Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Laboraro, wa la bo 1 Ngwanaitseele 2023

A. Merero ya ga Jaanong

1. Bagale ba Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Rakabi ya Ngwaga wa 2023

1.1. Kabinete e akgotse setlhopha sa di-Springbok jaaka se fentse Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Rakabi ya Ngwaga wa 2023 mme phenyo eno e dirile gore Aforika Borwa e nne yona naga e le esi mo lefatsheng go ka fenya makgetlo a le mane Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Rakabi mme e bile gape setlhopha seno se fentse sejana seno ka tlhomagano makgetlo a le mabedi.

1.2. Fa e sale go nna le rakabi mo nageng ya Aforika Borwa setlhopha seno sa di-Springbok ke sona sa ntlha se se emetsweng ke batshameki ba merafe e e farologaneng ya naga ya Aforika Borwa. Gore setlhopha seno se rulaganngwe ka mokgwa o se leng ka ona ga se ka ntlha ya lesego, ke ka ntlha ya ditshweetso tse di totobetseng tse balaodi le bakatisi ba di tsereng ba butse matlho mo ba neng ba batla gore di-Springbok di emelwe ke setlhopha sa merafe e e farologaneng. Tshweetso e e nonofileng e e tserweng ke mokatisi wa mo malobeng Rassie Erasmus mmogo le setlhopha se se neng se mo eme nokeng e tswelela go iponagatsa mo go maAforika Borwa le mo lefatsheng ka bophara gore motho yo mongwe le yo mongwe yo a nang le bokgoni, fa a ka neelwa tšhono le go enngwa nokeng, a ka kgona go ntsha ga tshwene – mme seno ke bontlha bongwe jo bo totobatsang boammaruri jwa gore Re le Ngatananngwe ga go se se ka re Tsenang fa Gare.

1.3. Se se botlhokwa go gaisa ke ka fao batshameki ba di-Springbok ba neng ba kakatletse ka teng mo lebaleng fa ba ne ba tshameka e leng sesupo sa go nna moAforika Borwa tota, e leng sona se se dirang gore naga eno ya baganka e atlege le go finyelela le fa e tobane le dikgwetlho tsa dinta di fuduga. Ba bangwe ba batshameki ba ba dirileng bontle mo setlhopheng seno sa di-Springbok ba ne ba itshokela dikgwetlho mo matshelong a bona gore ba kgone go atlega.

1.4. Kabinete e akgotse Siyamtanda “Siya” Kolisi, mokapotene wa setlhopha sa di-Springbok sa go fenya gabedi ka tatelano Sejana sa Lefatshe jaaka a eteletse kwa pele setlhopha seno gore se kgone go fenya maemo a a iseng a tle a bonwe mme ka ntlha ya seno re tshwanetse go se kgaotse go keteka tiro e ntle eno.

2. Kopano ya AGOA

2.1. Kabinete e neseditse pula mafoko a puso ya Amerika mmogo le a palamente ya yona a go totobatsa gore ba ikemiseditse go oketsa nako ya go nna mo tirisong ga Molao wa Kgato ya go Oketsa Ditšhono tsa go Godisa Ikonomi ya Aforika (AGOA), mme seno se tla digela matswalo a bao ba batlang go ka beeletsa mo dinageng tse di nang le matshwanedi a go unngwelwa ke AGOA.

2.2. Kabinete e neseditse pula gape le go neelwa tetla ya go tshwara Kopano ya AGOA ya 2023 kwa Johannesburg go tloga ka la bo 2 go fitlha ka la bo 4 Ngwanaitseele 2023 mme e tla tsenelwa ke bannaleseabe go tswa kwa dinageng di le 32 tsa Aforika mo maphateng a puso, kgwebo, mme lekgetlho la ntlha fa e sale go tla bo go na le mekgatlho ya baagi le mekgatlho ya badiri mmogo le batlhankedi ba puso ya naga ya Amerika.

2.3. Kabinete ga e a bolo go ema ka lefoko le le reng AGOA e naya Amerika tšhono ya go ka ema ka dintsetsenkwano go thusa ikonomi ya Aforika mme ka jalo go matshwanedi gore e okelediwe nako gore e nne mo tirisong sebaka se se utlwagalang, mme e atlaatlhiwe gore e kgone go nna le seabe se se utlwagalang mmogo le go ngokela.

3. Kopano ya Ditona tsa Bojanala mo Dinageng tsa BRICS

3.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go garela ka katlego Kopano ya Ngwaga wa 2023 ya Ditona tsa Bojanala mo Dinageng tsa BRICS e e neng e tshwaretswe kwa Motsekapa, mme kopano eno e lopile dinaga tse e leng leloko go oketsa tirisanommogo ya tsona ka go rotloetsa go jelana nala ga batho ba dinaga tsa BRICS, go aga mebila gore go etelana le go golagana ga dinaga tse e leng leloko e nne selo se se botlhofo.

3.2. Seno se tla gagamatsa lephata la bojanala la naga ya Aforika Borwa jaaka le setse le ntse le itharabologelwa. Mo dikgweding di le robedi tsa ntlha tsa ngwaga wa 2023, re bone ka fa nageng go goroga bajanala ba le dimilione di le tlhano le halofo mme palo eno e lekana le koketsego ya bokana ka diphesente di le 63.4% go tloga mo go tsa yona paka eno mo ngwageng wa 2022.

4. Go Ikwadisetsa go Tlhopha

4.1. Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho (IEC) e tsibositse gore ka la bo 18 le la bo 19 Ngwanaitseele 2023 e tla bo e le matsatsi a bokhutlho jwa beke jwa ntlha a go ikwadisetsa go tlhopha mo Ditlhophong tsa ngwaga wa 2024.

4.2. Kabinete e ikuela mo bathong botlhe ba ba nang le matshwanedi a go tlhopha go ikwadisetsa go tlhopha mo Ditlhophong tsa ngwaga wa 2024 ka go leba kwa mafelong a ditlhopho a mo metseng ya bona.

4.3. Serala sa go ikwadisetsa ditlhopho ka inthanete ga se a bolo go bula ka Tlhakole 2023 mme baagi go ikuelwa mo go bona go sola mosola serala seno ka go ikwadisa mo go sona kgotsa ka go tsenya dintlha tsa bona mo dinakong.

4.4. MaAforika Borwa a a dirileng dikopo tsa makwaloitshupo go ikuelwa mo go bona go leba kwa dikantorong tsa Merero ya Selegae go di lata. Go santse go na le makwaloitshupo a feta a le 500 000 a a santseng a tlhoka beng ba ona go tla go a tsaya kwa dikantorong ya Merero ya Selegae go ralala le naga ka bophara.

5. Motlakase

5.1. Tona mo Kantorong ya Moporesitente e e rweleng maikarabelo mo kantorong ya Tona ya Merero ya Motlakase o buile go tlala molomo ka maemo a motlakase ka fa nageng.

5.2. Kabinete e akgotse Puso ya Porofense ya Gauteng jaaka e dirisana le setlamo sa Eskom gore ba busetse motlakase kwa mafelong a a kgaoletsweng motlakase a kwa Gauteng ka ntlha ya go utswiwa kgotsa go senyega ga diteransefomara tsa motlakase.

5.3. Maabane bosigo go letswe go tshumilwe diteransefomara tsa motlakase tse dintšhwa di le thataro kwa Kagiso, mo kgaolong ya West Rand morago ga gore baagi ba foo ba fetse dingwaga di le tharo ba se na motlakase.

5.4. Kabinete e ikuela mo baaging bano go tlhokomela mafaratlhatlha ano a a botlhokwa gore a se utswiwe ke magodu, ba se a senye bona ka bo bona ka ntlha ya fa ba batla go itsenyetsa motlakase go se mo molaong.

6. Dijo tse di nang le botlhole

6.1. Kabinete e tshwenyegile thata ka dintsho tse di ganang go fela tsa bana ba ba nnye ba ba fetsang ke dijo tse di feletsweng ke nako le tse di kgotlhelegileng tse ba di rekang kwa mabentleleng a di-spaza le mo bathong ba ba rekisang mo mebileng.

6.2. Kabinete e tiisitswe maatla ke dikgato tse ditheo tsa molao di di tsereng mo go direng gore go obamelwe melao e e buang ka tlhokomelo ya dijo.

7. Kopano ya go Tlhatlhelela Dimeyara le Magosi ka Phudugelo ya Baditšhaba

7.1. Kabinete e tsibositswe ka Kopano ya go Tlhatlhelela Dimeyara le Magosi ka Phudugelo ya Baditšhaba e e neng e tshwerwe ke Lefapha la Merero ya Selegae mo Lefapha la Thuso ya Dikgwebopotlana (DSBD), la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (CoGTA), le la Bonno jwa Batho ba nnileng le seabe mmogo le magosi le dimeyara tsa diteropokgolo le tsa dikgaolo ba atlhaatlhileng kgang ya gore ba ka fokotsa jang ditiragalo tsa batho ba ba tlang ka fa nageng go se mo molaong, mmogo le ona mabenkele a di-spaza.

7.2. Dintlha tse di botlhokwa tse di tswileng foo ke go tsenya tirisong matsholo a sekaseka mabenkele go bona gore a obamela melao ya dimasepala le ya magosi. Go tla simololwa ka gangwe matsholo a go phuruphutsa dikgwebo, segolobogolo dikgwebo tsa di-spaza mme tiro eno e tla diriwa ke ba lefapha la merero ya ditiro, la boitekanelo, la thuso ya dikgwebopotlana mmogo le la merero ya selegae leo le tla bong le emetswe ke batlhankedi ba go phuruphutsa ditokomane tsa go tsena ka fa nageng, mme seno se tla dira bonnete jwa gore go ikobelwa melao ya naga e e leng teng.

7.3. Go tla tsewa dikgato tsa go sekaseka mabentlele a di-spaza a a butsweng kwa metseselegaeng le kwa makeišeneng, mme go tla nna le ditsela tse di tsenngwang tirisong tsa go kwadisa dikgwebo tseno mo dikantorong tsa magosi kgotsa tsa dimasepala. Go na gape le dikgato tsa go ema nokeng ditshwetso tsa gore magosi a nne le rekoto ya gore batho ba ba nnang foo ba tswa kwa dinageng tsa kwa ntle ke bo mang.

7.4. Go samaganwe le go kwalola sešwa molao wa go rebola dilaesense tsa dikgwebo gore o kgone go ema nokeng batho botlhe ba ba batlang go simolola dikgwebo tse di sa kwadisiwang.

8. Letsholo le le Tshwaraganetsweng la go Lwantshana le Bosenyi

8.1. Kabinete e akgotse Tirelo ya Mapodisi a Aforika Borwa (SAPS) ka tsela eo e phuagantseng ditiragalo tsa digongwana tsa bogodu tsa go gweba ka diritibatse ka ntlha ya go utolola le go thopa diritibatsi tse di ka balelwang go R80 milione ka la bo 20 Diphalane 2023 kwa lefelong la go tlhokomela dithoto la Dube Trade Port kwa Boemelafofaneng jwa Difofane tsa Boditšhabatšhaba jwa King Shaka. Matsatsi a le mabedi pele ga letsatsi leno go ne go letswe go tshwerwe diritibatsi tse dingwe gape tsa khokheini tse di ka balelwang go R70 milione mo lefelong la go tlhokomela dithoto la Durban Harbour.

8.2. Kabinete e akgotse SAPS ka tiro e ba e dirileng mo go latlhiseng motlhala bosenyi jo bo tsamaisanang le magodu a dinaga tsa boditšhaba jaaka seno se wisetsa baagi ba rona le naga ya rona ka digegi.

8.3. Letsholo la Tshireletsego mo Pakeng ya Matsatsi a Dikeresemose le setse le re tswela mosola mo re boneng mapodisi a golega babelaelwa ba feta ba le 140, go tsenyeletsa le mmelaelwa yo a latofadiwang ka gore ke ene komang ka nna wa ditiragalo tsa bogodu jwa dirašwa, mmogo le go thopa ditlhobolo tse di seng mo molaong.

9. Leeto la Moporesitente la go Lekola Maemo

9.1. Kabinete e neseditse pula Leeto la Moporesitente la go Lekola Maemo kwa Masepaleng wa Emfuleni, mme mo leetong leno Moporesitente o ne a ikgata motlhala morago ga gore a tsee leeto la ntlha la Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo mo ngwageng wa 2022.

9.2. Mo leetong la ngwaga wa 2022 kwa Emfuleni go nopotswe dikgwetlho tse di tsamaisanang le masepala jaaka o sa tlhokomele mafaratlhatlha.

9.3. Ka ntlha ya go thusiwa ke Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe, jaanong go na le ponelopele ya gore go lebilwe kae mo go rarabololeng matsapa a metsi le kgeleloleswe a a dirileng gore Bodutelo jwa go Tlhatswa Metsi a a Leswe jwa Vaal bo phutlhame.

9.4. Go setse go simolotswe ka tiro ya go baakanya tlamelo ya metsi, go dira gore bodutelo jwa go tlhatswa metsi a a letswe bo dire ka tshwanelo le go fedisa matsapa a kgelelolese gore re se nne le mantle a a gasaganeng mo mebileng le mo malapeng a batho.

9.5. Seo go bonagetseng e kete go na le kgatelopele mo teng ke dipeipi tse dikgolo tsa metsi mmogo le diteišene tsa dipompo tsa metsi, go tsosoloswa le go tshelwa ga dikontiri, mmogo le matsholo a magolo a go tsenya mabone mo mebileng gore go nne le lesedi le gore go nne le pabalesego.

10. Leano la Tsamaiso ya Dithoto la Ditlamo tsa Naga ya Aforika Borwa

10.1. Lefapha la Dipalangwa le setse le boloditse letsholo la go batla maikutlo a Ditlamo tsa Naga ya Aforika Borwa tsa Tsamaiso ya Dithoto, jaaka seno e le karolo ya dikgato tse di tsewang go rarabolola dikgwetlho tse di tobaneng le lephata la tsamaiso ya dithoto mmogo le go matlafatsa maiteko a go busetsa sekeng maemo a ikonomi ya Aforika Borwa sekeng.

11. Kago le Tlhokomelo ya Mafaratlhatlha

11.1. Kabinete e neseditse pula kgatelopele e e diriwang mabapi le go agiwa le go tlhokomelwa ga mafaratlhatlha mo go setseng go konoseditswe diporojeke tsa go agiwa ga maborogo a le 36 kwa metseselegaeng ka letsholo la Mborogo a Metseselegae la Welisizwe, mmogo le matsholo a go samaganweng nao a diporojeke di le 20 tsa go aga dintlo, ditsela le mafaratlhatlha a metsi.

12. Go Bulwa Sešwa ga Mebila ya go Leba kwa Dinageng tsa Boditšhabatšhaba ka Difofane tsa Naga ya Aforika Borwa

12.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go bulwa Sešwa ga Mebila ya SAA go Leba kwa Dinageng tsa Boditšhabatšhaba mmogo le go busediwa tirong gape ga difofane tsa yona tsa mebila ya ka fa kontinenteng go leba kwa São Paulo, Brazil, mme seno se tshwaile gape le go busediwa tirong ga ditirelo tsa maeto a matelele a go tloga kwa Motse Kapa go leba kwa Johannesburg.

12.2. Go busediwa tirong ga maeto a go leba kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba ga SAA go tla nna le seabe mo go godiseng kgolo mo maetong a boditšhabatšhaba a go leba ka fa nageng, mmogo le go godisa lephata la bojanala go latela gore le phuaganngwe ke leroborobo la COVID-19.

13. Aforika Borwa e Thankgolola Terouno e Kgolo go Gaisa tsa Dinaga tse Dingwe tsa Aforika

13.1. Kabinete e akgotse Sesole sa yona mmogo le setlamo sa go aga difofane sa Milkor jaaka ba atlegile mo go thankgololeng sefofane se se okomelang maemo se le kwa godimo (UAV) se se bediwang Milkor 380, mme seno se raya gore naga ya Aforika Borwa ke e nngwe ya dinaga tse di ntshang ga tshwene fa go tla mo go thekenolojing ya difofane tsa diterouno.

13.2. Milkor 380 ke terouno e kgolo e e iseng e tle e agiwe ka fa kontinenteng ya Aforika mme e tla dirisiwa ke sesole mo dintweng, mo go diseng melelwane, mo go tlhokomeleng tlhago mmogo le mo go lwantshaneng le polao ya diphologolo tsa naga.

14. Ditlhatlhobo tsa Bokhutlho jwa Ngwaga mmogo le tsa Mameteriki

14.1. Kabinete e itumedisitswe ke ditlhatlhobo tse di simolotseng sentle tsa Ngwaga wa 2023 tsa go Kwala Lekwalo la Naga la Dithuto tse Dikgolwane, mme tsona di simolotse ka la bo 30 Diphalane 2023. Batsadi le bagodisi ba bana ba rotloediwa go tswelela go ema barutwana nokeng mo pakeng e e botlhokwa eno.

14.2. Kabinete e eletsa gape masego le barutwana ba bangwe botlhe ba ba tla bong ba kwala ditlhatlhobo tsa bona tsa bokhutlho jwa ngwaga.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Seemo sa kwa Palestina

1.1. Kabinete e swabile nko go feta molomo ke maitsholo a puso ya Iseraele a go gana go ikobela melao ya lefatshe jaaka e tswelela go bontsha lenyatso le le feletseng mo ditshweetsong tse di tserweng ke Dinagakopano tsa go fedisa ntwa e e runtseng koo.

1.2. Ditirelo tsa go thusa baagi ba Palestina ba ba leng mo tlalelong di santse di tswaleletswe ke puso ya Iseraele, mme seno ga se jese diwelang mo baneng, basading le mo baaging ba ba senang molato.

1.3. Polao ya Mapalestina e kete ke ditshenekegi ba bolawa ka difofane ke puso ya Iseraele e santse e tswelela mo dipalo tsa batho ba ba bolawang di tlhatlogang e bile di tsenyeletsang basadi le bana. Mo matsatsing a le mabedi fela a a fetileng lefatshe le ne le itshwere ditlhogo le lebeletse difofane di tlhasela metse ya kwa Gaza le kwa West Bank mo go phampholotsweng dikolo, maokelo, dijanaga tsa balwetse le mafaratlhatlha a baagi mmogo le ditsela e leng dilo tse di neng di tshwanetse go bo di sa kgomiwe e bile di babalesegile ka ntlha ya fa e le dilo tse di sa tshwanelang go tlhaselwa kwa kgaolong ya Borwa jwa Gaza.

1.4. Ka ntlha ya tiragalo eno, Kabinete e tsere tshweetso ya go laela diambasatara tsotlhe tsa naga ya Aforika Borwa go phuthaphutha sengwe le sengwe sa puso eno kwa Tel Aviv go boela gae gore ba tle go itlhalosa sentle gore matsapa di a tsaya kae.

1.5. Kabinete e nopotse gape le dipuo tse di swabisang nko tse di tswang mo molomong wa moabasatara wa naga ya Iseraele tse di ka ga naga ya Aforika Borwa, e bong Rre Eliav Belotsercovsky, yo a buang kgattlhanong le Aforika Borwa, le boeteledipele jwa Aforika Borwa fa a bua a le mo maemong a gagwe a puso le fa a bua a sa emela maemo a gagwe a puso yo a ganetsang gore se se diriwang ke puso ya Iseraele mo baaging ba Palestina ga se tshwane le seo Puso ya Jeremane e kileng ya se dira baagi ba Majuta.

1.6. Dipuopuo tsa ga Moabasatara Belotsercovsky ga di tsamaisane ka gope le tseo di tswang mo melomong ya diambasatara di le pedi tsa mo nakong e e fetileng tsa Iseraele tse di neng di emetse naga ya tsona ka fa nageng ya Aforika Borwa (mme bona ke Illan Baruch mmogo le Ngaka Alon Liel) mme bona ba ne ba totobetse ka le le reng seo puso ya bona e se dirang mo go Mapalestina ga se farologane ka gope le seo puso ya tlhaolele e neng e se dira.

1.7. Dipuopuo tsa moambasatara yono tse di emang kgatlhanong le bao ba ntshang maikutlo a bona ka seo se sa itumediseng seo se diriwang ke baeteledipele ba naga eo se dira gore go se tlhole go nna le pelotelele ya go itshokela moambasatara Belotsercovsky. Mme ka ntlha ya seno, Kabinete e laetse Lefapha la Dikamano le Tirisano le Dinaga tsa Boditšhaba go begela moamasatara yono semmuso ka fao puso ya Aforika Borwa e swabisiwang ke dipuopuo tsa gagwe mme e dire jalo ka go latela dikgato tsa semmuso tsa setipolomate.

2. Puo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Kgweditharo (MTBPS)

2.1. Kabinete e neseditse pula MTBPS ya ngwaga wa 2023, e e neng e baya mo pepeneneng maemo a ikonomi a re leng mo go ona mme e bontshitse le ka fao puso e kakatletseng ka gone mo mererong ya matlole a naga le fa go ntse go le boima mo go direng letseno.

2.2. Ditshwetso tse di tserweng mo go MTBPS di tla tokafatsa matlole a rona, tsa godisa ikonomi mmogo le go re thusa gore re diragatse ditsholofetso tsa rona mo go tlhokomeleng baagi ba ba tlhokang ditlogo ka fa nageng.

2.3. Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi le thusitse dikarolo di le dintsi mo ikonoming ya rona.

3. Go Agiwa ga Diterene tse di Tsamayang ka Lebelo

3.1. Kabinete e neseditse pula Leano la go Tsamaisa Tiro ya Go Agiwa ga Diterene tse di Tsamayang ka Lebelo mme Tona ya Matlole mmogo le ya Dipalangwa ba tla atlhaatlha kgang ya gore go tla tlhokagala matlole a le kanakang.

3.2. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go simolola ka diporo tsa go tloga kwa Johannesburg go leba kwa Durban gore go diriwe dipatlisiso tse di tseneletseng tsa gore go ka tlhokagala eng, mmogo le tsa go tloga kwa Johannesburg go leba kwa Polokwane le go fetela kwa Musina, mmogo le tsa Johannesburg go leba kwa Mbombela.

4. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Masupatsela se se Buang ka go Bona Ditshwanelo tsa go Nna Moagi, Mofaladi le Tlhokomelo ya Batho ba ba Tshabetseng ka fa Nageng

4.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Masupatsela se se Buang ka go Bona Ditshwanelo tsa go Nna Moagi, Mofaladi le Tlhokomelo ya Batho ba ba Tshabetseng ka fa Nageng gore baagi ba dire ditshwaelo ka ga sona.

4.2. Sekwalwa se Iseng se Butswe seno maitlhomo a sona ke go tla ka ditsela tse dintšhwa tsa go neela baagi ba dinaga tsa kwa ntle ditshwanelo tsa go nna baagi ba naga eno, mmogo le tsa go tlhokomela bafaladi le batho ba ba tshabetseng ka fa nageng ya Aforika Borwa, mme seno ga se ree gore go tla itlhokomoloswa melao ya pabalesego ya naga mmogo le go tswelela go ikobela ditumelano tsa dinaga tsa boditšhabatšhaba mmogo le melao e e tshwanetsweng go latelwa e e ka ga baagi ba ba tshabelang kwa dinageng tse dingwe eo naga ya Aforika Borwa e leng karolo ya dinaga tse di di saenetseng.

5. Pegelo ya Borataro ya Dikgatelopele tsa Ngwaga le Ngwaga ka ga go Tsenywa Tirisong Sekwalwa sa Masupatsela se se Buang ka Ditshwanelo tse Batho ba ba Nang le bogolofadi ba Nang le Tsona

5.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go gatisa mo Lekwalong la Semmuso le le Gatisang Melao ya Puso Pegelo ya Borataro ya Dikgatelopele tsa Ngwaga le Ngwaga ka ga go Tsenywa Tirisong Sekwalwa sa Masupatsela se se Buang ka Ditshwanelo tse Batho ba ba Nang le bogolofadi ba Nang le Tsona

5.2. Go phasaladiwa ga pegelo ya dikgatelopele eno go tla diragadiwa ka nako e le nngwe le ya go ketekiwa ga Kgwedi ya Bosetšhaba ya Temososetšhaba ka ga Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogolofadi e e simololang ka la bo 03 Ngwanaitseele le go garela ka la bo 03 Sedimonthole.

5.3. Pegelo eno ya dikgatelopele e bua gape le ka dipalo tse di tlhomilweng tse di tshwanetsweng go fitlhelelwa tsa diphatlhatiro tse di tshwanetseng go tlhodiwa gore di tloge mo go 2% mme di beewe mo go 3% mo bathong ba ba nang le bogolofadi mo ngwageng wa matlole wa 2024/2025, mme go lebeletswe gore di fetlhelele bonnye jwa 7% mo ngwageng wa 2030.

C. Melaotlhomo

1. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Letlole la Tirisano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba go Tsosolosa Aforika (ARF)

1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamentent Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa ARF.

1.2. Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go kwalola sešwa Molao wa ARF wa ngwaga wa 2000 (Molao wa bo 51 wa 2000) mmogo le go dira gore go tlhomiwe Setheo sa Aforika Borwa sa Badirisanimmogo go Tlisa Tlhabologo, mme sona se tla ema nokeng dikgato tsa naga ya Aforika Borwa tsa go go tlisa tlhabologo le go tlisa tirisanommogo magareng ga dinaga tse di dirisanang le Aforika Borwa ka go tlotlomatsa temokerasi, tsamaiso e e lolameng ya ditheo tsa puso, go thibela le go rarabolola dintwa, go thusana le ikonomi le baagi mmogo le go bopa setšhaba se e leng seoposengwe.

D. Bao ba Thapilweng

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1. Go thapiwa ga Rre Ebrahim Rasool go nna Monnasetulo wa Bankatlhabololo ya Dinaga tsa Borwa jwa Aforika.

2. Go thapiwa ga Mme Margaret Mosibudi Phiri go nna tokololo ya Setheo sa Taolo ya Motlakase wa Naga.

E. Ditiragalo tse di Tlang

1. Dipuisano ka ga go Lwantshana le Bonweenwee

1.1. Dipuisano ka ga go Lwantshana le Bonweenwee di tla tshwarwa ka la bo 08 le la bo 09 Ngwanaitseele 2023 kwa Birchwood Hotel kwa Ekurhuleni mo go tla ngokelwang setšhaba gore se ipope ngatana se eme kgatlhanong le bonweenwee go ya ka Leano la Naga la go Ema Kgatlhanong le Bonweenwee (NACS 2020-2030).

1.2. Kabinete mo ka Ngwanaitseele 2020 e ne ya nesetsa pula NACS 2020-2030. Leno ke leano la naga le maitlhomo a lona e leng go dira gore ka fa nageng go se tlhole go nna le bonweenwee e bile le rotloetsa baagi gore ba se tlhole ba itshokela bonweenwee mme ba ikobele melao.

2. Letsholo la Ngwaga wa 2023 la Matsatsing a le 16 la go Ema Kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading le mo Baneng

2.1. Monongwaga ke Mokete wa bo 25 wa go keteka tseokarolo ya naga ya Aforika Borwa mo Letsholong la Matsatsing a le 16 la go Ema Kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading le mo Baneng mme lona le tla ka ketekiwa ka molaetsamogolo yo o reng: “Go Oketsa Lebelo la go Tsaya Dikgato tsa go Fedisa Tirisodikgoka le Polao ya Basadi le Bana: Ga go Ope yo go Itlhokomoloswang Ene”.

2.2. Letsholo leno le tla simolola ka la bo 25 Ngwanaitseele, fa go tla bo go ketekiwa Letsatsi la Boditšhabatšhaba le Phediso ya Tirisodikgoka mo Basading mme le tla garelwa ka la bo 10 Sedimonthole, fa go tla bo go ketekiwa Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Ditshwanelo tsa Batho. Maitlhomo a letsholo leno ke go lwantshana le tirisodikgoka mo basading fa ka fa letlhakoreng le lengwe le tsholetsa ditshwanelo tse batho ba nang le tsona.

3. Kopano ya bo 14 ya go Buisana ka Pholisi

3.1. Naga ya Aforika Borwa e tla tshwara Kopano ya bo 14 ya go Buisana ka Pholisi mmogo le Setlhopha sa Tiro sa Baromiwa ba Merero ya Barutabana Lefatshe ka Bophara (TTF) ba Mokgatlho wa Dinagakopano mo Mererong ya Thuto, Saense le Setso (UNESCO) ka Ferikgong 2024 ka molaetsamogolo yo o reng, “Go samagana le kgwetlho ya go tlhaela ga barutabana mmogo le go dira gore tiro eno e nne e e ngokelang”.

3.2. Foramo eno e tla tsenelwa ke batlhankedi ba puso, Mekgatlho e e sa Direng Letseno (di-NGO), barutabana mmogo le baitseanape mo mererong ya thuto mme ba tla bo ba tshwaraganetse kgetse ya tsie e e ka ga maemo mo ditirong tsa bona, go ikemela ka bobona jaaka barutabana mmogo le go rweswa maikarabelo mmogo le ka ga seo se ka diriwang go dira gore batho ba nne le lerato la go fisegela go ka nna barutabana.

F. Melaetsa

1. Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:

  • Setlhopha sa di-Protea jaaka se kgonne go phunyeletsa kwa makgaolakgannyeng kwa Metshamekong ya Sejana sa Lefatshe ya Kerikete e e tshamekelwang kwa nageng ya India. Le fa se reteletswe ke go ka fopha setlhopha sa India maabane, setšhaba sa rona se tswelela go ba ema nokeng e bile se na le tshepo e e tletseng ya gore ba tla tswelela go dira bontle mo metshamekong ya bona le go re dira motlotlo.
  • Moganka wa Metshameko ya Mabelo a Dijanaga ya Moto GP e bong Brad Binder yo ga jaanong e leng moganka wa maemo a a kwa godimo ka go se sute mo maemong a gagwe yo a emetseng naga ya Aforika Borwa morago ga gore a dire bontle kwa metshamekong ya Thailand Grand Prix.
  • Rra dikgoka wa moAforika Borwa wa ntlha wa metshameko ya batho ba ba tsamayang ka ditiloteti, e bong Macethandile Kulati, jaaka a santse a tshwere maemo a gagwe mo metshamekong ya ngwaga wa 2023 ya Dikgaisano tsa Boditšhabatšhaba tsa Batshameki ba Lefatshe ka Bophara ba Metshameko ya go Kuka Ditshipi le go Ikwetlisa e e neng e tshwaretswe kwa Slovenia.
  • Batlhankedi ba Ditiro tsa Chartered Accountants jaaka ba fitlheletse maemo a a kwa godimo mo dipatlisisong tsa botshepegi mo tirong eno lefatshe ka bophara tsa Edelman.
  • Ngaka Claude Mashego jaaka a fentse dikgaisano tsa Aforika Borwa tsa Bommabontle ba Lefatshe mme o tla emela naga ya Aforika Borwa kwa dikgaisanong tsa Bommabontle ba Lefatshe tse di tla tshwarelwang kwa New Delhi, kwa India ka Sedimonthole monongwaga.
  • Moatefokate Kholeka Gcaleka jaaka a thapilwe go nna motlhankedi yo montšhwa yo a tla okamang maemo a Mosireletsi wa Setšhaba sebaka sa dingwaga di le supa go simolola ka la bo 01 Ngwanaitseele 2023.

2. Melaetsa ya Matshediso

Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:

  • Motshameki wa metshameko ya diolimphiki ya batho ba ba nang le bogolofadi e bong Zanele Situ yo e neng e le mosadi wa mothomontsho wa moAforika Borwa wa ntlha go ka fenya metale wa gauta kwa Metshamekong ya Diolimphiki ya Batho ba ba Nang le Bogolofadi e e neng e tshwaretswe kwa nageng yaa Sydney ka ngwaga wa 2000.
  • Motlatsamokatisi wa mo malobeng wa Setlhopha sa Bafana-Bafana yo gape e kileng ya nna mampodi wa kgwele ya dinao e bong Phil “Mr Jones” Setshedi.
  • Motlhankedi wa Sepodisi Sthembiso Mazibuko wa Yuniti ya Naga ya Tsibogelobosenyi yo a bolailweng mo tiragalong ya fa ba ne ba thuntshana le ditlhokotsebe kwa Ntuzuma, kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal.

Dipotsolotso:
Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485

Share this page

Similar categories to explore