Pogelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 4 Ngwanaitseele 2015

1. Go tsenngwa tirisong ga Mananeo a Botlhokwa a Puso

1.1. Kabinete e amogela porojeke ya tekeletso ya Tlhabololo ya Dikgwebo ya R20 milione. Maikaelelo a lenaane leno la tekeletso la dingwaga di le pedi ke go tsosolosa diphaka tsa madirelo tsa Aforika Borwa, go tlhoma ditlamelo tse di kgethegileng tsa madirelo mmogo le go tshegetsa go gokaganngwa ga tlhabololo ya ikonomi ya selegae gore go maatlafadiwe lephata la dikgwebopotlana.

Porojeke eno ke tirisanommogo magareng ga Lefapha la kgwebisano le intaseteri, Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana, Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba, le Thuso ya Lotseno la Bogareng ya Bankatlhabololo ya Aforika. Go solofetswe fa porojeke e tla tshwaela mo go tlhameng ditiro, go fokotsa lehuma mo baaging ba ba mo kgatelelong, le go tokafatsa phitlhelesego ya thekenoloji le bokgoni jwa dikgwebopotlana (di-SMME).

Maiteko ano a tla tshegetsa lephata la SMME go fitlha ka Sedimonthole 2017. Go ya ka katlego ya yona, puso e tla akanya ka go e atolosa go ralala naga.

1.2. Kabinete e amogela go thankgololwa ke Moporesidente Jacob Zuma gwa Tikwatikwe ya Tiro e e Kopanetsweng kwa Skukuza. Tikwatikwe eo e tla gokaganya ditiro tse di kgatlhanong le bogodu jo bo tseneletseng jwa ditshukudu mo lefelong leo.

2. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e amogetse Pholisi ya Boramadirelo ba Bathobatsho, e e leng karolo ya Leano la Dikgato la Pholisi ya Madirelo (IPAP). Pholisi eno e lepalepane le Leano Tlhabololo la Bosetšhaba la le Leano la Dintlharobongwe le le goeleditsweng ke Moporesidente Zuma mo Puong ya Maemo a Setšhaba ya 2015.

Gape ke karolo ya maiteko a puso ka bophara a go dira madirelo go atolosa motheo wa madirelo le go dira gore go nne le mokgwa o mongwe wa bogwebi mo ikonoming. E tlhoka gore Mmuso o tsereganye ka dipholisi tse di pelokgale go atolosa madirelo a naga le go godisa ikonomi ka tshegetso e e totileng boramadirelo ba bathobatsho jaaka go tlhagisitswe mo IPAP.

Pholisi eno e tla tota go gola le bokgoni jwa go gaisana mo lefatsheng jwa dikgwebo tsa bathobatsho. Maikaelelo ke go tshwaela mo go fetoleng selebo sa lephata la madirelo la Aforika Borwa le go golagana le boramadirelo ba bathobatsho, ba ba tsewang e le metswedi e e sa dirisiweng ka botlalo ya ditiro, lotseno, makgetho mmogo le boitlhamedi. Pholisi e tla golaganya seabe se se mosola sa bontsi jwa ditlamo tse e leng tsa bathobatsho le tse di tsamaisiwang ke bathobatsho mo thulaganyong ya tlhagiso mo lephateng la madirelo la ikonomi.

Tona ya Kgwebisano le Indaseteri o tla nna le puisano e e kwa thoko ya bobegakgang go tlhalosa pholisi eno.

2.2. Kabinete e amogetse Pegelo ya Boraro ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa e e ka ga Tiragatso ya Phorotokholo ya Cartagena e e ka ga Biosafety, gore e isiwe kwa Bokwaleding jwa Tumelano e e ka ga Biological Diversity.

Phorotokholo e laola motsamao wa Ditshetsana tse di Tshelang tse di Fetotsweng tse gape di itseweng jaaka Ditshetsana tse di Fetotsweng ka Tsela e e seng ya Tlholego ka ntlha ya bayothekenoloji ya sešweng, go tswa mo nageng e nngwe go ya kwa go e nngwe.

Aforika Borwa ke motlhagisi wa borobongwe yo mogolo go gaisa wa dijalo tse di fetotsweng ka tsela e e seng ya tlholego mo lefatsheng mme e sa ntse e le moemedi yo o kwa pele wa gore go amogelwe dijalo tse di fetotsweng ka tsela e e seng ya tlholego. Seno se itepatepanya le Karolo 24 ya Molaotheo, e e buelelang tiriso e e nnelang ruri ya mefuta e e farologaneng ya dimela le ditshedi.

2.3. Kabinete e amogetse kabo ya ntlha ya tirelo ya Aforika Borwa go ya ka tshwetso ya Khonferense ya bo 9 ya Ditona tsa Mokgatlho wa Kgwebisano wa Lefatshe (WTO) go tshola Dinaga tse di sa Tlhabologang Thata (LDC) ka tsela e e kgethegileng.

Aforika Borwa e itlamile go diragatsa tumelano ya WTO, e e nayang tshegetso e e kgethegileng go di-LDC. Mo dinageng di le 34 tse di welang mo LDC, di le 25 di tswa mo Aforika. Kabo ya ntlha ya Aforika Borwa e tla bo e le mo maphateng a tirelo ya ditšhelete, tlhaeletsano ya megala, bojanala le dipalangwa. Dikabo tseno ke karolo ya go nolofatsa phitlhelesego ya mebaraka ya ditirelo le batlamedi ba ditirelo mo mebarakeng ya dinaga tse e seng tsa LDC.

2.4. Kabinete e amogetse paakanyo e e boeleditsweng ya dituelo ya 5.5% ya ditshenyegelo tsa botshelo e e tla duelwang ditokololo tsa Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho (SAHRC) go tloga ka la bo 1 Moranang 2015. Seno ke go lepalepana le Karolo 9(1) ya Molao wa SAHRC, 2013, (Molao wa bo 40 wa 2013).

2.5. Kabinete e amogetse go tlhagisiwa ga Pegelo ya Bobedi ya Nakwana e e kopaneng ya Aforika Borwa ka fa tlase ga Tumelano ya Ditshwanelo tsa Botho le tsa Batho mmogo le Pegelo ya Ntlha ka fa tlase ga Tumelano ya Aforika e e ka ga Ditshwanelo tsa Basadi mo Aforika.

Pegelo eno e e yang kwa Khomišeneng ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) ke tshekatsheko ya diphitlhelelo le dikgwetlho malebana le go diragatsa ditshwanelo tsa loago, sepolotiki, ikonomi ya loago mmogo le setso. Seno ke go lepalepana le Aforika Borwa jaaka karolo ya Phorotokholo ya AU ya Tumelano ya Aforika ya Ditshwanelo tsa Botho le tsa Batho e e ka ga Ditshwanelo tsa Basadi mo Aforika.

2.6. Kabinete e amogetse go itsisewe ga thulaganyokgololo ya Lesotho e e tla simololang go diragadiwa ka la bo 1 Tlhakole 2016. Yona e latela thulaganyokgololo e e kgethegileng e e neilweng Zimbabwe ka 2010, e e neng ya atolosiwa morago ga foo.

Thulaganyokgololo eno e tla thusa tsamaiso e e botoka ya thologelo ya badiredi ba baagi ba Lesotho ba ba tlang mo Aforika Borwa ba tlola dikgato tsa ga jaana tsa bofudugedi.

Tona ya Merero ya Selegae o tla tlamela ka dintlha tse dingwe kwa puisanong ya bobegakgang mo nakong e e tlang.

2.7. Tona ya Ditšhelete o begetse Kabinete ka ga go tsenngwa tirisong ga Molao o o Baakantsweng wa Melao ya Lekgetho wa 2013 le 2014 o o tla dirang ka la bo 1 Mopitlwe 2016. Maikaelelo a diphetogo tseno ke go ruanya le go nolofatsa go kgethisiwa ga dikabelo tsa go rola tiro le ditshiamelo. Go atolosa tshiamelo ya lekgetho gore e akaretsa ditokololo tsa matlole a phenšene go tla kgontsha badiri ba feta milione go itumelela mogolo o o kwa godimo o o yang gae.

Seno gape se tla thibela go tila lekgetho go go dirwang ke batho ba ba amogelang lotseno lo lo kwa godimo go fitlha go palogodimo ya 27.5% ya mogolo gongwe lotseno lo lo kgethisiwang la go fitlha go R350 000.

Gape Tona o tlhaloseditse Kabinete ka ntlha ya go dira gore matlole otlhe a go rola tiro/phenšene a fetolelwe go nna a a duelang madi paka e e rileng, moo e leng gore ba ba ungwelwang mo kgogong ya lekgetho ba tla kgona go fetolela karolo ya poloko ya bona go nna e e duelwang ka paka e e rileng fa ba rola tiro.

Diphetogo tseno di tsenngwa tirisong morago ga patlomaikutlo e e tseneletseng mo baameging botlhe mo teng le kwa ntle ga Lekgotla la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le Bodiri, mme go tshwerwe bonnye dikopano di le 33 le badiri mmogo le indaseteri fa e sale ka 2012. Baamegi ba le bantsi ba bontshitse tshegetso ya gore go tswelelwe pele ka diphetogo ka la bo 1 Mopitlwe 2016.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e fetisitse go itsesewe ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Kgaso, wa 2015 kwa Palamenteng. Molaotlhomo o baakanya Molao wa Kgaso wa 1999 (Molao wa bo 4 wa 1999) gore go tlhamiwe le go diragatsa sekao se se tsepameng sa taolo ya setheo se se netefatsang tsepamo ya pakatelele le go nnela leruri ga Lekgotlakgaso la Aforika Borwa (SABC).

Puso e itlamile gore go nne le mogasi wa setšhaba yo o maatla, yo o ikemetseng mme a le maleba, yo o ikarabelang mo batsholadišereng, setšhaba mmogo le Palamente.

Bokgoni jwa go diragatsa thomo ya lona bo ikaegile mo tiragatsong e e tletseng ya Boto ya SABC ya go tlamela mogasi wa setšhaba ka kaelo ya togamaano.

3.2.    Kabinete e amogetse gore Molaotlhomo wa Inšorense wa 2015 o tlhagisiwe mo Palamenteng.

Molaotlhomo o dira tlamelo ya letlhomeso la molao le le kopaneng la tlhokomelo e e matsetseleko ya lephata la inšorense le le lepalepanang le seemo sa boditšhabatšhaba sa taolo ya inšorense.

Molaotlhomo o tokafatsa ditlhokego tsa ga jaana tsa tsamaiso ya matshosetsi, kapitale le taolo. O emela le go kopanya dikarolo tse di bonalang tsa Molao wa Inšorense ya Pakatelele wa 1998 (Molao wa bo 52 wa 1998) le Molao wa Inšorense ya Pakakhutshwane wa 1998 (Molao wa bo 53 wa 1998) o o amanang le tlhokomelo e e matsetseleko.

3.3. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa nakwana wa Meepo ya Aforika le Ditšhelete mo Kaseteng ya Puso, gore setšhaba se tshwaele. Molaotlhomo o tlhama Koporasi ya Meepo ya Aforika le Ditšhelete ka molao. O tlhalosa gape thomo le maikemisetso a togamaano. O maatlafatsa taolo le tlhokomelo ya setheo.

3.4. Kabinete e fetisitse go itsesewe ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Ditshenolo tse di Sireleditsweng, wa 2015 kwa Palamenteng. Molaotlhomo o atolosetsa tiriso ya Molao wa Ditshenolo tse di Sireleditsweng wa 200 (Molao wa bo 26 wa 2000) go feta botsalano jwa tlwaelo jwa mothapi le modiri.

Dipaakanyo di laola maikarabelo a a tlhakanetsweng, di itsese maikarabelo a go batlisisa ditshenolo, di tlamela kgololo mo maikarabelong a bosenyi mo mabakeng mangwe mme di dira gore ditshenolo tsa maaka di tsewe jaaka bosenyi.

Molaotlhomo o tshwaela mo maitlamong a puso a go lwantsha bosenyi le bobodu ka go maatlafatsa tshireletso ya ba ba senolang bosenyi.

3.5. Kabinete e amogetse go itsesewe ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Tsamaiso ya Katlholo ya Ditlolomolao tsa Pharakano, wa 2015 kwa Palamenteng. Molaotlhomo o baakanya Molao wa Tsamaiso ya Katlholo ya Ditlolomolao tsa Pharakano, wa 1998 (Molao wa bo 46 wa 1998).

Molaotlhomo o tla thusa Setheo sa Tlolomolao ya Pharakano le bothati jo bo rebolang go tsepamisa matlole, mme gape o itsise tiragatso e e bokgoni ya go neela batlolamolao dikitsiso.

4. Ditiragalo tse di tlang

4.1. Moporesidente Zuma o tla tsenela Samiti ya G20 ka la bo 15 le la bo 16 Ngwanaitseele 2015 kwa Antalya, Turkey, koo go tla bong go totilwe kgolo e e akaretsang mme e le maatla ka dikgato tse di kopanetsweng.

Baeteledipele ba ba kwa samiting ba tla buisana ka go akaretsa, go tsenya tirisong mmogo le dipeeletso go fitlhelela kgolo e e maatla, e e nnelang leruri mme e na le tekatekano mo legatong la lefatshe.
 
4.2. Moporesidente Zuma o tla tsaya Leeto la Semmuso go ya Berlin, Germany ka la bo 10 Ngwanaitseele 2015 koo a tla amogelwang ke Motšhanselara Angela Merkel. Gape Moporesidente o tla etela Joachim Gauck.

Ka nako ya leeto, dinaga di le pedi di tla tlhomamisa gape maitlamo a tsona a go tsweletsa go tokafatsa botsalano jwa sebedi le jwa ikonomi.
 
4.3. Moporesidente Zuma o tla amogela Tonakgolo ya Netherlands Mark Rutte kwa Union Buildings ka la bo 17 Ngwanaitseele 2015.

Go latela seno, Tonakgolo Rutte o tla etelela pele kemedi ya kgwebo go ya Johannesburg le Motsekapa mme ba tla bo ba lebeletse temothuo, tlhokomelo ya boitekanelo, dipalangwa, mafaratlhatlha, metsi le maatla.

4.4. Aforika Borwa o tla amogela Foramo ya Samiti ya Tirisanommogo ya China-Aforika kwa Johannesburg ka la bo 4 le la bo 5 Sedimonthole 2015. Maitlhomo a samiti ke go tlhagisa Lenaane la Togamaano la Dingwaga di le 5-10 la Tirisanommogo magareng ga Aforika Borwa le China (2015-2024) le go tsweletsa ditumelano tsa sebedi magareng ga dinaga di le pedi.

4.5. Motlatsamoporesident Cyril Ramaphosa o tla etelela pele kemedi ya maemo a a kwa godimo mo Leetong la Semmuso go ya kwa Rephaboliking ya Islamo ya Iran go tloga ka la bo 7 go ya la bo 9 Ngwanaitseele 2015 go tsweletsa dikamano tsa sebedi tsa sepolotiki le ikonomi magareng ga dinaga di le pedi.

4.6. Ka la bo 6 Ngwanaitseele 2015 Moporesident Zuma o tla dira ketelo ya tlhokomelo ya Siyahlola kwa Bushbuckridge kwa Mpumalanga mme leeto le tla bo le totile metsi le bophepa.

Palogotlhe ya magae a le 16 600 e ungwelwa mo Legatong la 1 la porojeke ya puso ya metsi mo tikologong eo, e e isang metsi kwa metseng e le 24 mo Lekgotlatoropong la Selegae la Bushbuckridge.

Puso e sa ntse e itlamile go netefatsa gore maAforika Borwa otlhe a fitlhelela ditirelo tsa motheo. Magareng ga 2002 le 2014, diperesente tsa magae a a fitlhelelang metsi di ne tsa oketsega go tloga go 80% go ya go 86%, fa bophepa bo oketsegile go tloga go 62% go ya go 80%.

4.7. Moporesidente Zuma o tla tsenela go tlhomiwa ga Moporesidente yo o iseng a tlhomiwe wa Rephaboliki e e Kopaneng ya Tanzania, Motlotlegi Rre John Pembe Magufuli, ka la bo 5 Ngwanaitseele 2015.

5. Molaetsa wa kakgolo

5.1.  Kabinete e akgola badiredisetšhaba ba ba neng ba tlhophilwe mo Dikgeleng tsa Bo3 tsa Bosetšhaba tsa Botswerere tsa Bathopele. Dikgele di tla abiwa ka la bo 13 Ngwanaitseele 2015 kwa Emperor's Palace, kwa Gauteng ka moono wa: “Batho Pele – Putting People First”. Di akgola tiro e e gaisang, tiragatso e ntle mme di lekanyetsa kgotsofalo ya baagi mo tiragatsong ya puso.

5.2. Kabinete e akgola puso le batho ba Rephaboliki ya Côte d’Ivoire le Rephaboliki e e Kopaneng ya Tanzania ka go tshwara ditlhopho tse di nang le kagiso. Seabe se segolo sa baagi ba Cote d'Ivoire le ba Tanzania mo ditlhophokakaretsong se bontsha ka moo ba tlhalogananyang ka gona botlhokwa jwa go diragatsa maikarabelo a bona a loago mmogo le ditshwanelo tsa bona tsa botlhokwa. Ke sesupo sa kgolo mo thulaganyong ya temokerasi mo kontinenteng.

5.3. Kabinete e akgola setlhopha sa Springbok ka tiragatso ya bona kwa Sejaneng sa Lefatshe sa 2015 sa Boto ya Boditšhabatšhaba ya Rugby. Setlhopha se tlile gae ka medale wa boronse.

5.4. Kabinete e akgola setlhopha sa Aforika Borwa sa go thuma ka go konosetsa Sejana sa Lefatshe sa go Thuma sa FINA/airweave kwa Doha, Qatar.
     
Cameron van der Burgh o gapile medale wa gauta mo lebelong la 100 metres breaststroke , Chad le Clos mo 100 metres butterfly mme a kgona go fetsa mo maemong a bone mo 200 metres backstroke. Michael Meyer o gapile selefera mo 200 metres individual medley. Douglas Erasmus o gapile medale wa boronse fast pace 50 metres freestyle. Kaylene Corbett o bone maemo a borobedi mo makgaolakgang a 50 metres breaststroke fa Calvyn Justus le ene a bone maemo a borobedi mo 200 metres freestyle.

6. Dikhonferense

6.1. Kabinete e amogela baemedi ba ba tsenelang Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya Kgaisano ya bo4 ya BRICS go tloga ka la bo 12 go ya la bo 13 Ngwanaitseele 2015 kwa Inkosi Albert Luthuli Convention Centre, Durban ka moono wa: "Kgaisano le Kgolo e e Akaretsang".

Yona e kopanya baitseanape ba molao wa kgaisano go sekaseka gore pholisi ya kgaisano e ka tshwaela jang mo kgolong e e akaretsang le tlhabololo ya kgolo mo dinageng tsa BRICS (Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa.

Taolo e e maatla ya kgaisano ya Aforika Borwa e kgontsha baagi go nna le seabe ka tekatekano mo ikonoming ya bosetšhaba. E tsweletsa seabe sa batho ba le bantsi mo maphateng a tlhagiso a ikonomi mme e dira gore boalo jwa kgwebo bo lekalekane.

Taolo ya kgaisano ya Aforika Borwa e tshwaela mo seabeng se segolo sa baagi mme e nnile le tswelelopele e e bonalang mo go lwantsheng digongwana le go tsepamisiwa ga ditlhotlhwa ke ditlamo dingwe. E eteletse pele go dirisiwa ga dintlha tsa dikgatlhego tsa setšhaba mo mererong ya go kopanya le go reka.

6.2. Tona ya Dipalangwa Dipuo Peters o tla tsenela Khonferense ya Bobedi ya Lefatshe ya Ditona tsa Dipalangwa go tloga ka la bo 18 go ya la bo 20 Ngwanaitseele 2015 kwa Brazil, koo Aforika Borwa a tla tlhagisang Pegelo ya Pakagare ya Naga ya tswelelopele e e fitlheletsweng mo go diragadiweng ga Leano la Lefatshe la Ditšhabakopano la Ngwagasome wa Dikgato tsa Pabalesego mo Tseleng 2011-2020.

Aforika Borwa o itlamile go fokotsa masetlapelo a ditsela ka 50% go tloga go 13 967 go ya kwa tlase ga 7 000 ka 2020. Aforika Borwa e bontsha tswelelopele e e bonalang mo go fitlheleleng dipeelo jaaka di tlhagisitswe mo Leanong la Lefatshe la Ngwagasome wa Dikgato tsa Pabalesego 2011-2020, le fa go ntse go na le dikgwetlho tse naga e lebaganeng natso.

7. Seemo sa kabinete mo dintlheng tsa botlhokwa tsa tikologo

7.1. Go samagana le ditlhaelo mo go tlhameng ditiro e sa ntse e le setlapele se se kwa godimo mo pusong. Puo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Pakagare e bontshitse gore kgolo ya ikonomi e e bonya mo lefatsheng lotlhe, ka ditlhotlhwa tse di kwa tlase tsa dikumo le koketsego ya botlhokatiro mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe.

Seno se tlhagisitswe ke Tshekatsheko ya Kotara ya Bodiri, e mo kotareng ya boraro ya 2015 e rekotileng botlhokatiro ka 25.5%, e leng koketsego e se kae go tswa go 25.4% mo kotareng eo ngogola.
Seno se gatelela botlhokwa jwa gore maphata otlhe a dire le puso go tshegetsa maiteko a naga a go tlhama ditšhono tsa tiro le go dira gore maAforika Borwa a le mantsi a dire.

Puso, ka Leano la Dintlharobongwe, e dira go tlhosetsa kgolo le go tlhama ditiro ka go bulela ditšhono tse dintšhwa mo dikarolong tse di rileng tsa ikonomi.

7.2.  Kabinete e amogela kitsiso ya ga Moporesidente Zuma ya koketso ya lefela la diperesente kwa ditheong tsa thuto e kgolwane mo ngwageng wa dithuto wa 2016. Tshwetso eno e tlisa namolo e e tlhokegang ya ditšhelete, bogolosegolo mo malapeng a a humanegileng, a a dirang le a a kwa tlase a a nang le baithuti ba yunibesithi.

Gape kabinete e amogela tshwetso ya Moporesidente ya go tlhama khomišene go lebelela merero e e tlhagisitsweng ke baithuti. Moporesidente o tla itsise khomišene mmogo le dikaelo tsa yona tsa tiro fa gautshwane.

7.3. Kabinete e amogela ditsereganyo tsa Lefapha la Metsi le Bophepa go thusa baagi ba KwaZulu-natal le Foreisetata ba ba amilweng ke komelelo ya fa gautshwane. Mafelo a a tlamelwang ke matamo le dikema tse dikgolo tsa tlamelo ya metsi tsa naga a sa ntse a na le metsi ka ntlha ya fa dithulaganyo tseno di na le metsi a a lekaneng mme polokelo ya magareng ya matamo a bosetšhaba a tletse ka seelo sa 66%.

Kabinete e amogela go tlhamiwa ga Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) ya Go nna teng ga Metsi e modulasetilo wa yona e leng Tona ya Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso Pravin Gordhan. IMC e dirwa ke Ditona tsa Tlhabololo ya Metsemagae le Ntšhwafatso ya Naga; Metsi le Bophepa, le Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Ditlhapi. Komiti e tla buisana le go tshitshinya ditsereganyo tse dingwe mo baaging ba ba amilweng thata ke komelelo.

7.4. Komiti e lemogile tsa sešweng kwa Nigeria malebana le tefiso ya US$5.2 bilione ya MTN ke Khomišene ya Tlhaeletsano ya Nigeria. Kabinete e dumela gore dipuisano tse di tsweletseng pele magareng ga MTN le bothati jwa Nigeria di tla lebisa kwa tharabololong ya ka bonako ya kgotlhang go netefatsa gore MTN e tswelela kgwebo ya yona ya go beeletsa mo ikonomin ya Nigeria.

8. Matshediso

8.1. Kabinete e utlwisitswe botlhoko ke loso le le neng le sa solofelwa la ga Chumani Nqakula, morwa wa Tona ya Phemelo le Bagaka ba Sesole Nosiviwe Mapisa-Nqakula le Charles Nqakula, Tokololo ya Palamente. Kabinete e romela matshediso a a tswang kwa boteng jwa pelo kwa lelapeng la ga ba kwa Nqakula le ditsala.

8.2. Kabinete e romela matshediso a a tswang kwa boteng jwa pelo kwa go balelapa le bamasika a Tona ya Tirelosetšhaba le Tsamaiso Ngoako Ramatlhodi, ka go tlhokafala ga ga mmaagwe wa dingwaga di le 95, Mmatlou Elizabeth Ramatlhodi.

9. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

1.    Rre Mogojare Richard Seleka jaaka Mokaedikakaretso (DG) kwa Lefapheng la Dikgwebo tsa Setšhaba; le
2.    Rre Robert Moeketsa Ramasodi jaaka Motlatsa DG: Tlhagiso ya Temothuo, Boitekanelo le Go nna Teng Ga Dijo kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Ditlhapi.

9.1.    Boto ya Koporasitsamaiso ya Pharakano
a)    Mme Daphline Harridene Charlotte-Ann Ewertse – Tokololo e e seng ya Khuduthamaga; le
b)    Rre Thulani Matiki Norman Kgomo – Tokololo e e seng ya Khuduthamaga;.

9.2.    Boto ya Koporasi ya Dipeeletso tsa Setšhaba:
a)    Mme Lindiwe Toyi – Mokaedi o e seng wa Khuduthamaga
b)    Mme Sandra Beswick – Mokaedi o e seng wa Khuduthamaga;
c)    Mme Tantaswa Fubu – Mokaedi o e seng wa Khuduthamaga;
d)    Ngaka Claudia Manning – Mokaedi o e seng wa Khuduthamaga;
e)    Rre Pitsi Paul Moloto – Mokaedi o e seng wa Khuduthamaga; le
f)    Mme Matshepo Faith More – go thapiwa gape jaaka Motlhakedimogolo wa Ditšhelete

9.3.    Boto ya Setheo sa Tlhabololo ya Matlo:
a)    Rre Mavuso Msimang (Modulasetilo);
b)    Rre Maanda Emmanuel Mutheiwana;
c)    Rre Pravin Amar Singh;
d)    Rre Thuthuka Siphumezile Songelwa; le
e)    Rre Nkululeko Nkosingiphile Vilakazi – moemedi wa Tona ya Ditiro ya Setšhaba.

Dipotsiso:
Phumla Williams (Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore