Polelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 30 Moranang 2013

1. Seemo sa Kabinete mo mererong e e kwa setlhoeng mo maemong a ga jaanong

1.1. Kabinete e gakolola maAforika Borwa otlhe gore molaotheo o netefaletsa tshwanelo ya go dira ditshupetso le go ngongorega go ntse go obamelwa molao. Kabinete e lemoga le go tshwenngwa ke ditshupetso tse di seng mo molaong mme di tletse tirisodikgoka tse di ka nnang matshosetsi mo temokerasing ya rona. Ditlhapa tse di lebisitsweng go Tona ya Thuto ka nako ya ditshupetso tsa fa gautshwane tsa Mokgatlho wa Temokerasi wa Barutabana wa Aforika Borwa (Sadtu) le go bontshiwa ga diaparo tsa ka fa gare tsa basadi ka nako ya dithupetso go bontsha go nyatsa basadi mme seo ga se tlhokege. MaAforika Borwa a lole ka thata, sebaka se seleele a lwela temokerasi ya rona, mme ka jalo re tshwanetse gore re se ke ra ikamanya le maitsholo a a swabisang a a bontshang go tswa mo taolong.

Mo bogautshwaneng, Aforika Borwa o tlaa bo a tsena mo pakeng ya dipuisano tsa dituelo tsa badiri mme Kabinete e ikuela mo baaging botlhe, badiri le mekgatlho ya badiri go tila dikgato dipe tse di nyatsang temokerasi ya rona. Kabinete e rata go gatelela gore kgaratlho ya rona ya kgololesego le temokerasi e netefaditse gore melao ya naga ya rona e dira tlamelo ya ditshupetso tse di sireleditsweng, tsa kagiso. Kabinete e boa e ikuela mo badiring gore ba dirise ditsela tse di gona, tse di mo molaong tsa go samagana le dingongorego le dipuisano tsa dituelo go lepalepana le temokerasi e re e lwetseng ka thata.

1.2. Kabinete e akgotse Katlego ya dipholisi le mananeo a a neng a ikaeletse go maatlafatsa seemo sa Aforika Borwa jaaka lefelo le legolo la ditiragalo tsa bojanala jwa boditšhabatšhaba le tsa kgwebo. Seno se netefaditswe ke Dipalopalo tsa Ngwaga le Ngwaga tsa Bojanala, tse di tlhomilweng ke Moporesidente Jacob Zuma. Dipalopalo di bontsha gore ka 2012, Aforika Borwa e etetswe ke palogotlhe ya bajanala ba boditšhabatšhaba ba le dimilione di le 9.2, e leng koketsego ya go tloga go dimilione di le 8.3 ka 2011. Dipalopalo tsa bajanala ba Aforika Borwa di oketsegile ka diperesente di le 10.2 ka 2012 – go feta palogare ya lefatshe lotlhe ya 4% gabedi. 

Kgolo eno e e gaisang ya Bojanala, ke bosupi jwa nnete jwa gore maAforika Borwa ke batho ba ba botsalano le ba ba itseng go amogela baeng gammogo le maitemogelo a a anameng a Bojanala a naga e nang le ona. Indaba ya Bojanala ya 2013 kwa Durban go tloga ka di11 go ya go di14 Motsheganong, e tlamela ka tšhono ya go boela gape re bontsha Aforika Borwa le batho ba yona.

1.3. Aforika Borwa jaaka lefelo la dipeeletso, e bone tshusumetso e nngwe ka go gapa kabo ya European Outsourcing Association (EOA) Offshoring Destination of the Year Award 2013. Seno se kgontshitswe ke dipeeletso tse di tswelelang pele tsa babeeletsi go tswa lefatsheng ka bophara. Kabo eno e lemoga mafelo le bagwebi ba ba dirileng ka matsetseleko go tlamela mmaraka wa dikonterakapotlana (outsourcing market) wa Yuropa. Kabo eno e na le kgonagalo ya go ngokela dipeeletso tse dintsi tse dintšhwa mo ngwageng wa 2013 le go feta.

1.4. Kabinete e akgotse Katlego ya lenaneo la South African Renewable Energy Independent Power Producer Procurement Programme (REIPPP) le le lemogilweng ka go gapa kabo ya Green Project Infrastructure of the Year Award e e abilweng ke Global infrastructure Leadership Forum.

1.5. Kabinete e lebogela seabe sa maAforika Borwa otlhe ka go thusa naga go boloka dimekawate tsa motlakase di le 3 586 fa e sa le ka 2005, se e leng selekano sa tlhagiso ya seteišene se le sengwe fela sa motlakase. 

Malebana le seno, Kabinete e ikuela gore go nne le maiteko a setšhaba sotlhe go fokotsa gape tiriso ya motlakase mo marigeng ano ka ntlha ya fa tlamelo ya motlakase e tsile go nna mo kgatelelong ya paka. Mmogo, tlaya re somareleng motlakase ka go tima didiriswa tse di seng botlhokwa. MaAforika Borwa otlhe a na le maatla a go tshola dipone di ntse di benya.

Kabinete e sedifatsa gore ga jaana ga go na maikaelelo a go tima motlakase. MaAforika Borwa a tlaa itsesewe go sa le gale fa go ka nna le tlhokego ya kgato eo, gore re kgone go ithulaganya sentle.

Kabinete e boeletsa gore seemo se se maswe sa motlakase se bakwa ke dipaakanyo tse di tlhokegang gammogo le dintlha tse di sa lebelelwang tsa setegeniki tse di akaretsang go utswiwa ga megala.

Kabinete e netefaletsa maAforika Borwa gore go na le mananeo a le mmalwa a a netefatsang gore go fitlhelelwa tlhokego ya motlakase le gore seriti sa tsamaiso ya maatla se nna se tsepame ka gale. Lenaneo la kago ya mafaratlhatlha le ikaelela go netefatsa gore ikonomi e tshegediwa ke mafaratlhatlha a a tlhokegang mo dingwageng tse di tlang.

1.6. Kabinete e akgola baamogedi botlhe ba Dikabo tsa Bosetšhaba mme e lebogela tshwaelo ya bona mo tsweletsong ya temokerasi ya rona le tokafatso ya matshelo a maAforika Borwa. 

1.7. Kabinete e ikuela mo batsading le batlhokomedi botlhe ba maAforika Borwa ba ba nang le bana ba go tloga ka dikgwedi di le 9 go fitlha go dingwaga di le 5 go netefatsa boitekanelo jwa bona ka go dirisa letsholo la naga ka bophara la go entela bana kgatlhanong le polio le mmoko.

Lefapha la Boitekanelo le simolotse letsholo leno la moento ka di29 Moranang 2013, le tlamela bana ba ba nang le tshiamelo ka tekanyetsomolemo e e maatlafatsang mo godimo ga moento wa tlwaelo.

1.8. Kabinete e tshegetsa ka botlalo Beke ya Ditšhabakopano ya Pabalesego mo Tseleng e e diragalang go tloga ka di6 go fitlha go di12 Motsheganong ka moono wa “Pabalesego ya batsamayakadinao”. 

Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe, bogolo segolo bakgweetsi le batsamayakadinao, go nna le maikarabelo, go nna tlhaga le kelotlhoko mo ditseleng tsa rona. Kabinete e lemogile gore batsamayakadinao ba dira palo e e kwa godimo ya dintsho tsa mo ditseleng mo Aforika Borwa.

Kabinete e ikuela gape mo Aforika Borweng otlhe go nna kelotlhoko mo pakeng eno le go obamela melawana yotlhe ya tsela.

1.9. Go latela leeto la tiro le le atlegileng la ga Moporesidente Jacob Zuma kwa Rephaboliking ya Bofeterale ya Nigeria mo bogareng jwa Moranang 2013, Moporesidente wa Nigeria, Goodluck Jonathan o tlaa nna le Leeto la Semmuso mo Aforika Borwa go tloga ka di6 go fitlha di7 tsa Motsheganong 2013. Ka nako ya leeto, go tlaa tokafadiwa dikamano tsa sebedi mme di tlaa buisanelwa ka fa tlase ga Khomišene ya Ditšhaba-pedi ya Aforika Borwa-Nigeria.

Kabinete e boeletsa maitlamo a puso ya Aforika Borwa a go maatlafatsa botsalano jwa yona le Nigeria go oketsa dikgwebisano tsa maphata-mabedi le tirisanommogo gore go nne le Aforika o o botoka.

1.10. Kabinete e amogetse semmuso kopo ya maitshwarelo go tswa go Tonakgolo ya Rephaboliki ya Aforika Bogare, Rre Nicholas Tiangaye, malebana le ditiragalo tse di bosula tse di bakileng dintsho tsa ditokololo tsa Letsholo la Bosetšhaba la Tshireletso la Aforika Borwa (SANDF).

Kabinete e boeletsa maitlamo a yona a Aforika o o renang kagiso, o o humileng mme a tsepame ka ditsereganyo le mananeo a a farologaneng, go akarediwa matsholo a kagiso. 

1.11. Kabinete, mo boemong jwa Puso le baagi ba Aforika Borwa, e romela matshediso kwa Rephaboliking ya Batho ya China go latela thoromo ya lefatshe e e bolaileng batho kwa porofenseng ya Sichuan ko nageng eo ka di20 Moranang 2013. Gape Kabinete e rometse matshediso kwa bathong ba kwa Bangladesh ba ba amilweng ke kotsi ya kwa femeng.

1.12. Kabinete e amogetse ketelo ya Moporesidente wa maloba, Nelson Mandela ke lekoko le le busang. Ketelo e lepalepane le ditlwaelo tse di amogelesegang tsa Ubunto le ka moo re tlotlang bagodi ba rona ka gona. Batlhankedi ba ba amegang ba dirisitse tšhono eno go itsese setšhaba, kontinente le lefatshe ka seemo sa moeteledipele wa rona yo o rategang

2. Dipuisano le ditshwetso tsa botlhokwa sa Kabinete

2.1. Kabinete e itsisitswe ka seabe le ditlapele tsa Aforika Borwa  kwa Foramong ya Lefatshe ya Ikonomi (WEF) ya Aforika ya 2013 e e tlaa tshwarelwang kwa Motsekapa go tloga ka di8 go fitlha di10 Motsheganong 2013, ka moono wa: “Go diragatsa ditsholofetso tsa Aforika”.

WEF-Africa ke foramo ya ikonomi e e totile kgaolo e e tlamelang bagwebi le babeeletsi ba selegae le ba kgaolo ba ba nang le kgatlhego mo kgaolong ka tšhono ya go refosanya, tota le go ka dira selekane le dipuso.

Go amogela tiragalo eo go tlaa tlamela Aforika Borwa ka tšhono e nngwe ya go buisana le go gwetlha baeteledipele ba Aforika le dikgwebo tsa boditšhabatšhaba le tsa kgaolo malebana le ditsereganyo tse di ka nnang gona go lomaganya le go tokafatsa kgolo mo Aforika Borwa le mo kgaolong. 

2.2. Kabinete e amogetse gore go tlaa phasaladiwa kgatiso ya borataro ya Disupi tsa Tlhabololo (Development Indicators) (2012). Disupi tsa Tlhabololo ke phasalatso ya ngwaga le ngwaga mme kgatiso ya 2012 e sobokanya tshedimosetso ya mekgwa bogolo segolo go lebilwe paka e e lebisang kwa bogareng jwa 2012. Disupi di thusa go tlhaloganya ditlamorago tsa dipholisi le maiteko a puso a tlamelo ya ditirelo.

Tshekatsheko ya mokgwa e e tsenngwang malebana le sesupi sengwe le sengwe e tlhomamisa ka moo re tlhaloganyang ka gona tswelelopele ya tlhabololo ya batho e re e dirang jaaka setšhaba mo dintlheng tsa botlhokwa tsa pholisi mme gape e supa  dintlha tse di tlhokang go tseelwa matsapa. Go tlaa rulaganngwa kopano ya go tlhalosa pegelo.

2.3. Kabinete e goeleditse di31 Phatwe 2013 jaaka letlha la kemiso mo Rephaboliking ya Aforika Borwa malebana le batshabi ba ba amegang ba Angola. Seno ke go lepalepana le kemiso e e goeleditsweng ke Mokomišinaramogolo wa Batshabi wa Ditšhabakopano (UNHCR) ka Diphalane 2009, e e diragatsang maiteko a go tokafatsa tomagano ya kgaolo.

Go diragetse diphetogo tsa botlhokwa fa e sa le ntwa ya bana ba mpa e khutla kwa Angola. Go tsewa gore batshabi ba Angola ba ka kgona go boelwa ke boagi jwa naga ya bona ya tshimologo, gonne go sa tlhole go na le mabaka a a lemogang motho jaaka motshabi.

Puso ya Aforika Borwa e tlaa netefatsa gore moagi mongwe le mongwe wa Angola yo o mo Aforika Borwa o itsesewe ka tsamaiso ya kemiso ya ba ba amegang le go rotloetsa maAngola a a amegang go ithaopa go itlhagisa gore ba busediwe gae. 

2.4. Kabinete e lemogile gore Union Buildings e tlaa bo e keteka dingwaga di le 100 ka Sedimonthole. Gape e amogetse gore ngwagakgolo o tshwaiwe ka diporojeke tse di farologaneng, go tshwana le meletlo ka Letsatsi la Poelano, 16 Sedimonthole 2013, ka moono wa go tsweletsa kopano ya loago, kopano ya setšhaba, kakaretso le poelano.

2.5. Kabinete e amogetse gore pegelo ya Tiragatso ya Bothathi jwa Thuto le Katiso ya Maphata (Performance of Sector Education and Training Authorities) (SETAs) e e tswang mo Setlhopheng sa Tiro sa Tona sa diSETA e gololwe gore baagi ba tshwaele. Pegelo e tlamela ka dikatlenegiso tsa gore tiragatso ya diSETA e ka tokafadiwa jang ka tshekatsheko e e totileng dintlha di le mmalwa tsa botlhokwa, go tshwana le Maano le Tlamelo, Kobamelo le Tsamaiso, le Matlotlo le Tsamaiso ya Ditšhelete.

2.6. Kabinete e amogetse Mosupatsela wa Thekenoloji ya Tlhaeletsano le Tshedimosetso wa Patlisiso, Tlhabololo le Boitlhamedi (Information Communication Technology (ICT) Research, Development and Innovation (RDI) Roadmap) jaaka leano la pakatelele la peeletso le tiragatso la ICT le RDI mo Aforika Borwa go tshegetsa tlhabololo ya ikonomi ya loago.

RDI mo lephateng la ICT e botlhokwa go susumetsa kgaisano ya di-ikonomi. Jaaka go tlhagisitswe mo Leanong la Bosetšhaba la Tlhabololo la 2012, Aforika Borwa e latlhegetswe ke seemo sa yona jaaka moeteledipele wa kontinente mo dikgokaganong tsa Inthanete le broadband.

Mosupatsela ono ke sediriswa se se maleba sa togamaano, se se nang le maano a tiragatso le matlhomeso a tiragatso, go kaela le go tsamaisa peeletso ya Aforika Borwa mo ICT RDI mo dingwageng di le 10 tse di latelang.

Togamaano ya ICT RDI e setse e simolotse go ungwa maungo a a bonalang go tshwana le porojeke ya wireless mesh technology demonstrator, e e tshegetsang  tlamelo e e tlhotlhwatlase ya kgokagano ya broadband kwa dikolong tsa magae di feta 200 kwa Mpumalanga le Limpopo.

2.7. Kabinete e lemogile go amogelwa ga Khonkerese ya Lefatshe ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Baagiteke ya 2014 kwa Durban ke Setheo sa Aforika Borwa sa Baagiteke.

SAIA e fentse kgaisano ya go nna baamogelabaeng kwa Khonkereseng ya Lefatshe ya UIA ya 2008 e e neng e tshwaretswe kwa Turin, Italy. Khonkerese ya 2014 e tlaa nna le seabe sa botlhokwa sa go tsweletsa boagiteke mo kontinenteng le gape go bontsha baagiteke ba lefatshe tikologo e e namileng ya boagiteke.

3. Go thapiwa

3.1. Kabinete e amogetse go thapiwa ga ba ba latelang:
a) Rre Coceko Bambihlelo Johan Pakade mo maemong a Mokaedikakaretso kwa Lefapheng la Katlaatleloloago.
b) Rre Fhumulani Peter Netshipale mo maemong a Motlatsa-Mokaedikakaretso: Tlhabololo e e Kopanetsweng kwa Lefapheng la Katlaatleloloago.
c) Rre Harold Maloka mo maemong a Motlatsa-Motlhankedikhuduthamaga: Tsamaiso le Phasalatso ya Diteng kwa Tsamaisong ya Puso ya Tlhaeletsano le Tshedimosetso.
d) Mme Mogogodi Doris Dioka mo maemong a Motsamaisikakaretso (Motlatsa-Mokaedikakaretso) kwa  Government Printing Works.
e) Mme Constance Glerah Nxumalo mo maemong a Motlatsa-Mokaedikakaretso: Ditirelo tsa katlaatleloloago mo Lefapheng la Tlhabololo ya Loago.

3.2. Kabinete e lemogile go thapiwa ga Rre Asogan Moodley mo maemong a Motlhankedimogolo wa Khuduthamaga kwa National Regulator for Compulsory Specifications (NRCS) go tloga ka di01 Seetebosigo 2013 le mo pakeng e e setseng ya kantoro e e khutlang ka di31 Sedimonthole 2014.

3.3. Kabinete e lemogile go thapiwa ga ditokololo tse di latelang go dira mo  Botong ya NRCS go tloga ka di1 Seetebosigo 2013 mo pakeng e e setseng ya kantoro e e khutlang ka di23 Mopitlwe 2014.
a) Rre Jeff Molobela (Modulasetilo)
b) Rre Paul Kabelo Kgothatso Serote.

3.4. Kabinete e dumelane le go thapiwa ga Boto e ntšhwa ya  Sedibeng Water, sebaka sa dingwaga di le 4 go tloga ka di30 Moranang 2013.
a) MoAdfokate Shami Kholong
b) Derick Mboweni
c) Maemili J Ramataboe (Modulasetilo)
d) Goitse Griessel Ramakarane
e) Eric Atlholang Gaborone
f) Kgalalelo Gloria Sereko
g) Pulane Elsie Molokwane
h) Moses Mphahlele Mthombeni
i) Matshedisho David Dikoko (Motlatsa-Modulasetilo)
j) Deon Daniel Madyo

3.5. Kabinete e lemogile gore Banka ya Tlhabololo ya Aforika e tlaa tshwara ditlhophokakaretso tsa Bakaedikhuduthamaga ka Kopano ya Ngwaga le ngwaga ya 2013 kwa Marrakech, Morocco ka di31 Motsheganong 2013.
a) Kabinete e tshegetsa go supiwa ga Rre Shahid Khan go dira paka ya bobedi jaaka Mokaedikhuduthamaga yo o emetseng Aforika Borwa, Lesotho le Swaziland.

3.6. Kabinete e dumelane le go thapiwa ga Boto e ntšhwa ya Technology Innovation Agency sebaka sa dingwaga di le nne go tloga ka di1 Motsheganong 2013.
a) Mme Khungeka Njobe (Modulasetilo)
b) Mme Rosetta Xaba
c) Ng Bonakele Mehlomakulu
d) Rre Mohamed Moolla
e) Mme Helen Brown (re appointed)
f) Mop David Ellis Kaplan
g) MoAdfokate Motlatjo Josephine Ralefatane
h) Ng Petro Terblanche
i) Rre Fadl Hendricks
j) Ng Steve Lennon.

3.7. Kabinete e dumelane le go thapiwa ga ditokololo tse di latelang mo pakeng e e setseng ya Boto ya ga jaana ya South African National Space Agency, e e khutlang ka di31 Motsheganong 2014.
a) Moh Esther Khambule
b) Rre Marius Rezelman
c) Mop ADM Walker
d) Ng Daphney Mayindi
e) Ng Jonas Mphepya.

Dipotsiso: Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore