Romela makwalo a ditopotuelo kwa Letloleng la Phimolakeledi

Jaaka mothapi yo a leng mo molaong, o tshwanetse go isa bontlha bongwe jwa mogolo wa modiredi kwa Letloleng la Phimolakeledi.

O tshwanetse go isa lekwalo la topotuelo le le tlhalosang ka botlalo dituelo tseno ngwaga yo mongwe le yo mongwe.

Lekwalo la topotuelo le tshwanetse go tlhalosa mofuta wa kgwebo ya gago, palo ya badiredi ba gago mmogo le madi a o ba duelang one (mogolo wa kgwedi le wa beke) mo motsing oo wa tekolo, go simolola kwa tshimologong ya Mopitlwe go fitlha kwa bokhutlong jwa Tlhakole (mo ngwageng wa lekgetho)

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go romela makwalo a ditopotuelo kwa Letloleng la Phimolakeledi kgotsa golagana le ba Letlole la Phimolakeledi.

 

Tel: 0860 105 350

E-mail address: 
cfcallcentre@labour.gov.za 
cfenquiries@labour.gov.za

 

Share this page