Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang
Ka ga go dira kopo ya setifikheiti sa thulaganyo tlhabololo ya go sa le gale ya bana (ECD)
A o na le lefelo ya tlhabololo ya go sa le gale ya bana mme o rata go tlamela ka thuto le tshegetso tse di maleba le kgolo go ya ka dingwaga, kgato le ditlhoko tsa bana ba o ba tlhokomelang go akaretsa ba ba nang le bogole, malwetse a a masisi le ditlhoko dife fela tse di kgethegileng?
O ka dira kopo ya setifikheiti sa thulaganyo ya ECD kwa kantorong e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago kgotsa kantoro ya Mmasepala.
Kopo ya gago e tla rebolelwa paka e e sa feteng dingwaga tse tlhano.
- Gore kopo ya gago e tsewe tsia, thulaganyo ya ECD e tshwanetse go bo e ikobela meono le maemo a a latelang:
- E tlamela ka ditšhono tse di maleba tsa kgolo
- E kobile go thusa bana go fitlhelela bokgoni jwa bona
- Tlhokomela bana ka mokgwa o o lolameng le go ba tlamela ka tshegetso le tshireletso
- Netefatsa tlhabololo ya maitsholo a a siameng a loago
- Tlotla le go babalela setso, mowa, seriti, botho le puo ya ngwana mongwe le mongwe, le
- Fitlhelela ditlhoko tsa tlhabololo ya maikutlo, tlhaloganyo, ditemosi, semowa, loago, tlhaeletsano tsa ngwana mongwe le mongwe.
- O tshwanetse go:
- Nonofa o itekanetse
- bo o na le thutego ya ECD, dinonofo, katiso
- bo o na le bonnye dingwaga tse tharo o dira mo lekaleng la tlhabololo ya go sa le gale ya bana.
Ela tlhoko: Go bona matlole a dithulaganyo tsa ECD, o tshwanetse go ikobela meono le maemo a a beilweng a bosetšhaba. Thebolo ya matlole e tsewa tsia thata mo mafelong a malapa a a tlhokang bokgoni jwa go tlamela ka bonno jo bo siameng, dijo le ditlhokwa tse dingwe tsa motheo mo matshelong a bana.
Se o tshwanetseng go se dira
- Dira kopo ya kwadiso ya thulaganyo ya ECD kwa kantorong e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago kgotsa kantoro ya Mmasepala kwa o tla newang Foromo ya 16 gore o e tlatse.
- Kopo ya gago e tshwanetse go bo e na le tse di latelang:
- leina le nomoroitshupo ya gago
- aterese ya gago ya bonno le ya poso
- dintlha tsa thulaganyo ya ECD
- leano la tsenyotirisong la thulaganyo ya ECD
- badiri ba ba tla rwalang maikarabelo a thulaganyo ya ECD
- ditatamente tsa matlole tsa setheo sa ECD
- kgololo e e rebotsweng ke Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo go netefatsa gore leina la gago le a badiri ga a tlhagelele mo Karolo B ya Bukakwadiso ya Bosetšhaba ya Tshireletso ya Bana kgotsa Bukakwadiso ya Bosetšhaba ya Batlolamolao ba tsa Thobalano
- dithutego, dinonofo le maitemogelo a gago
- Fa kopo ya gago e sena go dumelelwa, o tla rebolelwa setifikheiti sa kwadiso kgotsa kwadiso e e nang le mabaka kgotsa ntšhwafatso ya kwadiso.
- Tlhatlhobo e e tswelelang ka batlhankedi go tswa go Lefapha la Tlhabololo ya Loago le mmasepala kwa lefelong la gago.
Nako ya tiragatso
Go ka tsaya dikgwedi tse tharo gore o rebolelwe Setifikheiti sa Kwadiso
Tuelo ke bokae
Tirelo e ke mahala.
Diforomo tse di tladiwang
Foromo 16 e bonwa kwa kantorong e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago kgotsa kantoro ya Mmasepala.
O ka golagana le mang
Department of Social Development provincial offices contact list