Kopo ya phemiti ya go dira Setheo sa Ditlhagiswa tsa Tlhapi

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya phemiti ya go dira Setheo sa Ditlhagiswa tsa Tlhapi

Go nna le setheo sa Ditlhagiswa tsa Tlhapi (FPE), o tshwanetse go nna le phemiti. O ka dira kopo ya phemiti ya FPE fa o na le tshwanelo ka nako e go dirwang taletso mo teng ga Kuranta ya Puso. Le fa go le jalo, Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi ga jaana le amogela dikopo tsa tetla e e kgethegileng ya go nna le FPE.

FPE ke serori, sediriswa, setheo kgotsa lefelo le mo go lona go dilo tse di rileng di tlhagiswang go tswa mo tlhaping. Selo seo se ka tlhagisiwang ka mokgwa ofe fela, jaaka go sega, go lokolola, go kgaoganya dikarolo, go phepafatsa, go tlhaola, go baya ka lenaneo le go somarela tlhapi. Setheo se se akaretsa le lefelo le tlhapi e tsenngwang mo metemeng, e pakiwang, e omisiwang, tshelwang letswai, e gatsediwang, e tsidifadiwang kgotsa e dirisiwa go rekisa mo Aforikaborwa kgotsa kwa ntle.

Tiragatso ya tshekatsheko e tla simolola morago ga letlha la tswalelo ya dikopo. Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi le tla itsise dipoelo. Fa o neetswe tshwanelo ya FPE, o tshwanetse go dira kopo ya phemiti ya go nna le FPE mme o fitlhelele ditlhokego go bona phemiti eo.

Tona o tla dumelela tetla e e kgethegileng ka fa tlase ga mabaka a a kgethegileng. Fa o neetswe tetla e e kgethegileng, o tshwanetse go dira kopo ya phemiti gore o dirise FPE.

Ela tlhoko: O tshwanetse go ntšhwafatsa phemiti eo ngwaga le ngwaga. Go se ikobele dipeelano tsa phemiti go ka baka gore e sekegwe, e phimolwe kgotsa o e tseelwe.

Se o tshwanetseng go se dira

Tsamaiso ya Kopo ya Ditshwaneloa:

  1. Fa taletso e phasaladitswe mo teng ga Kuranta ya Puso, o tshwanetse go ya kwa lefelong la phatlalatso le le tla itsisiweng mo kuranteng e.
  2. Buisa ka tlhoafalo mme o tlhaloganye le go netefatsa gore o kgotsofalela ditlhokego le dipeelano.
  3. Duela tlhotlhwa e e beilweng e e ka se boeng e e tla tlhagelelang mo kuranteng e.

Tsamaiso ya Kopo ya Tetla e e Kgethegileng:

  1. Modirakopo o tshwanetse go dira kopo ya tetla e e kgethegileng ka go kwala mabaka a a tletseng.
  2. Mabaka a a tshwanetse go romelwa ka poso kwa Lefapheng mo go Private Bag X2, Roggebaai, 8012.

Tsamaiso ya Kopo ya Phemiti:

  1. Tlatsa, saena mme o ise foromo ya kopo ya phemiti le ditlankana tse di latelang:
  • khopi e e kannweng ya lekwaloitshupo (ID)
  • lekwalo la tumelelo go tswa go mong wa tetla le le go tlhophang gore o dire kopo boemong jwa modirisi / mong wa tshwanelo
  • khopi e e kannweng ya ditlankana tsa kwadiso tsa setlamo
  • setifikheiti sa tota sa kgololo mo mererong ya lekgetho go tswa go (SARS)
  • Bopaki jwa bong kgotsa tumalano ya khiro ya FPE (fa go le maleba, sk. go amega lefatshe)
  • Khopi e e kannweng ya tumalano ya tlamelo le motlamedi wa ditlhagiswa tse di tshwanetseng go tlhagiswa
  • Fa go le maleba, setifikheiti go tswa go National Regulator for Compulsory Specifications (NRCS)
  • Fa tlhapi e le e e tla jewang ke batho, setifikheiti sa kamogelo mo mafelong a dijo go tswa go bothati jwa selegae/porofense se tshwanetse go nna teng le khopi e e kannweng ya setifikheiti sa tota (mo lefatsheng) (fa fela go le maleba)

Nako ya tiragatso

Kopo ya tetla e e kgethegileng le phemiti ya FPE e ka tsaya kgwedi e le 1 go ya go tse 3 go lebiwe gore a mabaka le kopo di dirilwe sentle mmogo le ditlankana tse di maleba.

Tuelo ke bokae

Dituediso

Diforomo tse di tladiwang

Etela Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi kwa Cape Town: Customer Service Centre, Ground Floor,  Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore, Cape Town go bona tshedimosetso kgotsa go bona foromo ya FPE  kgotsa etela lefelo la phatlalatso le le tla itsisiweng fa go dirwa taletso ya go dira kopo ya tshwanelo mo Kuranteng ya Puso.

O ka golagana le mang

 

Fisheries Customer Service Centre:
Tel 086 000 3474 / 021 402 3443
E-mail: cscenquries@environment.gov.za

Physical address: Ground Floor, Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore, Cape Town 8000
Postal address: Department of Agriculture, Forestry, and Fisheries, Private Bag X2, Roggebaai, Cape Town, 8012

Share this page