Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang
Ka ga go tlhatlhoba dithutego tsa boditšhaba
Fa o na le dithutego tsa boditšhaba mme o batla go tsena kwa setheong sa thuto kgotsa go dira mo Aforika Borwa, o ka tshwanelwa ke go dira kopo go South African Qualifications Authority (SAQA) gore dithutego tsa gago di tlhatlhobiwe.
Fa o dira kopo ya tetla ya kabo kgotsa ya tiro mo Aforika Borwa, pholisi ya khudugelo e tlhoka gore o romele setifikeiti go SAQA gore se tlhatlhobiwe e le karolo ya kopo ya gago.
Fa o eletsa go tsena mo setheong sa thuto sa Aforika Borwa, o tla tlhoka gore SAQA e tlhatlhobe dithutego tsa gago fa e le gore setheong se o batlang go ya kwa go sona se lopa jalo. Ditheo tsa porofešebake ke tsona di ka tlhoka gore dithutego tsa gago tsa boditšhaba di tlhatlhojwe ke SAQA pele o o ka letlwa go diragatsa porofešene ya gago.
Ntle le moo, tirelo ya tlhatlhobo ga se ya pateletso mme maitlhomo a yona ke go lemosa maemo a dithutego tsa boditšhaba di tshwanetseng go bewa mo go ona.
Tirelo e e rebolwa ke Bokaedi jwa Tlhatlhobo ya Dithutego tsa Boditšhaba le Ditirelo tsa Kgakololo (Directorate of Foreign Qualifications Evaluation and Advisory Services (DFQEAS) kwa SAQA.
Ela tlhoko: Go dira kopo ya go tlhatlhojwa ga dithutego tsa boditšhaba, sekaseka dikaedi tsa tsamaiso (procedural guidelines) le lenanetuelo (tariff structure) tse di mo teng ga foromo ya kopo.
Se o tshwanetseng go se dir
- Bona foromo ya kopo tswa kwa dikantorong tsa SAQA kgotsa e ntshe mo webosaeteng.
- Tlatsa dikarolo tsotlhe tsa foromo ya kopo.
- Netefatsa gore bopaki jwa tuelo e e maleba bo tsamaya le kopo.
- Neelana ka dikhopi tse di bonalang sentle e bile di kannwe tsa ditlankana tse di tlhokegang.
Ditifikeiti tsa dipuo tsa boditšhaba di tshwanetse go tsamaya le diphetolelo tse di kannweng tsa Seesimane.
Ela tlhoko: SAQA e tlhoka setlankana ka puo ya sona le phetolelo e e kannweng.
Nako ya tiragatso
- Kopo e e tlwaelegileng: matsatsi a tiro a le 30
- Kopo ya tshoganyetso: matsatsi a tiro a le 20
- Dikopo tsa botlhokwa: matsatsi a tiro a le 10
- Dikopo tse di kgethegileng: diura tse 48
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
Evaluation of foreign qualifications (Tlhatlhobo ya dithutego tsa boditšhaba)
O ka golagana le mang
National office | |
Tel | 012 431 5070 |
Fax | 012 431 5147 |
verifications@saqa.co.za | |
City/town | Pretoria |
Province | Gauteng |
Physical address | South African Qualifications Authority, Quality Assurance and Development, Hatfield Forum West, 1067 Arcardia Street, Hatfield, Pretoria |
Postal address | Postnet Suite 248, Private Bag X06, Waterkloof, 014 |
Website | https://www.saqa.org.za/ |