Puo ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa e e ka ga Kgatelopele e e Dirilweng go Samagana le Leroborobo la COVID-19

MaAforika Borwa a gaetsho,

Ke batla go bua le lona maetsiboeng ano ka maemo a re leng mo go ona jaanong a leroborobo la mogare wa corona mo Aforika Borwa.

Pele nka tsena mo kgannyeng eo, ke batla go leboga maAforika Borwa otlhe a a obileng ditlhogo go supa khutsafalo go simolola ka la bo 25 go fitlha ka la bo 29 mo kgweding ya Ngwanaitseele e le sesupo sa go tshedisa bao ba latlhegetsweng ke matshelo a bona ka ntlha ya COVID-19 le Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi (GBVF).

Jaaka re ba lelela, a re ikaneng gore re tla dira sengwe le sengwe se se mo maatleng a rona go fedisa maroborobo ano ka bobedi jwa ona le go boloka matshelo a batho.

Leroborobo le le gailang lefatshe ka bophara le tsweletse go duba matsadi go ralala le lefatshe, ka batho ba le dimilione di le 64 ba ba tshwaetsegileng mmogo le ba bangwe gape ba ka nna milione le halofo ba go totobaditsweng fa ba thutse botala ka tlhogo.

Re bone dinaga tse dintsi mo lefatsheng di itemogela go runyasešwa ga bolwetse jwa mogare wa corona, mo tse dingwe tsa dinaga di itemogetseng leroborobo leno le boa ka bogale go feta kwa tshimologong fa e ne e le lantlha ba welwa ke leru leno.

Mo malobeng Aforika Borwa e ne e le mo maemong a a kwa godimo a botlhano a ditshwaetso mo lefatsheng, mme jaanong re mo maemong a bo 14 mo lefatsheng ka ntlha ya gore ditshwaetsego kwa dinageng tse dingwe di gaketse thata.

Le fa go le jalo, le fa tota re nnile le kgatelopele e e nnileng le yona, re ne re ntse re itse gore ka le lengwe la matsatsi mogare ono o ka runya sešwa mo nageng ya Aforika Borwa fa re sa tsaye dikgato tse re tshwanetseng go di tsaya go ipabalela le go babalela bao re tshelang le bona.

Jaanong go na le bopaki jo bo tlhamaletseng gore bolwetse jono bo setse bo runtse sešwa mo dikarolong tse dingwe tsa ka fa nageng ya rona, mme fa re sa samagane le jone ka tshwanelo, bo ka tlisa le kutlobotlhoko le dintsho.

Leroborobo leno le setse le tlisitse maima a a seng kana ka sepe ka fa nageng ya rona.

Batho ba le 800 872 go netefaditswe fa ba tshwaeditswe ke mogare ono ka fa nageng ya Aforika Borwa fa e sale ka kgwedi ya Mopitlwe.

Mo bathong bano, 92% ya bona e setse e itharabologetswe.

Go tloga mo motsing wa gompieno batho ba le 21 803 go a itsege gore ba tlhokafetse ka ntlha ya COVID-19 mo Aforika Borwa.

Sebaka se se ka dirang matsatsi a le 100, fa e sale go tloga ka kgwedi ya Phatwe, re kgonne go baya mo taolong lebelo la ditshwaetso tse dintšhwa, ka dikgetse tse dintšhwa di le 2 000 mo letsatsing.

Le fa go le jalo, seo se fetogile mo dibekeng di le tharo tse di fetileng.

Go nnile le koketsego e e nopotsweng mo ditshwaetsong tse dintšhwa mmogo le tlhatlogo mo dipalong tsa batho ba ba amogelwang kwa dipetlele.

Mo bekeng ya ntlha ya kgwedi ya Ngwanaitseele, re ne re rekota dikgetse tse dintšhwa di ka nna 1 500 ka letsatsi.

Mo bekeng ya bofelo ya kgwedi ya Ngwanaitseele, palo eno e ne e setse e le gaufi le go menagana gabedi mo e neng e tsamaela mo dikgetseng tse dintšhwa di le 2 900 ka letsatsi.

Maabane Aforika Borwa e rekotile dikgetse tse dintšhwa tsa ditshwaetso di le 4 400, e leng palo e e kwa godimo ya ditshwaetso tsa letsatsi le lengwe le le lengwe fa e sale go tloga fa gare ga kgwedi ya Phatwe.

Palogotlhe ya batho ba ba amogelwang kwa dipetlele jaanong e tsamaya mo go 5 800 naga ka bophara mme palo eno e tsweletse go tlhatloga.

Mo dibekeng di le tharo tse di fetileng palo ya batho ba ba amogelwang kwa maokelong e ne e le mo go 4 900.

Go na le mafelo a le mararo ka fa nageng ao bontsi jwa ditshwaetso tseno tse dintšhwa di tswang mo go ona.

One ke lefelo la Nelson Mandela Bay le la Tikologo ya Sarah Baartman mo porofenseng ya Kapa Botlhaba mmogo le lefelo la Tikologo ya Garden Route mo porofenseng ya Kapa Bophirima.

Dipalopalo tsa batho ba ba amogelwang mo ditikologong tseno di tlhatlogela kwa godimo, mo mafelong a mangwe dipalo tseno di tshwana le tse re di boneng fa leroborobo leno e ne e le gona le runya kwa tshimologong.

Kwa Kapa Botlhaba le kwa Kapa Bophirima dipalo tse di begilweng tsa batho ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya COVID-19 le dipalo tsa bao ba tlhokafalang ka ntlha ya ditiragalo tse dingwe di tlhatlogile.

Seno se tshwanetse go nna tlhobaboroko mo mothong yo mongwe le yo mongwe wa borona.

Go na le mabaka a le mantsi a a tlhodileng gore ditshwaetso di tlhatloge.

Ke batho ba le bantsi ba ba etelang diporofense tse di farologaneng, ba ba etelang dikgaolo tse di farologaneng mo porofenseng e le nngwe, bogolo jang ka matsatsi a khunologo a a re aparetseng.

Kwa lefelong la Garden Route, ditiragalo tseno di diragala mo badiring ba ba dirang ba nna kgakajana le magae a bona mo badiri bano ba dirang kwa porofenseng e nngwe mme ba nna kwa porofenseng e nngwe.

Go tshwarwa meletlo e megolo ya borobakgobe, ya setso le ya sedumedi.

Go le gantsi mo meletlong eno o fitlhele go tlile batho ba le bantsi go feta palo eo e dumeletsweng mo Melaokiletsong ya kgato ya ntlha. Se se tshwenyang le go feta ke gore meletlo eno e tshwarelwa fa teng ga meago e e sa tlhabelweng ke phefo.

Seno se diragala gape le mo masong, mo tirelo ya phitlho o fitlheleng e latelwa ke moletlo wa kgogolakeledi o o bidiwang “after tears”.

Dipetlele di le dintsinyana mo Teropokgolong ya Nelson Mandela Bay di begile fa di itemogela tlhatlogo mo bathong ba ba amogelwang kwa dipetlele ka ntlha ya dikotsi tse di amanang le tiriso ya notagi.

Jaaka re tlhalositse mo malobeng gore batho ba ba amogelwang kwa dipetlele ka ntlha ya dikotsi tse di amanang le tiriso ya notagi ba kgoreletsa tirelo ya boitekanelo ka batho ba ba tshwanetseng go ba thusa e le bona ba ba beng ba tshwanetse go bo ba samagane le dikgetse tsa batho ba ba leng kwa bookelong ka ntlha ya COVID-19.

Fela se se nang le seabe se segolo go gaisa mo ditshwaetsegong tseno ke ka ntlha ya gore batho ba le bantsi ga ba apare dimaseke, e bile ga ba latele melao ya go iphepafatsa le ya go katoga batho ba bangwe.

Jaaka ke tlhalositse mo kopanong ya lapa la rona e e fetileng, mo kgatong ya ntlha, re na le dikgato tse re di tlhokang go ka samagana le mogare ono.

Fela bothata jo bogolo jo re nang le bone ke gore go na le dikarolo dingwe ka fa nageng ya rona tse batho ba ba nnang mo go tsona ba sa obameleng melaokiletso e e leng mo tirisong ga jaana e bile le dikgato tsa thibelaketegelo tse di sa latelweng.

Tiro e e kwa setlhoeng e e re farafereng gona jaanong ke go thibela go tlhatloga ga ditshwaetso mo ditikologong tse di amegileng kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba le ya Kapa Bophirima, le go netefatsa gore seemo se se tshwanang le sona seno ga se runye mo dikarolong tse dingwe tsa naga

Mo go thibeleng seno re tsenya tirisong leano la go samagana le go runyasešwa ga bolwetse jono leo le tlhagisitsweng mmogo le setlhopha sa malwetse a leroborobo sa Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo (WHO).

Re oketsa palo ya badiri mo dipetleleng le mo ditleliniking mo mafelong ano.

Re atolosa dikgato tsa go samagana le bolwetse jono tsa maokelo a puso tse di jaaka go dira diteko, go tsaya dikgato tsa go gata motlhala batho bao ba kopaneng le bao go netefaditsweng gore ba tshwaetsegile, go itlhopha ga batho bao go belaelwang ba lwala mo bathong ba bangwe mmogo le go baya mo kokelong bao ba tshwaeditsweng.

Re oketsa gape le matsholo a rona a go bula baagi matlho mo melawanataolong ya boitekanelo jwa setšhaba.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Re tshwanetse go fetola maitsholo a rona jaanong gore re kgone go thibela go runyasešwa ga mogare ono le go fokotsa ditshwaetsego mo bo runtseng gone.

Re tshwanetse go tsaya leroborobo leno jaaka molelo wa bojang, re tshwanetse go tima ditlhase tsa one pele o ka tuka malakabe.

Go ntse go le jalo, re tshwanetse gape le go netefatsa gore dikgoro tsa ikonomi ya rona di tswelela go nna ntse di butswe mme re diragatsa gape le matsapa a rona a go tsosolosa le go itharabologelwa ga ikonomi ya rona.

Mo go tsamaelaneng le dikgato tsa rona tse di farologaneng tsa go laola leroborobo leno, re tla tsenya gape le dikgato tse dingwe tsa tlaleletso go samagana le mafelo a mogare ono o itelekelang mo go ona.

Fa re nopola lefelo gore ke le lengwe la mafelo a mogare ono o itelekelang mo go ona, re tseela tlhogong dikgetse tse dintšhwa tsa dipalopalo tsa ditshwaetso tsa COVID-19 ka letsatsi, dipalo tsa diteko tse di dirilweng mo baaging ba lefelo leo, diphesente tsa bao ba tshwaetsegileng mo palong yotlhe ya baagi, bontsi jwa dikgetse tse di totobaditsweng e le tsa bao ba tshwaetsegileng, bontsi jwa batho bao ba amogetsweng kwa dipetlele le bontsi jwa batho ba ba tlhokafalang gone mo lefelong leo.

Go latela dikeletso tsa Lekgotla la Naga le le Jarileng Maikarabelo a Mogare wa Corona (NCCC) mmogo le go sekaseka ntlha eno le Ditonakgolo, dimeyara tsa diteropokgolo le baeteledipele ba merero ya setso, Kabinete e tsere tshwetso ya go nopola gore Masepala wa Teropokgolo ya Nelson Mandela Bay ke le lengwe la mafelo a mogare ono o itelekelang mo go ona.

Mo godimo ga melaokiletso e re nang le yona mo kgatong ya ntlha, melaokiletso e e latelang e tla diragadiwa fela mo Masepaleng wa Teropokgolo ya Nelson Mandela Bay go simolola bosigogareng jono.
- Go tsamaya bosigo go tla ilediwa go simolola ka ura ya bolesome bosigo go fitlha ka ura ya bone mo matsheng.
Seno se raya gore  – ntle fela le fa go na le maemo a tshoganyetso – ga go motho yo a tshwanetseng go bo a babaila le masigo mo dinakong tse di beilweng tseno.

Mme seno ga se ame batho ba tiro ya bona e leng botlhokwa ba ba letleletsweng gore ba dire mo diureng tse di beilweng tseno.

  • Thekiso ya notagi kwa mabentleleng e tla letlelelwa magareng ga ura ya bolesome mo mosong le ura ya borataro maitseboa go simolola ka Mosupologo go fitlha ka Labone.
  • Go sela notagi mo mafelong a boitapoloso jwa baagi a a jaaka kwa mawatleng le kwa diphakeng go ileditswe ka bogale. Seno se botlhokwa mo go thibeleng thologelo ya batho.
  • Mekete, go tsenyeletsa le mekete ya sedumedi, ga ya tshwanelwa go bo e na le batho ba feta ba le 100 fa e tshwarelwa ka fa teng ga meago le go feta 250 fa e tshwarelwa ka fa ntle ga meago.

Ka dinako tsotlhe, palo yotlhe ya batho mo lefelong le meletlo eno e tshwarelwang mo go lona ga e a tshwanela go feta halofo ya palogotlhe e e tlatsang lefelo leno.

  • Mme wa bofelo, meletlo yotlhe ya kgogolakeledi e ileditswe.

Melaokiletso eno ya tlaleletso e botlhokwa thata mo go thibeleng go runyasešwa ga bolwetse jono mo lefelong la Nelson Mandela Bay, ka go thibela go gakala ga bolwetse jono ka ntlha ya mekete mmogo le go thibela go imelwa ga maokelo a rona gore re kgone go alafa bao ba tlhokang thuso.

Fa re ne re tsaya ditshwetso ka melaokiletso eno, re ne ra tsaya tshwetso ya gore re tla tsaya dikgato tse e leng segapeletsa gore re di tsaye gore re boloke matshelo a batho ntle le go kgoreletsa ditiro tsa ikonomi.

Go latela go atlhaatlha ntlha eno le baeteledipele ba merero ya setso, re dumelane gore paka ya go ya bogwera ya selemo kwa Kapa Botlhaba e ka tswelela.

Seno ke ka ntlha ya gore baeteledipele ba merero ya setso mo porofenseng ya Kapa Botlhaba ba tlhagisitse leano la bona la go mekamekana le matshosetsi mme le ne la nesediwa pula ke Lefapha la Boitekanelo mmogo le Lefapha la Pusoselegae le Merero ya Setso.

Leano leno le tlhagisa ditaolelo tse di gagametseng go itepatepanya le ditaolelo tsa boitekanelo, go tsenyeletsa go lekola bao ba tlileng bogwera, go tlamela ka diaparo tsa go ipabalela le go tlamela ka metsi gore go iphepafadiwe le gore ba se felelwe ke metsi mo mmeleng.

Le fa go le jalo, ka ntlha ya dipalopalo tse di kwa godimo mo lefelong la Nelson Mandela Bay, mo lefelong leno dikolo tsa bogwera le bojale di ileditswe go bulwa.

Dikgato tse di tsewang mo lefelong la Nelson Mandela Bay ga se tsa go otlhaya baagi ba lefelo leno.

Ga di a ikaelela go imetsa maima a baagi ba rona ba itemogetseng one.

Re tlhoka go tsaya dikgato tseno gore re kgone go thibela go anama ga mogare ono le go boloka matshelo a batho.

Mo matsatsing a a tlang Tona ya Boitekanelo o tla etela Tikologo ya Sarah Baartman mmogo le ya Garden Route go sekaseka seemo sa foo mmogo le go buisana le bannaleseabe ba ba farologaneng mo porofenseng eo.

Go ikaegilwe ka tshekatsheko eno mmogo le ditlamorago tsa bolwetse jono mo mafelong ano, NCCC e tla tle e tsaya tshweetso e e maleba mo ntlheng eno.

Go netefatsa gore dikgato tsa jaanong tsa thibelaketegelo di tswelela go nna mo tirisong, Molao wa Maemo a Masetlapelo a Naga nako ya ona ya go nna tirisong e tla atolosiwa go fitlha ka la bo 15 Ferikgong 2021 go tsamaelana le Molao wa Maemo a Masetlapelo a Naga.

Melaokiletso yotlhe ya kgato ya ntlha e tswelela go nna mo tirisong mo nageng yotlhe.

Re na le didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang go thibela go runyasešwa ga bolwetse jono mo nageng ka bophara.

Re ka kgona go dira seno fa fela yo mongwe le yo mongwe a tshameka karolo ya gagwe.

Re ka kgona fela go thibela go runyasešwa ga bolwetse jono mo nageng fa rotlhe re obamela melao e e leng teng eo maitlhomo a yona e leng go sireletsa batho botlhe.

Fa go tla mo pabalesegong ya rona rotlhe, bao ba robang melao eno ba tshwanetse go tobana le bogale jwa molao.

Re laetse batlhankedi ba molao go netefatsa gore beng ba dikgwebo, balaodi le batsamaisi kwa mafelong a ditiro, kwa mabentleleg, kwa ditheong le kwa meagong ba obamela melao ka go diragatsa melao ya go katogana le ya go apara dimaseke mo mafelong ao.

Bakganni ba dithekesi le bona ba tshwanetse go netefatsa gore banamedi ba bona ba apara dimaseke.

Mo godimo ga tseno, yo mongwe le yo mongwe wa rona a solofelwa go ikamanya le dikiletso tsa go rwala masigo ka tlhogo.

Dikgato tseno mmogo le dikgato tsa go thibela go runyasešwa ga bolwetse mo mafelong a mogare ono o itelekelang mo go ona, matsapa a naga a tswelela go tshegetsa dikgato tsa maokelo tse di jaaka tsa go tlhatlhoba baagi, go oketsa dikgato tsa bona tsa go dira diteko, dikgato tsa go gata motlhala batho bao ba kopaneng le bao go netefaditsweng gore ba tshwaetsegile mmogo le dikgato tsa go bula baagi matlho ka go fetola maitsholo a bona.

Jaaka re sa bolo go bua mo nakong e e fetileng gore tsela e le nngwe fela ya go ipabalela mo go COVID-19 ke moento.

Ga jaanong go na le dikgato di le dintsi mo lefatsheng tse maitlhomo a tsona e leng go potlakisa tlhagiso ya moento.

Re tsweletse go dirisana le badirisanimmogo ba rona go tswa kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba go netefatsa gore dinaga tsotlhe di iponela moento o o mosola o o seng tlhotlhwa godimo.

Re tshameka karolo mo Lephateng la Lefatshe la go Bona Moento wa COVID-19 la WHO – leo le itsegeng ka gore ke lephata la Covax – leo maitlhomo a lona e leng go bokeletsa metswedi le go tshwarisana dikotsi tsa go tlhagisa moento ono e leng seo se tla dirang gore re kgaogane ka go lekalekana moento ono fa o sena go nna teng mo lefatsheng.

Re tlhotlhelediwa thata ke Mokgatlho wa Letlole la Tshwaraganelo ka o tla ntsha tuelo ya ntlha ya bokanaka R327 milione go thusa naga ya rona go reka moento.

Re tlhotlhelediwa gape le ke dipoelo tse di solofetsang tsa diteko di le tharo tsa meento e e solofetsang, e e supang maemo a a solofetsang a a magareng ga 70% le 95%.

Re letetse go utlwa go tswa kwa bothating jwa melemo gore meento eno e babalesegile, e mosola e bile e siametse go ka dirisiwa.

Mo nageng ya rona ya Aforika Borwa, Bothati jwa naga ya rona jwa Taolo ya Melemo ya Boitekanelo (SAHPRA) bo tla sekaseka dikopo tsa go letlelela melemo gore e amogelwe le go ka dirisiwa fa ba sena go amogela dikopo tseno go tswa kwa ditlamong tse di tlhagisitseng melemo eno.

Fela re tshwanetse go gakologelwa gore fa moento ono o ise o tlhagisiwe le go phasaladiwa, re santse re tlhoka go itshireletsa ka borona mo go COVID-19.

Ke seo re se dirang letsatsi le lengwe le le lengwe seo se tla re femelang mmogo le go femela batho ba bangwe.

Mme seno se tla diragala ka go apara maseke ka dinako tsotlhe fa re le fa gare ga batho.

Seno se tla diragala ka go katoga batho ba bangwe le go ikgatosa go tsena mo go kgotlhaganeng batho le mo teng ga meago mo phefo e sa tseneng ka tshwanelo.

Seno se tla diragala ka go tlhapa diatla tsa rona kgotsa go di tlotsa ka sebolayamegare ka gale.

Re ka ipabalela gape ka go taonelouta epe ya mogala wa mo seatleng ya Covid Alert SA e e kgonang go re itsise fa e le gore re kopane le motho yo a tshwaeditsweng ke mogare ono e leng seo se thusang go thibela ditshwaetso.

Go a itumedisa gore jaanong epe eno ya Covid Alert SA e setse e taoneloutilwe ke maAforika Borwa a le milione.

Fa e le gore go sengwe se leroborobo leno le re rutileng sona ke kotsi ya go goga dinao.

Mo lefatsheng lotlhe dinaga tse ditshwaetso tsa tsona di neng di fokotsega di ne tsa repisa melaokiletso ya tsona mme seno se ne sa tlhola gore bolwetse jono bo runye sešwa, mo boneng bo le bogale go gaisa kwa tshimologong, e leng seo se tlhodileng gore go nne le dikiletso mo metsamaong, mo go kgobokaneng ga batho le mo ditirong tsa ikonomi.

Fa tota go na le nako e re tshwanetseng go ntsha matlho dinameng ka yona, ke gona jaanong.

Paka ya mekete ya bokhutlho jwa ngwaga e re aparetse.

Dikolo le ditheo tsa thuto e kgolwane fa gautshwane di tla bo di tswalela go tsena mo matsatsing a boikhutso a bokhutlo jwa selemo.

Bontsi jwa lona kwa tirong tiro e setse e simolotse go fokotsega mme go ise go ye kae le tla bo le le kwa malapeng a lona le ba malapa a lona.

Bontsi jwa lona bo ipaakanyetsa go tsena mo maetong go etela ditsala le ba losika.

Maeto a na le dikotsi tse dikgolo, tseo re ka di fokotsang ka go se tseye maeto a a seng botlhokwa.

Re ka fokotsa le ditshwaetso ka go apara dimaseke fa re le mo dipalangweng tse di dirisiwang ke setšhaba, ka go bula matlhabaphefo a sejanaga le go tswelela go diragatsa dikgato tsa thibelaketegelo fa re goroga kwa maeto a rona a re isang gone.

Selemo ka setlwaedi ke nako e ka gale re kopanang ka yona, re yang menateng le meletlong, ke nako e re ntshanang se se mo inong kwa manyalong, kwa meletlong ya sedumedi le go jelana nala kwa malapeng a rona le kwa mafelong ao re kopanelang kwa go ona.

Meletlo eno e ka nna yona e e ‘gasang peo ya mogare’ e leng yona e e re bayang mo kotsing ya go tshwaediwa ke mogare ono.

Yo mongwe le yo mongwe wa rona o tlhoka go netefatsa gore o a itlhokomela gore a se gase mogare ono mo balelapa la gagwe, bogolosegolo mo bagoding ba rona.

Re tshwanetse go dira gore fa re kgobokana re se kgobokane re le ba bantsi, re kgobokane kwa ntle ga meago kgotsa mo meagong e e tsenelwang sentle ke phefo, re katogane le go apara dimaseke ka tshwanelo.

Re tshwanetse go gakologelwa gore le fa tota re batla go ikhutsa, mogare ono ona ga o ikhutse.

Ono e nnile ngwaga yo o bokete e le ruri ka fa nageng ya rona.

E nnile ngwaga yo o lekileng thata tumelo ya rona le go re gapeletsa gore yo mongwe le yo mongwe wa rona a itime.

Le fa tota matsatsi a boikhutso a goroga, ga re a tshwanela go itlogelela fela.

Ntle le gore re rwale maikarabelo ka borona fa go tla mo boitekanelong jwa rona le jwa batho ba bangwe, batho ba bangwe gape ba le bantsi ba santse ba tla fetelwa ke bolwetse jono. Batho ba bangwe gape ba le bantsi ba santse ba tla tlhokafala.

Mo dikgweding di le robedi tse di fetileng, batho ba le bantsi ba latlhegetswe ke batsadi ba bona, bokgaitsedi ba bona, baokapelo ba bona, ditsala tsa bona mmogo le badirimmogo ba bona ka ntlha ya COVID-19.

Re le naga re latlhegetswe ke badiredi ba ba nang le sebete ba ba neng ba digoga kwa pele ba ba neng ba tlhokometse bao ba neng ba le kwa dipeletle le kwa ditleliniking.

Re latlhegetswe ke badiri ba ba dirang ditiro tse di botlhokwa ba ba thusitseng gore naga eno e tswelele go dira le mo nakong ya fa go ne go sekegilwe nakwana ditiro tsa ka fa nageng.

Re latlhegetswe ke barutabana ba ba neng ba ya sekolong letsatsi le lengwe le le lengwe go thusa bana ba rona le go netefatsa gore barutwana ba rona ba materiki ba ipaakantse sentle go ka kwala ditlhatlhobo tsa bona tsa bokhutlho jwa ngwaga.

Re tshwanetse go bontsha tlotlo mo go bao ba latlhegetsweng ke matshelo ka ntlha ya mogare ono yo o fetang ka matshelo a batho ka go dira gore kutlobotlhoko eno e se aparele malapa a mangwe gape.

Re tshwanetse go direla seno ditsala tsa rona le masika le bao re tshelang le bona.

Re tshwanetse go direla naga ya rona seno, go nne go runyasešwa ga mogare ono e tla nna poelomorago e e seng kanaka sepe mo dikgatong tsa rona tsa go busetsa sekeng ikonomi ya rona, mo matsapeng a rona a go tsosolosa le go tlhola ditiro, mmogo le mo dikgatong tsa rona tsa go tlamela batho ba rona ka ditirelo.

Mme se se botlhokwa go gaisa ke gore re tshwanetse go itirela ka borona go nne seno se re ama rotlhe.

Mo maitseboeng ano re eme seoposengwe le batho ba kwa Teropokgolong ya Nelson Mandela Bay ka ba semeletse go thibela go runya ga bolwetse jono.

Ke na le tshepo e e seng kana ka sepe gore boeteledipele jwa porofense ya Kapa Botlhaba bo tla dira ka bojotlhe jo bo leng mo maatleng a jone go dira gore dipalo tsa ditshwaetso di wele kwa tlase lekgetlo le lengwe gape.

Ke ipiletsa mo go yo mongwe le yo mongwe wa lona go gopola bao ba latlhegetsweng ke matshelo le bao re santseng re tlhoka go boloka matshelo a bona.

Mo dikgweding di le robedi tse di fetileng, re atlegile mo go laoleng mogare ono ka ntlha ya go dirisana mmogo.

Re lwantshitse mogare ono ka sengwe le sengwe se re nang le sona.

Ka go thusana, re kgonne go boloka diketekete di le dintsi tsa matshelo a batho ao ka gongwe a neng a ka bo a latlhegile.

Jaanong, jaaka dipalopalo tsa ditshwaetso di ntse di simolotse go oketsega, re ka se kgone go ikentsha setlhabelo mo go tse dintle tseo re kgonneng go di dira.

Re ka se kgone go boela morago mo matsatsing a lefifi mo kgweding ya Seetebosigo le Phukwi, fa mogare ono o ne o aname mme le matshelo a balelapa le ditsala tsa rona a ne a le mo kotsing.

Jaaka re itse sentle gore go na le kgonagalo ya go ka runya sešwa ga bolwetse jono, re a itsi sentle gape le gore ke selo se re ka se efogang.

Ka jalo mo bosigong jono, ke le lopa gore le boele mo maikanong a lona a go lwantshana le bolwetse jono.

Re ka sentse re kgona go thibela mogare ono gore o se aname go ya pele ka go tsaya dikgato tse di tshwanetseng.

Jaaka re dirile fa leroborobo leno le ne le santse le simolola kwa tshimologong, tla re nneng seoposengwe mme re dirisaneng mmogo.

Re tla sutlha mo pakeng eno e e boima jaaka re sutlhile mo dipakeng tse dingwe tse di fetileng tse di tshwanang le eno.

A Modimo a tshegofatsa naga ya Aforika Borwa le go boloka setšhaba sa yona.

Ke a leboga.

Share this page

Similar categories to explore