Kopo ya go kwadisa lefatshe go rua kgokong

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kwadisa lefatshe go rua kgokong

Fa o batla go rua kgokong o tshwanetse go kwadisa lefatshe la gago pele le Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi (DAFF).

O tshwanetse go newa pele, tetla go tswa go bothati jwa tshomarelo ya tlhago mo porofenseng e e maleba.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Golagana le ngaka ya diphologolo ya selegae mme o dire peelano.
  2.  O tshwanetse go bona ditlankana tse di latelang pele o dira kopo mme o di ise kwa kantorong ya tsa diphologolo:
    • Setifikheiti se se supang go tswalelwa sentle se se rebotsweng ke bothati jwa tshomarelo ya tlhago.
    • Khopi ya mmapa o o supang bogolo jwa lefatshe le o le direlang kopo.
  3. O tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo fa pele ga ngaka ya diphologolo.
  4. Ngaka ya diphologolo e tshwanetse go tlhatlhoba lefatshe le magora le go netefatsa maemo a malwetse a kgokong eo
  5. Tlhogo ya ditirelo tsa diphologolo mo porofenseng e tshwanetse go paka gore ditlabelo tse di maleba di teng go ela tlhoko maemo mo polaseng eo gangwe le gangwe, gore metsamao yotlhe ya kgokong eo go tsena le go tswa mo polaseng e tla dirwa sentle le gore fa go na le sengwe se se sa tsamaeng sentle se tla siamisiwa ntle le go senya nako.
  6. Foromo ya kopo e tshwanetse go saeniwa ke mong/molaodi, ngaka ya diphologolo ya porofense le tlhogo ya ditirelo tsa diphologolo mo porofenseng. Tlhogo ya ditirelo tsa diphologolo tsa porofense o tshwanetse go romela kopo kwa Bokaeding jwa Boitekanelo jwa Diphologolo.
  7. Batlhankedi ba DAFF ba tla neela nomorokwadiso ya semmuso, ba tsenye tshedimosetso mo kwadisong ya bosetšhaba ya dikgokong mme ba gatise setifikheiti sa kwadiso sa mong wa polase. Setifikheiti se se romelelwa ngaka ya diphologolo yo o rometseng kopo. O ka ya go tsaya setifikheiti seo kwa ngakeng ya diphologolo ya selegae.

Nako ya tiragatso

Paka ya go amogelwa ga kopo ke Bothati jwa Diphologolo jwa Porofense bo farologana go ya ka diporofense.

Fa kopo ya gago e sena go amogelwa ke Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo, tsamaiso ya kwadiso e ka tsaya matsatsi a tiro a le lesome.

Tuelo ke bokae

Ditlhotlhwa di farologana go ya ka diporofense.

O ka golagana le mang

 

Share this page