Ka ga go kwadisa Mokgatlo o o sa direng Morokotso
Fa mokgatlo wa gago e se o o dirang morokotso e bile e se karolo ya puso, o ka dira kopo ya kwadiso. O ka romela kopo ya gago ya mokgatlo o o sa direng morokotso (NPO) kwa kantorong e e gaufi nao ya Tlhabololo ya Loago ya Porofense.
Kwadisa mokgatlo wa wa gago gore o amogelege mo matlhong a baborogi.
DiNPO di akaretsa diterasete, ditlamo le mekgatlo e mengwe ya batho e e tlhometsweng baagi.
Go kwadisa NPO ya gago go botlhokwa gonne setifikeiti sa teng se:
-
tokafatsa seriti sa gago le tšhono ya go bona thuso ya matlole.
-
letla mokgatlo wa gago go bula akhaonto ya banka
-
thusa mokgatlo wa gago ka dipoelo tsa lekgetho.
Go kwadisa, o tshwanetse go bo o le nngwe ya tse di latelang:
-
Mekgatlo e seng ya Puso (NGO)
-
Mekgatlo ya Setšhaba (CBO)
-
Mekgatlo ya Sedumedi (FBO)