Kopo ya phemiti ya nakwana ya diphologolo mo mabakeng a a rileng jaaka dipontsho

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go dira kopo ya phemiti ya nakwana ya thekontle kgotsa thekisontle ya diphologolo ka mabaka a a rileng

Fa o batla go rekantle/rekisantle diphologolo go tla kgotsa go tswa mo Aforika Borwa ka ntlha ya mabaka a a rileng, jaaka dipontsho, diponopontsho, dikgaisano le go tlhakanya ditshadi le dipholo/ditirelo tsa diphologolo, o tshwanetse go dira kopo ya phemiti ya tokafatso go Mokwadisi wa Tokafatso ya Diphologolo.

O tshwanetse go dira kopo ya phemiti ya thekontle ya diphologolo go tswa go Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo le Setifikheiti sa Boitekanelo jwa Diphologolo go tswa kwa nageng e o rekang kwa go yona.

O tshwanetse go dira kopo, bonnye matsatsi a le 30 pele o reka diphologolo tseo. 

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Tlatsa foromo ya kopo: Kopo ya go rekantle/rekisantle diphologolo ka mabaka a a rileng (Dipontsho).
  2. Fa e le go rekantle phologolo go tlhakanya nna le tshadi/ditirelo tsa diphologolo, o tshwanetse go bo o na le:
    • Setifikheiti go tswa go Mokwadisi yo o amogetsweng mo nageng e o rekang go tswa go yona. Setifikheiti se tshwanetse go supa mofuta wa madi wa DNA wa phologolo eo le dintlha tsa phologolo eo. 
  3. Katlenegiso go tswa South African Breeder’s Society e e maleba le mofuta wa gago.
  4. O ka duela le ka tšheko kgotsa otara ra poso go:
    • Director General: Department of Agriculture, Forestry and Fisheries
      Standard Bank of South Africa
      Lekala: Arcadia
      Nomoro ya akhaonto: 011219556
    • Khoutu ya lekala: 000845/ 010845
      Referense e tshwanetse go nna leina le sefane sa gago.
  5. Maikarabelo a dituediso tsa banka le dituediso tsa Banka ya naga e nngwe ke a gago, lefapha le ka se rebole phemiti fa tlhotlhwa yotlhe ya R302 e ise e amogelwe.
  6. Dituelo di ka dirwa gape le kwa dikantorong ya Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi tse di tlhagelelang mo lenaneng la dintlha tsa tlhaeletsano.
  7. Fa o dira kopo boemong jwa mongwe, tsweetswee netefatsa gore o duela ka leina la motho yoo kgotsa setlamo seo.
  8. Ga go dikopo tse di tla diragadiwang ntle le bopaki jwa tuelo. 
  9. Romela foromo le bopaki jwa tuelo go:
    The Registrar of Animal Improvement
    Private Bag X138
    Pretoria
    0001
    South Africa
    kgotsa ka fekese go (012) 319 7570/7425.
  10. Morago ga go amogela foromo ya kopo le bopaki jwa tuelo, phemiti ya tokafatso ya diphologolo e tla rebolwa le go neelwa Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo go rebola phemiti ya thekontle.
  11. Morago ga go dira kopo ya phemiti ya thekontle ya tokafatso ya diphologolo, o tshwanetse go dira kopo ya phemiti ya thekontle ya diphologolo go tswa go Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo. Fa o na le dipotso mabapi le phemiti ya thekontle ya diphologolo tsweetswee leletsa (012) 319 7514.
  12. Tokafatso ya Diphologolo e tla diragatsa kopo ya gago mme e go rebolele setifikheiti mme e se neele Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo go go rebolela phemiti ya thekontle ya diphologolo.
  13. O tshwanetse go kopa setifikheiti sa diphologolo kwa Bokaeding jwa Boitekanelo jwa Diphologolo.
  14. O tshwanetse go bontsha batlhankedi ba diphologolo kwa bogorogelong diphemiti tsa tota le Setifikheiti sa Boitekanelo jwa diphologolo go tswa kwa nageng e o di rekileng kwa go yona.

Ela tlhoko: Dikopo tse di sa felelang di tla busediwa badirakopo mme lefapha ga le kitla le amogela maikarabelo a seo.

Nako ya tiragatso

Go tla tsaya matsatsi a le 30 go diragatsa kopo ya gago.

Tuelo ke bokae

R220

Diforomo tse di tladiwang

Application to import/export animals for certain purposes

O ka golagana le mang

 

Directorate Animal Production
Tel: 012 319 7424 / 012 319 7576 / 012 319 7590 / 012 319 7429 / 012 319 7434 / 012 319 7486
Fax: 012 319 7570/7425
Physical address: Delpen Building, Cnr Annie Botha Avenue and Union Street, Riviera, Pretoria
Postal address: The Registrar of Animal improvement Private Bag X138, Pretoria, 0001

Share this page