Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 23 Phukwi 2014

1.  Seemo sa Kabinete mo mererong ya ga jaanong

1.1 Kabinete e amogela go tlhongwa ga Operation Phakisa ke Moporesitente Jacob Zuma, e e akofisang tlamelo ya ditirelo ka maano ka botlalo a tiragatso, tharabololo ya mathata le dikgato tse di diregang go tsweletsa kgolo. Lefapha la Merero ya Tikologo e tla nna lefapha la ntlha go etelela pele tirisanommogo le intaseteri, bodiri, baagi le barutegi gore ba dire mmogo go bulela bokgoni jwa ikonomi jwa mawatle a rona.

Ka 2010, ikonomi ya lewatle, jaaka e itsege - e tsentse bokana ka R54 bilione mo go Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) ya Aforika Borwa, mme ya tlhola ditiro di fopholediwa go 316 000. Bosupi bo bontsha gore mawatle a Aforika Borwa a ka tsenya go fitlha go R177 bilione mo GDP ka 2033. Lewatle gape le na le bokgoni jwa go tlhama ditiro tsa tlhamalalo di le magareng ga 800 000 le milione o le mongwe. Seelo seno sa kgolo se bontsha bonnye diperesente di le nne tsa kgolo ya ngwaga le ngwaga mo go tsenyeng seatla mo GDP le mo go tlhamiweng ga ditiro.

Boruatlhapi jwa lewatle, dipalangwa tsa lewatle, oli ya kwa moseja le tlhotlhomiso ya digase mmogo le tshireletso ya mawatle di supilwe jaaka dintlha tse di tshwanetseng go totiwa tsa ikonomi e e tala. Go tlhomilwe laboratori ya tlhagiso mo lefelong lengwe le lengwe go thusa go rarabolola dikgwetlho tse di masisi.

1.2  Kabinete e leboga maAforika Borwa otlhe le lefatshe ka ntlha ya go nna le seabe ka Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Nelson Mandela monogwaga. MaAforika Borwa go tswa kwa dintlheng tsotlhe tsa naga ya rona ba tsibogetse pitso ya gore ba abe nako le maikatlapelo a bona go dira pharologano.
Letsholo la go phepafatsa le ntlafatsa tikologo ya rona mme le netefatsa tshomarelo ya tikologo ya rona. Jaaka karolo ya letsholo leno, Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Magosi le rometse batlhankedi ba Setegeniki ba Makgotlatorop ba ka nna 150 go ralala makgotlatoropo go nna karolo ya letsholo leno la go phepafatsa, mme gape le go tshegetsa makgotlatoropo ngwaga otlhe.

Matsholo a tshwana le "War on Leaks” a a lebaneng le go thiba metsi a a dutlang" a tla tswelela mme a maatlafadiwe moo bašwa ba ba sa direng le baagi ba tla rotloediwang go tshwaragana le puso go baakanya go dutla ga metsi. Kabinete e ikuela mo baaging go tshola dinoka le melapo e le phepa gonne seno se tshwaela mo seemong sa botshelo se se itekanetseng, se babalesegile e bile se na le seriti. Dinoka le melapo e e kgotlhelegileng di matshosetsi mo matshelong a baagi ba ba nnang gaufi natso.

1.3 Kabinete e amogela tumelano ya go tlhoma Bankatlhabololo e Ntšhwa (NDB) kwa Samiting ya Borataro ya dinaga tsa Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa (BRICS) kwa Brazil le gore kantoro ya kgaolo ya banka e tlhongwe kwa Johannesburg. NDB e tla maatlafatsa tirisanommogo magareng ga dinaga tse e leng ditokololo tsa BRICS mme e tla tshegetsa maiteko a ditheo tse dingwe tsa maphatamantsi le tsa kgaolo tsa ditšhelete, mme ka go rialo e tshwaela mo maitlamong a a kopanetsweng a dinaga tse e leng ditokololo tsa BRICS a go fitlhelela phitlhelelo ya kgolo e e maatla, e e nnelang leruri e bile e na le tekatekano.

Kantoro ya kgaolo e tla nna le seabe se se botlhokwa sa go tlamela matlole a diporojeke tsa mafaratlhatlha le tlhabololo e e nnelang leruri mo Aforika. Go ageletswe tlamelo ya paakanyetso ya diporojeke mo sekaong sa tiragatso sa NDB e e tla kgontshang go fitlhelelwa ga diporojeke di le mmalwa tse di ka nnang gona tsa mafaratlhatlha mo kontinenteng. Tsona ga di e se di diragadiwe ka ntlha ya go tlhokega ga matlole a paakanyetso ya porojeke, e leng kgato ya botlhokwa mo go baakanyetseng dikakanyo tsa porojeke matlole le go diragadiwa.

1.4 Kabinete e tlhagisitse matshwenyego a magolo ka ntlha ya go etegela ga tirisodikgoka magareng ga Iseraele le Palesitina. Kabinete e boeletsa boikuelo jwa Moporesitente Zuma kwa pusong ya Iseraele gore e emise ditlhaselo tsa yona tsa mo lefatsheng le mo lefaufaung, tse di tswelelang go baka tatlhegelo ya matshelo mmogo le mathata a a utlwisang botlhoko a thuso. Godimo ga moo, e ikuela gore Hamas e khutlise go thuntsetsa dirokete mo baaging ba Iseraele.

Kabinete ga e dumelane le maiteko a a fitlhwang a Puso ya Iseraele a go dirisa tlhaselo ya yona kwa Gaza go nyatsa Pusotshwaraganelo ya kwa Palesitina. Kgotlhang ya Iseraele le Palesitina e ka se ke ya nna le tharabololo ya sesole. Tharabololo e le nngwe fela e ikaegile mo dipuisanong tse di tsepameng mme di le boammaaruri tse di akaretsang maphata otlhe. Aforika Borwa e golagana le Mokwaledikakaretso wa Dinagakopano, Rre Ban Ki-moon, mo boikuelong jwa gore matlhakore otlhe a beye marumo fatshe, le gore go busediwe thuso kwa bathong ba ba sotlegang ba Gaza. Seemo sa tshotlego se tshwenya Kabinete e le ruri.  Puso e ikuela kwa bothating jwa Egepeto go bulela bagobadi le batho ba Gaza ba ba amegileng dikgoro. 

1.5 Mo boemong jwa baagi ba Rephaboliki ya Aforika Borwa, Kabinete e romela matshediso kwa go bamalapa le ditsala ba batswasetlhabelo botlhe ba sefofane sa Setlamo sa Difofane tsa Malaysia se se sugakaneng kwa Ukraine ka la bo 17 Phukwi 2014.

1.6 Kabinete e romela matshediso kwa lelapeng le ditsala tsa mokwadi yo o gapileng Moputso wa Nobel, Nadine Gordimer yo o tlhokafetseng fa gautshwane. Aforika Borwa o tla gakologelwa Mme Gordimer ka gale jaaka molwelakgololesego wa segatlhamelamasisi yo o dirisitseng pene ya gagwe le lentswe la gagwe le le bopelokgale go bua kgatlhanong le go tlhoka tshiamo ga puso ya tlhaolele.

Mme Gordimer e ne e le tokololo ya tshimologo ya Khonkerese ya Bakwadi ba Aforika Borwa mme jaaka tokololo ya African National Congress, ka 1989 o ne a naya bopaki jwa gore go fokodiwe katlholo ya baeteledipele ba le 11 ba United Democratic Front le balweladitshwanelo ba Vaal Civil Association. Dikgang tsa gagwe tsa boitlhamedi, tse di nnileng le seabe sa botlhokwa mo kgaratlhong kgatlhanong le tlhaolele, di kwadile ka moo bosemorafe jo bo rulagantsweng bo amileng matshelo a maAforika Borwa ka gona. 

1.7 Kabinete e romela matshediso kwa motsading wa ngwana wa dingwaga di le nne, Taegrin Morris yo o tlhokafetseng mo tiragalong ya go tseelwa sejanaga ka dikgoka kwa Reiger Park kwa Borwa jwa Johannesburg. Gape Kabinete e ikgolaganya le ba ba tlontlololang bosetlhogo jo bo kalo bogolo segolo mo baneng. Gape Kabinete e lebogile sepodisi le baagi ba ba thusitseng gore Mongezi Phike yo a neng a gapilwe ka dikgoka mo nakong ya fa rraagwe a ne a tseelwa sejanaga ka dikgoka, yo ga jaanong a buseditsweng kwa gae a santse a babalesegile.

1.8 Kabinete e gakolola maAforika Borwa gore Lekgotla la Dikabo le laletsa go supiwa ga maina a batho ba ba bonwang ba na le tshiamelo ya go amogela Dikabo tsa Bosetšhaba go tswa mo baaging, mo mekgatlhong e e seng ya puso, mo mekgatlhong ya baagi le le ya sedumedi

Dikabo tsa Bosetšhaba ke mokgwa o o kwa godimo go gaisa o naga e lemogang baagi ba ba nang le tshiamelo ka ona. Moporesitente jaaka Mookamedi Mogolo wa Dikabo tsa Bosetšhaba ke ene  yo a abang dikabo tseno.

Baagi ba kopiwa go tlhagisa maina a batho ba ba itshupileng mo loagong la bona ka go dirisa foromo e e ka bonwang kwa www.thepresidency.gov.za. Seno se tshwanetse go patwa ka thotloetso ya mabaka e e kwa thoko e e nang le dintlha tse di latelang:

  • temana ya matseno e e nang le tshobokanyo ya diphitlhelelo tsa mosupiwa;
  • lenane la diphitlhelelo tse di kgethegileng tse di fitlheletsweng ke mosupiwa mo tirong ya gagwe gongwe mo seraleng sa boditšhabatšhaba; le
  • tlhaloso ya tirelo gongwe kgato ya motlhophiwa ya bogatlhamelamasisi e e itlhophileng, e e gaisang mme e bontsha boineelo.

Letlha la bofelo la ditshupo le tla tswalelwa ka la bo 31 Phukwi 2014.

2  Ditshweetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1 Kabinete e boleletswe ka go diragadiwa ga Karolo ya 100 (1) (b) tseraganyo kwa Porofenseng ya Limpopo mme ya amogela kgabaganyo ya tsereganyo go tswa go karolo ya 100 (1) (b) go ya go karolo ya 100 (1) (a) ka dipeelo tse di tlhamaletseng tse di neetsweng Khuduthamaga ya Porofense gore e di fitlhelele pele, gore go swediwe ka kgogelomorago ka botlalo.

Go lepalepana le Molaotheo, go batlilwe maikutlo a Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense. Mo bekeng e e tlang go tla nna le kitsiso e e kwa thoko e e tla tlhalosang gore go fitlheletswe eng le gore dithulaganyo tsa go tswelela pele ke dife.

2.2 Kabinete e amogetse Letlhomeso la Togamaano la Paka-Gare (MTSF)) le le tla dirang jaaka motheo wa kago wa dingwaga tsa ntlha di le tlhano go lebilwe ponelopele ya 2030 ya Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP). MTSF e na le maano ka botlalo a tiragatso mo dingwageng di le tlhano malebana le diphitlhelelo tse di totilweng tsa NDP, disupi, seabe le maikarabelo mmogo le dinako tsa gore go diragadiwe dikgato tsa botlhokwa - go kgontsha tlhokomelo e e rulaganeng mme e na le bosupi ya go diragadiwa ga NDP.

MTSF e agelela mo maitemogelong le mo go ithuteng ga puso ka tsamaiso ya 2009-2014, fa go ne go itsesewe la ntlha maano a a ikaegileng ka dipoelo, tlhokomelo le tshekatsheko. Mo pakeng eo go ne ga tlhamiwa ditumelano tsa tlamelo ya ditirelo, tsa tlhokomelwa le go sekasekwa malebana le dipoelo di le 12 tsa ditlapele tsa puso tse di neng di akaretsa thuto ya motheo ya boleng, botshelo jo boleele go maAforika Borwa otlhe, tshireletsego le pabalesego, kgolo e e akaretsang mmogo le ditiro tse di nang le seriti le tlhabololo ya metseselegae le ntšhwafatso ya naga.

Ka tsamaiso ya 2014-2019 palo ya dipoelo e okeditswe go ya go 14 mme go tsentswe dipoelo di le pedi tse dintšhwa - tshireletso ya loago le tomagano ya loago mmogo le kago ya setšhaba. Ka kakaretso, dipoelo tseno di le 14 di akaretsa dikgaolo tsotlhe tsa NDP. Kantoro ya Tona ya Maano, Tekolo le Tshekatsheko e tla nna le pegelo ya bobegakgang ka ga MTSF fa gautshwane.

2.3 Kabinete e amogetse gore Aforika Borwa e amogele baeng mabapi le Dipuisano tsa Tirisanommogo ka Matlhale a Lefatshe ka Diphalane 2014 ka fa tlase ga moono wa: “Taolo ya Saense, Thekenoloji le Boitlhamedi (STI) go Tobana le Tlhabololo ya Ikonomi ya Loago ka tiriso ya Ditheo tsa Tirisanommogo ka Matlhale.”

Puisano eno e naya Ditlhogo tsa Mebuso, baeteledipele ba dikgwebo, basaense, barutegi le baeteledipele ba baithuti polatefomo ya go refosanya megopolo le maitemogelo a a amanang le STI.  Go feta moo, puisano e ikaelela go susumetsa phetogo ya ikonomi ya loago, tlhabololo le kgolo mo Aforika.

Gape go amogela baeng go tla samagana le maitlhomo le maikemisetso a NDP a go tokafatsa saense le thekekenoloji malebana le go fetola ikonomi ya loago mo Aforika Borwa le go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go itshimololela mo kgaolong, kontinenteng le mo lefatsheng.

3 Ditiragalo tse di tlang

3.1  Moporesitente Jacob Zuma o tla tlhoma Kgwedi ya Basadi kwa Union Buildings ka la bo 31 Phukwi 2014 ka fa tlase ga moono wa: "Segopotso sa bo60 sa Tumelano ya Basadi jaaka karolo ya dingwaga di le 20 tsa Kgololesego, Go Tsweletsa Pele Lenane la Basadi!" Tlhomo e tla golagana le Palamente ya Kitlano ya Aforika e gape e tla tlotlang Mokgatlho wa Basadi wa Kitlano ya Aforika le seabe sa ona mo go gololeng basadi ba Aforika Borwa.

Go rulagantswe ditiragalo di le mmalwa mo kgweding ya Phatwe go keteka diphitlhelelo tse di fitlheletsweng ke Aforika Borwa mo go fetoleng matshelo a basadi ba Aforika Borwa. Tiragalokgolo ka la bo 09 Phatwe e tla bo e le kwa Durban. Lefapha la Botsweretshi le Setso, jaaka lefapha le le eteletseng pele Kgwedi ya Basadi, le tla tlhoma Dipaka di le 20 tse di Gaisang tsa Basadi ka Phatwe, Ditiragalo tseno tsa botlhokwa di tla tshwaya diphitlhelelo tsa basadi ba selegae ba ba kgethegileng mmogo le diphitlhelelo tse di fitlheletsweng ke basadi botlhe ba Aforika Borwa. Dintlha tsa ditiragalo tseno di tla itsesewe mo tsamaong ya nako.

3.2 Go rulagantswe gore Moporesitente Jacob Zuma a etelele pele kemedi go nna  le seabe kwa Samiting ya Baeteledipele ba Aforika ya Amerika ya moono wa: "Go beeletsa mo Tshikeng e e Latelang", go tloga ka la bo 5 go ya go la bo 6 Phatwe 2014. Go solofetswe fa Samiti e tla kopanya bakhuduthamaga ba dikgwebo ba Amerika le Aforika gore ba buisanele ditšhono tsa dipeeletso le kgwebisano mo Aforika.

Go tla nna gape le dikopano tsa kwa tlhakoreng tsa  Batlhankedikhuduthamagabagolo (di-CEO) ba Amerika le Aforika mmogo le Kopano ya Ditona tsa Molao wa Kgolo le Tšhono ya Aforika (AGOA). Maikaelelo a dikopano tseno ke go maatlafatsa dikamano magareng ga Amerika le Aforika bogolo segolo mo kgwebong le mo dipeeletsong.

Dipoelo tse di solofetsweng ke: thotloetso ya kgokagano ya dikgaolo mo kontinenteng; tshegetso ya manaane a a farologaneng a Mokgatlhotshwaragano wa Aforika a tlhabololo ya ikonomi, kagiso le tshireletsego, go akarediwa le go atolosiwa ga AGOA; phetogo ya maemo a bosa le merero ya pabalelo ya tikologo; le thuso ya Aforika ya go fitlhelela diphitlhelelo tsa ponelopele ya 2063.

3.3 Lefapha la Saense le Thekenoloji le tla tlhoma Beke ya Bosetšhaba ya Saense (NSW) ka la bo 2 Phatwe 2014 ka fa tlase ga moono wa: "Saense ya gompieno, lefatshe la kamoso." NSW 2014 e tla tswelela go diragadiwa go fitlha ka la bo 9 Phatwe 2014 naga ka bophara. Mo bekeng eo, go tla nna le ditiragalo di le dintsi tsa saense go ralala naga. Tseno di tla akaretsa dipontsho, dipontsho tsa saense, di- dikopanotirelo le dithuto. Dintlha tsa ditiragalo tseno di tla itsesewe mo tsamaong ya nako. Kabinete e ikuela mo batsading, barutabaneng, barutwaneng le mo go maAforika Borwa ka kakaretso go nna karolo ya NSW ya 2014.

4 Go thapiwa

4.1 Kabinete e lemogile go atolosiwa ga paka ya kantoro ya ditokololo tse di latelang tsa Boto ya Lothari ya Bosetšhaba, fa go sa ntse go konosediwa thulaganyo ya go thapa motsamaisi wa boraro.
a) Moporofesara Ntshengedzeni Alfred Nevhuṱanḓa (Modulasetilo),
b) Mme Mathukana Mokoka,
c) Moporofesara Govin Reddy,
d) Mme Zodwa Paulina Ntuli (moemedi wa dti), le
e) Mme Ndileka Eumera Portia Loyilane.

4.2  Kabinete e amogetse go thapiwa ga Bakaedi ba ba latelang ba e seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Bothati jwa Pabalesego ya Mawatle ya Aforika Borwa.
a) Motlatsaatemirale Johannes Mudimu (Modulasetilo),
b) Ngaka Michael Harry Hendricks,
c) Moatefokate Motsehoa Brenda Madumise (Motlatsamodulasetilo),
d) Rre Frederick Andrew Jacobs,
e) Mme Nomsa Margaret Cele, le
f) Rre Brett Naidoo

4.3  Kabinete e amogetse go thapiwa ga Bakaedi ba ba latelang ba e seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa.
a) Mme Zodwa Penelope Manase,
b) Ngaka Popo Molefe (Modulasetilo),
c) Mme Carol (Roskruge) Cele,
d) Rre William Solomon Steenkamp,
e) Mme Nonduduzo Samukeliswe Kheswa,
f) Mme Mashila Jemina Matlala,
g) Rre Sfiso Buthelezi (o thapilwe gape),
h) Rre Xolile George (o thapilwe gape jaaka a supilwe ke Mokgatlo wa Dipusoselegae wa Aforika Borwa,
i) Rre Landon McMillan (Moemedi wa Matlotlo a Bosetšhaba), le
j) Rre Clement Manyungwana (Moemedi wa Lefapha la Dipalangwa).

4.4  Kabinete e dumelane le go thapiwa ga ditokololo tse dintšhwa tsa Lekgotla la Tikologo ya Dikago.
Moemedi wa Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba
a) Rre Sam Themba (Clive) Mtshisa,
Baemedi ba Mafapha a Mafaratlhatlha
b) Rre Zukile C Mvalo,
c) Mme Martina Mapula Tshangela,
d) Mme Itumeleng Sizwe Kgomo,
Baemedi ba Lekgotla la Baporofešenale la Tikologo ya Dikago
e) Mme Christina Alida Breed,
f) Mme Ancunel Anna-Lucia Steyn,
g) Moporofesara Kathleen Anne Michell,
h) Rre Thembinkosi Matunda,
i) Mme Ezodidi Gugu Makongwana,
j) Rre Jerry Leigh Margolius,
k) Mme Anna-Marie Sassenberg,
l) Ngaka Zwanani Titus Mathe,
m) Rre Nicolaas Daniel Lombard,
n) Rre Sithiwe Thubane,
o) Rre Douglas Michell,
p) Rre Isaac Mzumara Nkosi (Modulasetilo),
Baemedi ba setšhaba
q) Mme Niniza Fortunate Sithole (Motlatsamodulasetilo),
r) Moatefokate (Ngaka) Nalini Maharaj,
s) Moatefokate Derick Jeffrey Block, le
t) Rre Reginald Gaolatlhe Sefotlho.

4.5  Kabinete e dumelane le go thapiwa ga ditokololo tse di latelang tsa Boto ya Tlhabololo ya Intaseteri ya Dikago.
a) Mme Lindelwa Teresa Myataza (Modulasetilo),
b) Rre Christopher Siphiwe Jiyane (Motlatsamodulasetilo),
c) Mme Nazreen Sekao Pandor,
d) Rre Gonasagran Maduray,
e) Mme Nomsa Jacobs-Skweyiya,
f) Rre Sipho Abednego Mosai,
g) Rre Lefadi Lucas Makibinyane,
h) Mme Natalie Carol Skeepers,
i) Rre Selaelo Michael Makhura,
j) Mme Vuyiswa Victoria Sidzumo,
k) Mme Mandisa Fatyela-Lindie,
l) Rre Hareesh Lakha Patel, le
m) Rre Nico Maas.

4.6  Kabinete e amogetse go thapiwa ga Bakaedi ba ba latelang ba e seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Bankatlhabololo ya Dinaga tsa Borwa jwa Aforika.
a) Mme Busisiwe Abigail Mabuza (o thapilwe gape),
b) Ngaka Lungile Ntombifuthi Nokuthula Bhengu-Baloyi (o thapilwe gape),
c) Mme Mary Vilakazi (o thapilwe gape),
d) Mme Dawn Marole (o thapilwe gape),
e) Mme Gugu Mtetwa,
f) Rre Mabotha Arthur Moloto,
g) Mme Anuradha Sing,
h) Moporofesara Mark Swilling.

Dipotsiso:
Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa Namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore