Kopo ya tokomane ya boitshupo

Fa o na le dingwaga di le 16 gongwe go feta, o ka dira kopo ya lekwaloitshupo (ID). O tla tlhoka ID go ikwadisetsa ditlhatlhobo tsa gago tsa materiki, go bona laesense ya go kgweetsa gongwe go bula akhaonto ya banka.
Fa o amogela ID ya gago mme go na le diphoso mo dintlheng tsa sebele, Lefapha la Merero ya Selegae le tla go direla ID e nngwe ntle le tuelo epe.

O ka dira kopo ya go rebolelwa ID gape fa:

  • o nyetswe mme o batla go tsaya sefane sa monna wa gago.
  • o le mosadi mme o batla go dira kopo ya ID e ntšhwa ka leina le lengwe le le lengwe la difane tsa pele tsa gago
  • bukana ya gago ya ID e latlhegile, e utswitswe gongwe e senyegile.

Lefapha la Merero ya Selegae le tsenya Karata ya Boitshupo boemong jwa bukana e e tala ya ID. Seno se tla dirwa mo dingwageng di le robedi tse di latelang, ka jalo ga go reye gore o tla bona Karata ya Boitshupo fa o dira kopa ga jaana. Fa o setse o na le ID, o tla lalediwa go dira kopo ya Karata ya Boitshupo.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga go bona lekwaloitshupo kgotsa golaana le Lefapha la Merero ya Selegae.

 

Share this page