Kopo ya thekontle tlhapi go ijesa monate

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya phemiti ya thekontle ya ditlhapi ka mabaka a boitapoloso

Go rekantle tlhapi, jaaka tlhapi ya lewatle ka mabaka a boitapoloso, o tshwanetse go dira kopo ya phemiti kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi. O ka se rekisi tlhapi e o e rekileng ntle fela o ka e dirisa ka bowena kgotsa wa e ja.

O tshwanetse go dira kopo bonnye dibeke tse pedi pele o tloga go letla tiragatso ya kopo ya gago. O ka se rekentle tlhapi ka mabaka a boitapoloso ntle le phemiti ya thekontle. Ga o tlhoke phemiti ya go tshwara; fela netefatsa gore o tshotse phemiti ya go tshwarela boitapoloso (ke selekanyetso sa kgetse ka letsatsi fela se ka tsamaisiwang) kgotsa rasiti ya madi a a seatleng a tse o di tshwereng.

Go dikganelo tse di latelang:

  • O ka se rekentle ditshika tse di tlhagelelang mo lenaneng la Convention on International Trade in Endangered Species (CITES) (go bona tshedimosetso e nngwe ka CITES, etela www.cites.org.
  • Phemiti e tla dira fela mo pakeng ya loeto go ya le go tloga kwa nageng e o yang kwa go yona.
  • O ka se rekentle tlhapi ya lewatle e e tshelang.

Ela tlhoko: Phemiti ya thekontle ya boitapoloso ga e akaretse tlhapi ya metsi a a foreše.  Go se ikobele dipeelano tsa phemiti go ka baka gore e sekegwe kgotsa e phimolwe.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Bona foromo ya kopo kwa Lekaleng la Botsamaisi jwa Bodirelatlhapi (Fisheries Management Branch) jwa Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi kwa Cape Town: Ground Floor, Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore, Cape Town.
  2. Tlatsa diforomo tsa kopo ka tshedimosetso e e latelang:
    • matlha a go tswa le go boela mo Aforikaborwa
    • leina la naga e o e etelang
    • molelwane wa Aforikaborwa o o tla o dirisang go boela mo Aforikaborwa
    • tlhagisa tlhalosa gore tlhapi e tla rekwantle e ntse jang (gatseditswe/tsidifaditswe/foreše/jj.)
    • khopi e e kannweng ya lekwaloitshupo la.
  3. Duela tlhotlhwa e e beilweng mo akhaontong e e latelang:
    Banka: First National Bank
    Nomoro ya akhaonto: 62123256382
    Mofuta wa akhaonto: Current
    Leina la akhaonto: Marine Living Resources Fund
    Leina la lekala: Corporate Account Services CapeTown
    Khoutu ya lekala: 204-109
    Leletsa tikwatikwe ya tirelo ya badirisi gore o newe referense (0860 000 3474).
  4. Kgomaretsa tse di latelang mo foromong ya kopo:
    • bopaki jwa tuelo (rasiti ya banka)
    • bopaki jwa aterese ya bonno, nomoro ya mogala, nomoro ya fekese, le aterese ya imeile mo Aforikaborwa
    • khopi e e kannweng ya lekwaloitshupo.
  5. Romela kopo kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi: Private Bag X2, Roggebaai, Cape Town, 8012, kgotsa e ise kwa Lekaleng la Bodirelatlhapi le Jalo ya Dikgwa mo boalong jo bo kwa tlase, Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore, Cape Town. O ka se romele kopo ya gago ka fekese kgotsa imeile.

Nako ya tiragatso

Go ka tsaya matsatsi a tiro a le 7 kgotsa go feta, fa fela kopo e dirilwe sentle.

Tuelo ke bokae

Customer Service Centre

Diforomo tse di tladiwang

Bona foromo ya kopo ya phemiti ya thekontle go tswa kwa lekaleng la Tsamaiso ya Bodirelatlhapi ya Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi kwa Cape Town: GroundFloor, Branch: Fisheries  Management, Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore, Cape Town.

O ka golagana le mang

 

Call Centre

Tel: +27 12 399 9000
Fax: +27 12 359 3625

Share this page