Tumelelo ya thekontle ya sejanaga se se dirisitsweng

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go dira kopo ya go romelateng serori sa seatla sa bobedi kgotsa se se dirisitsweng

O ka romelateng serori sa seatla sa bobedi kgotsa se se dirisitsweng mo Aforika Borwa fa fela o neetswe tetla ya go dira jalo.

Thomeloteng ya dirori tse di dirisitsweng e lekanyeditswe go sireletsa intaseteri ya tlhagiso ya dirori ya selegae kgatlhanong le thomeloteng e e sa lolamang ya dirori tse di dirisitsweng le tsa seatla sa bobedi mme ditetla di rebolwa fela ka fa tlase ga mabaka a a rileng.

Thomeloteng ya dirori tsa seatla sa bobedi kgotsa tse di dirisitsweng e ikaegile ka mekgwataolo go ya ka Karolo 6 ya Molao wa Tsamaiso ya Kananyo ya Boditšhaba (International Trade Administration Act, 71 of 2002).

Ke fela Maaforika Borwa a a boelang gae le bafudugedi ba ba nang le bonno jwa leruri ba ba letlwang go tlisa dirori tse di kwadisitsweng mo maineng a bona mo nageng.

Dijanaga tse di ka romelwang teng di akaretsa dijanaga tsa mabelo, dirori tse di pegang bapalami, dirori tsa modiro o o kgethegileng le dirori tse e leng boswa.

Fa o batla tshedimosetso e nngwe.

Se o tshwanetseng go se dira

  • Tlatsa foromo ya kopo ya importation of a second hand or used vehicle form, IE462 (thomeloteng ya serori sa seatla sa bobedi kgotsa se se dirisitsweng, IE462)
  • Isa ditlankana tse di latelang:
    • lekwaloitshupo kgotsa phaseporoto
    • lekwalo go tswa go mothapi le le netefatsang tiro ya leruri kwa nageng ya boditšhaba, le supa paka ya tiro (ditshupotuelo, dilipi tsa moputso, lekwalo la tiro, konteraka ya tiro, dipoelo tsa lekgetho, ditetla tsa tiro, jj. ga go tsewe e le bopaki jwa tiro)
    • khopi e e kannweng ya setifikeiti sa semmuso sa kwadiso ya serori sa boditšhaba
    • bafudugedi ka maemo a tshiamo (bona fide) ba tshwanetse go isa khopi ya setifikeiti sa bonno jwa leruri, phaseporoto ya naga ya boditšhaba (tsebe e e nang le setshwantsho le dintlha), khopi ya setifikeiti sa kwadiso ya serori sa boditšhaba
    • bopaki jwa dithuto kgotsa tlhotlhomiso bo tshwanetse go tsenngwa fa go le maleba.

Nako ya tiragatso

Go ka tsaya matsatsi a le matlhano go konosetsa tiragatso fa ditlankana tsotlhe di sena go amogelwa.

Tuelo ke bokae

Tirelo e ke mahala.

Diforomo tse di tladiwang

Application for importation of a second hand or used vehicle form, IE462 (Kopo ya Thomeloteng ya Serori sa Seatla sa Sobedi kgotsa se se Dirisitsweng, IE 462)

O ka golagana le mang

 

ITAC national office - Import and Export Control

Tel: 0861 834 384, 012 394 3590, 012 394 3591
City/town: Pretora
Province: Gauteng
Physical address: International Trade Administration Commission, 77 Meintjies Street, Block D, Sunnyside, Pretoria, 0001
Postal address: Private Bag X753 Pretoria, 0001
Web address: http://www.itac.org.za

Share this page