Thekisontle Ya Tlhapi Ka Maikaelelo A Kgwebo

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya phemiti ya thomelontle ya ditlhapi go gweba ka tsona

Go romelantle tlhapi, jaaka tlhapi ya lewatle go dira morokotso, o tshwanetse go dira kopo ya phemiti kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi. 

Fa o dira kopo ya phemiti ya thomelontle ya bigeye tuna, southern bluefin tuna, swordfish, Antarctic toothfish, le Patagonian toothfish, o tshwanetse go kgomaretsa setlankana sa dipalopalo tsa go tshwarwa ga morwalo mongwe le mongwe.

Ditlankana tsa dipalopalo tsa tshwaro di ka bonwa kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi, Branch: Fisheries Management

Ela tlhoko: Phemiti e ya thomelontle e felelwa ke nako morago ga dikgwedi tse tharo mme ga e akaretse ditlhapi tsa metsi a a foreše. O tshwanetse go dira kopo ya phemiti e ntšhwa fa ya ntlha e feletswe ke nako. Go retelelwa ke go ikobela dipeelano tsa phemiti go ka baka gore e sekegwe kgotsa e phimolwe.

Mo mabakeng a thomelontle ya ditshika tse di tlhagelelang mo go CITES (Convention on International Trade in Endangered Species) o ka golagana le Lefapha la Merero ya Tikologo. 

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Itsise lekala le le gaufi nao la South African Bureau of Standards (Biro ya Maemo ya Aforika Borwa) mabapi le morwalo o o batlang go o romelantle fa tlhapi e o batlang go e romelantle e se foreše e bile e sa siamela go jewa ke batho.
  2. Fa tlhapi e le foreše go ka dirisiwa ke batho o tshwanetse go itsise Port of Health (Kantoro ya Boitekanelo).
  3. Etela Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi kwa Cape Town: Ground Floor, Branch: Fisheries  Management, Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore, Cape Town go bona kopo ya phemiti ya thomelontlhe ya tlhapi.
  4. Tlatsa difomo ka tshedimosetso e e latelang:
    • aterese ya lefelo la barekantle kwa nageng e morwalo o yang kwa go lona
    • maina a a tlwaelegileng le a saenthifiki a ditshika tse di romelwang ntle
    • palo ya ditshika tse di romelwang ntle
    • go tlhokega dikhopi tsa ditlankana tsa dipalopalo tsa bigeye tuna, southern bluefin tuna, swordfish, Antarctic toothfish, le Patagonian toothfish tse di romelwang ntle ka fa tlase ga phemiti ya thomelontle ya mo malobeng
    • lekwaloitshupo (ID) le ditlankana tsa kwadiso tsa setlamo, koporasikopelo kgotsa terasete
    • diphemiti tsa thomelontle go tswa kwa Lefapheng la Kgwebisano le Intaseteri Department of Trade and Industry kgotsa dikitsiso tsa phemiti (ITAC)
    • setifikheiti sa tumelelo jaaka se rebotswe ke Tirelo ya Lotseno ya Aforika Borwa South African Revenue Services (SARS).
  5. Fa go na le moemedi, tumelano magareng ga maphata a mabedi a tshwanetse go kgomarediwa mmogo le dikhopi tsa ID tsa basaeni
  6. Fa o se na phemiti ya tshwanelo ya go tshwara ditlhapi, o tshwanetse go isa tse di latelang:
    • bopaki jwa tlamelo le diaterese tsa lefelo tsa batlamedi ba ditlhapi tse di romelwang ntle
    • maina a a tlwaelegileng le a saenthifiki a ditshika tse di romelwang ntle
    • palo ya ditshika tse di romelwang ntle.
  7. Duela tlhotlhwa e e beilweng mo akhaontong e e latelang:
    Banka: First National Bank
    Nomoro ya akhaonto: 62123256382
    Mofuta wa akhaonto: Current
    Leina la akhaonto: Marine Living Resources Fund
    Leina la lekala: Corporate Account Services CapeTown
    Khoutu ya lekala: 204109
    Leletsa tikwatikwe ya tirelo ya badirisi gore o newe referense (021 402 3911 / 0860 000 3474)
  8. Isa kopo kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi: Private Bag X2, Roggebaai, Cape Town, 8012. O tshwanetse go posa kgotsa go isa dikopo tsa tota, e seng jalo o ka se newe phemiti

Nako ya tiragatso

Go ka tsaya matsatsi a tiro a le 7 kgotsa go feta, fa fela kopo e dirilwe sentle le netefatso ya tuelo.

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2018/19

Diforomo tse di tladiwang

Etela Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi kwa Cape Town: GroundFloor, Branch: Fisheries  Management, Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore, Cape Town go bona foromo ya kopo ya thomelontle ya tlhapi.

O ka golagana le mang

 

Share this page