Dira kopo ya go tsenela sekolo kwa gae

Fa e le gore o batla go ithutela bana ba gago kwa gae o tshwanetse go dira kopo kwa go tlhogo ya Lefapha la Thuto ya Porofense go kwadisa ngwana wa gago jaaka moithuti yo a tsenelang sekolo kwa gae.

Dithuto tse o di rutang ngwana wa gago di tshwanetse go wela ka fa tlase ga tolamo e e latelang ya dikgato tsa thuto:

  • kgato ya thuto ya motheo (mophato wa 1 - 3)
  • kgato ya thuto ya magareng (mophato wa 4 - 6)
  • kgato ya thuto e kgolwane (mophato wa 7 - 9).

Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga go tsenela sekolo kwa gae ikgolaganye le Lefapha la Thuto ya Motheo.

Share this page