Kopo ya ho ba teng ho nyewe ya Lekgotla la ho Ntshuwa ha Batshwaruwa Ka mabaka

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

 

Tlhaloso

Mongongoregi kgotsa motswasetlhabelo ofe fela wa bosenyi, a ka dira tlhagiso ka go kwala kgotsa go tsenela kopano ya Boto ya Parole fa molatofadiwa a sekasekelwa go bewa mo paroleng kgotsa mo ka fa tlase ga tlhokomelo ya kgopololo. 

Dikgato tse di latelwang

  1. Mongongoregi kgotsa motswasetlhabelo ofe fela wa bosenyi o tshwanetse go itsise Boto ya Tlhokomelo ya Kgopololo le Parole (CSPB) ka go kwala fa a eletsa go dira tlhagiso kgotsa go tsenela kopano ya Boto ya Parole.
  2. Boto e tla itsise mongongoregi kgotsa motswasetlhabelo ka go kwala e mo tlhalosetsa gore a ka dira tlhagiso kwa go mang le gore leng. Letlha le lefelo la kopano ya Boto ya Parole le tsona di tla itsisiwe. 
  3. Ke maikarabelo a mongongoregi kgotsa motswasetlhabelo go itsise Mokhomišenara kgotsa CSPB fa aterese ya gagwe e fetoga.

Boemo jwa tirelo

Boto ya Parole e tla itsise mongongoregi kgotsa motswasetlhabelo ka go kwala ka dintlha tsa tlhagiso le kopano e e maleba ya Boto ya Parole.

Tlhotlhwa

Tirelo e ke mahala.

Diforomo tse tladiwang

Request to make a representation to a Parole Board  (Kopo ka mongongoregi go ka dira tlhagiso kwa Boto ya Tlhokomelo ya Kgopololo le Parole)

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

Tel: 012 307 2998 | 012 307 2999

Physical address:                               
124 WF Nkomo Street                            
Poyntons West Block                   
Pretoria                  
0001

Postal address:
Department of Correctional Services
Private Bag X136
Pretoria
0001

Share this page