Kopo ya kwadiso ya go opafatsa dijalo

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya go kwadisa setlhongwa sa go opafatsa

Go nna le setlhongwa sa go opafatsa, o tshwanetse go se kwadisa le Mokwadisi wa Molao 36 wa 1947. Setlhongwa sa go opafatsa se dirisediwa go opafatsa diphologolo kgotsa ditshedi dife fela tse di kailweng ke Tona.

Go dumelelwa:

  • setlhongwa sa go opafatsa se tshwanetse go bo se le mo Aforikaborwa
  • o tshwanetse go bona dipegelo tsa tlhatlhobo go tswa go Motlhankedi wa Diphologolo le Batlhankedi ba Boitekanelo jwa Tikologo mo porofenseng ya gago.
  • setlhongwa se tshwanetse:
o go ikobela ditlhokego tsa bophepa
o go ikobela ditlhokego tsa molawana wa setlhongwa sa go opafatsa
o nna le lefelo le le siametseng polokelo
o diragatsa ditlhagiswa tsa diphologolo tse di senang ditwatsi.

Fa Mokwadisi a sena go amogela foromo ya gago ya kopo le dipegelo tsa tlhatlhobo, motlhatlhobi go ya ka Molao 36 wa 1947 o tla tlhatlhoba setlhongwa sa go opafatsa go bona gore a se ikobela ditlhokego tsa Molao (Act 36 of 1947).

Fa Mokwadisi a kgotsofetse ka tlhatlhobo, setlhongwa se tla kwadisiwa mme le setifikheiti se tla rebolwa. Setifikheiti sa setlhongwa sa go opafatsa se tlhomame dingwaga tse tharo. O tshwanetse go dira kopo ya ntšhwafatso pele ga 31 Mopitlwe mo ngwageng o kwadiso e felang ka ona.

Ela tlhoko: Mokwadisi wa Molao 36 wa 1947 o tla phimola kwadiso nako efe fela fa:

  • o gatakile kgotsa o sa ikobela dipeelo tsa Fertilizers, Farm Feeds, Agricultural Remedies and Stock Remedies Act, 1947 (Act 36 of 1947)
  • o reteletswe ke go ikobela dipeelano tsa kwadiso
  • setlhongwa sa gago se sa ikobele dipeelo tse di beilweng kgotsa se sa tlhole se siametse go opafatsa
  • setlhongwa sa gago se le kgatlhanong le dikgatlhegelo tsa baagi

Se o tshwanetseng go se dira

1. Golagana le lefapha la porofense la Temothuo mme o kope Motlhankedi wa Diphologolo le Motlhankedi wa Boitekanelo jwa Tikologo mo lefelong la gaeno.

2. Kopa Motlhankedi wa Diphologolo le Motlhankedi wa Boitekanelo jwa Tikologo go tla go tlhatlhoba setlhongwa gore o kgone go bona dipegelo tsa tlhatlhobo ya diphologolo le boitekanelo jwa tikologo.

3. Morago ga go amogela dipegelo, o tshwanetse go sitlholola foromo ya kopo ya kwadiso ya setlhongwa sa go opafatsa ka fa tlase ga diforomo mme o e tlatse. E seng jalo, o ka bona foromo eo kwa Kantorong ya Mokwadisi kwa Agriculture Place 20 Beatrix Street, Arcadia, Pretoria.

4. Duela tlhotlhwa e e beilweng ka tšheke, otara ya poso, otara ya madi go Mokaedikakaretso: Lefapha la Temothu, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi. Fa o batla go isa kopo ya gago le madi a kopo ka seatla, netefatsa gore o amogela bopaki jwa tuelo. Fa o duela ka mokgwa wa phetisetso ka ileketeroniki, o tshwanetse go duela mo akhaontong e e latelang:

Leina la akhaonto: NDA-ACT36 of 1947
Nomoro ya akhaonto: 11 2031 02
Referense: 13SP1 le leina la setlhongwa
Khoutu ya lekala: 01 0845
Leina la banka: Standard Bank.

5. O tshwanetse go kgomaretsa tse di latelang mo foromong ya kopo:

  • bopaki jwa tuelo
  • dipegelo tsa tlhatlhobo ya diphologolo le boitekanelo jwa tikologo
  • leano la lefelo le ditiragatso tsa tlhagiso

6. Isa ditlankana tsa kopo ka poso go: The Registrar Act 36 of 1947, Private Bag X343, Pretoria 0001 kgotsa o di ise ka seatla go: The Registrar Act 36 of 1947, Agricultural Building, 20 Steve Biko Street, Pretoria

Nako ya tiragatso

Go ka tsaya dikgwedi tse nne.

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2024/25

O ka golagana le mang

 

 

National office
Tel: 012 319 6657
Fax: 012 319 7179
Physical address: Agriculture Building, 20 Steve Biko Street, Arcadia, Pretoria
Postal address: Private Bag X343, Pretoria 0001
Web address: https://www.dalrrd.gov.za/

Share this page