Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 5 Sedimonthole 2018

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka Laboraro, la bo 5 Sedimonthole 2018, kwa Tuynhuys, Motsekapa.

A. Merero ya ga Jaanong

1. Kgolo ya Ikonomi
Kabinete e amogetse kgolo ya ikonomi ya Aforika Borwa ka 2.2% mo kotareng ya boraro, e leng se se nnileng le seabe mo go inoleng naga mo kwelotlaseng ya setegeniki ya ikonomi. Kgolo ya dipalopalo tseno e okeditswe ke lephata la temothuo (6.5%), lephata la matlole (2.3%); lephata la tlhagisodikuno (7.5%) mmogo le mabentlele le mafelo a bogwebi (3.2%). Kgolo ya dipalo tseno e bontsha gore ikonomi e a itharabologelwa mme tsona ka thuso ya matsholo a Samiti ya Ditiro mmogo le Dikhonferense tsa Dipeeletso mo Aforika Borwa di tla tswelela go tokafatsa seemo sa ikonomi.

Kabinete e ikamanya gape le boitumelo jwa maAforika Borwa mo go amogeleng tlhwatlhwa ya leokwane e e fokotsegileng mo kgweding eno e leng se se tla rolang baagi morwalo mo magetleng, bogolosegolo jaaka re tla bo re tsena mo dipakeng tsa meletlo. Maphata otlhe a baagi a lopiwa gore a nne le seabe mo tse di itumedisang tseno mo kontareng ya boraro go thusa ikonomi ya naga ya Aforika Borwa gore e tsene mo leetong le lentšhwa la kgolo ya ikonomi.

2. Mogolo o o kwa Tlase wa Bosetšhaba (NMW)
Kabinete gape e amogetse go saeniwa ga Molaotlhomo wa NMW ke Moporesitente Cyril Ramaphosa gore e nne molao. Molaotlhomo ono o dira hisetori mo go sireletseng badiredi ba ba golang megolo e e kwa tlase le go fokotsa sekgala se se tlholang go se lekane mo setšhabeng. Molaotlhomo wa NMW wa ntlha o tla oketsa megolo ya badiredi ba Aforika Borwa ba ka nna dimilione di le thataro ba ba golang megolo e e kwa tlase.Megolo ya badiredi ba ba direlang maphata a kwa dipolaseng, a jalo ya dikgwa le kwa malapeng e tla tsenngwa tirisong kgato ka kgato.

Le fa e le gore NMW ga e kake ya fedisa go se lekalekane mo megolong, Kabinete e dumela gore e tla nna le seabe se segolo mo go fokotseng sekgala se se leng teng se se tlholang se oketsega sa go se lekalekane le khumanego e e sa feleng.

3. Setheo sa Dithuto tsa Tlhagisodikuno sa Toyota Wessels (TWIMS)
Kabinete e amogetse TWIMS e ntšhwa e e leng gone e thankgololwa ya bokanaka R56 milione. Setheo seno se tla thusa lekala la Aforika Borwa la tlhagisodikuno, la tlhoma bokgoni jwa maemo a a kwa godimo le go goga kwa pele dikgato tsa go dira gore Aforika e nne lefelo la difeme. Gape e tla potlakisa go itlwaetsa go nna batlhagisi ba dikuno e leng seo naga e se tlhokang bogolosegolo go ka fitlhelela ditlhokwa tsa yona le go tlhoma diphatlhatiro.

Letsholo leno le ikemetse e bile ga le a tlhamelwa go dira letseno mme le tlhamilwe ka madithuso go tswa mo Letlole la Thuto la Setlamo sa ka fa Nageng ya Aforika Borwa sa Toyota. Le dirisana mmogo le Setheo sa Dithuto tsa Kgwebo sa Gordon seo e leng karolo ya Yunibesiti ya Pretoria mo go tlhagiseng tekerii ya Masetase mo Tsamaisong ya Kgwebo e e tobaneng bogolosegolo le lephata la tlhagisodikuno.

4. Merero ya Mekgatlho ya Loago
Kabinete e nopotse Semphosiamo se se tshwerweng ka katlego sa Merero ya Mekgatlho ya Loago se se neng se tsenetswe ke puso ka tirisanommogo le Mekgatlho ya Boditšhabatšhaba ya Merero ya Badiri mmogo le Puso ya naga ya Flanders ka Labotlhano, la bo 30 Ngwanaitseele 2018. Semphosiamo eno e ne e gogwa kwa pele ke Lefapha la Tlhabololo ya Ikonomi le tshegeditswe ke Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana.

Merero ya Mekgatlho ya Loago e akaretsa dikgwebo le matsholo a go ikaeletsweng gore a tla diragatsa dipeelo tsa pholisi ya loago tse di jaaka go tlhoma ditiro, go tsenyeletsa ditlhopha tseo mo nakong e e fetileng di neng di kgapetswe kwa thoko, mmogo le go tlisa ditlhokwa le ditirelo kwa mafelong a metseselegae. E na le bokgoni jwa go ka tshegetsa dikgato tsa go akaretsa botlhe mo ikonoming le go tlhola ditiro tse dingwe gape di ka nna makgolokgolo. Semphosiamo eno e kopantse bagwebi ba loago, bakwadi ba dipholisi, babatlisise mmogo le mekgatlo e e seng ya puso, mme ba tla thusa go tlhagisa Sekwalwa sa Bofelo sa Tetlelelo ya Tiragatso ya Merero ya Mekgatlho ya Loago mo ngwageng wa 2019.

5. Ikwadiso ya go tsenela ditlhopho
Mo go ipaakanyetseng ditlhopho tsa ngwaga o o tlang wa 2019, Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go diragatsa tshwanelo ya bona jaaka baagi ba ba nang le maikarabelo ka go netefatsa gore ba na le makwaloitshupo a bona, dikarataitshupo kgotsa lekwalo la nakwana le le dirisiwang mo legatong la lekwaloitshupo e bile ba ikwadisitse go ka tsenela ditlhopho mo dikgaolong tseo ba nnang mo go tsona. Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho (IEC) e tla diragatsa kwadiso ya batlhophi mo bokhutlhong jwa beke ka la bo 26 le la bo 27 Ferikgong 2019 mme maAforika Borwa a rotloediwa go dirisa tšhono eno go ikwadisetsa go tsenela ditlhopho kgotsa go netefatsa maemo a bona fa ba santse ba na le matshwanedi a go tlhopha.
Kabinete e ikuela mo go bao ba dirileng dikopo tsa Dikarataitshupo go lata ditokomane tsa bona kwa makaleng a bona a a maleba a Lefapha la Merero ya Selegae (DHA).

6. Mokaidi wa Naga wa Ditirelo tsa Setšhaba tsa Botšhotšhisi (NDPP)
Kabinete e akgotse Moporesitente Ramaphosa mo go thapeng Moatebokate Shamila Batohi jaaka tlhogo e ntšhwa ya NDPP. Seno se latela gore Moporesitente a atlhaatlhe batho ba le batlhano bao Phanele ya Boeletsi e neng e ba beile leitlho gore o mongwe wa bona e nne ene yo a neelwang tiro. Go thapiwa ga gagwe go tla okobatsa matsadi le go tlisa tsetsepelo mo boeteledipeleng jwa Bothati jwa Botšhotšhisi jwa Bosetšhaba (NPA) le go gagamatsa ntwa ya naga ya go lwantsha bosenyi le bonweenwee. Kabinete e romela ditebogo tsa yona kwa go Tona ya Eneji Rre Jeff Radebe mmogo le ditokololo tsa phanele gore ba bo ba nnile le seabe mo thulaganyong eno ya go thapa e e tla dirang hisetori.

7. Baporofešenale ba lephata la boitekanelo la porofense ya Limpopo
Kabinete e kgalema ka bogale go tlhaselwa ga dingaka kwa dipetleleng tsa kwa porofenseng ya Limpopo. Badiredi ba boitekanelo mmogo le mafelo a boitekanelo a thusa baagi, bogolosegolo ba ba leng mo tlalelong mme ba tlhoka thuso. Go tlhasela badiredi bao tiro ya bona e leng go pholosa matshelo ke tlolomolao mme ga e kitla e letlelelwa. Tona ya Boitekanelo, Ngaka Aaron Motsoaledi, o eteletse kwa pele setlhophatiro sa dikgalemo ka mefuta – se se akaretsang batlhankedi ba dipatlisiso ka bosenyi, ditirelo tsa mafokisi, mapodisi a taolo ya ditshupetso, bothati jwa ditlamo tsa phemelo mmogo le batlhankedi ba DHA – go ka lekolasešwa maemo a pabalesego kwa maokelong.

Kabinete e ikuela mo baaging go dirisana le batlhankedi ba ditheo tsa tiragatso ya molao go netefatsa gore ditlhokotsebe tsa ditiragalo tseno tse di setlhoko di a tshwarwa le go golegiwa.

8. Matsatsi a boikhutso a a babalesegileng
Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go babalesega mo matsatsing ano a boikhutso mo kgweding ya Sedimonthole. Badirisi ba ditsela ba lopiwa go obamela melao ya tsela, ba se kganne boatla mme ba kganne ka maikarabelo, ntle le go kganna ba tlompunyetse ka fa nkgwaneng. Batsamayakadinao le bona ba lopiwa go ntsha matlho dinameng fa ba tsamaya mo ditseleng. Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelobosenyi le Tshireletsego (JCPS) se gagamaditse matsholo a a kgatlhanong le bosenyi le a pabalesego naga ka bophara.DHA e okeditse badiredi ba yona kwa melelwaneng ya go tsena le go tswa ka fa nageng go netefatsa gore ba kgona go samagana le palo e go solofetsweng e tla oketsega ya batho ba ba tla bong ba tsaya maeto mo pakeng eno ya meletlo. Gape e solofela le go atolosa diura tsa yona tsa go dira kwa melelwaneng e go tlalang kwa go yona, go tloga mo dipakeng tsa pele ga meletlo, mo pakeng tsa meletlo le fa morago ga meletlo fa dikolo di bula.

9. Segopotso sa bosupa sa Madiba
Kabinete e ikamanya le maAforika Borwa mo go supeng tlotlo mo segopotsong sa botlhano sa Moporesitente wa naga ya rona wa ntlha wa temokerasi Rre Nelson Rolihlahla Mandela, yo a ragileng kgamelo ka la bo 5 Sedimonthole 2013. Moporesitente Ramaphosa o begile fa ngwaga wa 2018 e tla nna Ngwaga wa go Tlotla Segopotso sa Mandela. Lefa la gagwe le ketikilwe ngwaga otlhe ke maAforika Borwa ka mefuta, moo mokete wa sešweng jaana e neng e le wa Global Citizens Mandela 100 Festival o o neng o tshwerwe mo bokhutlhong jwa beke e e tswang go feta. Kabinete e ikuela mo go botlhe go somarela seo Madiba a neng a se emetse, go akaretsa le kemonokeng ya gagwe e e sa etsaetsegeng fa go tla mo bosiamising, tekatekanong le mo go tlhokeng tlhaolele.

10. Global Citizen Festival Mandela 100
Kabinete e leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo moketeng wa Global Citizen Festival Mandela 100 o o neng o tshwaretswe kwa Johannesburg ka Latshipi, la bo 2 Sedimonthole 2018. Moletlo ono e nnile o mongwe wa mekete ya naga ya go supa tlotlo mo go ketekeng segopotso sa ga Tata Nelson Mandela mme o ne o bogetswe mo thelebišeneng ke dinaga di feta di le 180. Moletlo ono o kopantse baagi ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle, balwelakgololesego, baeteledipele mo lefatsheng, badiragatsi ba mmino le bao ba nang le seabe mo bathong go atolosa Dipeelo tsa Tlhabololo ya Leruri (SDG) tsa Dinagakopano (UN) mo go supeng tlotlo mo go seo Mandela a neng a se emetse.

Kabinete e romela kutlobotlhoko ya yona kwa go bao e nnileng batswasetlhabelo ba bosenyi joo bo ba diragaletseng fa ba ne ba phatlhalala go leba kwa magaeng a bona fa ba tswa kwa lebaleng leo moletlo o neng o tshwaretswe kwa go lona. E kgalema ka bogale ditiragalo tseno tsa bosenyi mme e laetse ditheong tsa tiragatso ya molao go tshwara dirukhutlhi tseno.

11. Letsatsi la Lefatshe ka ga AIDS
Naga ya Aforika Borwa e ne e keteka Letsatsi la Lefatshe ka ga AIDS ka la bo 1 Sedimonthole 2018 ka moono yo o reng: “Cheka Impilo. Know Your Status.” Kabinete e leboga lenaane la maphatamantsi la puso le le ka ga HIV le AIDS le le tsereng ditshwetseo tsa dikgato tsa go fedisa leuba leno. Lenaane leno le kgonne go oketsa palo ya batho ba ba leng mo lenaaneng la kalafo ka melemo ya dianthiretrobaerale ka batho ba ka nna dimilione di le pedi.

Naga ya Aforika Borwa e na le batho ba feta 4,2 milione ba ba amogelang kalafo eno, mme seno se dira gore lenaane leno e nne lenaane la a mangwe a magolo tota fa go tla mo kalafing mo lefatsheng. Letsholo la HIV le AIDS le tswelela go dira phapang fa go tla mo phetolong ya maitsholong a batho, mo melemong ya kalafi le mo mamoduleng o o leng mo bathong. Kabinete ga e sute fa go tla mo boikuelong jwa yona jwa go re maAforika Borwa a dire diteko gore ba kgone go itse maemo a bona a boitekanelo fa go tla mo HIV, e leng seo se tla ba thusang go tsaya ditshwetso fa go tla mo thibeloketegelo, kalafi, tlhokomelo le mo tshegetsong e e matshwanedi.

12. Letsatsi la Boditšhabatšhaba la UN le le ka ga Batho ba ba nang le Bogolofadi
Naga ya Aforika Borwa e ikamantshe le dinaga tse dingwe tsa lefatshe mo go tlotleng Letsatsi la ngwaga le ngwaga la Boditšhabatšhaba la UN le le ka ga Batho ba ba nang le Bogolofadi ka Mosupologo la bo 3 Sedimonthole 2018.
 Puso e tswelela ka maikemisetso a yona a go akaretsa le go sireletsa batho ba ba nang le bogolofadi ka go dirisa manaane le matsholo a boineelo go netefatsa gore ba fitlhelela ditšhono fela jaaka batho ba bangwe, jaaka go tlhalositswe mo Molaotheong wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

13. Mafelo a a Itlhophileng a Ikonomi (SEZ) a kwa Nkomazi
Kabinete e gateletse ditshwetso tse Tona ya Kgwebisano le Intaseteri, Ngaka Rob Davies, a di tsereng go tlhoma SEZ le go rebolela Lefapha la Puso ya Porofense ya Mpumalanga la Tlhabololo ya Ikonomi le Bojanala Laesense ya SEZ.
Nkomazi SEZ e tla nna “Bodutelo jwa Tlhagiso ya Dijo” mme go tla dirisiwa motlakase o o somarelang tlhago. E tla tshegediwa gape le ke ditirelo tse di farologaneng tse di jaaka mafelo a go bolokelwang dithoto gone le a dijanaga tse di rwalang dithoto. Seno ke karolo ya porojeke ya Tlhabololo ya Ditsela tsa Kgwebisano le Maputo, e leng tsela e kgolo tota ya kgwebisano e e golaganyang diporofense tsa Gauteng, Limpopo le Mpumalanga le Maputo kwa Mozambique. Gareng ga tse dingwe e akaretsa ditsela, maemakepe le diporo tsa diterene.
E tla nna mosola mo go potlakiseng kgolo ya ikonomi, go ngokela dipeeletso go tswa ka fa nageng le go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle, go godiseng lekala la tlhagisodikuno le mo go direng ditiro mo kgaolong eno.

14. Kabinete e atlenegisitse go saeniwa ga tsweletso ya Tumelano ya Botsalano mo go tsa Ikonomi (EPA) le naga ya United Kingdom (UK) gang fela fa go sena go rarabololwa matsapa a a saletseng a setegeniki mmogo le fa go setse go konoseditswe ka merero ya tsamaiso. Kabinete gape e atlenegisitse go tlisiweng kwa Palamenteng ga Tumelano e e tlhomileng EPA e e magareng ga Mokgatlho wa Dithoto tsa Lekgetho tsa Dinaga tsa Borwa jwa Aforika le naga ya Mozambique le ya UK gore e amogelwe semmuso.

15. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Sekwalwa sa Masupatsela se se rulagantsweng se se mabapi le Lefapha la Merero ya Selegae (DHA) gore baagi ba tlhagise se se mo mafatlheng a bona ka sona. Sekwalwa sa Masupatsela seno se tlhalosa gore gore naga ya Aforika Borwa e itemogele ka botlalo toro ya yona ya Tshimololo ya Bone ya Diintaseteri, DHA e tshwanetse go nna karolo e e botlhokwa thata mo go itemogeleng seno ka e tshameka karolo e e botlhokwa mo go matlafatseng baagi, mo go tlhabololeng batho botlhe, mo go direng gore puso e dire ka manontlhotlho le mo go diseng pabalesego ya naga eno.
Gape e eme ka le le reng DHA ke yona fela e e rweleng maikarabelo a go direla baagi ditokomane tsa semmuso tsa boitshupo, tsamaiso ya bofaladi jwa boditšhabatšhaba e mo magetleng a bona e bile gape ditirelo tsa batho ba ba tshabelang ka fa nageng go tswa kwa dinageng tsa bona le tsona di mo magetleng a bona. Sekwalwa sa Masupatsela seno se tshitshinya gape le dikgato tse di ka tsewang go ka fokotsa ditiragalo tsa go utswetswa madi kwa dibankeng ka ntlha ya ditirelo tse di oketsegang tse di boatla mme batho ba nne le madi a polokelo.

16. Kabinete e amogetse go isiwa kwa Palamenteng ga Tumelano ya Tetlelelokhophi ya Lefatshe (WCT) ya Mokgatlho wa Lefatshe Mabapi le Dithoto le Dithata (WIPO) wa 1996 gore o tlaleletse mo melaong e e leng teng mabapi le ntlha eno.
Eno ke tumelano ya maphata a dinaga di le dintsi e bile gape ke tumelano e e itlhophileng ka fa tlase ga Tumelano ya kwa Berne e e samaganang le tshireletso le tiro ya bakwadi ba naga ya bona mmogo le ditshwanelo tsa bona mo diraleng tsa dijithale. Go dumelana le WCT go ungwela gape le diintaseteri tsa tsa boitshimololedi tsa naga ya Aforika Borwa, bogolosegolo bakwadi ba dikwalwa le dikgatiso tse dingwe tsa botsweretshi. WCT e na le dikgatlhegelo tsa naga ya Aforika Borwa jaaka e netefatsa gore molao wa tetlelelokhophi wa ka fa nageng o tsamaelana le diphetogo tse di diragalang mo mererong ya thekenoloji. Seno se tla nna le tshireletso e e botlhokwa kgatlhanong le go utswiwa ga dithata tsa beng ba tsona mo mananeong a dikhomphiutha le mo difalanatshedimosetsong.

17. Kabinete e amogetse go isiwa kwa Palamenteng ga Tumelano ya Tiragatso le Medumo ya WIPO ya 1996 gore o tlaleletse mo melaong e e leng teng mabapi le ntlha eno.
Eno ke tumelano ya maphata a dinaga di le dintsi e e samaganang le ditshwanelo tsa badiragatsi le batlhagisi ba medumo, bogolosegolo mo tikologong ya dijithale. Tumelano eno e tla sireletsa batho kgotsa mekgatlho e e nang le seabe se segolo mo boitlhameding, mo botegeniking kgotsa mo bokgoning jwa mokgatlho mo dikgatong tsa go tlisetsa baagi tiro le go oketsa letseno gore ba unngwelwae.

18. Kabinete e atlenegisitse go tlisiwa ga Tumelano ya Beijing kwa Palamenteng gore e tlaleletse mo ditumelanong tse di leng teng mabapi le ntlha eno. Eno ke tumelano ya maphata a dinaga di le dintsi, e e laolang tetlelelokhophi mo ditiragatsong tsa dikgaso tsa diyalemowa le le ditshwantsho tsa sethelebišene mmogo le go otlolola ditshwanelo tsa maphata ano. E amogela ditshwanelo tsa dithoto le dithata tseo badiragatsi ba mananeo a diyalemowa le dithelebišene ba nang le tsona mo ditirong tsa bona tse di phasaladitsweng mme o dira gore ba iponele letseno go tswa mo go tsona. E naya gape batlhagise bano ditshwanelo tsa maitsholo go supa tlotlo mo tirong ya bona le go tlotla ditshwanelo tsa bona mo maphateng a dijithale.

19. Kabinete e amogetse gore go tlhomiwe Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) e e tla etelelang kwa pele Tsamaiso ya Tebosešwa ya Dinagaleloko tsa Aforika (APRM) e leng tebosešwa ya paka ya kokoma ya bobedi. Yona e tla diragadiwa morago ga go tshwariwa ga Ditlhopho tsa Naga tsa 2019. IMC e tla tshegediwa ke setheo se se tlhomilweng sa Khansele ya Puso ya Naga sa APRM. Thulaganyo eno ya Tebosešwa ya APRM e naya dinaga tse e leng karolo tšhono ya go buisana ka merero ya dipuso tsa tsona mmogo le matsadi a merero ya mekgatlho ya loago mmogo le tšhono ya go tšhotlha seo se ka diriwang go ka tswela pele.

20. Kabinete e letleletse gore naga ya Aforika Borwa e ka saena Tumelano e e tla tlhomang, ka go latela melao ya boditšhabatšhaba, mokgatlho wa tirisano ya dipuso o o bidiwang Mokgatlho wa Dipatlisiso tsa Arei ya Sekwere kilometara (SKA), o o tla rwalang maikarabelo a go simolola dikgato tsa go simolola le go diragatsa porojeke ya thelesekoupu ya seyalemowa ya SKA, mme e tla fitlhelwa kwa nageng ya Aforika Borwa le ya Australia.
Go saeniwa ga tumelano eno go botlhokwa thata mo go tlhomeng tirisanommogo ya lefatshe ka bophara ka mekgwa ya tshegetso ya puso e e matshwanedi, e leng se se tla netefatsang gore go nna le katlego mo go diragatseng porojeke eno. Aforika Borwa le yona e tla kgona go ingokela gape le dipeeletso tse di lebileng ka fa nageng mmogo le go iponela bokgoni le dipoelo tsa mafaratlhatlha tse di tla tshegetsang porojeke ya SKA.

21. Kabinete e amogetse Letlhomeso la Naga la Mafelo a Melelwane ya Ditirelo Tsolhe (OSBP) gore le tsenngwe tirisong. Seno se supetsa tsela e e potlakileng e e ka diragatswang ka bonako go tsenya tirisong di-OSBP magareng ga naga ya Aforika Borwa le dinaga tse dingwe tsa boagisani. OSBP e tla matlafatsa tsamaiso ya kgwebisano ntle le go baya pabalesego ya naga mo matshosetsing kgotsa go tshosetsa dithulaganyo tsa go bokeletsa lekgetho ka go tsamaisa ka thulaganyo ditlhagisiwa, batsayamaeto le ditirelo magareng ga naga ya Aforika Borwa le dinaga tse di mabapi e leng Botswana, Lesotho, Namibia, Mozambique le Zimbabwe.

Gape seno se tla dira gore kgaolo eno e nne le mafelo a melelwane a a sa tseyeng nako e telele go netefatsa fa ditlhokwa tsotlhe di le mo seemong se se siameng mmogo le go fokotsa ditirelo tse di ipoeletsang tsa ditheo tsa kwa melelwaneng, mme seno se tla tokafatsa kgaisano fa go tla mo kgwebisanong mmogo le go fokotsa nako le ditlhwatlhwa tse batho ba di duelang fa ba tsaya maeto.

22. Kabinete e amogetse gore Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba mmogo le Ditikwatikwe tsa Matlhale a Bosenyi jwa Matlole (FIC) ba tla rebola letsholo la ipaakanyetso ya naga ya Aforika Borwa mabapi le ditekolo tsa naga tsa matshosetsi a a leng teng mmogo le dithulaganyo tse di tlang tsa tekolo ya selekano mme di tla simolola fa gare ga kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2019.
Tekolo ya selekano ke thulaganyo ya go lekola maphata a a lekalekanang e e diragadiwang ke baitsanape ba boditšhabatšhaba go tswa kwa dinageng tse dingwe tse e leng karolo ya mokgatlho wa tirisano ya dipuso, Sepodisi sa Ditirelo tsa Matlole, go dira diphuruphutsho mabapi le go utswiwa ga madi mo nageng e nngwe mme a tlodisiwa melelwane go leba kwa dinageng tse dingwe (AML) mmogo le go lwantshana le thulaganyo e e leng ka fa nageng ya Aforika Borwa ya ditlamo tse di neelang barukhutlhi madi. Dipoelo tsa kgato eno di tla thusa thata mo go matlafatseng seriti sa dithulaganyo tsa tsamaiso ya matlole mo nageng ya Aforika Borwa ka go nopola dikgato tse di tla tshwanelwang ke go tsewa go ka samagaba le makoa otlhe a a leng teng mo thulaganyong ya rona ya AML/CFT.

23. Kabinete e amogetse ditshtshinyo tse Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro (DPME) le di tlhagisitseng go ka leka go thusa Lefapha la Thuto ya Motheo (DBE). Ditshtshinyo tseno di tswa mo go lateleng ditshekatsheko tse di dirilweng tsa Dipatlisiso tsa Tshekatsheko ya go Buisa ga Barutwana ba Mephato ya Motheo morago ga dingwaga di le pedi dipatlisiso tseno di rebotswe. DBE e rebotse Dipatlisiso tsa Tshekatsheko ya go Buisa ga Barutwana ba Mephato ya Motheo e dirisana mmogo le diyunibesiti tse di farologaneng. Eno ke patlisiso e kgolo ya thuto eo maitlhomomagolo a yona e leng go bokeletsa bopaki jwa seo se dirang sentle go tokafatsa go ruta le go ithuta go buisa ga barutwana ba mephato ya motheo ba buisa dikwalwa tse di kwadilweng ka dipuo tsa maAforika mo nageng. Pegelo eno e tla phasaladiwa mo webesaeteng ya DPME.

24. Kabinete e amogetse Letlhomeso la Pholisi ya Dimusiamo tsa Naga. Maitlhomomagolo a lona ke go fetola bolaodi le ditirelo tsa dimusiami mabapi le phitlhelesego ya dimusiamo, go ka baakanya, go ka lekalekana, go ka aga naga le go dira gore re nne seoposengwe. Pholisi eno e tshitshinya gore dimusiamo di rulaganngwe go ya ka ditlhopha go latela dibopego tse dintšhwa tsa bolaodi gore re kgone go fitlhelela maemo a a kwa godimo a ikonomi ka go fokotsa dikhansele tse di ntsi tse di leng teng mo dimusiamong.
Gape le beile le melawana ya gore dimusiamo di rulaganywe go ya ka boleng, bogolo le botlhokwa jwa tsona gore di tlamelwe ka matlole ka tshwanelo.

25. Kabinete e amogetse Keletso ya Naga ya go Thapa Batho ba e tla nnang karolo ya Diboto le Batlhankedikhuduthamagabagolo (di-CEO) ba Ditheo tsa puso le tseo di Laolwang ke Puso. Keletso eno e tlhagisa metheo ya naga le melakaelo e e lolameng mo go rotloetseng ditsela tse di tshwanang mo go thapiweng ga batho bano. E tsibogela Komitikhuduthamaga ya Ditshekatsheko ya Moporesitente mabapi le Ditheo tsa Puso gore go se nne le bofitlha mo mererong ya tiro ya tsona, go nne le maikarabelo le bobusi jo bo siameng mo makaleng otlhe a puso.

26. Kabinete e amogetse pegelo ya dikgatelopele ya borataro e e rebotsweng ke Setlhophatiro sa Ditona tsa Mafapha a a Kopanetseng Tiro (IMTT) sa kwa porofenseng ya Bokone Bophirima. Kabinete e itumetse gore go na le kgatelopele e e bonagalang mo go tsepamiseng mafapha a porofense mo porofenseng eno mme ebile kabo ya ditirelo tsa motheo di beilwe kwa setlhoeng. Tsereganyo eno e tswaletse 90% ya dikoloto tsa batlamedi ba ditirelo tsa puso e leng seo se kgontshitseng gore go simololwe go tlamela ditheo tsa boitekanelo ka melemo le didirisiwa tsa boitekanelo. Mafelo a karo a le mane go a le matlhano a kwa sepetlele sa kwa Mafikeng a buseditswe sekeng mme a simolotse go dira. Dipalopalo tsa ditiro tse di neng di sena batho mme go na le matlole a go ka duela batho bao mo mafapheng a a maleba di setse di thapetswe batho. Go setse go logilwe leano la thulaganyo ya go samagana le tshalelomorago e e leng teng mo go baakanyeng mafaratlhatlha mme e bile le badiredi ba ditheo tsa tiragatso ya molao ba tswelela go dira pharologano mo go tshwareng bao ba neng ba amega mo ditirong tseno tsa bonweenwee.

27. Ka go dirisana le boeteledipele jwa porofense ya Bokone Bophirima, Botsamaisi jo bo thapilweng jono bo tswelela go dira pharologano mo go tsenyeng tirisong thulaganyo ya bobusi jo bo matshwanedi. Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP) le etetse porofense eno mo kgweding ya Diphalane mme le setse le rebotse pegelo ya lona moo le akgolang tsibogelo ya Puso ya Naga mo go mekamekaneng le dikgwetlho tse di neng di runtse mo porofenseng.

28. Kabinete e amogetse gore go ka tshwarelwa dikhonferense tse di latelang ka fa nageng:
• Kopano ya Ngwaga le Ngwaga ya Bone ya Banka e Ntšhwa ya Tlhabololo (NDB), mo kgweditharong ya ntlha ya ngwaga wa 2019. NDB e tlhomilwe ke mokgatlho wa naga ya Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa (BRICS) gore e dirisediwe go bokeletsa metswedi e e tla tshegetsang mafaratlhatlha le diporojeke tsa tlhabololo ya leruri mo dinageng tsa BRICS, mmogo le go tshegetsa dimaraka tse dingwe tse di santseng di supoga le dinaga tse dingwe tse di santseng di tlhabologa.
• Khonferense ya Kopano e e Tlwaelegileng ya Ditona tsa Dinaga tsa Aforika ya bo 17 mabapi le Tikologo (AMCEN) ka kgwedi ya Seetebosigo/Phukwi 2019. AMCEN ke foramo ya go ya go ile moo ditona tsa dinaga tsa Aforika tse di rweleng maikarabelo a Tikologo ba mekamekanang le merero ya tikologo le go rebola ditharabololo tse di maleba tsa Kontinente. Aforika Borwa e tla tsaya setulo sa yona sa go nna monnasetulo go simolola ka ngwaga wa 2019 go fitlha ka wa 2021.

C. Melaotlhomo

29. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Thopo ya Dithoto ke Puso gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. Molaotlhomo o o kwalolotsweng sešwa ono o tsentswe karolo e e tlhalosang ka botlalo mabaka a a ka dirang gore go thopiwe lefatshe ntle le tuelo epe. Karolo eno e matlafatsa Molaotlhomo wa Thopo ya Dithoto ke Puso wa mo malobeng o palamente e o gogetseng morago. Molaotlhomo ono o tla thusa thata mo go potlakiseng lenaane la pusetso ya dinaga ntle le go tlola letlhomeso la melawana ya molaotheo.

30. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwe Molaotlhomo wa Maitsholo a Ditheo tsa Matlole wa ngwaga wa 2018 gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. Seno ke karolo ya dintšhwafatso tsa puso mo taolong ya makala a matlole mo go diragatseng mokgwatirelo wa Twin Peaks mmogo le go latela go tlhomiwa ga Molao wa Melawana ya Lekala la Matlole wa 2017 (Molao wa bo 9 wa 2017) o, gareng ga tse dingwe, o ikaelelang go netefatsa gore go nna le maitsholo a a botoka mo marakeng ono le bareki ba ditirelo ba tshwariwa botoka mo lekaleng la matlole. Melawana ya maitsholo mo dimarakeng tseno e ikaelela go thibela le go laolo fa e le gore ga go na katlego e e bonagalang mo maitekong a go thibela, ditlamorago tse di bokoa tse di tlhodiwang ke maitsholo a a sa siamang a ditheo tsa matlole fa di dira kgwebo ka ditsela tseo di tsayang letlhakore ka go se tshwane mo dareking ba ditirelo tsa lona kgotsa di tseele kwa tlase seriti sa mebaraka ya matlole le go itshepeleng mo thulaganyong ya matlole.

Molaotlhomo ono o tla matlafatsa tshireletso ya dikgatlhegelo tsa bareki ka go tsenya tirisong molao o o mosola wa maitsholo a ka fao mebaraka e tshwanetseng go itshwara ka gona. Seno se tla dira gore bareki ba tshwariwe ka go tshwana mo lekaleng la matlole. O fana ka tsela e le nngwe e e tshwanang ya go rebolela ditheo tsotlhe tsa matlole dilaesense, le go netefatsa fa go nna le melawana le taolo ka botlalo.

Seno se tla kgontsha Bothati jwa Maitsholo a Lekala la Matlole jo bo sa tswang go tlhomiwa go kgona go diragatsa tiro ya bona ya go sireletsa dikgatlhegelo tsa bareki ba ditirelo tsa matlole ka go netefatsa gore ba amogela ditirelo ka go lekalekana. Molaotlhomo ono, o o tla amang ditheo tsotlhe tsa matlole, o tshegetsa gape le phetolothefosano ya lekala la matlole ka go tsenyatirisong Molao wa Lekala la Matlole o o ntshitsweng ka go latela Molao wa Matlafatso ya Maemo a Ikonomi a Bathobatsho wa 2003 (Molao wa bo 53 wa 2003) ka go goeletsa gore go tsenngwe tirisong dipholisi tse di tla tsamaelanang le molao mmogo le go laola ka fa dipholisi tseo di tla tsenngwang tirisong.

31. Kabinete e dumeletse gore go ka isiwa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Merero ya Matlole wa ngwaga wa 2018.
Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di ka ga:
a) Molao wa Kgosomelo mo Dikolotong wa ngwaga wa 1963, go gagamatsa melawana ya mebaraka dikonteraka tse di tsenelwang ke maphata a le mabedi, go latela maikano a a tserweng ke G20;
b) Molao wa Matlole a go Rola Tiro mo Sesoleng wa ngwaga wa 1976, go samagana le dikgaolo tse di tlhaololang tsa molao;
c) Molao wa Dibanka wa ngwaga wa 1990, go kgontsha ditlamo tsa puso tse di nang le matshwanedi go ka dira dikopo tsa dilaesense tsa go tlhama dibanka;
d) Molao wa Matlole a go Rola Tiro mo Pusong wa ngwaga wa 1996, go fetola ntlha ya kgaoganyo e e sa tseeng letlhakore fa go tla mo ntlheng ya go tswa mo lenyalong, go netefatsa gore dituelelo tsa tokololo tse di duelelwang mokapelo yo a kgaoganeng nae ga di fetolwe go nna sekoloto se se jarwang ke tokololo eno; mmogo le
e) Molao wa Ditiro tsa Boruni wa ngwaga wa 2005, o samagana le dikgwetlho mmogo le dikgoreletsi tseo Boto e e Ikemetseng ya Bolaodi jwa Baruni e tobanang le tsone fa e diragatsa maikarabelo a yona a bolaodi le tlhokomelo.

D. Ditiragalo tse di Tlang

32. Tsiboso ya Mogolo o o kwa Tlase wa Bosetšhaba (NMW)
Moporesitente Ramaphosa o tla tsibosa naga ka NMW kwa moletlong o o tla tshwarelwang kwa Kliptown kwa Soweto ka Labotlhano, la bo 7 Sedimonthole 2018.NMW ka gang e tla ungwela badiredi ba feta dimilione di le thataro le go thusa go samagana le maemo a go tlhoka tekatekano le a khumanego mo nageng ya Aforika Borwa. Tsiboso eno e e tla dirang hisetori e tla oketsa madi a a neelwang batho ba bontsi jwa bona bo leng mo tlalelong.

33. Letsatsi la Boditšhabatšhaba la go nna Kgatlhanong le Bonweenwee
Mo go tlotlomatseng Letsatsi la Boditšhabatšhaba la go nna Kgatlhanong le Bonweenwee la Dinagakopano (UN) ka Latshipi, la bo 9 Sedimonthole 2018, Kabinete e gateletse maikemisetso a naga eno a go lwantshana le bonweenwee mo makaleng ka bobedi e leng a poraefete le a puso.Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelobosenyi le Tshireletsego (JCPS) se boloditse matsholo a a kgatlhanong le bosenyi jono go tsamaisana le kgato ya puso ya go se nne le kutlwelobotlhoko mo bosenying jwa bonweenwee.
Bonweenwee ke bothata jwa setšhaba sotlhe mme bo tshwanetswe go lwantshiwa ke baagi botlhe ka ntlha ya gore bo kgoreletsa tokafalo ya merero ya mekgatlho ya loago mme e bile bo oketsa khumanego isa metswedi ya go tokafatsa matshelo kwa malapeng a batho ba ba sa humanegang mme di hularela bao ba totang ba di tlhoka.

34. Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Ditshwanelo tsa Batho
Aforika Borwa e tla ikamanya le ditšhaba tsa boditšhabatšhaba mo go tlotleng Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Ditshwanelo tsa Batho ka Mosupologo, la bo 10 Sedimonthole 2018. Letsatsi leno le tla bo le tshwaya segopotso sa Kopanokakaretso ya Kokoano ya Dinagakopano (UNGA) mo go amogeleng Kgoeletso ya Lefatshe ka Bophara e e ka ga Ditshwanelo tsa Batho ka ngwaga wa 1948. Puso e tswelela go netefatsa gore maAforika Borwa otlhe a itumelela ditshwanelo tsotlhe tsa batho tse di jaaka tshwanelo ya go phela, tekatekano le seriti sa go nna motho. Motho mang le mang o na le maikarabelo a go netefatsa gore ditshwanelo tsa batho le seriti sa bona mo nageng ya rona di a babalelwa.

35. Khomišene ya Lefatshe ka ga Bokamoso jwa Ditiro
Pegelo e e tswang kwa Khomišeneng ya Lefatshe ka ga Bokamoso jwa Ditiro e tla thankgololwa ka la bo 22 Ferikgong 2019. E kwadilwe ke Mekgatlho ya Boditšhabatšhaba ya Merero ya Badiri (ILO) ka ngwaga wa 2017 go lekola phetolothefosano ya lepotlapotla e e tsweletseng go diragala mo maemong a ikonomi ya lefatshe le mo ditirong, mmogo le go nopola dikgwetlho tse dikgolo le ditharabololo tse di tshitshinngwang. Khomišene eno ya Maemo a kwa Godimo ya Lefatshe bannasetulommogo ba yona ke Moporesitente Ramaphosa a tshwere mmogo le Tonakgolo ya kwa nageng ya Kingdom ya Sweden Stefan Löfven.

E. Melaetsa

36. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e ikamanya le mafoko a Moporesitente Ramaphosa mo go tlhagiseng kutlobotlhoko ya gagwe go latela go latswa kika ga Molwelakgaratlho yo gape e neng e le Mokomišenara Mogolo kwa nageng ya UK, Rre Mendi Msimang, ka Mosupologo, la bo 3 Sedimonthole 2018, go latela go bobola sebaka se se leele. Kabinete e romela matshediso a yona kwa balelapa, ditsala, makhomoreitimmogo nae le badirimmogo ba ga ga Rre Msimang. Rre Msimang o tla direlwa Tirelophitlho ya Semmuso e e Itlhophileng ya maemo a ntlha e leng seo se rayang gore go tla nna le tlotlo ya sesole go tsamaelana le pholisi ya ditirelophitlho tsa semmuso tsa Puso ya naga le ya porofense.

37. Melaetsa ya go Akgola
37.1 Kabinete e akgotse setlhopha sa naga sa Banyana Banyana jaaka se fitlheletse makgaolakgang a Sejana sa Dinaga tsa Aforika (AFCON) sa ngwaga wa 2018. Ka tiragatso eno go raya gore ba setse ba tsene mo go ka tshamekeleng Sejana sa Lefatshe sa FIFA kwa nageng ya Fora mo ngwageng o o tlang.
37.2 Kabinete e akgotse Ngaka Lindiwe Sidali, ka go dira motlholo ka go nna mosadi wa ntlhantlha wa moAforika Borwa mo nageng go nna ngaka ya pelo le matshwafo.

F. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
38. Koporasi e e Ikemetseng ya Tlhabololo (IDC)
Rre Tshokolo Nchocho jaaka Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) mo konterakeng ya dingwaga di le tlhano.

39. Ditokololo tsa Boto ya Ditirelo tsa Maemo a Bosa ya Aforika Borwa:
a. Mme Nana Magomola (Monnasetulo);
b. Ngaka Phillip David Dexter (Motlatsamonnasetulo);
c. Rre David Lefutso;
d. Moatefokate Derek Jeffrey Block;
e. Mme Sowbakiam Mudly-Padayachie;
f. Ngaka Mphekgo Patrick Maila;
g. Mme Feziwe Yolanda Renqe;
h. Rre Itani Phaduli;
i. Ngaka Owen Peter Muller Horwood;
j. Mme Kelebogile Shirley Moroka-Mosia;
k. Rre Jerry Lengoasa (CEO); le
l. Ngaka Tsakani Ngomane (Moemedi wa Mokaedikakaretso (DG) wa Lefapha)

40. Moatefokate Sandile Nogxina jaaka Mokaedi yo seng wa Khuduthamaga e bile gape e le Monnasetulo wa Boto ya Setlamo sa Difofane ya Aforika Borwa

41. Lekgotla la Dipalopalo tsa Aforika Borwa:
a. Rre Ian Assam – o thapilwe sešwa;
b. Rre Faldie Esau – o thapilwe sešwa;
c. Ngaka Jacky Galpin – o thapilwe sešwa;
d. Rre Ettienne le Roux – o thapilwe sešwa;
e. Ngaka Ariane Neethling – o thapilwe sešwa;
f. Ngaka Thabi Leoka;
g. Mme Reshoketswe Mokobane;
h. Rre Thapelo Molahloe;
i. Mme Blanche Motsosi;
j. Mme Nompumelelo Nzimande;
k. Rre Wandile Sihlobo;
l. Mme Vuyelwa Mantyi (moemedi wa porofense ya Kapa Botlhaba);
m. Mme Zeenat Ishmail (moemedi wa porofense ya Kapa Bophirima);
n. Rre Kuberin Packirisamy (moemedi wa porofense ya Kapa Bokone);
o. Rre Thulani Bhengu (moemedi wa porofense ya KwaZulu-Natal);
p. Rre Thuso Ramaema (moemedi wa porofense ya Foreistata);
q. Ngaka David Everatt (Monnasetulo yo gape e leng moemedi wa porofense ya Gauteng);
r. Moporofesara Andries Monyeki (moemedi wa porofense ya Bokone Bophirima);
s. Ngaka Nomuso Mlondo (moemedi wa porofense ya Mpumalanga); le
t. Ngaka Modjadji Malahlela (moemedi wa porofense ya Limpopo).

42. Khomišene ya Sesole:
a. Ngaka Siphelele Zulu;
b. Ngaka Ziyaad Essop;
c. Moatefokate Nokuzola Gloria Khumalo; le
d. Rre Ian Hugh Robertson.

43. Boto ya Koporasi ya Motlakase wa Nyutlelia ya Aforika Borwa
a. Ngaka Robert Adam;
b. Ngaka Ramatsemela Masango;
c. Rre Aadil Patel;
d. Rre Bishen Singh;
e. Mme Pulane Kingston;
f. Mme Matlhodi Ngwenya;
g. Rre Jabulani Ndlovu; le
h. Mme Pulane Molokwane;

44. Boto ya Metsi ya Mhlathuze
a. Mme Thabi Agatha Shange (Monnasetulo)
b. Rre Silas Zwelakhe Hlophe (Motlatsamonnasetulo)
c. Ngaka Purshottamma Sivanarain Reddy
d. Mme Nica M Gevers
e. Ngaka Mosidi Makgae
f. Rre Musa Moses Xulu
g. Rre Bonginkosi Vincent Mshengu
h. Mme Amita Badul
i. Mme Nothando Nonkululeko Mkhize
j. Mme Gloria Dumisile Biyela
k. Rre Petros Mzothule Zikalala

45. Di-CEO tsa Bothati jwa Lekala la Thuto le Katiso (di-SETA):
a. Lekala la Dibanka la SETA (BANKSETA) – Rre Trevor Rammitlwa;
b. Lekala la Dijo le Dino la SETA (FOODBEV SETA) – Mme Nokuthula Selamolela;
c. Lekala la Tshilo le Tlhagiso ya Didirisiwa tsa Faebara la SETA (FP&M SETA) – Mme Felleng Yende;
d. Lekala la Inšorense la SETA (INSETA) – Mme Nadia Starr;
e. Lekala la Ditirelo la SETA – Mme Amanda Buzo-Gqoboka;
f. Lekala la Temothuo la SETA (AGRISETA) – Rre Zenzele Gilbert Myeza;
g. Lekala la Diintaseteri tsa Dikhemikhale la SETA (CHIETA) – Rre Mike Khathutshelo Ramukumba;
h. Lekala la Lephata la Setso, Botaki, Bojanala, Botlhabakgobe le Metshameko la SETA (CATHSSETA) – Mme Keitumetse Lebaka;
i. Lekala la Thuto, Katiso le Tlhabololo la SETA (ETDP SETA) – Mme Nombulelo Nxesi;
j. Lekala la Matlole le Tshekatsheko ya Maikarabelo ka Matlole la SETA (FASSET) – Mme Ayanda Pearl Zinhle Mafuleka;
k. Lekala la Kalafi le Pholo la SETA (HWSETA) – Mme Elaine Brass;
l. Lekala la Ditirelo tsaPuso la SETA (PSETA) – Mme Bontle Portia Lerumo; le
m. Lekala la Mabentlele le Mafelo a Thekisetso SETA (W&RSETA) – Rre Blessing Tom Mkhwanazi.

Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139

 

Share this page

Similar categories to explore