Moporesidente Cyril Ramaphosa: Go okediwa ga paka ya go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nageng e le ka ntlha ya mogare wa COVID-19 go fitlha bokhutlo jwa Moranang

MaAforika Borwa ka nna,
Bosigogare jwa bosigo jono, e tla bo e le dibeke di le pedi e sale naga ya rona e tsene mo pakeng ya go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nageng, leo le neng le sa lebelelwa, go fokotsa go anama ga mogare wa corona.

Mo sebakeng sa dibeke di le pedi tse di fetileng, matshelo a lona a kgoreletsegile thata, lo sotlegile thata le go itemogela ketsaetsego e kgolo.

Re tswaletse melelwane ya rona, bana ba rona ga ba ye dikolong, dikgwebo ga di dire, bontsi bo latlhegetswe ke lotseno, le ikonomi ya rona e eme tsi.

Le fa re lebagane le dikgwetlho tse di tshosang jaana, lona, baagi ba Aforika Borwa, lo tsibogetse bothata jono ka bopelotelele le bopelokgale jo bo makatsang.

Lo tlotlile dikgato tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng mmogo le go obamela melawanataolo e mentsi ya dikgato tseno.
Lo amogetse dikganelo tse di masisi ka ga metsamao ya lona le bontsi jwa dikgololosego tsa tsatsi le letsatsi tseo rotlhe re sa di tseeleng tlhogong.
Lo dirile jalo gonne lo tlhalogantse seabe se se maswe se bolwetse jono bo tla nnang le sona mo boitekanelong le mo tshiamelong ya maAforika Borwa otlhe ntle le fa re tsaya dikgato tse di masisi.
Gape lo tlhalogantse gore re tshwanetse go dira tsotlhe tse di mo matleng a rona go thibela dintsho tse dintsi tseo di ka diragalang fa re sa dire sepe.

Ke eletsa go lo leboga tebang le tirisanommogo ya lona, maitlamo a lona mme go feta tseo tsotlhe ke eletsa go leboga bopelotelele jwa lona.

Ke eletsa go lo leboga tebang le go netefaletsana go lefatshe lotlhe gore rona maAforika Borwa re batho ba ba kopanang le go nna seoposengwe mo nakong ya mathata.

Go sa le gale gompieno ke ne ka tshwara kopano e e nnileng le mooko le Ditonakgolo tsa rona ka ga tiro e ba e dirang kwa diporofenseng le didika go emisa go anama ga mogare. 
Gape ke ne ka nna le dipuisano le baeteledipele ba makoko otlhe a sepolotiki a a nang le kemedi kwa Palamenteng, bao mmogo ba netefaditseng tshegetso ya bona go matsapa a a diriwang go lwantsha go anama ga mogare ono.

Ka seno re bontsha gore re kgona go dira mmogo go ralala makoko go lebana le matshosetsi a a tshwanang.

E sale ke thankgolola paka ya go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nagen mo sebakeng fela sa dibeke di le pedi tse di fetileng, go anama ga leuba la mogare wa corona lefatshe ka bophara go tlhantlhetse.

Dibeke di le pedi tse di fetileng, go ne go na le dikgetse tse di netefaditsweng tsa mogare wa corona di le 340 000 mo lefatsheng.

Jaanong re na le go feta dikgetse di le 1.5 milione tse di netefaditsweng lefatshe ka bophara.

Batho ba feta ba le 90 000 go ralala lefatshe ba setse ba tlhokafetse e le ka ntlha ya bolwetse jo.

Ditirelo tsa boitekanelo tsa dinaga tse dintsi di imetswe.
Le tota bontsi ba dinaga tse di tlhabologileng mo lefatsheng ga di na dithata tsa go alafa diketekete tse di lwalang.

Ba sokoletse go bona melemo le badiri ba ba botlhokwa go mekana le leuba leno.

Ditlamorago tse di tlhobaetsang tsa seno e nnile go thula botala ka tlhogo ga batho ba le bantsi.
Bopaki jwa seno lefatshe ka bophara bo bontsi thata.
Bo re netefaletsa gore tshweetso ya rona ya go tsibogela seemo seno mo phatlalatseng jaaka maemo a naga a matlhotlhapelo le go rebola letsholo la bosetšhaba la go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng e ne e nepagetse mme ebile e tserwe ka nako.

Le fa e le gore go sa le ka pele go dira tlhatlhobo ya bofelo ya tswelopele ya bolwetse mo Aforika Borwa, go na le bopaki jo bo lekaneng go bontsha gore letsholo la go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nageng go mosola.

E sale letsholo la go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nageng le tsena tirisong, palelo ya dikgetse tse dintšhwa tse di supilweng mono Aforika Borwa e fokotsegile go bonala.

Go tloga go dikgetse tse di netefaditsweng di le 1 170 ka di 27 Mopitlwe, gompieno palo ya dikgetse tse di netefaditsweng e eme go 1 934.

Mo dibekeng di le pedi pele ga letsholo la go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nageng, palogare ya koketsego ya letsatsi le letsatsi go dikgetse tse dintšhwa e ne e le bokana ka 42%.

E sale go simologa ga letsholo la go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nageng, palogare ya koketsego ya letsatsi le letsatsi e nnile bokana ka 4%.

Le fa re tlhaloganya botlhokwa jwa go oketsa matsholo a go tlhatlhobiwa go bona kitso e e botoka e e ka ga palo ya ditshwaetsego, letsholo leno le bontsha tswelopele ya mmatota.

Dikgato tse re di tsereng – jaaka go tswalelwa ga melelwane ya rona le go thibela dikopano – mmogo le diphetogo tse le rona re di dirileng mo maitsholong a rona, e le ruri di fokoditse go anama ga mogare.

Fela ntwa kgatlhanong le mogare wa corona e kgakala le go fela.
Re fela kwa tshimologong ya ntwa e kgolo eo e batlang didiriswa dingwe le dingwe tsa rona le maiteko otlhe a rona.

Ga re a tshwanela go repa. Ga re a tshwanela go goga maoto.

Mo dibekeng le mo dikgweding tse di tlang, re tshwanetse go oketsa mo go bonalang bogolo jwa tsibogelo ya rona le gore ditsenogare tsa rona di fitlhelele gotlhe.

Re ithuta go tswa go maitemogelo a dinaga tse dingwe le go tswa mo bopaking jo ga jaana re nang le bona ka ga go anama ga leuba leno mo Aforika Borwa.

Ka bobedi di re neela bopaki jo bo tlhamaletseng le jo bo sa etsaetsegeng gore re tshwanetse go tswelela ka dikgato tse di kelotlhoko le tse di sekasekilweng ka tshwanelo.

Go bu puo phaa, fa re ka tlisa bokhutlong letsholo la go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nageng ka bonako kgotsa ra le khutlisa go sa lebelelwa, re tla bo re itsenya ka tlhogo mo kotsing ya go runya sešwa ga bolwetse jono jo bo tla re ketefalelang go laolega.

Re tla bo re itsenya mo kotsing ya go dirolola tswelopele e re e dirileng mo sebakeng sa dibeke di le mmalwa tse di fetileng, mme go ikentsha ditlhabelo go re go dirileng e tla bo e le mouwane fela.

MaAforika Borwa ka nna,
Maitseboeng ano, ke ema fa pele ga lona go lo kopa go itshoka lobakanyana.

Ke tshwanetse go lo kopa gore lo ikentshe gape ditlhabelo tse di fetang tsa pele gore naga ya rona e falole mathata ano le gore matšhwititšhwiti a matshelo a babalelwe.

Morago ga tshekatsheko e e tseneletseng ya bopaki jo bo leng teng, Khansele ya Bosetšhaba ya Taolo ya Mogare wa Corona e sweditse go oketsa letsholo la go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nageng ka dibeke di le pedi go tlaleletsa matsatsi a le 21 a re setseng re a simolotse.

Seno se kaya gore bontsi jwa dikgato tse di leng teng tsa letsholo la go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nageng di tla tswelela go nna mo tirisong go fitlhela bokhutlo jwa Moranang.

Re tla dirisa matsatsi a a tlang go sekaseka tsela e re tla e dirisang go nolofatsa dikgato tse di masisi tse di tla kgontshang kgato ya go busetsa sekeng maemo a ikonomi, ka go letla gore ditiro tsa maphata a a rileng di ka busediwa sekeng fela ka fa tlase ga maemo a a gagametseng a taolo.

Gape re tla dirisa nako eno go tsosolosa ditsereganyo tsa rona tsa setšhaba tsa boitekanelo.

Ga re a tsaya botlhofo tshweetso eno ya go atolosa letsholo la go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nageng.

Jaaka Moporesidente wa lona, ke a itse e bile ke tlhaloganya sentle bokete jo le bo jarileng mo magetleng a lona.

Ke itse sentle se seabe seno se tla nnang le sona mo ikonoming ya rona.

Fela ke a itse, jaaka le wena o itse, gore ntle le fa re ka tsaya dikgato tseno tse di boima gona jaanong, ntle le fa re ka tswelela ka tsela eno lobakanyana, go anama ga mogare wa corona go tla nna go go golo go gaisa, mme kwa bofelong o fetse naga ya rona.

Rotlhe re batla ikonomi e boele sekeng, re batla batho ba boele ditirong, re batla bana ba rona ba boele dikolong, mme re batla go kgona go tsamaya gape ka phuthologo.

Fela se se botlhokwa mo go rona ga jaana e tshwanetse go nna e le go fokotsa go anama ga mogare le go thibela tatlhegelo ya matshelo e e kwa godimo.

Re tshwanetse go dira seno fa ka fa letlhakoreng le lengwe re ntse re thibela ikonomi ya rona go ka phutlhama le go sireletsa batho ba rona mo tlaleng.

Re ikaeletse go latela tsela e e bolokang le go sireletsa matshelo le lotseno ka bobedi.
Togamaano ya rona e dirilwe ka dikarolo tse tharo:

- Karolo ya ntlha, tsibogelo e e tseneletseng ya boitekanelo jwa botlhe go diegisa le go fokotsa ditshwaetsego.
- Karolo ya bobedi, letlotlo la dikgato tse di feletseng tsa tshegetso ya ikonomi go thusa dikgwebo le batho ba bangwe ba ba amilweng ke go anama ga mogare ono.
- Karolo ya boraro, lenaneo la tshegetso ya loago le le okeditsweng go sireletsa malapa a a humanegileng le a a leng mo tlalelong.
Re le puso, mmogo le balekane ba rona, re dirisitse nako eno ya letsholo la go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nageng go tokafatsa le go natlafatsa togamaano ya boitekanelo jwa botlhe go laola mogare wa corona. 
Letsholo la rona mabapi le mogare ono ke go lekola ka go botsolotsa baagi dipotso mo ditšhabeng tse ba nnang kwa go tsona, go ba tlhatlhoba kwa dipetleleng, ditleliniking le kwa ditleliniking tsa dijanaga, go kgaoganya le go beela kgakala le setšhaba bao ba nang le tshwaetsego, le go tlhokomela bao ba lwalang kwa maokelong a rona.

Re tlhoka go dira seno ka tsenelelo le ka thulaganyo.
Re dirisitse beke e e fetileng go tlhagisa mokgwa wa go bolotsa letsholo la go botsolotsa baagi dipotso le go ba dira diteko mo mafelong a a farologaneng a ka fa nageng.

Mo sebakeng sa dibeke di le pedi tse di latelang, re tla bolotsa letsholo la go botsolotsa baagi dipotso le go ba dira diteko go ralala diporofense tsotlhe, re totile bogolosegolo baagi ba ba leng mo tlalelong thata.

Bao ba fitlhelwang ba na le mogare mme ba sa kgone go iphapa ba le nosi kwa gae ba tla phaphiwa kwa mafelong a a kgethegileng ao a tla supiwang a ga jaana a tsenngwang didiriswa.

Re tla tlotla ditshwanelo tsa botho ka nako tsotlhe.

A re se keng ra tlontlolola batho bao ba fitlhelwang ba tshwaeditswe ke mogare.

Go netefatsa gore ditogamaano tsa rona di rulaganngwa ka nonofo le go netefatsa gore di diriwa ka kitso e e tseneletseng, ya tshedimosetso ya sešweng, re tlhomile Tikwatikwe ya Tshedimosetso ka ga COVID-19 e e leng kwa Khanseleng ya Dipatlisiso tsa Saense le Indaseteri (CSIR).
Tikwatikwe eno ya maemo a a kwa godimo e tla sala morago matsholo a go botsolotsa baagi dipotso, a go dira diteko, a phapho le a go beela kwa bookelong balwetse ba mogare ono go ralala naga.

Tikwatikwe eno e setse e ntse e simolotse ka go nopola mafelo a a nang le dikgetse tsa ditshwaetsego tse di kwa godimo.

E sala morago go anama ga bolwetse jono mmogo le kotsi ya jone, mme seno se re thusa gore re lebise didiriswa tsa rona kwa di tlhokegang thata.
Re dirisana le dikhamphani tsa megala ya seatla le ditheo tse dingwe go gata motlhala batho bao ba tshwaeditsweng ke mogare le bao ba kopaneng le bona.

E le karolo ya bobedi ya togamaano ya rona, re beile dikgato tse di farologaneng go neelana ka tshegetso go dikgwebo tse di mo mathateng, go badiri ba ba lebanweng ke go latlhegelwa ke lotseno, go bao ba ithapileng mo dikgwebong tsa bona le ba dikgwebo tse di sa kwadisiwang.

Bontsi jwa dikgato tseno di tsewa ke dikgwebo tse di kgolo le tse dipotlana.

Letlole la Inshorense ya go Latlhegelwa ke Tiro le beetse kwa thoko R40 bilione go thusa badiri ba ba sa kgoneng go dira, ele karolo ya maiteko a go thibela tatlhegelo ya ditiro e le ka ntlha ya letsholo la go sekega nakwana ga ditiro tsa ka fa nageng.

Go fitlha ga jaaana, e setse e duetse R356 millione.

Ke rata go opela diatla bathapi botlhe bao ba tsweletseng go duela badiri ba bona mo nakong eno e e thata, gammogo le bathapi ba ba dirang mmogo le mekgatlho ya badiri le puso go thusa badiri ba bona go fitlhelela ditshiamelo tseno.

Ke rata go ipiletsa go dikgwebo tsotlhe go tswelela go duela baneelathoto ba bona, go fitlha fao ba ka kgonang, go netefatsa gore baneelathoto bao le bona ba tswelela go dira le go duela badiri le baneelathoto ba bona.

Mo ntlheng eno, ke rata go dira boikuelo go dikgwebo tsotlhe tse dikgolo go se dirise mekgwa ya maemo a a sa lebelelwang go emisa go duela baneelathoto ba bona le maitlamo a bona a go duela rente, ka dikgato tse di jalo di ka nna le seabe se se amang ba bangwe mo dikgwebo tsotlhe tse di ikaegileng mo dituelong tseo.

Re tshwanetse go dira gotlhe go re ka go kgonang go netefatsa gore ikonomi e tswelela go dira le go neela tshegetso go dikgwebopotlana bogolosegolo tseo di e tlhokang go gaisa.

Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri e beetse kwa thoko R3 bilione tebang le go reka didiriswa tsa kalafi tse di botlhokwa.

E setse e atlenegisitse R130 milione ya matlole mme e solofetse go atlenegisa gape R400 milione mo bekeng e e tlang go dikhamphani tseo di dirileng kopo go neelwa matlole ka fa tlase ga tirelo e e kgethegileng eno.

Setheo sa Matlole a Dikgwebopotlana se neseditse pula dikgato tsa go diegisa dituelo tsa madi a kadimo sebaka sa dikgwedi di le 6.

Namolo ya sekoloto sa dikgwebopotlana le didiriswa tsa go godisa kgwebo ga jaana di tlhaola makwalokopo a thuso.

Go na le palogotlhe ya R500 milione e e leng teng go thusa.

Puso e beetse kwa setlhoeng R1.2 bilione go thusa balemipotlana le go nna le seabe mo tlamelong ya dijo e e sa kgaotseng.

Mo godimo ga dikgato tseno tsa ditshenyegelo, Banka ya Resefe le yona e isitse dipalelo tsa morokotso kwa tlase mme e tsere dikgato go tshegetsa tsweletso ya ikonomi.

E le nngwe ya dikgwetlhokgolo tse dinaga tsotlhe mo lefatsheng di lebaganeng le yona ke tlhokagalo ya melemo go lwantsha mogare wa corona.

Re le naga re ne ra tshwanela ke go ikaega ka bokgoni jwa rona go neeelana ka dithoto tseno, fela mo letlhakoreng le lengwe re ne gape ra tshwanela ke go batla dithoto tseno go tswa kwa dinageng tse dingwe.

Mo dibekeng tse di sa tswang go feta, re bone tshwaragano e kgolo ya dikgwebo tsa Aforika Borwa, badiri, barutegi le ditheo tsa puso go aga dithoto tsa melemo le didiriswa tse dingwe tse di tlhokegang go lwantsha mogare wa corona.

Sekao, re tlhomile Porojeke ya Bosetšhaba ya Sethusakhemo go kgobokanya ka bonako didiriswa tsa setegeniki le tsa intaseteri go dira dithusakhemo tsa dimmaseke go thusa balwetse ba ba lwatswang ke bolwetse bolwese jono.

Diporojeke tse dingwe ke tse di totileng go oketsa go diriwa ga disirasefatlhego tse di sireletsang sefatlhego mo nageng, go oketsa dibolayamegare le dikuno tse dingwe tsa bongaka tseo di ka diriswang ke badiri ba tsa boitekanelo le setšhaba sotlhe.
Jaaka karolo ya boraro ya tsibogelo ya rona go mogare wa corona, re ntse re semeletse ka go tlamela ka ditlhoko tsa motheo tse di jaaka metsi le go netefatsa gore dijo ga di tlhaele mo malapeng a maAforika Borwa a a humanegileng go gaisa.

Gape re atolositse neelo ya diphasele tsa dijo mme re neetse mabentlele a di-spaza ka thuso ya matlole.

Go fitlha ga jaana, puso e neelane ka ditanka tsa metsi di feta 11 000 go baagi ba ba di tlhokang go ralala naga, mme bontsi ba tsone di setse di tlhomilwe.

Mo godimo ga moo, go neelwane gape le ka ditanka tsa metsi di le 1 000 go ka rwalela baagi metsi.

Batho ba le mmalwa ba ba senang magae ba neetswe manno kwa mafelonno a le 154.

Ke motlotlo go bega gore Letloletshwaraganelo – leo le tlhomilweng go kgobokanya didiriswa go tswa kwa dikhamphaning, kwa mekgatlhong le kwa baaging go lwantsha go anama ga mogare wa corona – go fitlha ga jaana le kokoantse bokana ka R2.2 billione.

Le setse le neetse bokana ka R1 billion go reka dikausu tsa diatla tse di senang megare, disirasefatlhego, disirasefatlhego tsa tsa kwa bookelong, dikhiti tsa tlhatlhobo le dithusakhemiso.
Gape le tla neelana ka matlole go thusa malapa a a leng mo tlalelong, mo godimo ga R400 milione e e beetsweng kwa thoko ke puso tebang le dituelo tsa Namolo ya Loago go Tlalelo.

Maiteko ano otlhe, le fa a le botlhokwa ebile a babatsega, a ka se lekane ka bo ona go ka babalela bahumanegi mo maemong a a diphatsa a go anama ga mogare ono.

E bile ga a kitla a lekana go ka neelana ka thuso e dikgwebo le badiri ba e tlhokang.

Dikgatotlaleletso tse di sa tlwaelegang di tla tlhoka go tsenngwa tirisong mo dibekeng le mo dikgweding tse di latelang go samagana le tatlhegelo ya ka bonako ya lotseno mo dikgwebong le mo baaging ka bobedi.

Re mo maemong ao a tlhokang tiragatso ya ka bonako le mekgwa e e sa tlwaelegang, maemo a a batlang botlhami le go kgobokanngwa ga sediriswa sengwe le sengwe se re nang naso.
Kabinete e tla tlhama letlotlo le le feletseng la dikgato tsa ka bonako tsa ikonomi go tsibogela kotsi ya ka bonako le dikgwetlho tsa maemo a a maswe a ikonomi tseo re tshwanetseng go lebana natso mo dikgweding tse di tlang.

Dikitsiso tse dingwe mo kgatong e e latelang ya ikonomi ya rona le togamaano ya thuso ya loago e tla diriwa mo nakong e e sa fediseng pelo.

Karolo e e botlhokwa ya tsibogelo ya rona go tshoganyetso eno ke ntlhatheo ya tshwaragano.
Setšhaba sotlhe, dikhamphami le baagi ba ithaopile go tshegetsa ka thuso ya ditšhelete le dithuso tse dingwe tse ba nang natso.

Mo go thuseng maiteko ano, re sweditse gore Moporesidente, Motlatsamoporesidente, Ditona le Batlatsatona ba tla tsaya phokotso ya nngwetharong ya megolo ya bona sebaka sa dikgwedi di le tharo tse di latelang.

Karolo eno ya megolo ya bona e tla abelwa Letloletshwaraganelo.

Re ikuela go batlhankedi ba setšhaba ba bangwe le dikhuduthamaga tsa dikhamphani tse dikgolo go dira fela jalo ka go oketsa tlhotlheletso ya go fitlhelela maiteko ano a setšhaba.

Mo ntlheng eno, re amogela kabo ya megala ya seatla e le 20 000 go tswa go Vodacom e e tladirisiwang ke badiri ba tsa boitekanelo ba ba tla bong ba samagane le matsholo a go botsolotsa baagi dipotso ka maemo a bona a boitekanelo mabapi le mogare ono mmogo le mo go gateng motlhala bao ba tshwaetsegileng.

Jaaka pele re gateletse re tla gatelela gape, ntwa ya rona kgatlhanong le mogare wa corona e tlhoka diphetogo tse di botlhokwa tsa maitsholo go tswa mo go rona rotlhe.

Go fitlhela re kgona go laola mogare wa corona, melao e tla nna yona eo.

Go tshwarana ka diatla, go atlana, go nna gaufi le ba bangwe le mefuta e mengwe ya go kgomana e kgontsha mogare go anama, mme e tshwanetse go efogwa.

Re tshwanetse go tswelela go tlhapa diatla kgapetsa kgapetsa ka go dirisa metsi a sesepa kgotsa sebolayamegare.

Go nna re bolokesegile le go tshola ba bangwe ba bolokesegile re tshwanetse go tswelela go tlotla dithibelo dingwe le dingwe tse di beilweng mo motsamaong wa rona le mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi.

Mo sebakeng sa dibeke tse pedi tse di fetileng, ke ntse ke buisana le baeteledipele ba bangwe ba Aforika ka ga maiteko a a rulagantsweng go lwantshana le mogare wa corona le go thusa batho ba borona le diikonomi tsa rona.

Re tlhomile Letlole la Tsibogelo la AU COVID-19 go kgobokanya didiriswa tse di tlhokegang go thusa maiteko ano.

Re kopile le baeteleipele ba lefatshe, le fa ba sokola ka go anama ga mogare kwa dinageng tsa bona, go thusana le kontinente ka melemo e e botlhokwa le go thusa ka letlotlo le le feletseng la tsosoloso ya Aforika.

Jaaka re lebane le bolwetse jono mo nageng ya rona, re karolo ya maiteko a magolo a lefatshe ao a kopanyang batho mmogo ka ditsela tse bontsi bo neng bo sa nagane go ka kgonega.

Go dibilione go ralala lefatshe, le go rona fano mo Aforika Borwa, go anama ga mogare wa corona go fetotse sengwe le sengwe.

Re ka se tlhole re dira ka tsela eo re neng re dira ka yona.

Re le puso, re le Mekgatlho e e Seng ya Puso (di-NGO), re le makoko a sepolotiki, re le dikoporasi tse dikgolo le dikgwebopotlana, re le ditheo tsa dutšhelete, re le mekgatlho ya baagi le re le maAforika Borwa re tla tlhoka go itlwaetsa tikologo eno e ntšhwa.

Fa re tswa mo mathateng ano, naga ya rona e tla tlhoka go tsena ka fa tlase ga tsamaiso e e botlhokwa ya kagosešwa.

Go dira jalo, re tla dirisa matla a rona: didiriswa tsa rona tse di motlele tsa tlhago, mafaratlhatlha a rona a maemo a a tsweletseng pele, dimmaraka go thekenoloji ya tshedimosetso le tlhaeletsano, le bogolo ba talente e e leng gona go batho ba rona.

Re tla tsaya bokgoni jwa rona jo bo itshupileng jwa go bopa le go tlhama, bokgoni jwa rona go tshwaragana mo nakong ya mathata, le maitlamo a rona go mongwe le mongwe wa rona le isago ya rona e e tshwanang.
Re tla ithuta go tswa go maitemogelo a lefatshe le bopaki jo bo kwa godimo jwa saense, fela re tla betla tsibogelo e e sa tlwaelegang ya maAforika Borwa eo e dirisang bokgoni jwa rona re le naga.

Mafelong ano a beke ke nako e e boitshepo go bontsi jwa maAforika Borwa.

Go bontsi, go tla nna boima go nna mo nakong eno ntle le balosika le ditsala.

Ke lo kopa maitseboeng a gompieno le bee mo dithapelong tsa lona botlhe mo nageng ya rona ba ba leng mo tlalelong, ba ba humanegile le bao ba sotlegileng ba sena motlhokomedi.
Ke ikopela gre le ba abele seo le ka se kgonang go fokotsa mokgweleo wa bona 

Ke ikopela gore le tsenye seatla mo Letloletshwaraganelong ka tsela nngwe le nngwe e lo ka e kgonang.
Eno ke nako e e boima go rona rotlhe.

Le fa go le jalo molaetsa wa Paseka ke o le mongwe o re o tsholang mo dipelong tsa rona bosigong jono.

Ke molaetsa wa tsholofelo, wa poelosekeng le wa tsalo sešwa.

Jaaka re tsamaya tsela eno mmogo, jaaka re kgaratlhela go fenya leuba leno, re tswelela go nna re tiile mooko re le ngatananngwe e bile re phophoma ka maikemisetso.

Go kopiwa go le gontsi go tswa mo go lona, go feta ka moo go tshwanetseng ka teng.
Fela re a itse gore ke ka ntlha ya mabaka a go sutlha mo dipharagobeng, mme e bile ga re a tshwanela le ka phosonyana go ka retelelwa.

Re tla boela sekeng.

Re tla fenya.

A Modimo a tshegofatse Aforika Borwa le go sireletsa Setšhaba sa yona.
Ke a leboga.
 

Share this page

Similar categories to explore