Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 9 Lwetse 2015

Go Tsenngwa Tirisong ga Manaane a Puso a a Botlhokwa

1.1. Kabinete e boeleditse boikuelo jwa Moporesitente Jacob Zuma jwa gore makala otlhe a setšhaba a dirisane mmogo mo go tshegetseng ikonomi le mo go thibeleng tatlhegelo ya ditiro mo maemong a ga jaanong a a bokete a ikonomi ya tikologo.

Tumelano magareng ga puso, ditlamo tsa meepo le mekgatlho ya badiri e bontsha maikano a a leng teng mo makaleng otlhe a go thibela tatlhegelo ya ditiro le go fokotsa go nneng teng ga go latlhegelwa ke ditiro.

Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go tshegetsa tsenngotirisong ya tumelano eno. Tumelano eno ke motheotumelano magareng ga maphata otlhe a a tobaneng le dikgwetlho tsa go thibela tatlhegelo ya ditiro.

1.2 Kabinete e amogetse Pegelo ya Dipoelo ya Pakatharo mo pakeng ya la bo 1 Moranang go fitlha go la bo 30 Seetebosigo 2015. Kabinete e itumeletse kgatelopele e e dirilweng e bile e nopotse le mafelo a a santseng a tlhoka tsereganyo mo go one. Lefapha la Mokgwa wa Puso wa Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS) le tla rulaganya ditsiboso tsa bobegakgang gore le kgone go abelana ka tshedimosetso ya ka fao manaane a puso a tsenngwang tirisong ka teng. Lenaneothulaganyo le tla itsisiwe mo tsamaong ya nako

1.3 Kabinete e amogetse tsiboso ka ga kopano ya G20 e e tshwaretsweng kwa Ankara, Turkey go simolola ka la bo 3 go fitlha ka la bo 5 Lwetse 2015. Kopano eo e ne e tsenetswe ke Tona ya Lefapha la Matlotlo le ya Lefapha la Ditiro mmogo le Mmusisi wa Banka ya Risefe ya Aforika Borwa. Kopano e e kopanetsweng magareng ga Tona ya Lefapha la Matlotlo le ya Lefapha la Ditiro e refosane ditogamaano a go tlhagisa ditiro tse dintsi e bile di le botlhokwa, go fokotsa tlhokotekatekano mmogo le go tshegetsa kgolo e e akaretsang btlhe.

1.4 Kopano e e kopanetsweng magareng ga Tona ya Lefapha la Matlotlo le Mmusisi wa Banka ya Risefe ya Aforika Borwa, mo gare ga tse dingwe, e tsepamisitse mogopolo mo go ikonomi ya lefatshe ka bophara; Letlhomeso la kgolo e e somarelegang e bile e lekalekana; peeletso le mafaratlhatlha; matsapa a lekgetho la bodittšhabatšhaba; tlamelo ka matlole gore go nne le tlhabololo mmogo le phetogo ya maemo a loapi. Kabinete e nopotse gore kgolo ya ikonomi ya lefatshe ka bophara e a tlhaela go ka fitlhelela ditsholofelo tse di lebeletsweng. Le fa go le jalo, Kabinete e amogetse ka diatla tse pedi boikano jo bo ntšhwafaditsweng ke G20 jwa go tswelela go tlhokomela ditlhabologo, go lekola diphoso mmogo le go samagana le le dikgwetlho tse di supogang jaaka e le tlhoko ya go nosetsa boitshepi le tshomarelo mo matloleng.

G20 gape e amogetse dipoelo tse di itumedisang tsa Khonferense ya Addis Ababa e e ka ga Tlamelo ka Matlole Mabapi le Tlhabololo moo Aforika Borwa e nnileng le karolo e e botlhokwa thata jaaka monnasetulo wa G77 le China
 
1.5 Kabinete e amogela boikaniso le go tshunngwa ga motlakase wa kwa Polaseng e e Fetlhang Motlakase ka Phefo ya Kounga kwa Kapa Botlhaba ka la bo 4 Lwetse 2015.
Polase e e Fetlhang Motlakase ka Phefo ya Kounga e tla neelana ka dikikawate di le 300 ka ura tsa motlakase o o phepa ngwaga o mongwe le o mongwe. Seno se tla tlamela bontsi jwa malapa a ka nna 50 000. Ke karolo ya leano la naga go tsweletsa metswedi e e farologaneng gore re nne le tlamelo e e nonofileng ya motlakase.

Mo ngwageng ono kwa tshimologong, Lefapha la Eneji le ne la atolosetsa ditšhono tsa go tlamela ka motlakase go makala a poraefete a le 13 a Batlhagisi ba ba Ikemetseng ba Motlakase o o ntšhwafadiwang mme seo se tla oketsa moteme wa bosetšhaba wa motlakase ka dimekawate di le 5 243.

1.6 Kabinete e nopotse bofaladi jo bo runtseng kwa Europe e leng jo bo supang marangrang a botsamaisi jwa bofaladi mmogo tirisanommogo ya yone mo dipholising tsa dinaga tsa kwa ntle.
 
Aforika Borwa e lekile ka natla go samagana le matsapa a bofaladi ka tsela e e botho ka moo e ka kgonang. Matsapa a bofaladi kwa Europe ke kgwetlho ya tikologo mme e tlhoka tshwaraganelo ya dipuso ka bong. Matlhagatlhaga a go tsaya karolo mmogo le tirisanommogo le ditšhaba, baagi le mekgatlho ya baagi a a tlhokega go samagana le matsapa a bofaladi.

1.7 Kabinete e akgotse tiro ya Boto ya Kgaoganyo ya Mebasepala (MDB) eo mo malobeng e sa tswang go konosetsa ditshweetso le ditshweetsosešwa tsa methaladi ya foo mebasepala e felelang gone mo diporofenseng di le robedi go ralala naga.

MDB e dirile tiro ya yona go ya ka maikarabelo a yona a semolao le go dirisa melaotetla e e leng mo maatleng a yona go ka tsaya ditshweetso tsa bofelelo. Kabinete e tlhagisitse matshwenyego a yona ka ga mekgatlho mengwe ya sepolotiki e e tlhasetseng MDB ka ntlha ya fa seno se nyatsa boipuso le botshepegi jwa yone mo matlhong a setšhaba.

Kabinete e ikuela mo mekgatlhong ya sepolotiki go kgaotsa go nyatsa tiro ya ditheo tsa rona tse di botlhokwa tse di ikemetseng tse di tshegetsang temokerasi. Go na le dirala tse di beilweng tsa semolao tsa go ka nna kgatlhanong le ditshweetso tsa MDB.

1.8 Paka ya go bega ka Tekatekang ya Bothapi (EE) e butswe ka la bo 1 Lwetse 2015 mo bathong ka bobedi ba ba begang ka letsogo kgotsa ka khomphiutha, mme e tla tswalela ka la bo 01 Diphalane 2015 (mo go ba ba begang ka letsogo) le ka la bo 15 Ferikgong 2016 (mo go ba ba begang ka khomphiutha).
Kabinete e gakolola bathapi botlhe go tsenya dipegelo tsa bone tsa EE kwa go Lefapha la Ditiro. Dipegelo tsa mothale oo di thusa naga go lekola kgatelopele fa go tla mo go baakanyeng kgethololo le tlhokegotekatekano mo go thapeng.

Lefapha la Ditiro le samagana le dipontsho tsa mo mebileng tsa bosetšhaba ka fa tlase ga moono: "Diphetogo - seno se na le mooko mo kgwebong" go ka gagamatsa tsenngotirisong le go netefatsa kobamelomelao.

2. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e nopoletswe ka ga Pegelo ya Go Tswalela ya Maitlhomo a Tlhabololo ya Ngwagakete (di-MDG). Kabinete e atlenegisitse pegelotlhomo ya go tswalela e e ka ga MDG e e tla tlhagisiwang kwa Dinagakopanong kwa mafelong a monongwaga.

Go ya ka pegelo, morago ga dingwaga di le 20 tsa tlhabololo, go setse go dirilwe kgatelopele e e boitshegang mo go samaganeng le ditirelo tse di botlhokwa mo maemong a bosetšhaba le mo go fokotseng maemo a a gaketseng a lehuma. Le fa go ntse jalo, Aforika Borwa e tswelela go tobana le dikgwetlhotharo tsa lehuma, tlhokotekatekano le botlhokatiro.

Pegelo eno e tlhagisa tsela lenaneo le le nonofileng la ditlhabololo tsa morago ga 2015 mmogo le dipeele tsa tlhabololo e e somarelegang tse di tsamaisanang le lone.

2.2. Kabinete e atlenegisitse ditshitshinyopaakanyo tsa Tona ya Lefapha la Dipalangwa tsa go tlamela ka tumelano ya dikadimo e e potlakileng mo setlamong sa Tag Yachts (PTY) Ltd. Maitlhomo a yone ke go simolola botlhagisi dikepe tsa maemo a a kwa godimo tse di mosola kwa boemakepeng jwa Port Elizabeth. Seno ke go diragatsa maikarabelo a Yuniti ya go Diragatsa botlhagisi jwa dikepe go latela maitlhomo a Operation Phakisa a go tlhagisa Setlhopha sa Boagelodikepe kwa Kapa Botlhaba. Tetlelelo eno e latela Karolo e e Potlakileng ya bo 57 ya Molao wa Boemakepe wa Bosetšhaba wa 2005 (Molao wa bo 12 wa 2005);

2.3. Kabinete e atlenegisitse tlhagiso ya Lokwalotumelano lwa Aforika ka ga Dipalopalo kwa Palamenteng gore lo tlhomamisiwe.

Lokwalotumelano lono ke letlhomeso la pholisi tebang le tlhabololo ya dipalopalo mo Aforika, e leng se se tlhomamisang ditheo tsa boporofešenale mo go buseng botlhagise le botsamais jwa dipalopalo mo maemong a bosetšhaba, a tikologo le a kontinente.

Dipalopalo ke metheo ya tekolo le tshekatsheko e e nonofileng, e bile di netefatsa fa dipeelo di fitlhelesega le gore dipoelo di fitlhelelwe. Lokwalotumelano le abelana ka ditshupatsela tsa tlhagiso ya dipalopalo tse di nang le maemo a a kwa godimo tse di tlhokegang mo go sekasekeng Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba, mmogo le manaane le ditlapele tsa puso.

2.4. Kabinete e atlenegisitse gore Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro (DPME) le tsweletsepele Lenaane la Twende Mbele gore go beeletswe mo tirisanommogong fa go tla mo tekolong le tshekatshekong go ralala Aforika.

Lenaane la Twende Mbele le tla thusa Aforika Borwa go agelela le go atlenegisa semmuso badirisanimmogo ba ba leng teng bao e seng ba semmuso, mme seo se tla akaretsa ditumelano tsa dinagapedi. Seno se tshegetsa kgaratlhelo ya botshelo jo bo botoka mo Aforika Borwa, e leng seo se samagantsweng le kgaratlhelo ya Aforika o o botoka mo lefatsheng le le tokafetseng.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e atlenegisitse go tlisiwa ga Molaotlhomo wa Katoloso ya Tshireletsego ya Pakatulo wa 2015 kwa Palamenteng.

Molaotlhomo ono o baakanya Molao wa Katoloso ya Tshireletsego ya Pakatulo wa 1997 (Molao wa bo 62 wa 1997) gore o natlafatse, o tlhamalatse le go sireletsa ditshwanelo tsa badudi.

Dipaakanyo, tse di tswang mo Dipholising tsa go Ntshiwa mo Lefelong le Tshireletsego ya Pakatulo mo Lefatsheng leo le nang le Mafelo a Bolemirui mo Kgwebong, di ikaelela go bona tharabololo mo diketsaetsegong tse di leng teng mo tshireletsegong ya pakatulo ka go golaganya mekgwataolo ya kabosešwa ya dinaga ka fa tlase ga tshireletsego e e nonofileng ya semolao mmogo le mekgwatharabololo ya dikgotlhang.

Dipaakanyo tse di leng teng tsa ditheo le bokgoni jwa tsone ga bo lekane go ka diragatsa boleng le dikgotlhang tse di leng teng tsa ditshwanelo tsa lefatshe mmogo le
tshireletsego ya pakatulo tse di fitlhelwang mo mafelong a bolemirui jwa kgwebo

4. Ditiragalo tse di Tlang

4.1. Jaaka karolo ya mekete ya Kgwedi ya Ngwabošwa, Moporesitente Jacob Zuma o tla ribolola Tikologo ya Dithanolo le Dikgopotso ya Matola kwa Mozambique ka Labotlhano, wa bo 11 Lwetse 2015, mmogo le sefikantswe sa ga Kgosi Bhambhatha kwa Greytown, KwaZulu-Natal ka la bo 22 Lwetse 2015.

4.2. Moporesitente gape o tla neela puo e e botlhokwa ka ga Letsatsi la Ngwabošwa kwa Vleifontein Machado kwa Limpopo ka la bo 24 Lwetse 2015. Moono wa Kgwedi ya Ngwabošwa monongwaga ke "Kitso ya rona ya setso, ngwabošwa ya rona: Re lebile boitshupo, thotloetso le tshomarelo ya ngwabošwa e e tshelang ya Aforika Borwa."

MaAforika Borwa a rotloediwa go ithuta ngwabošwa ya rona ka go jela nala diphaka tsa bosetšhaba tse di tla ba letlelelang go tsena ntle le tuelelo epe go simolola ka la bo 14 go fitlha ka la bo 18 Lwetse 2015, jaaka karolo ya bo 10 ya ngwaga le ngwaga ya Beke ya Diphaka tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa.

4.3. Lefapha la Thuto ya Motheo le tla tshwara Tlhatlhobo ya Bosetšhaba ya Ngwaga le Ngwaga (ANA) ka Lwetse 2015 go ka tlhatlhoba kgatelopele ya dipoelothuto mo go buiseng le mo go kwaleng mmogo le mo dipalong mo mephatong ya 1 go fitlha go ya bo 9.

ANA e tlhagisa bopaki jo bo tlhomameng jwa tshekatsheko ya kgatelopele ya ditsereganyo tsa puso mmogo le go eletsa ditlhabololo tsa ditsereganyo tse di totilweng.
Batsadi le batlhokomedi ba bana ba rotloediwa go tshegetsa barutwana mo paleng ya ditlhatlhobo tseno le go netefatsa gore dipoelo tsa tsone di dirisediwa go samagana le dikarolo tse di tlhokang go tlhabololwa. Lenaneonako la ANA la 2015 le teng mo go: www.education.gov.za

Kabinete e ikuela mo barutabaneng go beela kwa pele ditlhokwa tsa barutwana ka go netefatsa gore ANA e gatela pele ntle le kgoreletsego epe.

4.4. Kabinete e leboga maAforika Borwa otlhe a a nnileng le seabe mo Letsatsing la go Buisa le go Kwala la Boditšhabatšhaba le le diragaditsweng ka la bo 8 Lwetse 2015 go rotloetsa itlwaetso ya go busia le go rotloetsa botlhokwa jwa go kwala le go busia. Tokomane ya motheo ya Temokerasi e leng Lokwalotumelano lwa Kgololesego le gatelela gore re tla kgaratlhela "gore mejako ya thuto e bulelwe mang le mang."

Lefapha la Thuto ya Mothe le ikuela mo kgweding eno go maAforika Borwa otlhe go tsaya karolo mo kgoeletsong ya go buisa le go kwala e e ikaeletseng go rotloetsa go buisa mo ditšhabeng tsa borona. Kabinete e ikuela mo go batho botlhe go fana ka dibuka kwa dilaeboraring tsa dikolo, go fana ka nako ya bona ka go buisetsa bana mo ditšhabeng tsa borona.

4.5. Beke ya Ngwaga le Ngwaga ya Bosetšhaba ya Thusong Service Centre e e simololang ka la bo 13 go fitlha ka la bo 18 Lwetse 2015 e tla tlhagisa ditirelo tsa ditikwatikwe tseno mmogo le diyuniti tse di latelalang batho go ba tlisetsa ditirelo tsa puso gaufi le bobona. Seno ke karolo ya Kgwedi ya Ditirelo tsa Setšhaba.

Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go diragatsa ditirelo le tshedimosetso eo e tlhagisiwang ke di-Thusong Service Centre gore ba gole le go imatlafatsa.

Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa go supa tlotlo mo badiredipusong kgotsa mo ditheong tsa puso tse di dirang bontle ka go ba tlhopha pele ga la bo 30 Lwetse 2015 mo Dikabong tsa Boraro tsa Ditiro tse di Tswileng Bontle tsa Bosetšhaba tsa Batho Pele tsa 2015, tse di tla tshwarwang ka fa tlase ga moono o o reng “Batho Pele – Re Baa Batho kwa Setlhoeng". Tshedimosetso ka botlalo e teng mo go: www.dpsa.gov.za

4.6. Kabinete e nopotse gore Kopano ya Setlwaedi ya bo 70 ya Kopanokakaretso ya UN (UNGA 70) e tla bulwa ka la bo 15 Lwetse 2015 kwa Kantorokgolong ya UN kwa New York go simolola ka la bo 25-27 Lwetse 2015. Samiti eno e tla tlhatlhoba go amogelwa ga Lenaneo la Tlhabololo ya Morago ga 2015 mmogo le go ka tshwarwa.

Dikganetsanokakaretso tsa Kopano ya bo 70 ya UNGA di tla simololwa ka la bo 28 Lwetse - 6 Diphalane 2015. Samiti ya AU ya bofelelo e e neng e tshwaretswe mo Aforika Borwa e ne ya ikuela mo ditokololong tsa yona tsa dinaga go ka tsaya tšhono mo seraleng sa Kopanokakaretso sa UN go tlhagisa dintlha tsa Lekgotla la Tshireletsego mo gare ga ditlapele tsa dipholisi tsa bone tsa dinaga tsa kgwa ntle fa ba buisana le balekane ba bone bao e seng ba mo Aforika; bogolosegolo, go ka akaretsa puo ya bone mo dikganetsanong tsa UNGA, e leng tlhokego e e tshwanetseng go baakanngwa go ka siamisa tlhokobosiamisi ya hisetori e e ntseng e diragadiwa mo kontinenteng ya Aforika.

4.7. Kabinete e nopotse gore Aforika Borwa e tla tshwara Samiti ya Bobedi ya Foramo ya Tirisanommogo ya Aforika le China (FOCAC) go simolola ka la bo 4-5 Sedimonthole 2015. Puso ya Aforika Borwa e tla dirisana mmogo le ya China, Setlhopha sa Batseti ba Aforika kwa Beijing le kwa Addis Ababa, mmogo le Khomišene ya AU mo dipaakanyong tse di lebisang kwa Samiting ya FOCAC. Go solofelwa gore Samiti ya FOCAC e tla amogela go dirisa Ditlhagiso mmogo le Leanotiro (2016-2018). Aforika Borwa ga jaanong e santse e buisana le bannileseabe botlhe mo go baakanyeng ditokomane tsa dipoelo tse di botlhokwa tse pedi tseno.

Melaetsa ya go Akgolwa

4.8. Kabinete e amogetswe tsiboso ya Kopanokakaretso ya Mokgatlho wa Metshameko ya Botlhe ya gore Durban e tla tshwara Metshameko ya Botlhe ka 2022, mme seno e tla bo e le lekgetlho la ntlha metshameko eno e e ikgethileng e tla bo e tshwarelwa mo motlhabeng wa Aforika.

Durban e tla dirisa mafaratlhatlha a a diragaditsweng mo nakong ya Sejana sa Lefatshe sa FIFA 2010 go ka tshwara metshameko eno, mme seno se solofetswe fa se tla tlhagisa R20 bilione mo ikonoming, e leng seo se tla tlholang R11 bilione mo kgolong ya palogotlhe ya ditlhagisiwa tsa fa gae.

4.9. Kabinete e akgola baatleliti ba rona fa ba feletse mo maemong a bo 13 mo go a le 15 mo Metshamekong ya Lefatshe mo Boatleletiking kwa Beijing, China le mo go fenyeng metale o le mongwe wa gauta le e le mebedi ya boronse.

4.10. Kabinete e akgola Bafana Bafana mo go fenyeng Karolo ya bo 21 ya Metshameko ya Mandela, ka go fenya kgatlhanong le Senegal 1-0. Phenyo eno e latela tatlhegelo kgatlhanong le Mauritania mo bokhutlhong jwa beke mme re solofela fa seno se tla tlhotlheletsa boitshepo jwa setlhopha go ka fitlhelela go ka akarediwa mo metshamekong ya Bosetšhaba ya Sejana sa Aforika.

Ka go fenya Metshameko ya Mandela, Mokgatlho wa Kgwele ya Dinao ya Aforika Borwa o okeditse tlamelo ya yone ya matlole mo Sekgwameng sa Tlhokomelo ya Bana sa Nelson Mandela go tloga go R1 milione go fitlha go R1, 5 milione.

4.11. Kabinete e lekaletsa Setlhopha sa di-Springbok matlhogonolo mo Sejaneng sa Lefatshe tsa Rakabi sa bo 8 se se tla tshwarelwang kwa England go simolola ka la bo 18 Lwetse go fitlha ka la bo 31 Diphalane 2015 le go ikuela mo go maAforika Borwa go tshwaragana mo go tshegetseng setlhopha sa bosetšhaba sa naga ya rona.

4.12. Kabinete e ikamanya le Moporesitente mo go akgoleng Yunibesiti ya Witwatersrand mo go reboleng masaledi a dikabatho kwa Lefelong la Ngwaoboswa leo Setshedimotho se Simolotseng kwa teng kwa Maropeng kwa West Rand, Gauteng.

Thebolo eno e e gagamatsang e ntšhwa e latela dipatlisiso tse di tseneletseng e e dirilweng ke borasaense ka fa tlase ga Lefapha la Saense le Thekenoloji mmogo le Tikwatikwe ya Ditiro tse di Gaisang ya Setheo sa Dipatlisiso tsa Bosetšhaba kwa Yunibesiting ya Witwatersrand.

4.13. Kabinete e ikamanya le Moporesitente mo go akgoleng Phuthego ya Kereke ya Bakhatholiki mo go tlotleng semmuso Rre Tshimangadzo Samuel Benedict Daswa jaaka moobamedi wa ntlha mo Aforika Borwa. Mokete o tla tshwarwa ka la bo 13 Lwetse 2015 kwa Thohoyandou, Limpopo. Kereke ya Bakhatholiki e tla tshwara moletlo wa go tlotla go bolawa ka matlapa ga Rre Tshimangadzo Samuel Benedict Daswa. Rre Daswa e ne e le mogokgo wa sekolo kwa porofenseng ya Limpopo. O ne a otliwa, a kgoboketswa ka matlapa le go tshumiwa go fitlha a tlhokafala ka Tlhakole 1990 ka ntla ya gore tumelo ya gagwe e ne e le ya Sekhatholiki.

5. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya ga jaana

5.1. Kabinete e amogetse maitlhomo a a tshwaetsweng magareng ga Koporasi ya Botsamaisi jwa Pharakano mo Tseleng mmogo le Bothati jwa Pharakano jwa Porofense a go dira gore batlhankedi ba pharakano ba dire diura di le 24 go fokotsa dikotsi tse di diragalang mo ditseleng tsa rona.

Kabinete e gakolola badirisi botlhe ba ditsela gore pabalesego mo ditseleng ke maikarabelo a rona rotlhe e bile katlego ya matsholo a pabalesego mo mebileng a ikaegile mo bathong botlhe go obamela melao ya mo ditseleng. Jaaka re atumetse go tsena mo matsatsing a boikhtso a dikolo, Lefapha la Dipalangwa le tla gagamatsa matsholo a lone a pabalesego mo ditseleng.

Kabinete e ikuella mo bakganning ba dijanaga go emisa go baka dikotsi mo ditseleng ka go obamela matshwao a tsela, go se kganne ba itshietse le go se kganne dijanaga tse di sa lokelang go tsamaya mo ditseleng tsa rona.

5.2. Kabinete e nopotse Jalodikgwa ya Lefatshe ya bo XIV e e tshwarelwang kwa Durban mme e tsenetswe ke baemedi ba le 3 200. Kopano eno, e leng ya ntlha go ka tshwarelwa mo Aforika, e akaretsa batho ba ba emetseng makala a a farologaneng a a jaaka a puso, ao e seng a puso, a poraefete, le borrasaense kgotsa mekgatlho ya seporofešenale. Go tseeng karolo go go tseneletseng gono le dipuisano tse di akaretsang tseno ka ga matsapa a jalodikgwa go tla tlhagisa maitlhomomagolo a bone mo lenaneong la lefatshe ka ga tlhabololo e e somarelegang le go tlhagiseng balekane ba bantšhwa.

5.3. Kabinete e nopotse puo e e tlhagisitsweng ke Botseti jwa Setipolomate jwa Amerika mo go Aforika Borwa ka ga temoso ya bafuduikgotlhang ba ba totileng dikgatlhegelo tsa Amerika mo go Aforika Borwa.

Kabinete e boeletsa netefaletso ya Tona ya Lefapha la Tshireletsego ya Puso mo setšhabeng gore pabalesego ya maAforika Borwa otlhe e botlhokwa thata. Ditheo tsa semolao tsa rona di tswelapele go elatlhoko maemo mo go tlhokomeleng baagi ba bone le dithoto tsa bone.

Matshediso

5.4. Kabinete e tshwaragane le Moporesitente Zuma mo go tshediseng lelapa, ditsala le badirimmogo ba ga Moatlhodimogolo Thembile Lewis Skweyiya.
O nnile le seabe se se kgologadi mo nageng jaaka mmueledi yo a neng a le kgatlhanong le puso ya tlhaolele, molweladitshwanelo tsa batho, Moatlhodi wa Kgotlatshekelo e e kwa Godimo mmogo le Moatlhodimogolo wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo.

5.5. Kabinete gape e romela matshediso kwa malapeng le badireding ba Kgosi Lekunutu Cavendish Mota wa Batlokwa ba Mota kwa Foreisetata.

6. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

6.1. Mme Mmabatho Ramagoshi – Motlatsamokaedikakaretso: Bogokaganyi jwa Dipholisi le Botsamaisi jwa Kitso kwa Lefapheng la Basadi.

6.2. Tlhogo ya Bosetšhaba: Lephata la Bolaodi jwa Dipatlisiso tsa Bosenyi jo bo Masisi. Tona ya Sepodisi o tla neela tsiboso mo motshegareng ono.

Dipotsiso:
Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

 

Share this page

Similar categories to explore