Meento ya diphologolo

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya thekontle ya meento ya diphologolo

O ka rekantle, wa phatlhalatsa le go rekisa meento ya diphologolo mo Aforikaborwa fa fela e kwadisitswe go ya ka Fertilizers, Farms Feeds, Agricultural Remedies and Stock Remedies Act, 1947 (Act 36 of 1947).

Fa o batla go rekantla moento o o kwadisitsweng wa diphologolo, o tshwanetse go nna le phemiti ya thekontle ya diphologolo go tswa go Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo. Phemiti e ya thekontle e dira fela mo nakong e khutshwane ya morwalo o e mongwe fela. Go na le ditsamaiso tsa thekontle ya diphologolo tse di dirang. Jaaka ditlhokego tsa boitekanelo di tswelela go fetoga, tsweetswee golagana le Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo (Mogala 012 319 7507/7684/7700/7673/7456, Fekese 012 329 6892, VetPermits@daff.gov.za) go bona ditlhokego tsa sešweng.

Fa o batla go rekantle moento o o sa kwadisiwang go o leka mo Aforikaborwa o tlhoka diphemiti tse pedi. Phemiti e nngwe ke Mokwadisi wa Molao 36 wa 1947 fa e nngwe e tswa go Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo. Kopo ya phemiti ya Mokwadisi wa Molao 36 wa 1947 e tshwanetse go tsaya le teko ya tsamaiso e e tshitshinngwang.

Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo bo rebola phemiti ya thekontle morago ga go amogela khopi ya phemiti e e rebotsweng ke Mokwadisi wa Molao 36 wa 1947. Moento o o rekilweng ntle go dira teko ga o a tshwanela go rekisiwa. Mo maemong a tshoganyetso fa go ka runya bolwetse mme go se moento o o kwadisitsweng mo nageng, go ka tlhokega gore go dirisiwe moento o o sa kwadisiwang.

Foo, wena jaaka motho yo o tla rekang ntle, o tshwanetse go dira kopo kwa Lekgotleng la Taolo ya Melemo ya kgololo ya Karolo 21 go ya ka Medicines and Related Substances Control Act (Act 101 of 1965, jaaka o fetotswe ka Molao 90 wa 1997). O tlhoka gape le phemiti go tswa go Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo, ya gore moento oo o tsene mo nageng. Ba rebola phemiti e morago fela ga gore o amogele tumelelo go tswa go Lekgotla la Taolo ya Melemo mme o ba romeletse bopaki. Mo lebakeng le, moento o o sa kwadisiwang o ka rekisiwa mo pakeng e e lekanyeditsweng go fitlha o kwadisiwa.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. O tshwanetse go bona kwadiso kgotsa tetla go tswa go Mokwadisi wa Molao 36 wa 1947, kgotsa kgololo go ya ka Karolo 21 ya Act 101 wa 1965, go rekantle moento wa diphologolo.
  2. Fa o amogela setifikheiti sa thekontle go tswa go Mokwadisi wa Molao 36 wa 1947, kgotsa kgololo go ya ka Molao 21 wa 101 wa 1965, romela khopi ya sona le kopo ya gago ya phemiti ya thekontle ya diphologolo go Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo.
  3. Fa moento o setse o kwadisitswe go ka dirisiwa mo Aforika Borwa go ya ka Molao 36 wa 1947, o tlhoka fela phemiti e le nngwe ya thekontle, go tswa go Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo. Romela khopi ya kwadiso go ya ka Molao 36 wa 1947 le kopo ya gago.
  4. Tlatsa foromo ya kopo Application for a permit to import vaccines into the Republic of South Africa application (Kopo ya phemiti ya thekontle ya meento go tla mo teng ga Rephaboliki ya Aforika). Golagana le Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo fa o sa itse gore o tshwanetse go tlatsa foromo efe.  
  5. Ngaka ya diphologolo kwa Bokaeding jwa Boitekanelo jwa Diphologolo e tla golagana nao fa a tlhoka tshedimosetso e nngwe mme o tla dira le ditshekatsheko tse di maleba le kopo ya gago.
  6. Diposita tlhotlhwa ya phemiti mo akhaontong ya banka ya Lefapha:
    Leina la banka: Standard Bank of South Africa
    Mong wa akhaonto: National Department of Agriculture
    Nomoro ya akhaonto: 011219556 International Band
    Lekala: 010845
    IB brand 0001982 Centre Code
    Swift Code: SBZA-ZAJJ
    Leina la lekala: Arcadia
    Kitsiso ya botlhokwa: referense e tshwanetse go nna leina le sefane sa morekantle. Fa o dira kopo boemong jwa mongwe, tsweetswee netefatsa gore o duela ka leina la motho yoo kgotsa setlamo seo.
  7. O ka duela le ka tšheke go Mokaedikakaretso: Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi.
  8. O ka duela le kwa dikantorong tsa Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi.
  9. Maikarabelo a dituediso tsa banka le dituediso tsa Banka ya naga e nngwe ke a gago, lefapha le ka se rebole phemiti fa tlhotlhwa yotlhe  e ise e amogelwe.
  10. Romela foromo e e tladitsweng le bopaki jwa tuelo go:
    The Director: Animal Health
    Import Export Policy Unit
    Private Bag X138
    Pretoria
    0001
    South Africa
    kgotsa ka fekese go 012 329 8292 / VetPermits@daff.gov.za
  11. Tlhalosa mo foromong ya kopo gore a o tla ya go tsaya phemiti kgotsa o e romelelwe ka poso.
  12. Morago ga go amogela foromo ya kopo le bopaki jwa tuelo, Phemiti ya Thekontle ya Diphologolo e tla rebolwa mme wa e romelelwa.

Ela tlhoko: Ga go dikopo tse di tla diragadiwang ntle le bopaki jwa tuelo. Bopaki jwa tuelo bo tshwanetse go romelwa ka fekese go: 012 329 8292 / VetPermits@daff.gov.za.

Nako ya tiragatso

Fa motlhankedi wa tsa diphologolo kwa kantorong ya bosetšhaba a setse a amogetse thekontle, go tsaya matsatsi a tiro a le mararo go ya go a le matlhano go diragatsa kopo le go rebola phemiti.

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2023/24

O ka golagana le mang

 

Share this page