O ka ikwadisetsa jang lekwalotetla la tlhobolo

Fa e le gore o batla go nna le tlhobolo, o tshwanetse go katisiwa kwa setheong se se alogisitsweng semmuso mme o neelwe lekwalo le le totobatsang fa o katisitswe.

Fa o na le lekwalo le le totobatsang fa o katisitswe, o ka ikwadisetsa lekwalotetla la tlhobolo kwa seteišeneng se se gaufi le wena sa mapodisi. O tlhoka lekwalotetla la tlhobolo e nngwe le e nngwe mabapi le ditlhobolo tsotlhe tse o nang le tsone.

Lenaane la ditheo tse di alogisitsweng semmuso le somarelwa mo webosaeteng ya SAPS.

Ntšhwafatsa lekwalotetla la gago la tlhobolo

O tshwanetse go ntšhwafatsa lekwalotetla la gago la tlhobolo mo matsatsing a le 90 pele ga letlha la gore le felelwe ke nako. Tiriso ya lekwalotetla leno e amogelesegile go ya ka dinako tse di farologaneng e katswa e le mo dingwageng di le pedi go ya go di le 10, mme seo se ikaegile ka mofuta wa lekwalotetla la gago.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le ka fao o ka ikwadisetsang lekwalotetla le lentšhwa la tlhobolo kgotsa ikgolaganye le Tikwatikwe ya Bosetšhaba ya SAPS ya Megala Mabapi le Ditlhobolo (012 353 6111/cfrenquiry@saps.gov.za).

 

Share this page