Dira kopo ya go tlisediwa makwalo

Mabapi
Se o tshwanetseng go se dira
Go tsaya nako e e kana kang
Go ja bokae
Diforomo tse o tshwanetse go di tlatsa
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

 

Mabapi le go dira kopo ya go tlisediwa makwalo

Fa e le gore o batla bokoso e ntšhwa ya poso, ikwadisetse go tlisediwa makwalo kwa Kantoroposong e e gaufi le wena. Ditirelo tsa go tlisediwa makwalo di abiwa go simolola ka la bo 1 Ferikgong go fitlha ka la bo 31 Sedimonthole ngwaga o mongwe le o mongwe mme e duelelwa pele ga Sedimonthole.

Lemoga: Diforomo tsa go dira kopo tse di rometsweng ka poso ga di kitla di amogelwa.

  • Ke fela baagi ba ba kwadisitseng kgotsa bahiri ba ba kwadisitseng bao ba nnang mo mafelong ao go sa kgonagaleng gore ba tlisediwe makwalo, sekao dipolasa, mafelo a kwa tshilong, metseselegae le mafelo a a santseng a tlhabologa ba ba tla neelwang lebokoso le le lengwe le le sa duelelweng kwa lefelong la go rwalela makwalo le le gaufi le bona kgotsa kwa posong, go latela ka dikgaoganyo tsa kantoroposong mme go tla tlhokagala bopaki jwa go nna moagi kgotsa mohiri.
  • Kantoroposo e na le tetla ya go ka netefatsa tshedimosetso e e leng mo kopong.

Ditlhokego tse dingwe di teng kwa Katoroposong nngwe le nngwe kgotsa mo webesaeteng ya Katoroposo.

Dikgato tse di latelwang

  1. Leba kwa Kantoroposong e e gaufi le wena mme o kope mothusi wa kwa posong go go neela foromo.
  2. Tlatsa foromo ya go dira kopo.
  3. Foromo ya go dira kopo e teng gape le mo webosaeteng ya Kantoroposo.
  4. Gokelela mo foromong khophi ya lekwaloitshupo la gago kgotsa bopaki jo bongwe jo bo rileng jwa boitshupo jo bo jaaka paseporoto, lekwalonetefaletso la go kganna mme o di neele mothusi wa kwa posong kwa Katoroposong e e gaufi le wena.

Go tsaya nako e e kana kang

Go tsaya metsotso e le 10 go ya go e le 15.

Go ja bokae

Mailbox renewal

Diforomo tse o tshwanetse go di tlatsa

Diforomo tsa go dira kopo di teng kwa Dikantoroposong tsotlhe go ralala naga.
 

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

E-mail: customer.services@postoffice.co.za
Tel: 0860 111 502 

Share this page