Moporesitente Cyril Ramaphosa: Tsibogo ya Aforika Borwa Kgatlhanong le Leroborobo la COVID-19

Maaforika Borwa a a rategang,

Fa e sale ke lo eme ka lefoko mo matsatsing a le somenne a a fetileng, re ntse re samagane le dintwa tse pedi – ya ntlha ke ntwa kgatlhanong le mogare o o kotsi o wa corona, ya bobedi ke ditiro tsa ba ba neng ba batla go tlisa ketsaetsego le tlhakatlhano mo nageng.

Re dirisitse tsotlhe tse re nang natso go busetsa maemo mannong le go tlisa tolamo kwa KwaZulu-Natal le Gauteng, go netefatsa gore re tsepamisa seemo le go netefatsa gore tirisodikgoka ya dibeke tse pedi tse di fetileng e a khutlisiwa.

Go lebagana le dikgwetlho tse pedi tse, re ne ra tsaya dikgato di le mmalwa ka gangwe.

Sa ntlha, re tshwanetse go tlisa kanamo ya mogare wa corona ka fa tlase ga taolo le go fokotsa seabe sa ona mo tsamaisong ya ikonomi.

Sa bobedi, re tshwanetse go itlhaganedisa lenaneo la rona la go enta gore bontsi ba bagodi ba Maaforika Borwa ba kgone go entiwa pele ngwaga ono o fela.

Sa boraro, re tlhoka go netefatsa gore kagiso le tsepamo di tswelela go rena go ralala naga le gore ga go nne le ditiragalo tse dingwe tsa tirisodikgoka.

Sa bone, go tsibogela leroborobo le, le tirisodikgoka ya go sa le gale, re tlhoka go ema nokeng le go thusa malapa a a tlhokang, go ba thusa go tswa mo dipharagobeng tse ba leng mo go tsona le go fokotsa tlala.

Sa botlhano, re tlhoka go thusa go tsosolosa dikgwebo. Tse ke dikgwebo tse di amilweng ke bogodu le tshenyo ya dithoto le tse di amilweng ke leroborobo, gammogo le dikiletso tse re di dirisitseng go samagana le leroborobo leno.

Sa bofelo, re tlhoka go itlhaganedisa go tsenngwa tirisong ga Leano la Tsosoloso le Poposešwa ya Ikonomi (ERRP) go tsosolosa ikonomi ya rona, go tlhola ditiro le go dira gore botlhe ba nne le seabe mo ikonoming ya rona.

Leroborobo la mogare wa corona ke matshosetsi a magolo mo matshelong le mo boitekanelong jwa baagi ba naga ya rona mmogo le mo tsosolosong le mo tlhabololong ya ikonomi ya rona.

Ka jalo, re tlhoka go dira tsotlhe tse re ka di kgonang go thibela go anama ga mogare o.

Dipalopalo tsa sešweng di supa gore re setse re fetile setlhoa sa lekhubu la boraro la ditshwaetso, le fa tota go na le mafelo a mangwe mo nageng ya rona a e santseng e le tlhobaboroko ka ntlha ya fa seelo sa ditshwaetso se sa ntse se le kwa godimo e bile go ise go bonale gore di tla fokotsega.

Ditsereganyo tse re di tsentseng tirisong mo matsatsing a le 28 a a fetileng, gammogo le go ikobela dikgato tsa go tila ditshwaetso ga Maaforika Borwa, go nnile le seabe se se bonalang mo go fokotseng seelo sa ditshwaetso.

Palogare ya ditshwaetso tse dišwa ka letsatsi mo bekeng e e fetileng e ne e le dikgetse tse dišwa di ka nna 12 000, e leng se se supang gore ditshwaetso di fokotsegile ka 20% fa go bapisiwa le tsa beke ya pele ga eo.

Mo dibekeng di le pedi tse di fetileng, ditshwaetso tse dišwa mo Gauteng – e leng yona porofense e e ntseng e na le dipalo tse dintsi go gaisa tsa diporofense tse dingwe tsa ditshwaetso tsa lekhubu la boraro – di ntse di fokotsega.

Le fa go le jalo, jaaka re iponetse mo nakong e e fetileng, go na le dipharologano tse di bonalang fa gare ga diporofense.

Jaaka ditshwaetso di wela tlase mo Gauteng, ditshwaetso tse dišwa tsa letsatsi le letsatsi kwa Kapa Bophirima, Kapa Botlhaba le KwaZulu-Natal di tswelela go tlhatloga.

Go nnile gape le tlhatlogo e e sa jeseng di welang ya ditshwaetso kwa Kapa Bokone go latela gore go nne go sena ditshwaetso mo porofenseng eno.

Mo bathong botlhe ba ba tshwaetsegileng, ba tshwaeditswe ke mogare ono wa mofuta wa Delta, o jaaka re setse re kaile, o gasagana bonolo go gaisang mefuta e mengwe e e fetileng.

Jaanong, go gaisa mo nakong e e fetileng, re tlhoka go ikobela dikgato tsa go tila ditshwaetsego gore re kgone go fokotsa go anama ga mogare o go tswa mo mothong go ya go yo mongwe.

Re a itse gore dikokoano tsa mo teng ga dikago mo mafelong a a senang kelelo ya mowa o o phepa, ke tsona tse di fetlhang thata go runya ga mogare ono le go dira gore batho ba tshwaetsege ka bontsi.

Re tshwanetse go tswelela go apara dimmaseke tsa rona ka dinako tsotlhe fa re le fa gare ga batho, re katologane le ba bangwe mme re netefatse ka gale gore matlhabaphefo a butswe le gore go tsena mowa o o phepa.

Phokotsego ya batho ba ba tshwaetsegileng ka ditshwaetso tse dišwa e re kaela gore jaanong go siame gore re ka ritibatsa dikiletso dingwe tse di jaaka tsa dikokoano, motsamao le thekiso ya nnotagi.

Go latela dikgakololo tsa Komitikgakololo ya Ditona ka COVID-19, le ditshwaelo go tswa go Lekgotla la Thulaganyo la ga Moporesitente, thapameng eno Kabinete e sweditse gore naga e isiwe kwa Maemong a Tsiboso a Boraro.

Se se tla diragala moragonyana mo maitsiboeng a fa melawana e sena go gatisiwa mo lekwalong la semmuso le le gatisang melao ya puso.

Se se kaya gore:

  • Diura tsa go iletsa batho go ebela masigo di tla tswelela jaaka di ne di ntse go tloga ka ura ya bolesome bosigo go fitlha ka ura ya bone ka matsha.
  • Maeto a boitapoloso a go etela diporofense tse dingwe a buletswe.
  • Ditheo tse e seng tsa ditirelo tsa tshoganyetso jaaka mabenkele a go jelwang kwa go ona, dithafene, dibara le mafelo a ikatiso di ka bulwa. Le fa go le jalo, dikgwebo tse di tshwanetse go bo di tswetswe ka ura ya borobongwe bosigo go letla badiri le bareki go boela magaeng pele ga nako ya dikiletso tsa go ebela masigo.
  • Dikokoano di tla letlelelwa mme di lekanyeditswe go ka tshwarwa ke batho ba ba sa feteng 50 mo teng ga kago le ba ba sa feteng 100 fa ba kokoane kwa ntle ga kago.

Fa lefelo leo le le lennye go ka metsa dipalo tse fa go ikobelwa melao ya go katogana, gone batho ba ba leng mo lefelong leo ga ba tshwanela go feta halofo ya poloyotlhe e lefelo leno le kgonang go e metsa.

Dikokoano di akaretsa ditirelo tsa sedumedi, ditiragalo tsa sepolotiki le meletlo ya go ikentsha bodutu.

Dipalo tse di beilweng tseno go tshwanetswe go ikobelwe tsona le mo mabenkeleng a go jelwang kwa go ona, mo mafelong a ikatiso, mo dibareng, mo dithafeneng le mo mafelong a a jalo.

  • Diphitlho le ditirelo tsa go fisa ditopo ga di a tshwanela go tsenelwa ke batho ba feta 50 mme go tshwanetswe go latelwe dikiletso tsa go katogana le go ikobela dikiletso tse dingwe tsa go tila go tshwaetsega.

Ditebelelo le dikokoano tsa morago ga phitlho di santse di ileditswe.

  • Thekiso ya nnotagi kwa mabenkeleng a magolo mme go sa nwelwe koo e tla letlwa go tloga ka ura ya bolesome mo mosong go fitlha ka ura ya borataro maiseboa go tloga ka Mosupologo go fitlha ka Labone.

Thekiso ya nnotagi kwa mafelong a go nwelwang kwa go ona, e tla letlelelwa go ya ka dipeelo tsa laesense go fitlha ka ura ya borobedi bosigo.

  • Dikolo di tla bulwa ka moso, Mosupologo, 26 Phukwi, mme go tla latelwa dikgato tse di gagametseng tsa go tila go tshwaetsega le go ikobela tse dingwe tsa dikgato tse di begilweng ke Tona ya Thuto ya Motheo.

E santse e le pateletso gore motho mongwe le mongwe a apare mmaseke o o tswalelang nko le molomo wa gagwe ka gale fa a le mo fa gare ga batho.

Beng le balaodi ba meago e e dirisiwang ke setšhaba, ba ditikwatikwe, ba mabenkele, ba mabenkele a go jelwang mo go ona, ba dithekisi le ba dibese ba na le maikarabelo a go netefatsa gore batho mo mafelong a bona kgotsa mo diroring tsa bona ba apere dimmaseke.

Ba tshwanetse go netefatsa gore ba tsenya tirisong le go latela dikiletso tsa go katogana.

Go botlhokwa go gakologelwa gore ke tlolomolao fa go ka fitlhelwa gore palo ya batho mo lefelong e feta dipalo tse di beilweng e ka tswa e le ya bareki kgotsa ya badiri.

Jaaka re repisa dikiletso, re tshwanetse go gakologelwa gore ditshwaetso di santse di le kwa godimo mme re tlhoka go nna re le malala a laotswe.

Jaaka re setse re kaile, sebetsa sa rona se se nonofileng mo ntweng kgatlhanong le COVID-19 ke lenaneo la go enta botlhe.

Mo dibekeng di le mmalwa tse di fetileng, letsholo la rona la go enta le dirile pharologano e kgolo.

Re enta batho ba feta 240 000 letsatsi lengwe le lengwe mo gare ga beke.

Mo kgweding e e fetileng, re ne re kgona fela go enta batho ba le 100 000 ka letsatsi mo gare ga beke.

Ka ntlha ya moo, re setse re kgonne go dirisa meento e feta dimilione di le 6.3, mme batho ba ka dira 10% mo setšhabeng sa rona ba setse ba entilwe.

Se se diragetse ka tirisano e e tseneletseng magareng ga puso le lekala la poraefete le ka tshegetso ya balekane ba bangwe ba loago.

Mo dibekeng tse di tlang, re tlile go oketsa seelo sa go enta go feta ga jaana.

Re oketsa palo ya mafelo a go entela le go nolofatsa thulaganyo ya go ikwadisetsa go enta.

Re tlile go oketsa gape le palo ya badiri ba ba tlhabang meento mo mafelong a beke.

Ga jaana re tlile go letla batho ba ba nang le dingwaga di le 18 go fitlha go di le 34 go entiwa go simolola ka 1 Lwetse 2021.

Bano ba tla entiwa mo godimo ga ba bangwe ba ditlhopha tse di dumeletsweng ga jaana, e leng ditlhopha tsa ba ba nang le dingwaga di le 35 le go feta.

Jaanong re letlelela le batho ba ba sa ikwadisang go tla kwa mafelong a go entela go tla go ikwadisa le go entiwa.

Gore re kgone go enta palo e ntsi eno ke ka ntlha ya diphetogo tse di dirilweng mo go rekeng meento.

Mo dikgweding tse pedi kgotsa tse tharo tse di tlang, re tshwanetse go amogela meento e ka nna dimilione di le 31 go tswa go Pfizer le Johnson & Johnson.

Palo e e kaya gore re tla nna le meento e e lekaneng go fitlha kwa bokhutlong jwa monongwaga.

Re gatetse pele go bonagala mo go samaganeng le dikgwetlho tse re nnileng natso jaaka naga le kontinente mo go fitlheleleng meento.

Ka ntlha ya ditherisano tsa rona le ditlamo tsa melemo le dinaga tse di farologaneng tsa diikonomi tse di tlhabologileng, naga ya rona le kontinente di kgonne go bona meento le go kgona go itirela meento mo kontinenteng ya rona.

Go simolola ka kgwedi ya Diphalane, Aspen e e kwa Gqeberha e tla simolola go dira meento e e direla kontinente ya Aforika fela.

Dibeke di le mmalwa tse di fetileng, Mokgatlo wa Lefatshe wa Boitekanelo o ne wa tlhopha Aforika Borwa go nna lefelo le meento e ka diriwang mo go lona.

Matsatsi a le mmalwa a a fetileng, Setheo sa Biovac kwa Cape Town se ne sa supiwa go dira moento wa COVID-19 wa Pfizer-BioNTech o o tla dirisiwang mo Aforika.

Le fa tota go na le meento e e lekaneng mo pakeng e khutshwane, re tshwanetse go netefatsa gore meento e e tlisiwa ka nako ntle le go diega.

Go botlhokwa gape go ela tlhoko go tlhagelela ga mefuta e mešwa ya meagre le go fitlhelela meento e e tla nnang teng e e ka kgonang go lwantshana le mefuta e mešwa e.

Ke ikuela go Maaforika Borwa otlhe go ikwadisetsa go enta ka gangwe fela fa ba tshwanelwa, ka go ikwadisa ka inthanete, ka WhatsApp kgotsa go romela molaetsa, kgotsa ka go leletsa nomoro e e sa duelelweng mo go 0800 029 999.

Maaforika Borwa a a rategang,

Dibeke tse pedi tse di fetileng, diporofense tsa KwaZulu-Natal le Gauteng di ne tsa tlhaselwa ke ditiragalo tsa ka bomo, tse di logetsweng maano le go rulaganngwa tsa tirisodikgoka go baka maemo a dikhuduego.

Se se bakile dintsho di feta 300, go utswediwa ga mabenkele, mafelopolokelo le madirelo, tshenyo ya mafaratlhatlha a a botlhokwa, gammogo le go kgoreletsa ikonomi ya naga.

Re santse re bala ditshenyegelo tse di bakilweng ke tirisodikgoka e, le go amogela gore tshenyo eno e re siile re rwele matsogo mo tlhogong.

Ke bua ka batho ba ba tlhokafetseng, le malapa a a latlhegetsweng ke ba bobona.

Ke bua ka rakgwebo yo mo letsatsing le le lengwe fela a latlhegetsweng ke se se mo tsereng dingwaga go se aga.

Ke bua le ka bomme le borre ba ba latlhegetsweng ke ditiro fa lefelopolokelo le ne le gailwa ke molelo, mme jaanong ba ipotsa gore ba tla dika ba dirile jang go fepa bana ba bona.

Ke maikarabelo a rona go tshegetsa ba ba amilweng ke tirisodikgoka e, le go netefatsa gore ga e diragale gape.

Go netefatsa gore go nna le molao le gore maemo a boela sekeng, segolo kwa KwaZulu-Natal le Gauteng, re okeditse palo ya mapodisi le masole mo dikarolong tseno.

Re tsweletse go romela batlhankedi bao kwa mafelong a bosenyi jono bo ntshitseng ga tshwene teng, gammogo le go ba romela go disa mafaratlhatlha a naga ya rona a a botlhokwa a ikonomi ya rona le a puso ya rona, re ba rometse kwa ditikwatikweng tsa marekelo, kwa mafelopolokelong le kwa madirelong.

Batlhankedi bano ba pabalesego ba rwele gape le maikarabelo a go disa ditsela tse di botlhokwa tse dijanaga tse di rwalang dithoto di kgabaganyang gone.

Ka go dira jalo, re kgonne go busetsa maemo taolong kwa mafelong a a amegileng le go busetsa tsamaiso ya maemelakepe, tsamaiso ya dithoto ka ditimela gammogo le go busetsa taolong tsamaiso ya dithoto ka tsela.

Dipatlisiso tebang le tirisodikgoka e le ba ba e fetlhileng di a tswelela, ka fa tlase ga boeteledipele jwa diyuniti tse di kgethegileng tsa sepodis, ka maitlhomo a go itlhaganedisa go tshwarwa le go sekisiwa ga ba ba latofadiwang.

Go dirisiwa ditsela tse di farologaneng go kgona go laola palo e e kwa godimo ya babelaelwa ba ba tshwaretsweng ditlolomolao tse di amanang le dikhuduego tse.

Mapodisi a tsentse tirisong Diforamo tse di Dirisanang le Sepodisi mo Mererong ya Pabalesego mo Metseng mo mafelong a a farologaneng go ralala naga moo baagi ba tla nnang le seabe mo go thibeleng ditiragalo tseno go ipoeletsa.

Ke rata go bua ke sa kgale mathe ganong gore go tla nna le molao le maemo a tla boela sekeng.

Go tla tshwarwa batho ba bangwe gape, segolo ba ba logileng maano ano, ba rulaganya le go dira ditiro tse, tse di bakileng tshenyo e kana le tatlhegelo ya matshelo.

Le fa tota maemo a setse a edile mo mafelong a, seabe sa tirisodikgoka e le tshenyo e se tla tswelela go itemogelwa ke malapa, bathapiwa le dikgwebo.

Re tsaya dikgato tse di tsepameng go boloka boleng jwa matshelo a dimilione tsa batho jo bo tshoseditsweng ke leroborobo le dikhuduego tse.

Mo maitseboeng a, re bega ditsela tse di farologaneng tsa go tshegetsa tsosoloso ya ikonomi le go thusa ba ba tlhokang le ba ba leng mo khumanegong ka ntlha ya dikiletso tse re neng ra tshwanelwa ke go di tsenya tirisong go samagana le COVID-19.

Go tshegetsa ba ba sa kgoneng go itlamela, re busetsa Thebolelo ya Namolo ya Kgatelelo ya Loago go tlamela ka tuelo ya R350 kgwedi le kgwedi go fitlha kwa bokhutlong jwa Mopitlwe 2022.

Gore re kgone go dira seno ke ka ntlha ya kokoanyo ya matlole a lekgetho a le mantsinyana a re kgonneng go a kokoanya go feta ka fao re neng re solofetse.

Re atolosa le palo ya batho ba ba tshwanelwang ke thebolelo e ka go letla batlhokomedi ba ba sa direng ba ga jaana ba amogelang Thebolelo ya Kotlo ya Bana go dira kopo.

Dintlha mabapi le go busediwa tirong ga megolo eno, go akaretsa le tsela ya go dira kopo, di tla itsisiwe fa gautshwane.

Se se tla tiisa maatla a tsamaiso ya rona ya tshireletso ya loago e e setseng e le teng, e leng nngwe ya diphitlhelelo tse dikgolo tsa temokerasi ya rona.

Godimo ga namolo ya dijo e e tlamelwang ke Lefapha la Tlhabololo ya Loago, puso e neela R400 dimilione go Letlole la Namolo go batho ba ba mo Matlhotlhapelong le le tlhomilweng ke Letlole Momagano go thusa ba ba nang le tlhoko e kgolo ga jaana.

Re tsenya tirisong gape le ditsela tsa go thusa dikgwebo go tsoga.

Tlhoko e e kwa setlhoeng ga jaana ke go netefatsa gore dikgwebo tse di neng di sentswe le go utswediwa di kgone go tsoga le go bula gape ka bonako jo bo kgonegang.

Re nngwe ya dinaga di le mmalwa mo lefatsheng tse di nang le setlamo sa inšorense se e leng sa puso, SASRIA, se se tlamelang ka tshireletso kgatlhanong le ditiragalo tsa tirisodikgoka ya mo setšhabeng, go ngala ditiro, meruso le dikhuduego.

Dikgwebo tse di nang le inšorense di tla duelwa ke SASRIA.

SASRIA e ikemiseditse go itlhaganedisa dituelo tsa ditopo tsotlhe tse di amogelegang, mme e dira mmogo le diinšorense tsa poraefete go netefatsa gore ditekodisiso di konosediwa ntle le tiego.

Puso e tla netefatsa gore SASRIA e kgona go diragatsa dituelo tseo mme e tla tlamela ka tshegetso efe fela e e tlhokegang mo ntlheng e.

Le fa go le jalo, dikgwebo dingwe tse e ka tswang e nnile batswasetlhabelo ba tirisodikgoka e, di ka bo di ne di sena inšorense.

Tsona di akaretsa dikgwebopotlana le dikgwebo tse di magareng, e ka tswa e le tse di tlhomameng kgotsa tse di sa tlhomamang.

Bontsi ba dikgwebo tse, di latlhegetswe ke tsotlhe, mme di ka se kgone go itsosa ka botsona.

Ga re kitla re di latlhelela diatla mo nakong e ya tlhoko.

Ka jalo re dira ka natla go atolosetsa tshegetso ya rona go dikgwebo tse di senang inšorense tse di amilweng ke tirisodikgoka e.

Puso e tla beela thoko matlole a a rileng tebang le ntlha e mme re tla neela kitsiso moragonyana ka ga ditsela tse dikgwebo tse di ka dirang kopo ya tshegetso.

Re tlile gape go leba sešwa tlamelo ka matlole ya diSMME tse di amilweng ke leroborobo ka mokgwa wa tlamelo ka matlole ya pholoso ya dikgwebo gangwe fela.

Re dira gape le dikgwebo tse dikgolo go sekaseka seabe sa tsona go tshegetsa diSMME, go tlhola ditiro le go fedisa tlala le botlhoki.

Dibeke tse pedi tse di fetileng, re itsisitse gore sekema sa COVID-19 TERS se tla atolosediwa makala a a amilweng ke dikganelo tsa Maemo Tsiboso 4 mo matsatsing a le 28 a a fetileng.

Dikopo tsa paka e di buletswe, mme UIF e tla tsamaisa dituelo ka bonako jo bo kgonegang go tshegetsa badiri ba ba neng ba sa amogele lotseno.

Sa botlhokwa, UIF e tla tlamela ka thuso go bathapiwa ba ba latlhegetsweng ke ditiro ka ntlha ya dikhuduego tsa go sale gale.

Se se tla netefatsa gore ditiro di sireletsegile le gore badiri ba tswelela go nna le lotseno fa dikgwebo tseo di santse di tsaya nako go tsoga gape.

Le fa sekema sa TERS se tlametse ka tshegetso e e botlhokwa mo makaleng a mantsi a a ntseng a sa kgone go dira, go santse go na le tlhoko ya go tlamela ka namolo e nngwe go thusa dikgwebo go boela mannong.

Ka jalo, re atolosa Poelo ya Lekgetho la Tiro ka paka ya dikgwedi tse nne go akaretsa badiri ba ba amogelang kwa tlase ga R6 500 le go oketsa poelo eo ka go fitlha go R750 ka kgwedi. 

Se se tla rotloetsa bathapi go thapa le go tshola badiri, segolo ba ba mo makaleng a thekiso le boamogelabaeng e leng ona a a amegileng go gaisa.

Re tla sekega gape le tuelo ya makgetho a PAYE sebaka sa dikgwedi tse tharo go tlamela ka kelelo ya tlaleletso ya lotseno, ka tshekego ya ka gangwe ya 35% ya maikarabelo a PAYE go bathapi ba lotseno lo lo kwa tlase ga R100 dimilione.

Tuelo ya makgetho a mo teng ga naga ka lekala la nnotagi e tla sekegwa dikgwedi tse tharo, go fokotsa mokgweleo mo lekaleng le jaaka le santse le boela mannong.

Ditsereganyo tse di diretswe go atolosetsa namolo ka moo go kgonegang gore e fitlhelele batho le dikgwebo tse di tlhokang tshegetso ntle le go mpampetsa tshireletso ya matlotlo.

Ga go naga e e ka solofelang gore ikonomi ya yona e gole, kgotsa go tshela ka kagiso le kutlwano, fa bontsi jwa baagi ba yona ba santse ba sena ditšhono, ba tshwerwe ke tlala e bile ba tlhaotswe.

Seabe sa ditiragalo tsa mo malobeng mo ikonoming ya rona se dirile gore go tsenngwa tirisong ga ERRP go nne botlhokwa le go gaisa pele.

Re ntse re dirisana thata le balekane ba rona ba loago ka ditsereganyo tse dingwe tse re ka di dirang go samagana le botlhoki, go itlhaganedisa go tsenngwa tirisong ga diphetogo, kgolo e e akaretsang le go tlhola ditiro.

Re tla kgona dira dikitsiso tse dingwe mo nakong e e sa fediseng pelo mo ntlheng e.

Maaforika Borwa a a rategang,

Seabe sa tirisodikgoka ya go sa le gale tebang le netefaletso ya babeeletsi ke kgwetlho e kgolo mo tsosolosong ya rona.

Re tsaya dikgato go matlafatsa mothamo le ipaakanyo ya matsholotshireletso a rona go thibela ditiragalo tsa mothale o mo isagong.

Se se akaretsa go tsibogela ka bonako le maikemisetso dipegelo tse ga jaana re di amogelang tsa digongwana tsa bosenyi tse di batlang go tseela dikgwebo madi ka bonweenwee jaaka di simolola go aga sešwa, segolo kwa KwaZulu-Natal.

Mongwe le mongwe yo o tshosetsang ka kgotsa go nna le seabe mo tirisodikgokeng o tla di gama a sa di tlhapela.

Le fa tota re amogela gore tsibogo ya rona e ne e le bonya tota, batlhankedi ba rona ba pabalesego ba supile gore ba kgona go netefatsa gore go nna le molao le go busetsa maemo sekeng.

Sa botlhokwa ke gore Maaforika Borwa a bontshitse lefatshe gore re ineetse mo pusong ya temokerasi, le gore re kgatlhanong le tirisodikgoka le bosenyi, le gore re tla itepatepanya le mongwe le mongwe fela yo o lekang go feretlha naga ya rona.

Thata ya rona e kgolo e ikaegile ka Molaotheo wa rona, mo tshireletsong e o e tlamelang ya ditshwanelo le dikgololosego, le mo setšhabeng sa rona se se gololosegileng sa temokerasi.

Tolamo ya molaotheo wa rona e ntse e tsepame.

Jaaka re tla go tsosolosa naga ya rona go tswa mo matsading a tirisodikgoka e le seabe sa leroborobo le, tlaa re direng se Molaotheo wa rona o re eletsang go se dira.

Re tshwanetse go tswelela go fodisa dikgotlhang tsa mo malobeng mme re tlhome setšhaba se se ikaegileng ka meono ya temokerasi, bosiamisi jwa loago le ditshwanelo tsa botho tsa motheo.

Metheo ya temokerasi ya rona e ikaegile ka thato ya batho.

Go maatlafatsa temokerasi ya rona, re solofelwa go tokafatsa boleng jwa botshelo jwa baagi botlhe le go golola bokgoni jwa motho mongwe le mongwe.

Ke maikarabelo a rona rotlhe jaaka Maaforika Borwa go dira mmogo go aga Aforika Borwa yo o kopaneng wa temokerasi yo o kgonang go tsaya maemo a gagwe jaaka naga e e ikemetseng mo gare ga ditšhaba.

Tlaa re tshwaraganeng ka diatla re tswelele go aga Aforika Borwa wa ditoro tsa rona le fa tota re lebagane le dikgwetlho tse dintsi.

A Modimo a sireletse batho ba rona.

Nkosi Sikelel' iAfrika.

Morena boloka setjhaba sa heso.

Morena tshegofatsa Aforika Borwa.

Mudzimu fhatutshedza Afrika Tshipembe.

God seën Suid-Afrika.

Xikwembu katekisa Afrika-Dzonga.

Ke a leboga.

Share this page

Similar categories to explore