Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 4 Sedimonthole 2013

05 Dec 2013

1. Seemo sa Kabinete mo mererong e e kwa setlhoeng mo maemong a ga jaanong

1.1. Kabinete e akgotse Lefapha la Thuto ya Motheo, bagokgo, barutabana le barutwana ka ga go wediwa ka katlego ga ditlhatlhobo tsa Bosetšhaba tsa Marematlou tsa 2013.

Kabinete e amogela kgololo ya Ditlhatlhobo tsa Bosetšhaba tsa Ngwaga le Ngwaga tsa 2013 gompieno, ka la bo 4 Sedimonthole 2013, e e leng sediriswa se se gaisang sa tupo se se thusang Lefapha la Thuto ya Motheo go latedisa tswelelo ya dipoelo tsa go ithuta le go tokafatsa boleng jwa thuto.

Kabinete e tlotlomatsa gape Lefapha la Thuto ya Motheo mmogo le Khomišene ya Moporesitente ya Bogokaganyi jwa Mafaratlhatlha (PICC) ka kgato e e kwa pele ya thomelo ya dibuka, dibukatiro, fenitšhara, le go abelana ka sekolo se le sengwe ka beke fa e sale go tloga ka la bo 22 Phukwi 2013, jaaka karolo ya Lenaneo la Bosetšhaba la Mafaratlhatlha.

1.2. Kabinete e amogetse thankgololo ya Moepo wa Sinthara wa Stanley Nkosi wa setlamo sa Kalagadi Manganese, Hotazel, Kapa Bokone, o e leng polanta e kgolo go gaisa mo lefatsheng ya sinthara ya mankanese. Se se bopa karolo ya setlhopha sa diporojeke tse di gokaganngwang ke PICC, e e eteletsweng pele ke Moporesitente Jacob Zuma. Ka porojeke e, Kapa Bokone e iponetse lotseno lwa madi a bokana ka R6.5 bilione mo dingwageng di le nne, ka go tlhama bonnye jwa ditiro tse di tlhamaletseng di le 3 000, mmogo le go tlhabololwa ga bokgoni jwa bašwa ba tikologo eo.

1.3. Moporesitente Jacob Zuma o tla tshwaya Letsatsi la Poelano ka la bo 16 Sedimonthole kwa Union Buildings mo tlase ga setlhogo: “Kago ya Setšhaba, Kopano le Poelano ya Setšhaba.”

Keteko e welana le moletlo wa segopotso wa dingwaga di le 100 tsa Union Buildings jaaka lefelo le legolo la tsamaiso ya puso. Sefikantswe sa ga Moporesitente wa mo malobeng Nelson Mandela, moikanngwi mo kgololesegong le poelano ya naga ya rona, se tla sirololwa kwa Union Buildings jaaka karolo ya go supa tlotlo. Kabinete e kopa maAforika Borwa otlhe go dirisa letsatsi le go gakologelwa dikgato tse di bonalang tse re di tsereng jaaka naga go tshedisana le go dirasana mmogo.

1.4. Motlatsa Moporesitente Kgalema Motlanthe o tla etelela pele Samiti ya Bobedi ya Boeteledipele jwa Puso kwa Tikwatikweng ya Kopanelo ya Bosetšhaba ya Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Intaseteri, kwa Pretoria go tloga ka la bo 10 go fitlha ka la bo 12 Sedimonthole 2013. Samiti e e tla kopanya batsamaisi ba bagolwane go tswa mo maphateng otlhe a le mararo a puso, ka maikaelelo a go oketsa kitso e e tlhakanetsweng ka ga seabe sa Tirelo Bosetšhaba mo phitlhelelong ya ditlhokego tsa motheo tsa maAforika Borwa le mo go eteleleng pele tlhabololo le tsweletso ya ikonomi ya rona.

1.5. Moporesitente Jacob Zuma o tla amogela Kgosi ya Pusotshwaraganelo ya Malaysia, Tuanku Abdul Halim Mu'adzam Shah, mo Leetong la Semmuso kwa Union Buildings ka la bo 10 Sedimonthole 2013. Leeto la Semmuso le tla tiisa dikamano tsa rona tsa tumelano ya sepolotiki le ikonomi le Malaysia, mmogo le go nna tšhono ya go tsweletsa Maikaelelo a rona a Aforika.

1.6.  Kabinete e buisane ka ga tlhagiso e e dirilweng ke Tona ya Ditiro tsa Setšhaba ka ga pegelo ya Setlhopha sa Borongwa se se malebana le Tona ka ga ditokafatso tsa tshireletso kwa dintlong tsa ga Moporesitente kwa Nkandla. Kabinete e supile tshegetso ya dikatlanegiso mme e kaile gore pegelo e rebolelwe baagi. Ditona tsa Setlhopha sa Tshireletso le Tona ya Ditiro tsa Setšhaba ba tla rulaganya kopano e khutshwane le bobegakgang ka labobedi, la bo 10 Sedimonthole 2013.

1.7. Kabinete e amogela dipoelo tsa Foramo ya Bobedi ya Go aga le go oketsa Ditoropo ya BRICS le Foramo ya Boraro ya Tirisano ya Ditoropokgolo tse di nang le ditumelano tsa go tiisa dikgolagano tsa kgwebo le Pusoselegae. Foramo e tsepamisitse mo tlhokegong ya maemo a a farologaneng a puso go thatafatsa puisano le tirisano mo dikarolong tsa mafaratlhatlha, tlhabololo ya baagi, ikonomi e e tswelelang le go ungwela botlhe, dikananyo tsa setso, peeletso le phetiso ya thekenoloji.

1.8. Kabinete e amogela dinaga di le 16 tsa Aforika le batshegetsi ba tsone tse di tsayang karolo mo kgaisanong ya boraro Orange African Nations Championship (CHAN) fa gare ga la bo 11 Ferikgong 2014 le la bo 1 Tlhakole 2014 mo Aforika Borwa. Go amogela baeng ba kgaisano go tla letla Aforika Borwa go agelela mo godimo ga boswa jo bo siameng jwa Sejana sa Lefatshe sa FIFA ka 2010 le Sejana sa Dinaga tsa Aforika ka 2013, le go tswelela go tlhoma ka nitamo kopano ya setšhaba le boipelo jwa bosetšhaba.

Kgaisano gape e tlhagisa tšhono ya maAforika Borwa ya go supa ka bokgeleke naga ya rona jaaka lefelo le go ka tliwang mo go lone le le tletseng nonofo la bojanala, kgwebo le peeletso.

1.9 Mo setlheng se sa malatsi a boikhutso, puso e eteletse pele motseletsele wa matsholo ka tirisano le maphata otlhe a setšhaba go netefatsa maitsholo a a nang le maikarabelo le a a babalesegileng. A a kwa pelepele mo go one ke Matsholo a Mekgwatshelo ya Pholo, Goroga O Tshela, Malatsi a le 16 a Maiteko a Twantsho le Letsatsi la Lefatshe la AIDS. MaAforika Borwa otlhe a tshwanetse go diragatsa karolo ya bone mo go neeleng matsholo ano bokao. Puso e ka se kgone go dira seno ka nosi.

Mo pakeng e ponagalo e e oketsegileng ya batlhankedi ba netefatso ya kobamelo ya molao kwa maparegong a ditsela go lekola kobamelo ya molao wa pharakano le ditiro tsa patlisiso mo nageng yotlhe e tla netefatsa gore maAforika Borwa otlhe a babalesegile. Badirisi ba tsela ba gakololwa go se kgweetse ba nole, kgotsa go se tsamaye ba itsheetse. Go tla samaganwa ka botlalo le ba go ka fitlhelwang ba le molato wa go tlola melawana gore go diragadiwe bosiamisi.

1.10  Kabinete e kopa maAforika Borwa otlhe go nna le tlhokomelo ya tlaleletso go netefatsa gore bana ba rona ba tlhokometswe le gore ba nna kgakala le kotsi. Ke tiro le maikarabelo a batsadi, batlhokomedi le setšhaba go netefatsa pabalesego ya bana ba rona, segolo bogolo mo pakeng e e gaufi le go simolola e.

1.11  Jaaka e le kopano ya bofelo ya Kabinete ya 2013, maloko a Khuduthamaga a eleletsa maAforika Borwa otlhe setlha sa keresemose se se khutsisang, sa kagiso e bile se babalesegile. Kabinete e kopa rona botlhe ba re ka kgonang, go diragatsa Botho ka go thusa batho le malapa ao a sa kgoneng go itlamela, le go bontsha kutlwelobotlhoko jaaka naga e e kgathalelang le go tlotla ba bangwe.

2. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1 Kabinete e rebotse Pholisi ya Bosetšhaba ya Tlhaeletsanokgakala e Ntsi, Togamaano le Lenaneo le le bidiwang Aforika Borwa Golagana. Se se tla nna le seabe se segolo mo kgolong ya ikonomi, tswelelo le go tlholwa ga ditiro. Maikaelelomagolo ke go fitlhelela lebelo la go sitlhamolola la palogare e e maleba mo mabakeng otlhe la 100 mbps ka 2030. Go fitlhelela setotwa se ka mokgwa o o gatelang pele, go na le dipeelo tse di ka sekasekiwang sešwa go simolola ka lebelo le le itemogelwang ke modirisi wa magareng la 5 mbps le le ka fitlhelelwang ka 2016 mme le nna teng go 50% ya baagi le go fitlha ka 90% ka 2020. Dipeelo di diretswe gape kgokaganyo ya dikolo le ditleliniki le lephata ka kakaretso la setšhaba. Go utologa go ga ka bonako ga thekenoloji ya tlhaeletsanokgakala e ntsi go raya gore dipeelo tse di tla sekasekwa sešwa ngwaga le ngwaga.

2.2 Kabinete e rebotse go phasaladiwa ga kasete ya Lokwalopuso lwa Matlhagolatsela lwa Pholisi ya Bosetšhaba ya Tshedimosetso e e Lotaneng le Thekenoloji ya Ditlhaeletsano (ICT) gore go nne le therisano ya baagi. Lokwalopuso lwa Matlhagolatsela le samagane le tlhokego ya go baakanya dipholisi le melawana go akanyetsa diphetogo tsa ka bonako mo ICT mo dingwageng tsa sešweng. Gare ga dintlha tse go tsepamisitsweng mogopolo mo go tsone ke ditlhaeletsanokgakala, kgaso le ditirelo tsa poso. Ditheetso tsa phatlhalatsa di tla tshwarwa nako e sa ntse e le teng mo diporofenseng tsotlhe mo ngwageng o tlang.

2.3 Kabinete e rebotse dipaakanyo tsa Pholisi ya Phetolelo go Dijithale ya Kgaso malebana le gore a diranodi tsa Lebokoso le le Bewang kwa Godimo la Thelebišhene (STB) (didikhouda) le tshwanetse go nna le tsamaiso ya taolo kana nnyaa. Gareng ga mekgwa e e dirisitsweng go tsaya tshwetso ka ga se go nnile le tse di latelang:

• tlhokego ya lebelo mo phetolelong go dijithale, segolo bogolo go ntsha motseletsele wa makhubu a radio;
• go netefatsa gore ketleetso ya puso e dirisiwa ka tsela e e nang le mosola;
• go itlhaganedisa intaseteri ya selegae ya didiriswa tsa eleketeroniki le go tlhola ditiro;
• go tswela mosola bagwebipotlana ba ba sa ntseng ba tlhagelela ka magetla;
• go fokotsa kgonagalo ya gore mmaraka wa Aforika Borwa o tlale ka di-STB tsa tlhwatlhwatlase tse di sa direng sentle;
• go sireletsa dikgatlhegelo tsa SABC;
• go akanyetsa ka bosisi diphetogo tsa ka bonako mo lephateng la kgaso le la ICT ka bojotlhe;
• go fokotsa selekano sa tiriso e e feteletseng le go rotloetsa kgaisano ka go tlhola tšhono ya batsayakarolo ba bašwa mo mmarakeng wa thelebišene e e duelelwang kwa ntle ga go ungwelwa ka tsela e e sa lekalekaneng mo ketleetsong ya Puso;
• go fokotsa kgonagalo ya ditatofatso go tswa mo bagasing le bagwebipotlana tse di ka diegisang tirego ya phetolelo.

Ka go kopanya mekgwa e le e mengwe, Kabinete e tsere tshweetso ya gore tiriso ya tsamaiso ya taolo ga e a tshwanela go nna ya taolelo. Di-STB le fa go ntse jalo, di tla nna le tsamaiso ya taolo go sireletsa peeletso ya Puso mo mmarakeng o o etleeditsweng wa STB le intaseteri ya selegae ya didiriswa tsa eleketeroniki le, ka diphetogo tsa ka bonako tsa sethekenoloji, tiriso ya mo isagong ka bagasi ba ba ka tswang ba sa batle go e dirisa gone jaanong.

Go efoga gore bagasi ba kwadiso ba ungwelwe ka tsela e e sa lekalekaneng go tswa mo tsamaisong ya taolo ya STB, peeletso ya puso mo Tsamaisong ya Taolo ya STB e tla tsewa mo bagasing bao ba kwadiso ba ba itlhophelang go dirisa Tsamaiso ya taolo ya STB.

Kabinete e rotloetsa batho botlhe ba ba amegang go tswelela le fa ba na le diphapang tsa mo nakong e e fetileng mme ba dirisane le puso mo thankgololong ya phetolelo go dijithale ka bonako jo bo kgonegang mo dikgatlhegelong tsa naga.

2.4 Kabinete e rebotse mekgwa e e ikaelelang go thusa malapa a a tseneng mo dikolotong tse di feteletseng le go gagamatsa tlhomamo ya ditšhelete.
Tona ya Lefapha la Ditšhelete le ya Kgwebisano le Madirelo ba reboletswe go tsenya tirisong mekgwa ya thibelo go fokotsa kotsi ya go tsena mo dikolotong ka tsela e e feteletseng ka dikadimo tsa mo isagong. Se se akaretsa go tlamela lenaneo le le kopanetsweng la dikgato tse di nonofileng go thusa malapa a ga jaanong a leng mo dikolotong tse di feteletseng gape le go thibela malapa gore ba se nne le dikoloto tse di feteletseng mo isagong.

Tona ya Ditšhelete gape o tla tsaya dikgato go rotloetsa bathapi go thusa badiri ba bona ba ba tseneng mo dikolotong tse di feteletseng ka go sekaseka ditaelo tsa go gapa sekoloto go tswa mo tuelong ya badiri gore a di tlhomame, le go tlamela badiri ka mekgwa ya boitekanelo jwa ditšhelete.

2.5 Kabinete e rebotse Lokwalopuso la Mabudusatsela ka ga Pholisi ya Bosetšhaba ya Taolo ya Tikologo ya Lewatle. Pholisi e tlhalosa ka botlalo mokgwatebo wa botsamaisi jo bo gokaganeng jwa lephata go botsamaisi le taolo ya tikologo ya lewatle. Se se tla letla Aforika Borwa go samagana le dikgwetlho tse di golang tse di dirilweng ke ditlamorago tse di tlhodilweng ke batho mo tikologong ya lewatle ka tsela e e nonofileng, fa ka nako e le nngwe e oketsa bokgoni jwa tsweletso ya ikonomi jo bo tlhagisiwang ke lewatle.

2.6 Kabinete e rebotse Dipuisano tsa bofelo ka ga Pholisi ya Bosetšhaba ya Metsi mme gape e supile kitso ya mekgwatsamaiso ya therisano le baagi e e dirilweng go konosetsa Tshekatshekosešwa ya Pholisi ya Bosetšhaba ya Metsi.
Dipuisano tsa Pholisi e ntšhwa ya Metsi di amogela maemo a botsamaisi jwa tlhabololo ya metsi, jo bo rarabololang dikgolagano fa gare ga botsamaisi jwa metsi le maikaelelo a puso a tlhabololo le phetogo. Se se akanyetsa dikgato tsa tekoloboleng yotlhe ya metsi malebana le gore metsi a ka nna jang le seabe mo go fitlheleleng tlhabologo le tswelelo e e lekalekanang, e e ungwelang mosola le e e tswelelang go ralala naga.

2.7 Kabinete e rebotse mokgwatsamaiso wa thulaganyosešwa ya Diboto tsa Metsi go nna Ditirelo di le robonngwe tsa Kgaolo tsa Metsi. Se se latela pegelo ya bofelo ka ga ntšhwafatso ya tlhabololo e e tshitshintsweng ya Diboto tsa Metsi.

Maikaelelo magolo a Ditirelo tsa Kgaolo tsa Metsi e tla nna go tsweletsa le go laola mafaratlhatlha a kgaolo a kgoboko (tlamelo ya metsi le metswedi ya metsi) go akaretsa go aba ditšhelete, tsweletso ya porojeke le ditiriso tse di tswelelang le pabalelo. Se se tla dira gore go nne le kgonagalo ya tlamelo e e botoka ya tshegetso mo pusong ya selegae, se e leng tlhokego ya botlhokwa ya ntšhwafatso ka kakaretso ya lephata.

2.8 Kabinete e amogetse go tsenngwa tirisong ga moento wa Mogare wa Papiloma mo Bathong, o go tla tlhabiwang mo dikgweding di le thataro tse di katoganeng, ka 2014, basetsana ba ba nang le dingwaga di le 9-10 ka Lenaneo le le Kopaneng la Pholo ya kwa Sekolong. Se se tsamaisana le katlanegiso ya Mokgatlho wa Lefatshe wa Pholo.

Maikaelelo ke go fokotsa kotsi ya basetsana ya go nna le kankere ya molomo wa popelo moragonyana mo botshelong, mme o tla nna le seabe mo go tokafatseng bolengtshelo jwa basadi le go oketsa palo ya dingwaga tse motho a solofewang go di tshela gape le go fokotsa mo go bonalang go runya mo go tlwaelegileng ga malwetse a nako e telele a a sa tshelanweng.

3 Melaotlhomo
3.1 Kabinete e rebotse tlhagiso ya kasete ya Molaotlhomo wa Ditumelano wa Aforika Borwa, 2013 le Memorantamo wa Dikganetsano tsa Molaotlhomo go bona ditshwaelo tsa baagi.

Sekwalwa seno sa Molaotlhomo se tlamela temogo ya Ditumelano wa Aforika Borwa, jaaka setheo sa baagi. Boto Ditumelano tsa Aforika Borwa e laoletswe, gareng ga tse dingwe, go tlhatlhoba itekanelo ya go diragatsa maikaelelo a dikuno tse di amanang le kago tse di sa tlhomamisiwang, le tse di se nang molawanatekanyetso wa bosetšhaba.
Se se tla nna le seabe mo go tlholweng ga intaseteri ya kago e e ka fetogang le go nna ya poposešwa e e tla nnang le ditlamorago tse di siameng mo go tlholweng ga ditiro fa e tsweletse go nna le seabe mo mananeong a mafaratlhatlha a Puso.
3.2 Kabinete e rebotse kitsiso ya Molaotlhomo wa Paakanyo wa Banka ya Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika, 2013 kwa Palamenteng. Molaotlhomo o baakanya Molao wa Banka ya Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika, wa 1997.

Tsepamiso ya togamaano ya Molaotlhomo wa Paakanyo ke go dira gore katoloso ya ditiriso tsa Banka ya Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika e kgonege mo mafelong ape a bosetšhaba mo kontinenteng ya Aforika le ditlhakatlhake tsa yona tsa mawatle. Se se tla dira gore Banka e kgone go tsaya karolo mo mafaratlhatlheng a magolo le mo diporojekeng tse dingwe tsa togamaano kwa ntle ga kgaolo ya SADC e e nang le bokgoni jwa go oketsa kgwebo le kgolo ya ikonomi mo kontinenteng le go tshegetsa dikhomišene tsa dinaga-pedi le maitlamo a tsona mo kopanong ya kgaolo.

3.3 Kabinete e rebotse gore sekwalwa sa Molaotlhomo sa Taolo ya Lephata la Ditšhelete se gololwe go amogela ditshwaelo tsa baagi, go diragatsa maitlamo a Aforika Borwa a G-20.

Maikaelelo a Molaotlhomo ke go dira gore lephata la ditšhelete le babalesege thata ka go tsenya tirisong mokgwatsamaiso wa taolo wa ‘dintlha tse pedi tsa botlhokwa’, k.g.r. go tlholwa ga balaodi ba babedi: wa ntlha a na le maikarabelo a pabalesego le boitekanelo jwa ditheo tsa ditšhelete mme yo mongwe a na le maikarabelo a mokgwa o ditheo tsa ditšhelete di tsamaisang kgwebo ya tsona ka one.

4 Go thapiwa

4.1 Kabinete e rebotse go thapiwa ga Esther Sarah Makau mo phatlhatirong ya Motlhankedimogolo wa Matlole (CFO) mo Lefapheng la Botshweretsi le Setso.

4.2  Kabinete e rebotse go thapiwa ga batho ba ba latelang mo Lefapheng la Ditlhaeletsano:
a) Reneva Fourie mo phatlhatirong ya Motlatsamokaedikakaretso: Tsweletso le Patlisiso ya Mokgatlho wa Tshedimosetso;
b) Tinyiko Moses Ngobeni mo phatlhatirong ya Motlatsamokaedikakaretso (DDG): Tlhabololo le Tsweletso ya Mafaratlhatlha a ICT;
c) Sibongile Vulikhaya Makopi mo phatlhatirong ya DDG: Tlhokomelo ya Ditlamo tsa Puso le Tsweletso ya Kgwebo ya ICT.

4.3  Kabinete e rebotse go thapiwa ga Siyakhula Paradise Simelane mo phatlhatirong ya CFO mo Lefapheng la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga.

4.4 Kabinete e rebotse go thapiwa gape ga Siyabulela Thomas Tsengiwe mo phatlhatirong ya Mokhomišenaramogolo wa Khomišene ya Boditšhabatšhaba ya Tsamaiso ya Kgwebo.

4.5 Kabnete e rebotse go thapiwa ga Mme Thezi Rosemary Mabuza jaaka Motlatsamokhomišenara wa Khomišene ya Bosetšhaba ya Badirisi.

4.6 Kabinete e rebotse go thapiwa ga Rre Themba Thomas Cyril Dlamini jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Boto ya Bosetšhaba ya Itekelesego

4.7 Kabinete e rebotse go thapiwa ga Moadfokata Solomon Makhosini Msibi jaaka CEO mo Lekgotlheng la Botsamaisi jwa Pharakano ya Tsela.4.8  Kabinete e rebotse go thapiwa ga batho ba ba latelang bao e leng Maloko ao e seng a Khuduthamaga mo Botong ya Lekgotlha la Botsamaisi jwa Pharakano ya Tsela.
a) Mme Thembeka Mdlulwa
b) Rre Ike Nxedlana
c) Mme Nalini Maharaj
d) Rre Rowan Graham Nicholls
e) Mme Morwenyane Maria Mathabathe
f) Rre Zola Malvern Percival Majavu
g) Rre Sam Ledwaba.

4.9 Kabinete e rebotse go thapiwa ga batho ba ba latelang ba Bakaedi ba e seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Kantoro ya Poso ya Aforika Borwa:
a) Rre Templeton Mageza
b) Rre Sihle Joel Ngubane
c) Mme Selebaleng Primrose (Boitumelo) Mothelesi
d) Rre Sathiaseelan Gounden.

4.10 Kabinete e rebotse go thapiwa ga batho ba ba latelang mo Botong ya Tlhomo ya Setheo sa Bosetšhaba sa Go Latlhiwa ga Letsirolo la Leswe:
a) Moporofesara Gordan Sibiya (Modulasetilo)
b) Clive Douglas Kneale
c) Eric Peter McDonald
d) Queen Nothando Gopo
e) Mathews Mateo Mathebe
f) Ngaka Margaret Msongi Mkhosi
g) Nolwazi Zandile Cobbinah
h) Justin Daniel.

4.11 Kabinete e rebotse go thapiwa ga batho ba ba latelang ba Batlhokomedi ba Bakgethiwa ba Bathapi mo Letloleng la Phenšene ya Badiredipuso:
a) Rre Stadi Mngomezulu (Matlotlo a Bosetšhaba)
b) Rre Bhekithemba Thabo Gamedze (Tona ya Ditšhelete)
c) Ngaka Renosi Mokate (Tona ya Ditšhelete)
d) Ngaka Malcolm Barry Kistnasamy (Lefapha la Boitekanelo)
e) Mme Gladys Modise (Lefapha la Thuto ya Motheo)
f) Mme Esther Euphane Aletta (Barbara) Watson (Lefapha la Bodiredipuso le Tsamaiso)
g) Rre Nkhangweleni Seth Makhani (Lefapha la Tshireletso)
h) Mme Moira-Anne Moses (Lekgotlha la Peeletso ya Setšhaba).
Kabinete e rebotse go thapiwa ga Batlhokomedi ba Kemisetso ya Bakgethwa ba Bathapi:
i) Mme Lindy Ann Bodewig (Matlotlo a Bosetšhaba)
j) Moadfokata Lindiwe Grace Nkosi-Thomas (Tona ya Ditšhelete)
k) Rre Abel Sithole (Tona ya Ditšhelete)
l) Ngaka Thamizhanban Pillay (Lefapha la Boitekanelo)
m) Ngaka Mogenthiran Shunmugam (Morgan) Pillay (Lefapha la Thuto ya Motheo)
n) Ngaka Lesiba Alex Mahapa (Lefapha la Bodiredipuso le Tsamaiso)
o) Mobirakadieri Johan David Griesel (Tirelo ya Sepodisa sa Aforika Borwa)
p) Mme Rejane Woodroffe (Lekgotlha la Peeletso ya Setšhaba).

4.12 Kabinete e rebotse go thapiwa sešwa ga Rre Andrew Zaloumis jaaka CEO wa Bothati jwa Phaka ya Mokgatsha ya iSimangaliso.

4.13 Kabinete e supile kitso ka ga go thapiwa sešwa ga batho ba ba latelang ba Taolo ya Bosetšhaba ya Kobamelo ya Melawana
a) Jeff Molobela (Modulasetilo)
b) Rre Nico Vermeulen (Leloko le e seng la Khuduthamaga)
c) Mme Funzani Asnath Melato (Leloko le e seng la Khuduthamaga)
d) Mme Susanna Elizabeth Moolman (Leloko le e seng la Khuduthamaga)
e) Moporofesara Sadhasivan Perumal (Leloko le e seng la Khuduthamaga)
f) Mme Dora Ndaba (Leloko le e seng la Khuduthamaga)
g) Rre Paul Serote (Leloko le e seng la Khuduthamaga)
h) Rre Sipho Reginald Zikode (Leloko le e seng la Khuduthamaga).

Dipotso: Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa Namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Issued by: Government Communications

Share this page

Similar categories to explore