Tsenya kopo go komiti ya tirelo ya botlhokwa (ESC) go bona tlhotlhomiso ya gore tirelo ke ya botlhokwa

Mothapi a ka dira kopo go ESC go tlhotlhomisa gore a kgwebo ke tirelo ya botlhokwa kana nnyaa.

Tirelo ya botlhokwa ke tirelo e, fa e ka kgorelediwa, e ka tsenyang mo kotsing kgotsa ya kgoreletsa botshelo kgotsa boitekanelo jwa batho, sekao, ditirelo tsa maokelo le sepodisi maokelo le ditirelo tsa sephodisa.

Ka nako ya ditshupetso, motho mongwe le mongwe yo o nang le kgotlhang ka ga dintlha tse di latelang a ka di romela kwa go ESC gore a:

  • tirelo ke ya botlhokwa kana nnyaa
  • modiri kgotsa mothapi o na le seabe mo tirelong e e kailweng jaaka ya botlhokwa.

Tlatsa foromo ya LRA4.2 – CCMA e e ka ga Go Romelwa ga dikgotlhang go bona tlhotlhomiso ya ditirelo tsa botlhokwa le go e romela kwa Khomišene ya Thuanyo, Tsereganyo le Katlholelo (CCMA).

Bona dintlha ka botlalo mabapi le tiro ya Kommiti ya Ditirelo tsa Botlhokwa kgotsa ikgolaganye le CCMA.

 

Call centre: 0861 16 16 16

Share this page