Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 26 Phatwe 2015

1. Dintlha tsa jaanong

1.1. Kabinete e amogetse Yuniti ya 6 ya Seteišene sa Medupe sa Maatla a Motlakase kwa Lephalale mo Limpopo, se se tseneng mo tirisong e e tletseng le go abela dimekawate (MW) di le 800 tsa motlakase mo keriting ya bosetšhaba. Porojeke ya Seteišene sa Medupe sa Maatla a Motlakase ke polante ya greenfield e e fetlhang motlakase ka malatlha e e nang le diyuniti di le thataro tse di lekanyediwang gotlhe le go tsenya bokgoni jwa mothamo wa dimekawate di le 4 764. Moporesidente Jacob Zuma o thangkgolotse yuniti e ka la 30 Phatwe 2015. 

Kago ya Seteišene sa Medupe sa Maatla a Motlakase e simolotse ka Motsheganong wa 2007 mme diyuniti tsotlhe di le thataro di solofetswe go bo di dira ka paka ya halofo ya ntlha ya 2019. Fa di tla bo di setse di konoseditswe, e tla bo e le polante ya bone(4) ka bogolo e e fetlhang motlakase ka malatlha le go nna seteišene sa maatla a motlakase se segolo go gaisa se se tsidifatswang go omile mo lefatsheng ka bophara. Polante e, e rulaganyeditswe go dira e tshela sentle sebaka sa dingwaga di le 50.

Yuniti 6 e rulaganyeditswe tiriso-ka-tsamaisano mo keriting ya bosetšhaba la ntlha ka la 2 Mopitlwe monongwaga mme e ntse e tlamela motlakase ka go tlhagelela ka dinako tse di sa tlhamalalang fa e ntse e tsweletse e le mo ditekong tsa go e dirisa ka botlalo. Mo pakeng e, Yuniti 6 e ntse e kgona go fokotsa kgatelelo mo thulaganyong ya motlakase ya bosetšhaba, e thusa gongwe le ka go efoga load-shedding gotlhelele kgotsa go fokotsa go utlwala thata ga yona. Tiriso ya yuniti ya kgwebo e fitlheletswe sentle mo pakeng e e tlwaelegileng ya peelotiriso ya dikgwedi di le thataro tsa fa e sena go rulaganyediwa tiriso-ka-tsamaisano. 

Go dira ga kgwebo ya Yuniti 6 ya Seteišene sa Medupe sa Maatla a Motlakase ke letshwaolegolo la tiragalo e e botlhokwa mo matsapeng a rona a go aga mothamo o mošwa wa go fetlha motlakase.

1.2. Kabinete e tsweletse ka go lemoga boleng jwa bothata jo naga e sa ntse e lebagane le bona ka ga tlamelo ya motlakase. Le fa re swabiswa ke go itemogela load-shedding, Eskom e itlamile go tlhokomela mo go tlhokegang gore e tokafatse boitekanelo jwa pakatelele jwa dipolanta tsa rona ka go nna le dikgoreletsego tse di isegang. Ka Mosupologo wa 31 Phatwe, Yuniti 2 ya Seteišene sa Maatla a Motlakase sa Koeberg kwa Kapa Bophirima se tla tswalwa gore se tlhatlhobiwe le go siamisiwa fa go tlhokegang.   

1.3. Yuniti e solofetswe go boela mo tirisong fa morago ga dikgwedi di le tharo. Paka e e rulaganyeditsweng go tswalwa ga Yuniti ya 2 ya Koeberg ke karolo ya lenaneo la kakaretso la Eskom la tlhokomelo ya metseletsele wa yona wa diteišene tsa maatla a motlakase. Mo dikgweding dingwe le dingwe di le 16 go ya go 18, nngwe le nngwe ya diyuniti tse pedi tsa Koeberg e a tswalwa gore e tladiwe ka ditukisi, e tlhatlhobiwe le go siamisiwa fa go tlhokegang. Go tswalelwa go go rulagantsweng go, go direlwa gore go efogwe gore diyuniti di se senyege ka nako e le nngwe ka bobedi ba tsona le go efoga dikgwedi tsa mariga tsa ngwaga le ngwaga.

1.4. Fa re tsweletse go dira kgatelopele mo go tokafatseng mothamo wa rona wa go fetlha motlakase, Kabinete e bua le maAforika Borwa ka gore ba tswelele go dirisa motlakase ka tlhokomelo. 

2. Samiti ya Ditlhogo tsa Dinaga le Puso

2.1. Kabinete e amogetse dipoelo go tswa go 35th Ordinary Southern African Development Community (SADC) e bong Samiti ya Ditlhogo tsa Dinaga le Puso, kwa Moporesidente Jacob Zuma a neng a eteletsepele kemedi ya Aforika Borwa. 

Samiti e amogetse poeletso ya Leano la Tlhabololo la Pego ya Togamaano ya Kgaolo la 2015-2020. Samiti e tsweletse gape ka go saena ditumelano/matlhagoladitsela a le mararo a a tla kgontshang kgaolo go samagana le dikgwetlho tse kgolo tsa botlhokatiro le bohumanegi ka tsela e e ka tsweletsegang.

  • Tumelano e e fetolang Matlhagolatsela ka ga Dipolotiki, Phemelo le Tirisano ka tsa Tshireletso le Tumelano ya go fetola Kagisano(Treaty) ya SADC.  Ditumelano tse di tla letla Komiti ya Phemelo ya Magare ga Dinaga le Tshireletso ya Karolo ya Dipolotiki, Phemelo le Tirisano ka tsa Tshireletso go dira jaaka foramo ya bogokaganyi go Ditlhogokgolo tsa Kgopololo le Dikgolegelo  mo Borwa jwa Aforika. 
  • Polelo ka ga Tlhomamiso ya Tlhabololo ya Baša le Maatlaafatso e dira gore ka bonako go tlhokomelwe tlhabololo ya baša mo bokaong jwa tirisano mo kgaolong, kopanyo, tlhabololo le kagiso ga mmogo le tshireletsego mo kgaolong.
  • Matlhagolatsela ka ga Ditirelo tsa Kgwebo ka go gololosega mo ditirelong tsa kgwebisano ya ka fa gare ga SADC ka ponalo ya go tlhama mmaraka o le mongwe mo kgaolong. Kamogelo ya Poeletso ya Leano la Tlhabololo la Pego ya Togamaano ya Kgaolo la 2015-2020 e ne e le letshwaolegolo la tiragalo mo tekong ya SADC ya go rotloetsa kgwebo mo gare ga kgaolo.  

Kabinete e amogetse gape le tshwetso ya kopano ya SADC Double Troika, e e neng e tshwerwe mo molelwaneng wa Samiti ya SADC e e neng e tsenetswe ke Motlatsa-Moporesidente le Mogokaganyi wa SADC e bong Cyril Ramaphosa, go gatelela sešwa melawana ya tsamaiso ya Khomišene ya SADC ya Patlisiso mo go tsa Mmuso wa Lesotho.

3. Leoto la Motlatsa-Moporesidente go ya Japane

3.1. Kabinete e amogetse katlego ya leoto la Motlatsa-Moporesidente Ramaphosa la go ya Japane.  O ne a patilwe ke kemedi ya Botona ba maemogodimo le borakgwebo go ya go tsweletsa Aforika Borwa jaaka lefelo le le kgatlhegelwang thata la dipeeletso. 

Motlatsa-Moporesidente o netefaleditse babeeletsi ba kwa Japane gore Aforika Borwa e butswe go dirisana ka tsa kgwebo mme a ba bolelela ka ga itekanelo ya tlhomamo ya  ikonomikgolo ya naga le tikologo ya kgwebo e e thusang go isa kwa dipeeletsong, segolobogolo mo maitekong a go tlhola ditiro. 

Motlatsa-Moporesidente Ramaphosa o dirisitse gape leoto le, go fitlhelela maitlamo go tswa go Japane a go dira mmogo le Aforika Borwa mo maitekong a go lwantsha tshotlego e e tlisiwang ke leroborobo la HIV le AIDS, TB le Malaria. 

4. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

4.1. Kabinete e amogetse maikemisetso a Aforika Borwa le Toropokgolo ya Durban mabapi a go nna baamogelabaeng ka Metshameko ya Kgweranaditšhaba (Commonwealth) ya 2022. Ke la ntlha Aforika e tla bo e nna baamogelabaeng ba Metshameko ya Kgweranaditšhaba mme e tla baya Aforika Borwa go nna mo maemong a lefelo la Bojanala jwa tsa metshameko le go tlamela Setlhopha sa Aforika Borwa ka ditšhono.
Go nna batsholabaeng go tla dira gape gore go dirisiwe motlhala wa hisetori ya mafaratlhatlha a Sejana sa Lefatshe sa 2010 FIFA™.

Metshameko ya Kgweranaditšhaba ya 2022 e solofelwa go tlisa bokana ka diranta di le dibilione di le 20 (R20 billion) tse di ntshetswang ikonomi, tse di fetolelwang go nna diranta di le dibilione di le 11(R11 billion) tsa kgolo ya Palogotlhe ya Boleng jwa Dikuno tsa Naga(GDP).

4.2. Kabinete e amogetse phasalatso ya Pegelo e e tswang ka Dipaka ya botlhano ya Aforika Borwa (2009-2014) e e ka ga Tiragatso ya Khonfenšene e e ka ga Khutlisio ya Mefuta yotlhe ya Kgethololo kgatlhanong le Basadi mo Kasete ya Puso, gore setšhaba se neele ditshwaelo ka ga yona.

Pegelo e neela tshekatsheko ya go nonofa ga tlhatlhamano ya melao, dipholisi le mananeo a a dirisiwang mo Aforika Borwa le go gatelela diphitlhelelo tse naga e di dirileng mo go maatlafatseng basadi le mo tekatekanong ya bong. Pegelo gape e amogela dikgwetlho tse di tsweletseng le maparego a go rarabolola go se lekalekane le kgethololo mo nageng.

4.3. Kabinete e amogetse gore Aforika Borwa e nne karolo ya Senthara ya Dikgakololo tsa Molao mo Mokgatlho wa Kgwebisano wa Lefatshe (WTO) kwa Geneva.

Se, ke mokgatlho wa boditšhabatšhaba o o tlamelang dikgakololo tsa Semolao mo Mokgatlho wa Kgwebisano wa Lefatshe, tshegetso mo dithulaganyong tsa tharabololo mo dikganetsanong le katiso mo molaong wa WTO mo dinageng tse di tlhabolotsweng le tse di tlhabolotsweng go le gonnye.

Ka Aforika Borwa e le tokololo, o tla kgona go bona dikgakololo ka ga go tsamaelana ga ditekanyetso tsa kgwebisano tse Aforika Borwa a batlang go di tlhagisa. Senthara gape e ka thusa Aforika Borwa mo WTO ka tharabololo ya dikgetse tsa dikganetsano.

4.4. Kabinete e boleletse Tona ya Matlotlo, Rre Nhlanhla Nene, yo o fitlhelelang Boporesidente ba Khansele ya Ditona ya Setlhopha se se Kgatlhanong le Phetiso ya Madi ka go timetsa motlhala wa yona ya Botlhaba le Borwa jwa Aforika, ka ngwaga. Ka jalo Tona o tla nna moamogelabaeng ba kopano ya 2015 ya ngwaga le ngwaga ya khansele.

Mokgatlho wa kgaolo wa tirisano ya mebuso o rotloetsa tiragatso e e tlhomameng ya mekgwa ya go khutlisa phetiso ya madi ka go timetsa motlhala le ya go tlamela borukhutli ka madi go ralala kgaolo ya borwa le botlhaba jwa Aforika.

Maikaelelo a botokololo jwa Aforika Borwa ke go tiisetsa mekgwa ya kgaolo kgatlhanong le phetiso ya madi ka go timetsa motlhala le go tlamela borukhutli ka madi, e le se se rotloetsang tshireletsego ya bosetšhaba ya selegae le ya kgaolo ka bobedi.

4.5. Kabinete e tswelela go bua kgatlhanong le boitlhokisa-tlhaloganyo jwa go bolaya mapodisi. Kabinete e ikuela go baagi go dira mmogo le mapodisi ka go ba thusa go tshwara badiri ba dipolao tse.  Ditheo tse di dirang ka kgatelelo ya tiragatso ya  molao di dira motshegare le bosigo go netefatsa fa badiri ba ditiro tse tsa bosenyi ba tshwarwa. Kabinete e leboga baagi ba ba nnileng le seabe mo go tshwarweng ga batho ba le bararo ba ba golagantsweng le dipolao tsa mapodisi. 

5. Melaotlhomo

5.1. Kabinete e amogetse tlhagiso ya Molaotlhomo wa Ditirelo tsa Boditšhaba wa 2015 go Palamente.

Molaotlhomo o neela thulaganyo e le nngwe ya Ditirelo tsa Bosetšhaba le go tlhola lenaneo la peomolao le ka lona le kgontshang Ditirelo tsa Bosetšhaba tsa ga jaana tse di tla tsamaisiwang le go beelwa melawana ke ba Lefapha la Dikamano le Tirisano tsa Boditšhaba. 

Molaotlhomo o tla tsena mo tirisong go ya ka bokao jwa Molaotheo, melawana e e leng teng e e maleba le Ditirelo tsa Setšhaba, ditirelo tsa tshireletsego e bile e lepalepantswe le NDP ka go tiisetsa thebolelo ya ditirelo. 
Se, se tla tiisetsa nonofo, go nna le boikarabelo le nonofelo ya ditshenyegelo ya go ikaega ka ditšhono tsa kwa moseja go tiisetsa pholisi ya bosetšhaba ya Aforika Borwa le lenaneo la tlhabololo. 

5.2. Kabinete e amogetse go tsenngwa mo lenaneong ga Molaotlhomo wa Boeteledipele jwa Setso le Sekhoisane wa 2015 go Palamente. Moalotlhomo o abela go diikaelelwakgolo tsa NDP tsa go anamisa tomagano ya seloago le kitlano ba ntse ba samagane le go se lekalekaneng go go tswang go paka ya maloba ka go neela sengwe go kamogelo ya semolao ya merafe ya Makhoisane le boeteledipele jwa yona.

O tlhagisa tlhomo ya Komiti ya Kgakololo e e ka merero ya Makhoisane e e tla thusang puso ka thulaganyo ya kamogelo e e tsamaelanang le merafe ya Makhoisane le boeteledipele jwa yona.
Molaotlhomo gape o tiisetsa molao wa bosetšhaba wa boeteledipele jwa setso o o tla feleletsang o fedisa Molao wa Boeleteledipele jwa Ntlo ya Bosetšhaba ya Dikgosi wa 2009 (Act 22 of 2009) le Molao wa Lenaneo la Taolo le Boeteledipele jwa Setso wa 2013 (Act 41 of 2003).

6. Ditiragalo tse di Tlang

6.1. Moporesidente Zuma o tla thangkgolola porojeke ya Ntwa ka ga go Dutla ga Metsi, o begile mo Puong ya gagwe ya Maemo a Setšhaba ya 2015, kwa Port Elizabeth ka la 28 Phatwe 2015 fa e ne e le karolo ya lenaneo la puso la go tlhokomela tshenyegelo ya metsi ka ntlha ya go dutla ga ona.  

Porojeke e tla katisa baša ba le 15 000 jaaka badira-ka-diatla le boradipeipi go baakanya go dutla ga metsi mo merafeng ya bona; e tla ba neela dikgono tsa go itshimololela dikgwebo kgotsa go bona ditiro tse di maleba. Ba ntlha ba ba le 3 000 ba thapilwe mo ngwageng wa ga jaana wa ditšhelete.

Go dutla ga metsi go arabela go ka nna diphesente di le 40 tsa metsi a a latlhegelang setšhaba mme a bakela naga ditshenyegelo tse di kana ka diranta di le dibilione di le supa (R7 billion) ka ngwaga.

6.2. Moporesidente Zuma o tla tsenela Letsatsi la Segopotso sa bo70 sa Bokhutlo jwa go Iphara kwa China le Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi kwa People’s Republic of China (PRC) go tloga ka la 2 go ya go 4 Lwetse ka 2015, mme o tla nna le dipuisano tsa bobedi le Moporesidente Xi Jinping.

Dikamano ta Aforika Borwa le PRC di mo legatong la Kgwebisano ya go nna Karolo ya Pakatelele e e Akaretsang e tshegetswa ke Kgoeletso ya Beijing ka ga go Tlhama Kgwebisano ya go nna Karolo ya Pakatelele e e Akaretsang, e e akaretsang dikamano tsotlhe magareng ga dinaga tse pedi.   

6.3. Kabinete e ipiletsa go maAforika Borwa go keteka hisetori le pharologano ya ditso jaaka naga e tla bo e supile Kgwedi ya Ngwaoboswa ka Lwetse ka Morero wa: “Kitso ya rona ya Setso, boswa jwa rona: Go isa kwa go itemogeng, thotloetso le tshomarelo ya boswa jo bo tshelang jwa maAforika Borwa”.

Segopotso sa ngwaga o se tla tsaya motlhala wa moletlo wa setso mme merafe e rotloetswa go dirisa boswa jwa bona jo bo tshelang jaaka dijo, motanso le mmino go tsweletsa temogo ya pharologano ya ditso, ditshwanelo tsa botho, kago-setšhaba le tlhabololo ya ikonomi.

6.4. Aforika Borwa e tla keteka gape le Kgwedi ya Bojanala ka Lwetse, e e leng nako e e siameng ya malapa go etela mafelo a naga a ngwaoboswa go ikgologanya sešwa le hisetori ya rona e e fetileng. 

Ka Kgwedi ya Ngwaoboswa, Lefapha la Botsweretshi le Setso le tla ribolola lekwete kwa National Heroes Acre kwa Pretoria go tshwaya tshimologo ya kago ya Sefikantswe sa bosetšhaba se se tla bontshang paka ya pele ga bokoloniale, kgaratlhelo ya kgololosego le bagaka ba ba farologaneng ba ba lwetseng tswelelopele ya rona ya seloago.

6.5. Letsatsi la ngwaga le ngwaga la Segopotso sa Ditirelo tsa Sepodisi sa  Bosetšhaba sa Aforika Borwa(SAPS) ka la 6 Lwetse 2015 kwa Union Buildings kwa Pretoria se tla keteka bogatlhamelamasisi le boineelo jwa batlhankedi ba sepodisi ba ba duetseng tuelo ya bofelo ka go swa ba sireleditse setšhaba.

Ka letsholo la SAPS la thaopo, ditokololo tsa tlaleletso di le 6 252 di tla tlhagelela mo lenaneong la ngwaga wa ditšhelete wa 2015/2016 go tiisetsa ditirelo tsa bobatlisisi, go bonagala ga mapodisi, matlhale a go mekamekana le bosenyi, ditirelo tsa forensiki, go akaretsa le ditirelo tsa pabalaesgo le tshireletsego. 

Kabinete e ipiletsa go baša go akanya ka ga go ithutela dithuto tsa SAPS, tse di ba tlamelang ka ditšhono tse dintsintsi. Tshedimosetso e e feletseng e ka bonwa mo setsheng sa inthanete sa www.saps.gov.za
6.6. Kgwedi ya Ditirelo tsa Puso ya ngwaga le ngwaga ka Lwetse ka morero: “Re isa Aforika Borwa kwa pele: Go isa Ditirelo tsa Puso kwa bathong”. 

Kgwedi e tla gatelela ditirelo tsa puso, boineelo le tiro e e gaisang mo thebolelong ya ditirelo tsa puso. Pegelo e tla neelwa ka ga tswelelopele e e dirilweng fa morago ga dikopano tsa 2014 tsa ditherisano ka ga ditirelo ka bophara le go buisana le badiredipuso ba ba itebaganyang le badirelwa ka ga “go tsosolosa ka mo tirelopuso e dirang ka gona”.   

Tirelo e e nonofileng ya puso ke tlhokegokgolo ya go neela ditirelo go ya ka NDP mme Kabinte e ipiletsa  go badirepuso go itlama sešwa go ditheo tsa Batho Pele ka go rebolela maAforika Borwa otlhe ditirelo tsa maemogodimo, tse di nonofetseng ditshenyegelo tsa bona mme le tsona e le tse di usang pelo.

6.7. Kabinete e boletse ka ga tswelelopele e e dirilweng mabapi le go nna baamogelabaeng ba Kongerese ya Lefatshe ya boXIV ya Jalo ya Dikgwa ya Mokgatlho wa Dijo le Temothuo e e tshwanetseng e tshwarwe ka la 7 go ya go 11 Lwetse 205 kwa Inkosi Albert Luthuli Convention Centre, kwa KwaZulu-Natal.

Morero ke: “Dikgwa le Batho: Peeletso mo Bokamoso jo bo Tsweletsegang” e bontsha jalo ya dikgwa e e totileng batho, seabe sa jalo ya dikgwa mo tlhabololong ya ikonomi-loago. Se, se tsamaelana ka tlhamalalo le ditlapele tsa puso ka ga khutliso ya bohuma, tlhabololo ya metsemagae le go tlhola ditiro. Kongerese e tla itebaganya gape le tlhokego ya metsi le phetogo ya tlelaemete.

E, ke kongerese ya ntlha ya Jalo ya Dikgwa go tshwarelwa mo Aforika le go neelana ka tšhono ya go thadisa kontinente mo seraleng sa lefatshe sa jalo ya dikgwa. Lenaneo la phitlhelelo ya batho le tla itsese setšhaba, go akaretsa le ditlhopha tse di sa kgoneng go ikemela, ka ga kgonagalo ya go ka tsaya karolo.

Kongerese e tla latela Beke ya Jalo ya Ditlhare ya Bosetšhaba (National Arbor Week) ya go tloga ka la 1 go ya go 7 Lwetse – ka morero wa: “Tsela ke e go Sekgwa se sešwa” mme e ikuela go maAforika Borwa go jala setlhare se le sengwe fela ka letsatsi leo go thusa go beeletsa mo bokamosong jo bo tsweletsegang.

7. Melaetsa ya Kakgolo

7.1. Kabinete e eleletsa katlego le masego go baatlelete ba ba gaisanang kwa Dikgaisanong tsa bo15 tsa Lefatshe mo Bosimega jwa Diatleletiki tse di tshwerweng ga jaana kwa Beijing, kwa China le ba ba tsayang karolo mo Metshamekong ya Aforika-yotlhe magareng ga la 4 go ya go 19 Lwetse 2015 kwa  Brazaville kwa Congo. 

Kabinete e ipiletsa go maAforika Borwa go kitlana fa morago ga baatlelete jaaka ba fofisetsa folaga ya naga ya rona kwa godimo le re go dira setšhaba motlotlo. 

7.2. Kabinete e tlatsa Moporesidente Zuma ka go akgola mmegadikgang wa SABC e bong Dennis Tshetlhane le Sam Msibi go bo ba fentse Lephata la Thelebišene la Dikabo tsa Media tsa SADC, le morutwana wa Sekolo se segolo e bong Imbelani Matibe go bo a fentse Kgaisano ya Lephata la go Kwala Tlhamo ya Sekolo la SADC.

7.3. Kabinete e lebogile maAforika Borwa otlhe a a nnileng le seabe mo ketekong ya Kgwedi ya Basadi. Meletlo e e neng ya ketekwa ke ditheo tse di farologaneng le puso di keteka katlego e e dirilweng mabapi le go samagana le dipharologano tse kgolo tsa bong mo setšhabeng sa rona. Kgwedi e ne ya dirisetswa go bontsha dikgwetlho  tse re sa ntse re lebagane natso le fa go ntse go na le tshotlako ya bosadi le bana.

7.4. Kabinete e eleleditse Tona ya Boitekanelo, Aaron Motsoaledi, yo o neng a amogetswe mo mafelong a beke kwa Bookelong jwa Seakatemi jwa Steve Biko kwa Pretoria pholo ya ka bonako. O setse e bile a golotswe mme o kokotlegela sentle kwa gae. 

8. Tsa go Thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi

8.1. Boto ya Aforika Borwa wa Ditirelo tsa Bosa:
a) Mme Ntsoaki Mngomezulu – (o thapilwe gape e bile ke Monnasetulo);
b) Ngaka Nolulamo Nobambiswano (Lulu) Gwagwa – (o thapilwe gape e bile ke Motlatsamonnasetulo);
c) Rre Rowan Graham Nicholls – (o thapilwe gape);
d) Rre Jonty Tshipa – (o thapilwe gape);
e) Moporofesara Elizabeth Mokotong – (o thapilwe gape);
f) Mme Kea Modimoeng;
g) Advocate Derek Block;
h) Mme Sowbakiam Mudly-Padayachie;
i) Mme Nandipha Daphne Madiba;
j) Ngaka David Jasper Gilbert Rees;
k) Rre David Lefutso;
l) Mme Judy Beaumont – (Mokaedikakaretso (DG) kemedi ya Lefapha la Merero ya Tikologo); le
m) Ngaka Linda Makuleni – (Motlhankedikhuduthamagamogolo (CEO)).

8.2. Boto ya iSimangaliso:
a) Rre Paul Ndukuzempi Buyani Zwane – (o thapilwe gape e bile ke Monnasetulo);
b) Mme Barbara Schreiner – (Motlatsamonnasetulo);
c) Moporofesara Antonia Thandi Nzama – (o thapilwe gape);
d) Mme Poppy Senelisiwe Dlamini – (o thapilwe gape);
e) Rre Zwelenzima Thwalizwe Gumede – (o thapilwe gape);
f) Mme Thobile Etherfrida Mhlongo – (o thapilwe gape);
g) Mme Sibongile Daphne Nene;
h) Rre Satish Roopa;
i) Mme Thumeka Sharon Ntloko – (Kemedi ya Mokaedikakaretso wa Lefapha la Merero ya Tikologo);
j) Rre Andrew Zaloumis – (CEO); le
k) Rre Bhekithemba Langalibalele – (kemedi ya Lefapha la Bojanala).

8.3. Ditokololo tse e seng batlhankedibagolo ba ba thapilweng mo Botong ya Setheo sa Dipalangwa tsa Tsela e e Tlolang-Melelwane:
a) Mme Reitumetse Masemola; le
b) Barend Christoffel Deysel.

8.4. Ditokololo tse e seng batlhankedibagolo ba ba thapilweng mo Bolaola Maemelodikepe:
a) Rre Thaba Mufamadi – (Monnasetulo);
b) Mme Anjue Hirachun;
c) Rre Riad Khan;
d) Rre Lindelwe Mabandla;
e) Mme Gerdileen Taylor;
f) Advocate Gugulethu Abigail Thimane;
g) Mme Patricia Ntombizodwa Mazibuko – (o thapilwe gape);
h) Rre Aubrey Bongani Ngcobo – (o thapilwe gape);
i) Mme Thato Abegail Tsautse – (o thapilwe gape); le
j) Rre Andile Mahlalutye – (o thapilwe gape).

8.5. Ditokololo tse di thapilweng e se batlhankedibagolo mo Boto ya Ditirelo tsa Pharakano ya Mesepele ya Disutlhalefaufau:
a) Mme Phindile Riba – (Monnasetulo);
b) Rre President Qiniso Dhlamini;
c) Ngaka Bridget Ssamula;
d) Rre Bennet Phonthana Malebo;
e) Rre Isaac Nkama;
f) Mme Shaila Hari;
g) Rre Daniel Gray Mwanza;
h) Advocate Edwin Matane Mphahlele;
i) Rre Sfiso Norbert Buthelezi;
j) Mme Nwabisa Mtshali;
k) Rre Arthur James Bradshaw; le
l) Mme Hlengiwe Thandeka Makhathini – (o thapilwe gape).

8.6. Ditokololo tse di thapilweng e se batlhankedibagolo mo Boto ya Setheo sa Tlhabololo ya Dikgwebopotlana:
a) Mme Anjue Hirachund; le
b) Mme Zanele Monnakgotla.

8.7. Boto ya Bothati jwa Taolo ya Kgogometso ya Trans-Caledon:
a) Mme MW Hlahla – (Monnasetulo);
b) Rre JRD Modise – (Motlatsamonnasetulo);
c) Rre SN Khondlo;
d) Ngaka MJ Ellman;
e) Mme ZP Manase;
f) Mme SFS Makhathini;
g) Mme M Nakene; le
h) Rre S Roopa.

8.8. Rre Ian van Niekerk – Motlhankedimogolo wa Matlotlo wa Broadband Infraco.

8.9. Rre Zukile Christopher Mvalo – Motlatsamokaekakaretso: Tlhabololo ya Dikgono mo Lefapheng la Thuto e Kgolwane le Katiso.

8.10. Mme Xolelwa Mlumbi-Peter – Motlatsamokaekakaretso: Kgwebisano ya Boditšhabatšhaba le Tlhabololo ya Ikonomi kwa Lefapheng la Kgwebisano le Intaseteri.

8.11. Rre Tshediso John Matona – Mokwaledi wa tsa Togamaano ya Bosetšhaba mo Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro.

Dipotso:
Mme Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore