Tlhotlheletso ya Ntshodikuno (PI)

Tlhotlheletso ya Ntshodikuno (PI) ke karolo ya Thulaganyo ya Tokafatso ya Bokgoni mo go tsa Diaparo le Dikhai (CTCP). E tswelela go tswa mo tsenyotirisong, ka Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (the dti), ya dithulaganyo tsa makala a a rileng (CSPs) a diintaseteri tsa diaparo, dikhai, ditlhako, letlalo le dithoto tsa letlalo.

Dikaedi ya Tlhotlheletso ya Ntshodikuno di batla go kgontsha ditlamo go tlhagisa dikgetse tsa bona tsa kgwebo kwa CTCP Desk ya Koporasitlhabololo ya Intaseteri (IDC). Di tlamela gape ka letlhomeso go CTCP Desk go sekaseka dikgetse tse.

O ka dirisa poelo ka botlalo jaaka thuso ya go tokafatsa kgotsa thuso e e nang le morokotso kgotsa tsona ka bobedi.

Bona go le gontsi ka thulaganyo e go tswa go Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (the dti).

 

 

the dtic Customer Contact Centre
Tel: 0861 843 384

Share this page