Dipaakanyo tsa lenaneo la baagi

O ka dira kopo ya gore tshedimosetso e e mo lenaneong la baagi e baakangwe go:

  • kwadisa gape ngwana yo o belegweng kwa ntle ga lenyalo fa batsadi ba nyalane morago ga tsalo ya gagwe
  • tsenya dintlha tsa rraagongwana mo lenaneong la botsalo la ngwana yo o belegweng kwa ntle ga lenyalo
  • tsenya leina gongwe sefane mo lenaneong la botsalo la motho yo o kwadisitsweng kwa ntleng ga leina gongwe sefane
  • baakanya leina
  • baakanya sefane sa ngwana
  • tsaya sefane se se farologaneng
  • fetola bong jwa gago
  • baakanya letlha la botsalo, bong gongwe lefelo la botsalo.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga go dira kopo ya paakanyo gonwe golagana le Lefapha la Merero ya Selegae.

 

Share this page