo tse re di rekang go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle.

Re tla gagamatsa intaseteri ya meepo ka go thuthusa mebaraka e e tla rekang dimenerale tsa Aforika Borwa ka go dirisa letsholo la go tota mebaraka e e rileng e e tla unngwelwang, ra fokotsa ditlhwatlha, mmogo le go oketsa dipatlisiso le thuthuso ya tsona.

Ka go rulaganya mafelo a tirelo go tshwana le mafelo a a itlhophileng a ikonomi, go tsosolosa mafelo a difeme tsa ka fa nageng, mafelo a dikgwebo, mafelo a didirisiwa tsa dijithale mmogo le dikgwebo tse dikgolo kwa makeišeneng le kwa metseselegaeng, re tla dira gore ikonomi ya mafelo ao e tlhabologe. Re tla tsepamisa mogopolo gape le mo dikgwebopotlaneng le mo dikgwebong tse di mo magareng tse di leng mo diteropong tsa rona tse dikgolo, le mo makeišeneng le kwa metseselegaeng mmogo le go thuthusa mafelo a dimaraka mo di tla gwebisanang gone.

Re tla diragatsa maikemisetso a rona a go oketsa palo ya bajanala ba boditšhabatšhaba ba ba tlang ka fa nageng gore e menagane gabedi go ka nna dimilione di le 21 ka ngwaga wa 2030.

Seno se tla kgonagala ka go aga sešwa serodumo sa naga, go tsenya tirisong visa ya maemo a a kwa godimo mo lefatsheng mmogo le go tsepamisa mogopolo mo bajanaleng ba ba tswang kwa nageng ya China le ya India mmogo le bao ba tlang ka difofane ka fa nageng ba tswa kwa dinageng tse di farologaneng tsa kontinente ya rona.

Re ikemiseditse go netefatsa gore bajanala ba ba tlang ka fa nageng ya rona ba nna ba babalesegile.

Re tla tlhabolola intaseteri ya rona ya thekenoloji ya maemo a a kwa godimo ka go netefatsa gore letlhomeso la rona la melao le melawanataolo le tlotlomatsa boitshimololedi, ka go atolosa tlhagiso ya bokgoni mo mererong ya thekenoloji e ntšhwa mo bašweng, mmogo le go fokotsa ditlhwatlhwa tsa datha. Gotlhe mo re fetileng gone, bašwa ba ntse ba eme ka lefeko le le nosi mo Aforika Borwa gore madi a ba a duelelang go reka datha a boitshega.

Go tla ka tharabololo ya ntlha eno, pele kgwedi e e tlang e konosela, Tona ya Ditlhaeletsano o tla rebolela Bothati jwa Ditlhaeletsano jo bo Ikemetseng jwa Aforika Borwa (Icasa) taelo ya pholisi e e tshwanetsweng go latelwa gore go simololwe ka thulaganyo ya go rebola dilaesense tsa makhubu a a tlhokegang thata a kgaso.

Thulaganyo eno e tla akaretsa le dikgato tse di tla tlhotlheletsang dikgaisano, phetolothefosano, kgolo e e akaretsang botlhe mo lekaleng mmogo le phitlhelesego ya mang le mang.

Eno ke karolo e e botlhokwa thata mo go fokotseng ditlhwatlhwa tsa datha, eo e leng botlhokwa mo go tlhabololeng ikonomi le mo go buleleng bašwa ditšhono.

Re ikuela gape le mo intasetering ya mafaratlhatlha a ditlhaeletsano gore le tsone di fokotse ditlhwatlhwa tsa datha gore di lekalekane le tsa dinaga tse dingwe mo lefatsheng.

Re gagamatsa letsholo la rona la dipeeletso.

Mo go R300 bilione e e beeleditsweng e e tlhagisitsweng kwa tlhongosetilong ya Khonferenseng ya Dipeeletso ngogola, ke diporojeke di ka ja R250 bilione tse di setseng di rebotswe go ka diragadiwa.

Re tsweletse go aga moedi wa dipeeletso, o o tla tlhagisiwang kwa Khonferenseng ya bobedi ya Dipeeletso tsa Aforika Borwa e e tla tshwarwang go simolola ka la bo 5 go fitlha ka la bo 7 Ngwanaitseele 2019.

Mo naakong e go renang ketsaetsego, tiro e e rebotsweng ke barongwa ba le bane ba ba tsomanang le dipeeletso e dirile tiro e ntle e e golaganyang puso le dikgwebo.

Go ya ka se ba re begetseng sona, go tlhamaletse gore go santse go le gontsi go re tshwanetseng go go dira go tokafatsa maemo a dipeeletso.

Seno se akaretsa go leba sešwa tsela eo puso e rarabololang ka yona dikgwetlho tseo ba beeletsi ba tobanang le tsona mmogo le go kwalola sešwa pholisi e e tsholetsang dipeeletso le go agiwa ga tsona.

Go setse go dirilwe dikgatelopele tse di kgotsofatsang fa go tla mo Letsholong la Kgodiso ya Ikonomi mo Maphateng a Puso le a Poraefete, leo le eteletsweng kwa pele ke Tona Nkosazana Dlamini Zuma, Rre Roelf Meyer le Ngaka Johan van Zyl Slabbert.

Lekala la poraefete le ikanne go beeletsa bokana ka R840 bilione mo diporojekeng di le 43 mo makaleng a le 19 mmogo le go tlhola ditiro di le 155 000 mo dingwageng di le tlhano tse di tlang.

Mo dipuisanong le maphata a kgwebo, puso e solofeditse gore e tla fedisa dikgoreletsi tse di tlisiwang ke dipholisi mmogo le go potlakisa go tsenngwa tirisong ga diporojeke tseno.

Re semeletse ka dikgato tse di potlakileng tsa ntšhwafatso go nolofatsa dikgato tsa go dira kgwebo ka go golaganya le go lolamisa dithulaganyo tsa melawanataolo, go dira gore diphomete le dikopo tse dingwe di rebolwe ka bonako, mmogo le go fokotsa ditlhwatlhwa tse di duelelwang.

Mafaratlhatlha ke karolo e e botlhokwa e go beelediwang mo go yona e e tshegetsang phetolo ya meago, kgolo ya ikonomi mmogo le go tlhola ditiro.

A botlhokwa mo go tlhabololeng ikonomi ya rona, mmogo le mo go neeleng matsholo a rona bokao le mosolo.

Tsela ya rona e ntšhwa tebang le tlhabololo ya mafaratlhatlha e ikaegile ka tirisanommogo e e tsetsepetseng magareng ga makala a puso le a poraefete mmogo le mo baaging.

E tsenyeletsa mokotla o o itlhophileng wa ditirelo tsa matlole le dithebolelo tsa ditheo go ka thusa mo dikagong le go potlakisa tlamelo ya mafaratlhatlha a metsi, ditsela le bonno jwa baithuti ka go dirisa ka tshwanelo madi a a beetsweng ditirelo tseno.

Jaaka go rebotswe mo go SoNA e e fetileng, puso e beetse kwa thoko R100 bilione go ka tlamela Letloletlamelo la Mafaratlhatlha.

Re semeletse ka tiro ya go rulaganya gore letloletlamelo leno e nne setheo se se feletseng, se se tla laolwang ke Bankatlhabololo ya Dinaga tsa Borwa jwa Aforika, mme Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba le le sa tswang go tlhabololwa le tla tshameka karolo ya go nna mookamedi mo go lona.

Tiro eno e re semeletseng mo go yona re e tshwarisanemmogo le babeeletsi ba makala a poraefete, ba ba jaaka ba ba tsamaisang madi a go rola tiro, ba ba itumetseng thata gore ba nne le karolo e ba e tshamekang mo setheong seno sa Letloletlamelo la Mafaratlhatlha.

Diphetogo tseno di tla dira gore re kgone go loga maano a diporojeke tsa mafaratlhatlha botoka, go nna le bokgoni jwa go diragatsa le go garela tiro bobebe le go ipaakanyetsa tiro ka manontlhotlho, re tla kgona go tokafatsa taolo ya go loga maano, ra diragatsa tiro ka bojotlhe le go nna le thulaganyo ya tsamaiso ya puso e e tokafetseng.

Seno se tla re neela tshegetso e re e tlhokang mo lekaleng la kago le le ntseng le le mo lefifing sebaka se se leele jaanong.

Re tla godisa theko ya ditlhagisiwa tsa mo nageng le go godisa batlhagisadikuno mo nageng ya Aforika Borwa ka go netefatsa gore letsholo la ‘Reka Ditlhagisiwa tsa ka fa Nageng’ le gasagana le naga e bile ga le swe lentswe.

Re ikuela mo go maAforika Borwa otlhe gore ka gale ba reke ditlhagisiwa tse di tswang ka fa nageng.

Fa le mpona jaana, sutu, hempe le thae tseno tse ke di apereng gompieno di dirilwe gone mo gae mo Aforika Borwa ke badiri ba masela ba House of Monatic, gone fano mo Salt River mo Motsekapa.

Bagaetsho tla re rekeng dilo tse di dirilweng fa gae gore re kgone go oketsa palo ya bareki mo ikonoming ya rona.

Pele ngwaga ono o konosela, re batla go garela ditumelano le mabentlele a barekisi gore re reke ditlhagisiwa tse dintsi tsa Aforika Borwa tse ba di rekisang mmogo le go tlotlomatsa bontsi jwa ditlhagisiwa tseo tse di dirilweng ke maAforika Borwa.

Mme mo letlhakoreng le lengwe, re tla tlotlomatsa ditlhagisiwa tsa naga ya rona mo dinageng tsotlhe tsa kontinente ya Aforika mmogo le mo lefatsheng ka bophara.

Dikgato tseno di totomadiwa ke maikemisetso a rona a a leng mo letlhomesong la pholisi ya matlole le ikonomikgolo a a tla tswelelang go tshegetsa tshepo ya babeeletsi le dipeeletso.

Re ikemiseditse go adima madi ka kelotlhoko le go nna le tsamaiso e e galefileng ya tirisomatlole gore re kgone go dira gore maemo a matlole a puso a ritibale le go fokotsa motseletsele wa dikoloto o re nang le ona.

Bankakgolo ya Aforika Borwa ke se sengwe sa ditheo tse di botlhokwa tse re nang le tsona mo temokerasing ya rona, mme seriti sa yona se beilwe mo maemong a a kwa godimo mo nageng le kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba.
 
Go ritibatsa ditlhwatlhwa ke e nngwe ya dikgato tse di tlhokagalang mme fela ga seo se siametseng maemo a go godisa ikonomi.

Ditlhwatlhwa tse di tsweletseng go namelela tsa ditlhagisiwa le tsa ditirelo di dira gore maAforika Borwa otlhe a retelelwe ke go reka, bogolosegolo ao a humanegileng.

Kwelotlase ya maemo a ikonomi le yona e tswelela go fokotsa ditlhagisiwa tsa rona tse di rekisediwang dinaga tsa kwa ntle mmogo le difeme tsa rona tseo di rekang ditlhagisiwa tsa kwa ntle, mme seno se baya diintaseteri tseno mmogo le ditiro tsa batho mo kotsing ya go tswalwa kgotsa go kgaolwa.

Ke ka ntlha ya lebaka leno Molaotheo wa rona o rwesang Bankakgolo ya Aforika Borwa maikarabelo a go femela boleng jwa ledi la naga ya rona go kgontsha tekatekano le kgolo e e nnelang ruri.

Gompieno re gatelela maikarabelo ano a molaotheo, ao a rweleng ke bankakgolo e le nosi, gore e a diragatse ntle le poifo epe, ntle le go tsaya letlhakore lepe kgotsa go ka dira kgetololo epe.

Molaotheo wa rona gape o re go tshwanetse ga nna le dipuisano tsa ka gale magareng ga bankakgolo le Tona ya Matlole go totobatsa thulaganyo ya ikonomikgolo, mme tsotlhe tseo di diriwe go lebilwe go tlholela batho ditiro le go godisa ikonomi.

Fa e le gore re batla go gaisana le dinaga tse dingwe mo maemong a boditšhabatšhaba, fa e le gore re batla go ngokela dipeeletso, re tla tshwanela ke go mekamekana le kgang ya go rarabolola ntlha ya dituelelo tse di boitshegang tse di duelelwang fa motho a batla go simolola kgwebo mo nageng ya Aforika Borwa, mmogo le go rarabolola dithulaganyo tsa melawanataolo tse di kopanyang tlhogo e bile di tsaya le nako e telele thata.

Re tshwanetse re fitlhe moo re sa tlholeng re tlhoka gore setlamo se eme dikgwedi di le thataro gore se rebolelwe phomete kgotsa laesense mme ditlamo tse dintšhwa di tseye fela letsatsi gore di kwadisiwe.

Re tshwanetse go tswelela go fokotsa ditlhwatlhwa tsa go simolola kgwebo mo nageng ka go fokotsa metšhelo e e duelelwang kwa melelwaneng ya go tsena ka dithoto tsa kgwebo mo nageng, go dira gore dituelo tsa go tlhagisa motlakase di nne kwa tlase, mmogo le go dira gore diterene di nne mo maemong a go ka gaisana le tse dingwe le go tsamaisiwa sentle.

Jaaka re kaela ke NDP, ke maikarabelo a rona go nna le tlhabololo e e sa feleng e e akaretsang botlhe e e sa feteng le phetogo ya maemo a loapi.

Ka go dirisanammogo le makala a poraefete, mekgatlho ya badiri mmogo le mekgatlho ya boditšhabatšhaba re tla tokafatsa maitlhomo a rona a go tsamaya le dinako mmogo le matsapa a rona a go rarabolola dikgwetlho.

Re na le tšhono ya go goga kwa pele ikonomi ya tshomarelo tlhago, e e ka ga go dira diintaseteri tse di sa dirising mesi le dikhemikhale tse dintsi tse di bolayang tlhago, tšhono ya go goga thekenoloji e ntšhwa kwa pele mmogo le go tlisa diphetogo mo ikonoming ya mo nakong e e tlang.

Re tshwanetse gore re oketse seabe seo motlakase wa ntšhwafatso o nang le sona mo metswakong ya metlakase e re nang le yona mo nageng mmogo le go lekelela ditšhono tseo ikonomi ya didirisiwa tsa haeterojene di tlang le yona.

Kgolo e e potlakileng ya ikonomi le yona e tlhoka pusetso ya dinaga e e potlakileng kwa metseseteropong le kwa metseselegae mmogo le melao e e tlhamaletseng ka ga ditshwanelo tsa dithoto tsa dinaga.

Re setse re amogetse pegelo e e tlhagisitsweng ke Phanele ya Baeletsi ba Moporesitente ka ga Pusetso ya Dinaga le Temothuo, eo e neng e eteletswe kwa pele ke Motlatsamoporesitente, e jaanong e tla isiwang kwa Kabineteng gore e atlhaatlhiwe.

Ditshtshinyo tsa phanele di tla garela tshwetso ya go konosetsa lenaane le le mosola, la dintlha tse dintsi la phetolothefosano le pusetso ya dinaga.

Mo ntlheng ya ga jaana, puso e tla potlakisa matsapa a yona a go nopola le go rebolela batho dinaga tse di leng mo diatleng tsa puso tse di tla nnang matshwanedi gore batho ba ka nna mo go tsona mo metseseteropong le tseo di ka dirisediwang temothuo.

Mo sephuthelwaneng sa tsosoloso se se rebotsweng mo ngwageng yo o fetileng, re ne ra solofetsa gore re tla potlakisa tlamelo ya balemirui ba ba santseng ba supologa ka matlole.

Mo pakeng ya tekanyetsokabo ya kgweditharo e e fetileng, R3.9 bilione e reboletswe Banka ya Lefatshe gore ka yona e tshegetse balemirui ba bagwebi ba bathobatsho.

Ntlha ya botlhokwa mo leanong la kgolo ya ikonomi ya Aforika Borwa ke ntlha ya go golaganya ikonomi ya rona le ya dinaga tse dingwe tsa baagisane le tse tsotlhe tse di leng teng mo kontinenteng.

Letsholo la Mafelo a Kgwebisano a a sa Duediseweng Lekgetho mo Kontinenteng ya Aforika le tla tokafatsa tsamaiso ya ditlhagisiwa le ditirelo tse di rekisiwang, mmogo le matlole le dikgato tsa tlhagiso ya dikuno mo kontinenteng.

Leano la rona le le ntšhwafaditsweng la diintaseteri le tsepamisa mogopolo mo go atoloseng dikgolagano tsa rona tsa kgwebisano le dipeeletso mo dinageng tsotlhe tse di leng teng mo kgaolong ya Borwa jwa Aforika mmogo le mo kontinenteng yotlhe.

Mo Dinageng tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC), re tla baya kwa setlhoeng matsholo a go baakanya ntlha ya go tshela melelwane mo makaleng a a rileng a a botlhokwa a a jaaka la motlakase, meepo le dimenerale, tlhagiso ya dikuno, mafaratlhatlha mmogo le a tlhagiso ya dijo

MaAforika Borwa a gaetsho,

Kgolo ya ikonomi ya rona ga e kitla e nna le mosola ntle le fa e le gore e tla kgona go tlhola ditiro tse dintsi.

Ka ntlha ya gore palo ya bašwa ba ba senang ditiro ba maAforika Borwa e feta 50% ke sesupo sa gore naga e mo mathateng mme go tshwanetswe go logiwe maano a a ka rarabololang matsapa ano ka bonako gore botlhe ba nne le seabe mo go direng mmogo.

Mme e bile gape ka ntlha ya gore re bona bašwa ba bantsi ba tsena mo ditirong ngwaga le ngwaga, ikonomi ya rona e tlhoka go tlholela bašwa ba rona ditiro tse dingwe gape tse dintsi go feta tse ga jaana e di tlholang; e le maiteko a go fokotsa palo ya bašwa ba ba senang ditiro. 

Nnete e e senang tshutiso ke gore fa go tla mo bašweng ba ba senang ditiro, re tshwanetse go fokotsa sekgala.

Ka jalo go botlhokwa gore re tseye dikgato ntle le go senya nako gore re diragatse leano le le feletseng – le le tla kgannwang le go tsamaisewa ke Kantoro ya Moporesitente – gore re tlhole ditiro tse dingwe gape tse di sa feteng dimilione di le pedi tse dintšhwa tsa bašwa mo ngwagasomeng yo re o lebileng.

Leano leno le tla dirisiwa mo mafapheng otlhe a puso mmogo le mo maphateng otlhe a le mararo a puso, mmogo le mo makaleng a poraefete.

Re setse re simolotse ka go semelela mo makaleng a poraefete go tlholela bašwa meedi ya ditiro ka go oketsa meedi e e leng teng ga jaana ka go golagana le badirisanimmogo ba rona.

Bano ke badirisani ba rona ba ba thusang bašwa gore ba tswelele ka magetla, badirisani ba ba tshegetsang le go golaganya bašwa le ditšhono go ba itsise ka ditšhono tsa diphatlhatiro le tsa go ithapa mo dikgwebong tsa bona.

Ba netefatsa gore bašwa ba ba tswang kwa malapeng a a humanegileng – bogolosegolo makgarebe – ba tshegediwa gore ba fitlhelele ditšhono tse dintšhwa.

Puso e tla tswelela go bulela ditšhono tsa ditiro ka Lenaanekatoloso la Ditiro tsa Setšhaba (EPWP), bogolosegolo mo ditirong tse di tlhokang batho mo go tsona tse di jaaka tlhokomelo le tsosoloso ya meago le dithoto, go tlhagola bojang, go thiba dipeipi le dipompo tse di dutlang mmogo le mo go baakanyeng sekontiri.

Re tla tswelela go tlhama manaane go netefatsa gore bašwa ba katisitswe go lekane go ka tsena mo ditirong le go ka thapega bonolo mo makaleng a e leng gore ‘a tlhoka go thapa batho’.

Makala ano a akaretsa ditikwatikwe tsa megala tsa ditirelo tsa go rulaganya kgwebo, tlhagiso le tsamaiso ya dikuno tsa temothuo, ditsamaiso tsa botegeniki, paakanyo, tlhokomelo le tsosoloso ya meago le dithoto mmogo le ditšhono tse dingwe tse di tlisiwang ke ikonomi ya didirisiwa tsa dijithale mmogo le Diintaseteri tsa Thekenoloji (4IR).

Puso e tla netefatsa gape le gore bašwa ba thapilwe mo diphatlhatirong tsa ikonomi ya loago tse di jaaka tsa thuto ya bomapimpana (ECD) le tsa tirelo ya tlhokomelo ya boitekanelo.

Re tla atolosa Tirelo ya Bašwa ya Bosetšhaba (NYS) go ka thusa bašwa ba le 50 000 ka ngwaga.

Puso e tla tshegetsa dirala tsa thekenoloji gore bašwa ba ba leng kwa metseselegaeng le ba ba leng kwa makeišeneng ba kgone go ka itlhamela ditiro.

Re tla atolosa manaane a rona go kgontsha bašwa gore ba iponele diphatlhatiro tse di ba duelang tsa go ba thusa go bokeletsa maitemogelo tse di bulelwang ke matsholo a a jaaka Letsholo la Tirelo ya go Thapiwa ga Bašwa (YES), mmogo le go netefatsa gore re bulela matsholo a go ithutela tiro kwa tirong. 

Re tla thankgolola ditikwatikwe tsa tsosoloso ya dikgwebopotlana go tlamela bašwa ka ditšhono tsa go itshimololela dikgwebo ka go ba thusa ka matlole le dikeletso jaaka ba tla bo ba simolola leeto la bona la go nna bagwebi.

Maabane ke neeilwe tšhono e e seng kana ka sepe go kopana le go buisana le bašwa ba le mmalwa ba Aforika Borwa ba boammaruri ba dirang tiro e ntle tota mo go ageng naga ya rona le mo go tlhabololeng batho ba borona.

Bangwe ba bona ke baitlhamedikgwebo fa ba bangwe e le baagasetšhaba, ba bangwe ke bakgaratlhelasetšhaba mme ba bangwe ke bataki ba mefutafuta.

Fa go na le sengwe se se botlhokwa se re se nopotseng go tswa mo dipuisanong le bašwa bano ba ka fa nageng ke gore re ka se gapeletse ditharabololo tsa rona mo go bona: sengwe le sengwe se re tshwanetseng go se dira se tshwanetse gore se gogwe kwa pele ke bašwa ka bobona. 
 
Ba re boleletse sengwe le sengwe se ba se batlang, le sengwe le sengwe se ba se tlhokang.

Ee, ba batla go thapiwa mo ditirong, fela, ba batla gape le go nna bathapi ka bobona.

Ba na le dikakanyo tse dintsi tse dintle, ba goga boitshimololedi kwa pele, e bile ba batla go itirela dilo ka bobona.

Re tshwanetse go tshegetsa boitshimololedikgwebo go nne khumo ya naga eno e mo diatleng tsa bašwa ba rona ba ba matlhagatlhaga le ba ba renang ka ditalente tsa boitshimololedi.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Fa e le gore re batla go netefatsa gore mo ngwagasome yo re o lebileng, ngwana mongwe le mongwe yo a nang le dingwaga di le 10 o kgona go buisa le go tlhaloganya se a se buisang, re tla tlhoka gore setšhaba sotlhe sa rona se tshegetse letsholo le legolo la go buisa.

Go ithuta go buisa e sale gale ke seo se kgonang go re bontsha bokgoni jwa ngwana jwa go ithuta e sa le gale, kwa sekolong, kwa sekolong se segolwane go fitlha a ya kwa mafelotirelong.

Ditsereganyo tsotlhe tse dingwe – go simolola ka tiro e e diriwang go tokafatsa boleng jwa thuto ya motheo go fitlha mo tlamelong ya baithuti ba ba humanegileng ka thuto e kgolwane, go tloga mo dipeeletsong tse di diriwang mo dikholetšheng tsa Thuto le Katiso ya Tiro ya Matsogo le ya Setegeniki (TVET) go fitlha mo maemong a katoloso ya katiso kwa tirong – ga di kitla di tlhagisa dipoelo tse re di tlhokang ntle le fa re ka netefatsa gore bana ba rona ba kgona go buisa.

Ke matsholo a a jaaka Letsholo leno la Naga la Tirisanommogo ya go Buisa a a tla re kgontshang go rulaganya sentle letsholo leno la naga.

Barutabana botlhe ba kgato ya motheo le ya magare ba tla katisediwa go ruta go buisa Sejatlhapi le Dipuo tsa Bathobatsho tsa ka fa Nageng, mme re setse re simolotse ka go katisa le go romela bakatisi ba ba nang le maitemogelo ba ba tla tlamelang barutabana ka tshegetso ya maemo a a kwa godimo.

Re thankgolotse Lenaane la go Buisa mo Dikereiting tsa kwa Tlase, mme lona le tsenyeleditswe gape le mananeo a dirutwa, dibuka tse dingwe gape tsa tlaleletso tsa go buisa mmogo le tshegetso e e tswileng diatla ya barutabana ba Kgato ya Motheo.

Seno ke karolo ya matsapa a magolo a go matlafatsa thulaganyo ya thuto ya motheo ka go matlafatsa ditlhopha tsa baeteledipele kwa dikolong, ka go tokafatsa bokgoni jwa barutabana mmogo le go netefatsa gore go na le dikgato tse di lolameng tsa kgatelopele mo kereiting ya boraro, ya borataro le ya borobongwe.

Re tshwanetse gape go baakanyetsa bašwa ba rona ditiro tse di tla nnang teng tsa kamoso.

Ke ka ntlha ya seno re rutang barutwana dirutwa di tshwana le go kwala dikhoutu tsa dikhomphiutha le dirutwa tsa go sekaseka tshedimosetso ya dikhomphiutha ba santse ba le kwa dikolong tse di potlana.

Ditokololo tse di tlotlegang,

Aforika Borwa yo re mo batlang ke yoo mo nageng ya gagwe batho botlhe ba babalesegileng e bile ba ikutlwa ba babalesegile.

Ka jalo, tla re dirisaneng mmogo go netefatsa gore re fokotsa bosenyi jo bo tsenyeletsang tirisodikgoka ka halofo mo dingwageng tse di tlang di le 10.

Sa ntlha ke go oketsa iponagatso ya mapodisi mo mafelong ao baagi ba phelang mo go ona ka go thapa mapodisi a mangwe gape a mantsinyana a basadi le a banna, mmogo le go tlhotlheletsa baagi gore ba nne le seabe se se botlhokwa ka go nna ditokololo tsa foramo ya komiti ya sepodisi sa mo motseng.

Ga jaanong re na le baithuti ba feta ba le 5 000 ba ba ikwadiseditseng katiso ya go tsena mo sepodising kwa dikholejeng tsa rona tsa katiso ya mapodisi mme re akanya gore mo tsamaong ya nako palo eno e tla oketsega go ka fitlha mo go 7 000 mo dikgatong di le pedi tse di tlang tsa go thapa mapodisi.

Re samagane le ntlha ya go tokafatsa katlego mo dipatlisisong tsa sepodisi le mo go tšhotšhiseng bao ba tlolang molao le go tlamela ka katiso e e botoka le tirelo ya manontlhotlho mo ditheong tsa bosiamisi.

Bosenyi jo bo tsenyeletsang tirisodikgoka bo tlhola matsapa mo setšhabeng mme bo tlhoka gore setšhaba se eme ka dinao kgatlhanong le bona.

Re dirisana mmogo le mekgatlho ya baagi mabapi le go loga maano a go fedisa tirisodikgoka e e totileng batho ba bong jo bo rileng (GBV) mmogo le dipolao tsa basadi.

Go latela dipuisano tse di tseneletseng, re samagane le kgang ya go tlhoma Lekgotla la GBV le Dipolao tsa Basadi mmogo le Togamaano ya Leano la Naga le le re supetsang tsela, gore re tsamaya fa kae ka matsapa e re setseng re a tsere, a go fedisa leru leno le le re aparetseng.

Re semeletse go tlhatlhela sepodisi le dikgotlatshekelo tsa rona gore di kgone go tshegetsa batswasetlhabelo ba GBV ka botlalo.

Re tlhotlha ntwa ya go lwantshana le barekisi ba diritibatsi ka go tsenya tirisong Leano la Naga le le Lwantshanang le Digongwana mmogo le Leano le le Kgolo la Naga le le kwalolotsweng sešwa le le Lwantshanang le Diritibatsi.

Bagaetsho
Baeng ba ba tlotlegang,

Gore re fitlhelele dipeelo tsotlhe tseno re tlhoka go nna le puso e e tlhabologang e bile e na le bokgoni.

E ke puso e e senang fela ditheo le mafaratlhatlha a a kgontshang ikonomi le setšhaba go dira sentle, mme e kgona gape le go diragatsa phetogo.

Kgwedi eno fa e roga, re ne ra tsibosa diphetogo mo mafapheng a puso go a kgontsha gore a fitlhelele maikarabelo a ona.

Tshwetso ya rona e ne e itshegeditse ka tolamo, go fokotsa ditshenyegelo tsa madi, pusotshwaraganelo mmogo le go lepalepanya maano a puso le ditheo tsa yona.

Eno ke kgato ya ntlha ya go kgaotsa kwelotlase ya serodumo sa puso le bokgoni jwa yona gore re fetole mokgwatirelo wa rona gore o kgone go direla ka botlalo batho ba borona.

Re tla tsaya kgato ya go lepalepana le dikgaolo – mo re tla tsepamisang megopolo ya rona bogolosegolo mo dikgaolong di le 44 le mo diteropokgolong di le robedi – gore re kgone go potlakisa ditirelo, ka go netefatsa gore dimasepala di tlamelwa ka tshegetso e e lekaneng le go tlamelwa ka dithuso tse di tshwanetseng.

Go netefatsa gore puso e kgona go diragatsa tlhabololo ya ikonomi le ya loago ka tolamo, go botlhokwa gore re matlafatse Dikgwebo tsa Puso (di-SOE).

Ka Lekgotla la Moporesitente la di-SOE, puso e ikaeletse go rulaganya dikgwebo tsotlhe tsa puso mmogo le go rulaganya botoka maikarabelo a tsona a a botlhokwa.

Ka lekgotla leno, re tla kgona go dirisana le boeteledipele jwa di-SOE go tlhoma lefelo le le nang le melao le melawanataolo le le tshegetsang boitshimololedi le tiro e e tswileng diatla mmogo le go dira gore di kgone go gaisana le tse dingwe. 

Re tla rokelela mo godimo ga tiro e re setseng re e dirile ya go samagana le matsapa a tsamaiso e e sa lolamang, tiragatso e e bokoa ya ditirelo le tlhokomelo ya matlole.

Re ikemiseditse go aga naga e e nang le maitshwaro a mantle e mo go yona go senang sebaka sa go ka dira bonweenwee, go ka tshosetsa batho ba bangwe, go ka ikhumisa ka ditirelo tsa puso tse di kabong di rebolelwa baagi ba ba humanegileng le go ka utswa madi a puso.

Re batla setlhopha sa badiredipuso ba ba manontlhotlho ba ba nang le maitshwaro a mantle – mme e bile ba na le maikemisetso a go direla setšhaba.

Dikgato tse re di tsereng tsa go samagana le merero ya go goga puso ka nko le go lwantshana le bonweenwee, mmogo le dikgato tsa go matlafatsa Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA), Uniti e e Itlhophileng ya Dipatlisiso (SIU), Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) mmogo le Setheo sa Tshireletso ya Puso (SSA) di utulola dipoelo tse di botlhokwa.

Le fa go le jalo, tiro yona e santse e le ntsi e e tlhokang go diriwa.

Re kopile Mokaidimogolo wa Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NDPP) go tla ka leano le le tla oketsang maatla le bokgoni jwa NPA gore e nne le mosola, go akaretsa le go netefatsa gore e nne le bokgoni jwa go thopa dithoto fa go tlhokegang.

Re tshwanetse go netefatsa gore madi a puso a a utswitsweng go na le tsela e re a busang ka yona gore a dirisediwe se a neng a tshwanetse go se dira mo kabong ya ditirelo le mo go tlhomeng mafaratlhatlha a a tlhokegang thata mo baaging ba ba humanegileng.

Re solofetse gape gore Bothati jo bo Itlhophileng jwa SIU bo tla simolola ka tiro ya jona mo dikgweding di se kae tse di tlang go lebelela ditopotuelo tse di tlhatlhetsweng ke baagi go latela dipatlisiso tse SIU e di rebotseng, tseo ga jaana di balelwang go ka nna R14.7 bilione.

Aforika Borwa e tla tswelela go tshameka karolo e e botlhokwa mo maemong a boditšhabatšhaba mo matsholong a go tshegetsa kagiso le tshireletsego ya batho, le mo tlhabololong le khumong ya batho botlhe.

Re tsosolosa maikemisetso a rona a go dira mmogo le dinaga tsa boditšhabatšhaba go somarele le go sireletsa melao e e ikaegileng ka thulaganyotsamaiso ya dinaga tse dintsi tse di farologaneng moo Mokgatlho wa Dinagakopano (UN) o di gogang kwa pele.

Re tla dirisa maemo a rona a go nna tokololo mo Lekgotleng la Pabalesego la UN go rotloetsa dikgato tsa go rarabolola dikgotlang ka kagiso, bogolosegolo mo kontinenteng ya rona.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Fa e le gore tota re batla go nna le Aforika Borwa yo re mo lakatsang, re tlhoka tumelano ya loago e ntšhwa.

Re tlhoka go nna le botsalano jo bo tshwarelelang magareng ga puso, dikgwebo, mekgatlho ya badiri, mekgatlho ya baagi le ditšhaba tsa rona.

Seno se rwesa yo mongwe le yo mongwe wa rona maikarabelo.

Puso e tshwanetse go tlhola tikologo e e bulelang batho dikgoro, go dirisa metswedi ya puso ka tshwanelo mmogo le go beeletsa mo go tlhabololeng bokgoni jwa batho ba naga eno.

Re ka rata gore fa puso e tsaya ditshwetso le dikgato tsa yona e tseetsia dipeelo tsa bosetšhaba tsa togamaano ya naga mmogo le matsapa a loago a a leng teng.

Re a dumelana gore mekgatlho ya badiri e tshwanetse go tseela kwa tlhogong dikgatlhegelo tsa badiri fa mo letlhakoreng le leng, e tshwanetse go tlhokomela dikgwebo mmogo le go tlhola diphatlhatiro.

Mekgatlho ya baagi e tshwanetse go tswelela go rwesa puso maikarabelo fela le yona e tshwanetse go re ema nokeng ka go tsaya dikgato tse di bonagalang gore re kgone go fitlhelela seo botlhe re se batlang.

Re tlhoka tirisanommogo e e nonofileng mo makokong a dipolotiki a re nang le ona ka fa Palamenteng eno, re tlhoka tshegetso ya lona, go re tlhaba botlhale fa re sa boneng sentle gona le go re neela ditharabololo tse di utlwagalang mmogo le go tsaya matsapa gore re tsholetse dikgatlhegelo tsa naga eno ya borona.

Tumelano eno ya loago e tlhoka gore mongwe le mongwe a nne le seabe.

E tlo tlhoka gape le gore re ikentshe setlhabelo le go dumelana ka dikakanyo.

Bokamoso jwa rona bo ikaegile ka maitsholo a yo mongwe le yo mongwe wa rona.

Fa e le gore re batla go tsosolosa tiragatso ya NDP, re tshwanetse go simolola go lebelela kwa kgakajana.

Re batla Aforika Borwa yo mo go ene batho botlhe ba jang ba namile le go keteka khumo ya bona.

Re batla gape Aforika Borwa yo mo go one re tla kgonang go atolosa bokgoni jwa rona jotlhe jaaka re gatelapele.

Re batla Aforika Borwa yo a beetseng kwa setlhoeng mafaratlhatlha a gagwe a diterene, yo a nang le diterene tse di nang le lebelo le le kwa godimo tse di golaganyang diteropokgolo tsa rona le mafelo a a kwa kgakalakgala mo nageng.

Re tshwanetse re akanyeng ka diterene tse di nang le lebelo tse di fetang kwa Johannesburg di tloga fano go leba kwa Musina, mme di fete di aparele kwa Buffalo City fa di tswa kwa eThekwini di boela fano mo Motsekapa.

Re batla Aforika Borwa yo a nang le thekenoloji ya ikonomi ya maemo a a kwa godimo mo go nang le ditlhabologo mo go nang le didirisiwa tsa eleketeroniki mo maphateng a boitekanelo, mo go nang le diroboto mme tirelo ya boitekanelo mo bathong ba ba nnang kwa kgakalakgakala mo nageng e kgonang go diragadiwa jaaka re tla bo re thankgolola NHI.

Re batla Aforika Borwa yo a ntseng jang?

Re batla Aforika Borwa yo tiro ya gagwe e seng fela go rekisetsa dinaga tsa kwantle dikuno tse di iseng di tlhotlhiwe mme yo gape a nang le bodutelo jwa tlhagisodikuno tse di botlhokwa tse di dirisiwang mo didirisiweng tsa eleketeroniki le mo dijanageng mmogo le mo dikhumphiutheng.

Re tshwanetse go nna naga e e kgonang go iphepa mmogo le go dirisa thekenoloji ya gompieno e e dirisiwang mo temothuong.

Ke akanya ka Aforika Borwa yo teropo yotlhe ya ntlhantlha e ntšhwa mo pusong ya temokerasi e nang le meago e e kwa godimodimodimo, dikolo, diyunibesiti, dipetlele le difeme.

Toro eno e ke nang le yona e tlhotlheleditswe ke puisano ya me le batho ba le bane ba ba botlhokwa: Ngaka Nkosazana Dlamini Zuma, Ngaka Naledi Pandor, Mme Jessie Duarte mmogo le Moporesitente Xi Jinping wa kwa nageng ya China, yo kgang ya gagwe ya fa a bua ka ka fao China e agang teropokgolo e ntšhwa dikhilomitara di le 100 go tswa mo Beijing e tlhotlheleditseng toro e ke nang le yona.

E ke toro e botlhe re ka e kgaoganang le go tsaya karolo gore re kgone go e diragatsa.

Fa e sale re bona temokerasi dingwaga di le 25 tse di fetileng ga re ise re age le terotswana e le nngwenyana fela e ntšhwa.

Ka ngwaga wa 2030 maAforika Borwa a ka dira 75% a tla bo a nna kwa diteropong.

Diteropokgolo tsa Johannesburg, Tshwane, Motsekapa le eThekwini di a tlala mme di tla bo di sa tlhole di kgona go amogela batho botlhe ba ba fisegelang go nna kwa diteropong.

A ga se one motsi yo re ntseng re o letile yo re tshwanetseng go kuka mafatlha mme re samagane le namane e tona ya tiro mme re dire seo batho ba bangwe ba akanyang gore ga se kitla se kgonega?

A nako ga e ise e goroge gore jaanong re samagane le go aga teropo e ntšhwa ya thekenoloji e e tla dirisang 4IR? 

Ke rata go ka laletsa maAforika Borwa go simolola go akanya ka ditšhono tse di tla tlisiwang ke kgato eno.

Re setšhaba sa Aforika Borwa seo Molaotheo wa sona o rotloetsang le bao ba neng ba latlhegetswe ke tshepo, o apesang ditshwanelo go batho bao ba neng ba di amogilwe le bao ba neng ba kgapetswe kwa thoko, le o o digelang matswalo le go babalela banna, basadi le bana ba naga ya ona.

Le fa e le gore re kile ra fapoga, ga re a ke ra latlhegelwa ke gore re bo mang, le seo re se emetseng.

Re santse re le naga yona eo.

Gongwe le a ipotsa gore tsholofelo e kanakana ke e tsaya kae maemo a tobekane jaana.

Ke na le tsholofelo gonne ke dirile mmogo le baagi ba naga eno – baoki le badiredi ba tlhokomelo ya boitekanelo, banna le basadi ba rona ba ba aparang seaparo sa puso, barutabana kwa dikolong tsa rona, baithuti ba rona ba ba nang le maikemisetso a go atlega mo botshelong go sa kgathalesege gore malapa a ba tswang kwa go ona a rwele joko e e bokete go le kae, mmogo le bašwa ba rona ba ba lekang ka natla go itshimololela dikgwebo, go itlhamela le go itshimololela le go sutlhelela mo maemong ao ba leng mo go ona.

Ke lona ba le nnayang maatla, mme ke lona ba ke batlang go le naya maatla le lona.

Ba lakatsa go bona botshelo bo le botoka mo maAforika Borweng otlhe.

Fa re tshwaraganetse tiro ga go sepe se re ka retelelwang ke go nna sona, se se ka re retelelang, e bile ga go sepe se re ka retelelwang ke go se fitlhelela.

Ga go sepe se se retelang.

Tsotlhe tseno di mo diatleng tsa badiragatsi, badiragatsi ba ba kgonang go diragatsa tiro ka tshwanelo. Badiragatsi ba ba kgonang go nna le maikemisetso a a sa potapoteng ka ga se se tshwanetseng go diragadiwa mme ba dire gore se diragale. 

Go jalo, ke bona batho bao ba ba re kgotlhokgotsang re le baagi ba Aforika Borwa. Ke batho ba ba kgonang go tlhokomela batho ba ba kgonang go bonela kwa pele Aforika Borwa yo o atlegileng. 

[Ina, hi vona vanhu lava, lava hlohlotelaka vanhu va Afrika-Dzonga. I vanhu lava va hlayisaka volavo va kotaka ku languta emahlweni na ku vona Afrika-Dzonga leri humeleleke].

[Ndi vhenevho vhane vha ri Afrika Tshipembe heḽi ḽashu vha ṱoḓa ḽi tshi ya phanḓa, ḽi vhe na mvelaphanḓa ine ya ḓo vhonwa nga vhathu vhoṱhe].

Yo ke Aforika Borwa yo a tshwanetseng go re naya mafolofolo.

Fa re tshwaraganetse tiro ga go sepe se se ka re retelelang, e bile ga go sepe se re ka retelelwang ke go se fitlhelela.

Jaaka re tsena mo tsamaisong e ntšhwa, tla re gakologelweng mafoko a ga Ben Okri, fa a ne a re:

Will you be at the harvest,
Among the gatherers of new fruits?
Then you must begin today to remake
Your mental and spiritual world,
And join the warriors and celebrants
Of freedom, realizers of great dreams.
You can’t remake the world
Without remaking yourself.
Each new era begins within.
It is an inward event,
With unsuspected possibilities
For inner liberation.
We could use it to turn on
Our inward lights.
We could use it to use even the dark
And negative things positively.
We could use the new era
To clean our eyes,
To see the world differently,
To see ourselves more clearly.
Only free people can make a free world.
Infect the world with your light.
Help fulfil the golden prophecies.
Press forward the human genius.
Our future is greater than our past.

MaAforika Borwa a gaetsho, 

Ke dinako di tshwana le tseno gore fa re tobane le dikgwetlho tsa mothale ono re tshwanetse go simolola go akanya ka Aforika Borwa yo re mo batlang.

Ke dinako di tshwana le tseno fa naga ya rona e tobane le dikgwetlho tse dikgolo mo re simololang go leba kwa pono ya rona e khutlang gone mme re bone Aforika Borwa yo ikonomi ya gagwe e golelang pele mme bašwa ba rona ba le mo ditirong, mme Aforika Borwa a tswelela go fenya mme re ikotla sehuba ka go gatela pele. 

Yo ke Aforika Borwa yo batho ba rona ba lakatsang go mo bona. Yono ke Aforika Borwa yo maAforika Borwa otlhe a rileng a batla go mo bona. 

Tla re yeng re ye go aga Aforika Borwa yono. 

Ke lebogile go menagane.

Ke a leboga.

Share this page

Similar categories to explore