Ka ga | Se o tshwanetseng go se dira | Nako ya tiragatso | Tuelo ke bokae | Diforomo tse di tladiwang | O ka golagana le mang
Ka ga go kwadisa jaaka motlhokomedi wa batsofe
Fa o batla go rebola tlhokomelo ya fa gae ya batsofe, o tshwanetse go kwadisa jaaka motlhokomedi kwa kantorong e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.
Go kwadisiwa jaaka motlhokomedi ke Lefapha la Tlhabololo ya Loago, moreboladitirelo yo o go thapileng o tshwanetse go netefatsa gore go tsenela katiso ya tlhokomelo ya fa gae le gore o tshotse setifikeiti se se supang gore o amogetse katiso go tswa kwa setheong se se kwadisitsweng le Bothati jwa Dithutego jwa Aforika Borwa (SAQA).
Motlhokomedi ke mongwe yo o thusang motho yo mongwe yo o sa kgoneng go tshela ka boena ka ntlha ya bogole mo mmeleng, jwa maikutlo kgotsa jwa tlhaloganyo.
Se o tshwanetseng go se dira
- Etela kantoro e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.
- Tlatsa Foromo 7.
- Isa tse di latelang:
- khopi e e kannweng ya Lekwaloitshupo la gago kgotsa tetla ya bonno
- khopi e e kannweng jaaka bopaki jo bo rebotsweng ke setheo sa katiso se o amogetseng katiso kwa go sona jaaka motlhokomedi.
- Fa o sena go kwadisiwa o tla rebolelwa setifikeiti sa kwadiso.
- O ka dira kopo ya khopi fa o ka latlhegelwa kgotsa wa senyegelwa ke setifikeiti sa nnete.
Diforomo tse di tladiwang
Diforomo tsotlhe di bonwa kwa kantorong e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.